LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/10 ts. 29
  • ‘Go Fedisa Boikutlo jwa go Nna Pelotshetlha’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Go Fedisa Boikutlo jwa go Nna Pelotshetlha’
  • Tsogang!—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Se Se Tlhomameng Jaaka Leje la Gibraltar”
    Tsogang!—1990
  • “Segopodiso sa Moya wa Tirisanommogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Masaitseweng a Ditshwene Tse di Nnang mo Thoteng
    Tsogang!—2008
  • Go Dira Tiro ya go Aga ka Kutlwano mo Lefatsheng Lotlhe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2010
g 1/10 ts. 29

‘Go Fedisa Boikutlo jwa go Nna Pelotshetlha’

● GIBRALTAR, e e leng kwa ntlheng ya borwa jwa Pheninsula ya Iberia, e ile ya tlhaselwa le go gapiwa gantsi ka nako ya yone ya dikhuduego. Mme ka mafelobeke mangwe ka October 2008, go ne ga tla Ba-Spain ba ba ka nnang sekete ba tla ka kagiso mo toropong eno. Ba ne ba tlile go aga Holo ya Bogosi e e neng e tla nna lefelo le diphuthego tse pedi tsa Basupi ba ga Jehofa tsa kwa Gibraltar di neng di tla kopanela gone.

Modiredimogolo wa puso o ne a bolelela Tsogang! gore Gibraltar e ne ya amogela batho ba ba ka nnang sekete ba ba neng ba tlile go bereka mo porojekeng eno. O ne a bolela gore ba ne ba “thusa go tokafatsa setšhaba sa bone.” O ne a tlhalosa jaana: “Setlhopha seno sa Basupi ba ga Jehofa ke se segolo go gaisa se se kileng sa tla mo Gibraltar, go tla go bereka mo porojekeng e le nngwe—mme se dira jalo ka go ithaopa.”

Balaodi ba lefelo leo ba ne ba tshegetsa porojeke eno go tswa fela kwa tshimologong, ba dira jalo ka go abela Basupi setsha se se tshwanelang se ba ka agang lefelo leno la kobamelo mo go sone. Ke eng se se neng sa dira gore balaodi bano ba nne pelotshweu jaana?

Modiredimogolo mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Ke akanya gore bomodimo ke sengwe se se siameng mo setšhabeng sengwe le sengwe. Madumedi otlhe mo Gibraltar a na le tshwanelo ya semolao ya go obamela ka kgololesego, ka jalo puso e ikutlwa e patelesega gore e se ka ya tlhaola batho fa go tla mo dikgannyeng tsa bodumedi. Mo godimo ga moo, go naya Basupi setsha se se tshwanelang se ba ka agang lefelo la kobamelo mo go sone go solegela setšhaba molemo.”

O ne a oketsa jaana: “Re tshwanetse go fedisa boikutlo jwa go nna pelotshetlha. Setlhopha sa lona sa baithaopi se se matlhagatlhaga se re bontshitse gore seno se ka kgonega.”

Le fa go ne go na le sefefo se se neng sa diegisa go simololwa ga tiro, Holo ya Bogosi e ne ya wediwa ka Mantaga, ka letsatsi la boraro la porojeke eno. Secundino Nogal, yo o neng a okametse tiro o ne a tlhalosa jaana: “Baithaopi ba le bantsi ba ne ba ithaopa go nna letsatsi le lengwe le le oketsegileng mo Gibraltar gore porojeke e wediwe. Re tlwaetse go fenya mathata. Mokgwa o re agang ka one o batla gore re nne re fetofetoge le maemo. Mme se se botlhokwa le go feta, o tlhoka gore re se ka ra nna pelotshetlha mme ke ka lebaka leo o dirang gore re ikutlwe re kgotsofetse thata jaana.”a

[Ntlha e e kwa tlase]

a Lokwalodikgang lwa lefelo leo e leng Gibraltar Chronicle lo ne lwa bega jaana: “Ka mafelobeke a mo go one sefefo se neng se senya thata, Basupi ba ga Jehofa ba mo Gibraltar . . . ba ne ba fetsa go aga tempele [Holo ya Bogosi] ya bone ka lesomo la baithaopi mo malatsing a le mararo fela.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela