LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/09 ts. 12-15
  • Go Ikanyega mo Modimong ka Dingwaga Tse di Fetang 70

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikanyega mo Modimong ka Dingwaga Tse di Fetang 70
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bolelela ba Bangwe ka Tumelo ya Me
  • Ntwa e re Tlisetsa Diteko
  • Diteko Tse Dingwe Tsa Tumelo
  • Go Itsise Batho ka Kgololesego ya Boammaaruri
  • Go Thibelwa Gape
  • Botshelo jo bo Itumedisang!
  • Mmulatsela yo o Pelokgale
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
  • A go A Kgonega go Ikanyega mo Lefatsheng le le Tletseng Bonweenwee?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Kafa Ba Batlileng Bodumedi jo bo Siameng Ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Lefoko la Modimo le Dira “Dikgakgamatso”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 9/09 ts. 12-15

Go Ikanyega mo Modimong ka Dingwaga Tse di Fetang 70

Jaaka go boletse Josephine Elias

Monna wa me o ne a ntshebela jaana mo ditshiping tsa kgolegelo: “O se ka wa tshwenyega, le fa ba ka mpolaya kgotsa ba nkgolola, ke tla nna ke ikanyega mo go Jehofa.” Le nna ke ne ke ititeile sehuba gore ke tla nna ke ikanyega. Gompieno ke sa ntse ke ikutlwa jalo.

KE TSHOTSWE ka 1916 kwa toropong e nnye ya Sukabumi kwa kgaolong e e dithaba ya Bophirima jwa Java kwa Indonesia. Batsadi ba me e ne e le Ba-China ba ba humileng ba ba neng ba nna mo ntlong e kgolo e bile ba na le batlhanka. Ke ne ke na le bomorwarre ba le tlhano, ba le bararo e le bonkgonne mme ba le babedi e le bonnake. Ke ne ke le mosetsana a le mongwe fela mme ka simolola go itshwara thata jaaka mosimane. Ke ne ke palama mo marulelong e bile ke rata metshameko. Le fa go ntse jalo, go ne go na le sengwe se se neng se ntshwenya thata.

Ke ne ke tshaba kgang ya go sha kwa diheleng. Barutabana ba me ba ne ba re basetsana ba ba sa utlweng ba ne ba romelwa kwa diheleng. Mme e re ka ke ne ke sa utlwe, ke ne ke akanya gore ke tla felela koo. Moragonyana, fa ke ntse ke le kwa sekolong se segolwane kwa Jakarta (e ka nako eo e neng e bidiwa Batavia), ke ne ka lwala. Ngaka e ne e akanya gore ke tla swa, ka gone mmè yo re neng re hirile kwa ga gagwe o ne a leka go nkgomotsa ka go bolela gore go ise go ye kae ke tla bo ke le kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, ke ne ke boifa gore nna ke tla felela kwa diheleng.

Mmè e bong Kang Nio le nkgonne e bong Dodo ba ne ba itlhaganelela go tla Jakarta go tla go ntsaya. Fa re ntse re le mo tseleng re ya gae, Dodo o ne a mpotsa gore, “A o ne o itse gore Baebele ga e rute sepe ka molelo wa dihele?”

Ke ne ka mmotsa jaana: “O itse jang?” Mmè o ne a bala ditemana dingwe go tswa mo Baebeleng tse di bontshang gore baswi ga ba itse sepe mme ba letile nako ya fa ba tla bo ba tsosiwa mo losong. (Moreri 9:5, 10; Johane 5:28, 29) Ba ne ba tlhalosa jaana: “Re ithutile dilo tseno mo Basuping ba ga Jehofa.” Ba ne ba nnaya bukana e e nang le setlhogo se se reng Where Are the Dead? e ke neng ka simolola go e bala ka yone nako eo.a Pele ga ke fitlha kwa gae, ke ne ka bolela jaana: “Jo ke boammaaruri!”

Go Bolelela ba Bangwe ka Tumelo ya Me

Ka nako eo ba lelapa la gaetsho ba ne ba fudugetse kwa Bandung, toropo e kgolo kwa Bophirima jwa Java. Fa ke le koo ke ne ka fola ka iketlo mo bolwetseng jwa me. Ka March 1937, re ne ra etelwa ke Clem Deschamp, Mosupi mongwe wa Mo-Australia yo o direlang kwa Jakarta. Ka nako ya ketelo ya gagwe, nna, mmè le bonkgonne—Felix, Dodo le Peng—re ne ra kolobediwa go bontsha boineelo jwa rona mo Modimong. Moragonyana, bonnake e bong Hartanto le Jusak le rre e bong Tan Gim Hok le bone ba ne ba nna Basupi.b

Fa re sena go kolobediwa, re ne ra tsamaya le Clem mo letsholong le le kgethegileng la go rera la malatsi a le robongwe. O ne a re bontsha gore re ka rera jang re dirisa karata ya go neela bosupi e e neng e na le molaetsa wa Baebele o o sa raraanang ka dipuo di le tharo. Re ne re tle re dirise tshono ya go rerela le ba losika le ditsala tsa rona le fa re se mo bodireding. Go ise go ye kae, setlhopha sa rona se sennye sa kwa Bandung se ne sa nna phuthego, e leng phuthego ya bobedi kwa Indonesia.

