Ditiragalo Tsa Lefatshe
◼Mo lobakeng lwa dingwaga di le 35 magareng ga 1970 le 2005, kwatara ya diphologolo tse di nang le marapo a mokokotlo—ditlhapi, diphologolo tse di tshelang mo metsing le mo lefatsheng, digagabi, dinonyane le diamusi—di ne tsa nyelela.—SÜDDEUTSCHE ZEITUNG, GERMANY
◼ Naga ya Zimbabwe e ne ya tsenya bonnoto ba le lesome mo mading a yone a pampiri ka August 2008, seno e le maiteko a go lepalepana le go tlhatloga ga ditlhwatlhwa ka diperesente di le dimilione di le 2,2. Go ne ga dirwa madi a pampiri a didolara di le dibilione di le lesome gore a lekane le “dolara e le nngwe ya Zimbabwe.”—AGENCE FRANCE PRESSE, ZIMBABWE.
◼ “Ka 2005, go ne ga begiwa dipolao tsa batho ba ba tlhometseng ka ditlhobolo tse di fetang 12 000 kwa United States. Mme gone palo ya batho ba ba ileng ba gobadiwa le ba ba ileng ba falola go thuntshiwa e ntsi thata—go ile ga alafiwa ba ba batlileng ba fitlha go 53 000 ba ba neng ba okelwa kwa diphaposing tsa kalafi ya potlako ka 2006.”—THE SEATTLE TIMES, U.S.A.
A ke “Boitumelo” Jwa Keresemose?
Lokwalodikgang lwa kwa Sydney lwa Sunday Telegraph lo bega gore diperesente di le 20 tsa dikopo tsa tlhalo kwa Australia di dirwa morago fela ga Keresemose le Ngwaga o Mosha. Mmueledi wa ditlhalo e bong Barry Frakes a re: “Re bona batho ba le bantsi ba lwa kgotsa ba kgaogana mme e bile ba ema mo mabating a diofisi tsa rona fa re bula diofisi. Batho ba solofela gore Keresemose e tla nna manobonobo fela jaaka ba e bona mo dithulaganyong tsa thelebishene le mo dipapatsong.” O oketsa jaana: “Fa ba bona seo se sa diragale jaaka ba ne ba solofetse, ba batla go tlhala.” Le fa go ntse jalo, go ya ka Angela Conway yo e leng sebueledi sa Australian Family Association, “tlhalo ga e rarabolole mathata a a sa bolong go nna teng kgotsa ga e tlise kagiso le boitumelo tse batho ba akanyang gore e tla di tlisa.” O akantsha jaana: “Go molemo gore o kgomarele lenyalo la gago mme o leke go dira gore le atlege.”
“Matlo a go Belegisa” a Boloka Matshelo
Naga ya Peru e dirile maiteko a magolo go fokotsa selekanyo sa go swa ga bommè. E le go rotloetsa basadi ba kwa metsaneng ya kwa Andes gore ba batle kalafi e e tshwanetseng kwa tlileniking go na le go belegela kwa gae, go ile ga bulwa “matlo a go belegisa” a le 390 kwa Peru mo dingwageng di le lesome tse di fetileng. Mosadi yo o imileng le ba lelapa la gagwe ba ka nna kwa go nngwe ya matlo ano—e nngwe le nngwe e agilweng gaufi le tlileniki—go fitlha a belega. Fa pego ya dikgang ya Reuters kwa Cuzco e bolela ka selo sengwe se se kgatlhang ka ditlileniki tseno e bolela gore di kopanya “melemo ya segompieno le ditlwaelo tsa batho” tse di jaaka “go tshola ngwana o eme,” e leng “se se fokotsang ditlhabi le nako ya go tshola . . . gape go dira gore mmè a kgone go leba botoka fa a belega ngwana go na le fa a ka bo a rapame.”
Di Nna di le Thari
Go ya ka pego ya 2008 ya Lephata la Dipalangwa kwa United States, diperesente di le 30 tsa difofane tsotlhe tse di tsamayang ka thulaganyo kwa United States di goroga thari ka metsotso e le 15. Gareng ga tse di gorogang thari ke sefofane se se tswang kwa Texas se ya kwa California, se se neng se goroga thari ka dinako tsotlhe.