Moragonyana mo go one ngwaga oo, lelapa la gaetsho le ne la fudugela kwa Jakarta go ya go rerela baagi ba koo ba Ba-China ba le 80 000. Nna, mmè le Felix re ne ra tsenela bodiredi jwa Bokeresete jwa nako e e tletseng ka go nna babulatsela. Ke ne ka rera gape le kwa Bandung, Surabaya le kwa mafelong a mangwe. Gantsi ke ne ke rera ke le nosi. Ke ne ke le mosha, ke nonofile e bile ke itumelela go direla Modimo. Le fa go ntse jalo, go ne go bonala sentle gore ntwa e tla tloga e tlhagoga mme go ise go ye kae tumelo ya me e ne e tla lekiwa.

Ntwa e re Tlisetsa Diteko

Ka December 1941, Asia e ne ya tsena mo tlhakatlhakanong ya Ntwa ya Lefatshe II. Sesole sa Puso sa kwa Japane se ne sa gapa Indonesia mme sa e laola ka letsogo le le gagametseng. Dikgatiso tsa rona tsa Baebele di ne tsa thibelwa mme re ne re sa kgone go rera phatlalatsa. Ke ne ke tsamaya ka boto ya motshameko wa chess fa ke etela batho ba ba kgatlhegang kwa magaeng a bone gore ba bangwe ba akanye gore ke tshameka chess.

Ka 1943, ke ne ka nyalana le André, mmulatsela yo o pelokgale yo o nang le lentswe le le kwa godimo le le neng le dira gore batho ba mo reetse fa a bua. Bobedi jwa rona re ne ra isetsa Basupi ba bangwe dikgatiso tsa Baebele ka bokhukhuntshwane go ralala Java. Fa re ne re ka tshwarwa, go ne go ka raya gore re tla tlhokofadiwa re bo re bolawa. Gantsi re ne re falola ka tshoba la mogodu.

Ka lekgetlho lengwe fa re ya go palama terena kwa Sukabumi, nna le André re ne ra emisiwa ke Kempeitai e e neng e boifiwa thata e leng sepodisi sa sesole sa kwa Japane. Ke ne ke tsentse dikgatiso tse di thibetsweng mo kgetsing ya me. Lepodise le ne la mpotsa jaana: “O tsentse eng mo kgetsing?”

André o ne a araba ka gore: “Diaparo.”

Lepodise le ne la botsa jaana: “Mme go na le eng ka fa tlase ga diaparo?”

André o ne a re: “Diaparo tse dingwe.”

Lepodise le ne la botsa: “Mme go na le eng kwa  tlase ga kgetsi?” Ke ne ke tshwere pelo ka letsogo mme ka rapela Jehofa mo pelong. André o ne a  araba a re: “Go botoka gore o itšhebele ka bowena.”

Mothusi wa lepodise leno o ne a tsenya seatla sa gagwe kwa tlasetlase ga kgetsi. Re sa lebelela, o ne a goa a bo a ntsha letsogo la gagwe ka bonako mo kgetsing. O ne a tlhabilwe ke phini. E re ka molaodi a ne a tlhabilwe ke ditlhong, o ne a re laela ka bonako gore re tswale kgetsi mme re palame terena.

Mo loetong lo longwe lwa go ya kwa Sukabumi, Kempeitai e ne ya ntemoga gore ke Mosupi mme ya laela gore ke ye kwa ntlokgolong ya bone. André le nkgonne e bong Felix ba ne ba tsamaya le nna. Fa re fitlha koo, ba ne ba simolola pele ka go thamathamisa André ka dipotso. Ba ne ba sa mo neye nako ya go kgwa mowa. “Basupi ba ga Jehofa ke bomang? A o ganetsana le puso ya Japane? A o setlhodi?”

André o ne a araba ka go re: “Re batlhanka ba Modimo Mothatayotlhe mme ga re a dira sepe se se phoso.” Molaodimogolo o ne a phamola tšhaka ya samurai mme a e tsholetsa.

O ne a goa a re: “O tla reng fa nka go bolaya gone jaanong.” André o ne a baya tlhogo ya gagwe mo tafoleng ya ofisi ya molaodimogolo mme a rapela mo pelong. Morago ga tidimalo e telele, go ne ga utlwala setshego se se kwa godimo. Mme molaodimogolo o ne a re: “O pelokgale!” Morago ga foo o ne a re André a tsamaye mme a bitsa nna le Felix. Fa bosupi jo re neng ra bo ntsha bo dumalana le jwa ga André, molaodimogolo o ne a bolela jaana a goa: “Ga lo ditlhodi. Tswang fano!”

Boraro jwa rona re ne ra ya gae ka maoto, re ntse re baka Jehofa ka boitumelo. Re ne re sa itse gore go sa ntse go na le diteko tse dingwe tse di thata tse re neng re tlile go lebana le tsone.

Diteko Tse Dingwe Tsa Tumelo

Dikgwedi di se kae moragonyana, André o ne a latofadiwa ke “bakaulengwe ba maaka” mme Kempeitai ya mo tsenya mo kgolegelong. (2 Bakorintha 11:26) Ke ne ka mo etela kwa kgolegelong. O ne a le mosesane e bile a le bokoa. O ne a tshela fela ka go ja masalela a dijo tse a neng a di ntsha mo moseleng wa sele ya gagwe. Badisa ba kgolegelo ga ba a ka ba kgona go roba bothokgami jwa gagwe. Jaaka go umakilwe kwa tshimologong ya setlhogo seno, o ne a ntshebela jaana mo ditshiping tsa kgolegelo: “O se ka wa tshwenyega. Le fa ba ka mpolaya kgotsa ba nkgolola, ke tla nna ke ikanyega mo go Jehofa. Ba ka kgona go dira gore ke tswe mono ke le setopo mme e seng ke le motsietsi.”

Morago ga gore André a nne dikgwedi di le thataro kwa kgolegelong, o ne a isiwa fa pele ga Kgotlatshekelokgolo ya Jakarta. Ba lelapa le ditsala tsa rona ba ne ba tletse mo phaposing ya kgotlatshekelo. Re ne re tshogile.

Moatlhodi o ne a botsa jaana: “Ke eng fa o gana go tsenela sesole sa Japane?”

André o ne a araba jaana: “Ke lesole la Bogosi jwa Modimo mme lesole le ka se kgone go nna mo ditlhopheng tse pedi tsa sesole ka nako e le nngwe.”

Moatlhodi o ne a botsa jaana: “A o tla tlhotlheletsa ba bangwe gore ba se ka ba tsenela sesole?”

André o ne a araba a re: “Nnyaa, ke bone ba tshwanetseng ba itirela tshwetso.”

André o ne a tswelela go iphemela, a nopola thata mo Baebeleng. Moatlhodi, yo e neng e le Momoseleme yo o tlhoafetseng, o ne a kgatlhegile. Moatlhodi o ne a re: “Bodumedi jwa rona bo ka tswa bo farologane, mme nka se pateletse motho go itlhokomolosa segakolodi sa gagwe. O golotswe.”

Ba lelapa le ditsala ba ne ba wela makgwafo mme pelo ya me e ne e tletse boitumelo. André o ne a tla, mme a ntshwara ka letsogo. Ba lelapa le ditsala ba ne ba re kokoanela mme ba re akgola ka boitumelo.

Go Itsise Batho ka Kgololesego ya Boammaaruri

Fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go khutla, go ne ga nna le dikhuduego tsa dingwaga di le nnè tse di neng di le kgatlhanong le puso ya dikolone tsa Se-Dutch kwa Indonesia. Go ne ga bolawa batho ba le diketekete mme baagi ba metse ba ne ba tshaba botlhe mo magaeng a bone. Baratanaga ba ne ba leka go re pateletsa gore re goeletse moano wa bone wa ntwa o o reng “Merdeka,” e e kayang “Kgololesego.” Mme re ne ra ba bolelela gore rona ga re nne le seabe mo ditirong tse di ntseng jalo tsa dipolotiki.

Le fa go ne go na le thubakanyo, re ne ra tswelela ka go rera ka ntlo le ntlo. Re ne ra dirisa dikarata tsa rona tsa bogologolo tsa go neela bosupi le dikgatiso tse re neng re di bolokile pele ga ntwa. Ka May 1948, thubakanyo e ne ya fokotsega mme nna le André re ne ra simolola go nna babulatsela gape, e le rona fela babulatsela kwa Indonesia. Dingwaga di le tharo moragonyana re ne ra itumelela go amogela Basupi ba le 14 kwa Jakarta, botlhe e le baalogi ba Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade, ba ba tswang kwa bokone jwa New York kwa United States. Thapiso e ba neng ba re naya yone e ne ya re thusa gore re siamele maikarabelo a a oketsegileng.

Ka June 1952, nna le André re ne ra amogela kabelo ya bobulatsela jo bo kgethegileng kwa Semarang kwa bogare jwa Java. Mo ngwageng o o latelang le rona re ne ra nna teng mo tlelaseng ya bo22 ya Gileade. Fa re sena go aloga re ne ra boela Indonesia mme ra abelwa kwa Kupang kwa Timor. Dikabelo tse di neng tsa tla moragonyana di ne tsa re isa kwa Sulawesi Borwa le Sulawesi Bokone. Fa re le koo, re ne ra lebana le diteko tse dingwe tsa tumelo.

Go Thibelwa Gape

Ka 1965 maiteko a go menola puso a ne a dira gore diketekete tsa batho di bolawe. Bangwe ba baruti ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba ne ba nna le seabe mo ntweng mme ba bolela gore Basupi ba ga Jehofa ke Bakomonisi. Ka lesego, balaodi ga ba a ka ba tsiediwa motlhofo. Le fa go ntse jalo, baruti ba ne ba gana go tlogela go tlhasela Basupi ka go ba senya leina. Kgabagare ka December 25, 1976, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thibelwa.

Ka bonako morago ga gore go itsisiwe gore re thibetswe, agente ya kgaolo kwa Manado e ne ya biletsa André kwa ofising ya gagwe. E ne ya mmotsa jaana: “A o a itse gore Basupi ba ga Jehofa ba thibetswe?”

André o ne a araba ka go re, “ee.”

Molaodi o ne a mmotsa jaana: “A jaanong o ikemiseditse go fetola bodumedi jwa gago?”

André o ne a ntshetsa sehuba kwa pele ka tsela e e kgatlhang mme a ipetsa sehuba. A bolela jaana ka lentswe le le kwa godimo: “O ka nna wa kgakgamolola pelo ya me go tswa mo mmeleng wa me mme le ka motlha o ka se ka wa dira gore ke fetole bodumedi jwa me.”

Agente e ne ya botsa jaana e gakgametse: “Ke kwale eng mo pegong ya me?”

André o ne a re: “Kwala gore ke sa ntse ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme ga ke a dira sepe se se sa siamang.”

Agente e ne ya re: “Ke tshwanetse go gapa dikgatiso tsa lona tsotlhe.”

Mo bosigong joo, basha bangwe ba Basupi ba ne ba tlosa dikgatiso mo ntlong ya rona mme ba tlogela fela mabokoso a a se nang sepe. Re ne ra tswelela re rera, re dirisa Baebele. Mme agente ya kgaolo yone, ga ya ka ya tlhola e re tshwenya.

Botshelo jo bo Itumedisang!

Moragonyana nna le André re ne ra nna babulatsela kwa Surabaya, kwa setlhaketlhakeng sa Java, le kwa setlhaketlhakeng sa Bangka se se kwa borwabophirima jwa Sumatra. Le fa go ntse jalo, ka 1982, botsogo jo bo bokoa bo ne jwa re pateletsa gore re boele kwa Jakarta. Gone mono mo Jakarta, ka ngwaga wa 2000, André o ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 85, e le mmulatsela yo o tlhoafetseng go fitlha kwa bokhutlong. Ngwaga morago ga loso lwa gagwe, thibelo e ne ya tlosiwa.

A bo ke nnile le botshelo jo bo itumedisang jang ne! Gompieno ke na le dingwaga di le 93 mme ke dirisitse dingwaga tse di fetang 70 ke le mo bodireding jwa bobulatsela. Ka 1937, fa ke ne ke kolobediwa, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 25 fela kwa Indonesia. Gompieno, go na le ba ba ka nnang 22 000. A bo ke itumela jang ne go bo ke nnile le seabe mo koketsegong eo! Mme botshelo jwa me ke gone bo simologang. Ke batla go direla Modimo ka boikanyegi go ya go ile.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e sa tlhole e gatisiwa.

b Lelapa lotlhe le ne la nna le ikanyega mo go Jehofa. Josephine le Jusak ke bone fela maloko a a setseng mme ba sa ntse ba direla Jehofa ka tlhoafalo kwa Jakarta.

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

“Ke lesole la Bogosi jwa Modimo mme lesole le ka se kgone go nna mo ditlhopheng tse pedi tsa sesole ka nako e le nngwe”

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

“O ka nna wa kgakgamolola pelo ya me go tswa mo mmeleng wa me mme le ka motlha o ka se ka wa dira gore ke fetole bodumedi jwa me”

[Mmapa mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Mafelo a re neng re nna kwa go one le a re neng re rera kwa go one

INDONESIA

Sulawesi

Manado

Sumatra

Bangka

Java

JAKARTA

Sukabumi

Bandung

Semarang

Surabaya

Timor

Kupang

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke na le André ka bo1970

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Fa ke ne ke le dingwaga di le 15, bukana ya setlhogo se se reng “Where Are the Dead?” e ne ya dira gore ke tlhatswege pelo ka boammaaruri jwa Baebele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela