LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/10 ts. 30
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2010
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Ditlhobolo di a Sireletsa?
  • Baitlami ba ba Itshasang Di-lipstick
  • Diterena Tse di Palamiwang ke Basadi Fela
  • Ditlhobolo—Tsela Eo E Isang Losong
    Tsogang!—1990
  • Ditlhobolo—Ke Tsela Eo go Tshelwang ka Yone
    Tsogang!—1990
  • Ditlhobolo—Ga Se tsa Banna Fela
    Tsogang!—1990
  • Dibetsa di Tla Laolwa Jang mo Isagweng?
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2010
g 8/10 ts. 30

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Mokgatlho wa Ditšhabatšhaba wa Dipatlisiso Tse di Malebana le Kankere o fetotse tlhaloso ya gore didirisiwa tse di ntshofatsang letlalo tsa lesedi la ultraviolet ke “dilo tse gongwe di bakang kankere mo bathong” go nna “dilo tse di bakang kankere mo bathong.”—THE LANCET ONCOLOGY, BRITAIN.

Kwa Argentina, basadi ba le robongwe mo go ba le lesome ba ba baimana ba ne ba sa batle go ima.—CLARÍN, ARGENTINA.

“Go lemoga mefuta e mesha ya ditshedi go tlwaelegile thata mo go tsa saense. Baitsethutotshelo ba lemoga selekanyo sa di le 50 ka letsatsi. Ba ne ba lemoga dimela le diphologolo tse disha tse di ka nnang 17 000 ka 2006 fela—mo e ka nnang peresente e le nngwe ya mefuta e le dimilione di le 1,8 e e setseng e itsiwe.”—TIME, U.S.A.

A Ditlhobolo di a Sireletsa?

A tlhobolo e ka sireletsa motho yo o e tshwereng fa a tlhaselwa? Patlisiso nngwe ya University of Pennsylvania School of Medicine, U.S.A., e ile ya bolela gore gantsi ga e sireletse motho. Fa ba sa akaretse maemo a mapodise a amegang mo go one, go ithuntsha le go thuntsha e se ka maikaelelo, babatlisisi ba ne ba fitlhela gore batho ba ba tsamayang ka ditlhobolo ba “mo kotsing ya go thuntshiwa ka makgetlo a le 4,5 fa ba tlhaselwa go na le ba ba sa tsholang ditlhobolo.” Patlisiso eo e ne ya bontsha gore ke boammaaruri gore beng bangwe ba ditlhobolo ba kgona go iphemela ka katlego ka ditlhobolo tsa bone mme ga se gantsi go diregang jalo. Pego eo e ne ya bolela gore kgopolo ya gore fa motho a na le tlhobolo “a ka kgona go itshireletsa mo tikologong e e kotsi, e tshwanetse ya sekasekiwa gape ka kelotlhoko.”

Baitlami ba ba Itshasang Di-lipstick

Pego ya dikgang go tswa kwa Bangkok e ne ya bolela gore batho ba kwa Thailand ba ba sa tswang go nna baitlami, ba ntse ba “senya leina la tumelo ya Sebuda e e sa rateng diphetogo” ka go itshasa di-lipstick, ka go dira gore dipurapura tsa bone di ba tshware thata, “ka go tsamaya ba thenekisa matheka thata le go tsamaya ba tshotse dibeke.” Go tshwenyega ka batho bano ba ba sa tswang go nna baitlami, ba ba itshwarang jaaka basodoma go dirile gore balaodi ba bodumedi ba akantshe gore baitlami ba thapisiwe mo kgannyeng ya moaparo le go ipaakanya. Moreri mongwe yo mogolo wa Mobuda o ne a tlhalosa gore bosodoma ka bo jone ga bo a ilediwa mo baitlaming, “ka gonne fa go ne go ntse jalo mo e ka nnang halofo ya baitlami ba ka bo ba ntshitswe mo boitlaming.”

Diterena Tse di Palamiwang ke Basadi Fela

Mo dingwageng di le dintsi basadi ba ba neng ba tsamaya ka diterena tse di tletseng tsa kwa India tse di dirisiwang ke batho botlhe, ba ne ba tshwanelwa ke go lebana le go sotliwa, go tshwaratshwarwa, go notiwa, go gotolelwa matlho le go tshwenngwa ke banna ba ba palameng terena. Lokwalodikgang lwa kwa Calcutta lwa The Telegraph lo bega gore fa puso e ne e tsibogela dingongorego tse di ntseng di oketsega, e ne ya swetsa ka gore mo maemong mangwe e ntshe banna gotlhelele mo ditereneng. Ka ntlha ya seo, mo ditoropong tse dikgolo tsa India tse nnè—New Delhi, Mumbai, Chennai le Calcutta—go ne ga rulaganngwa “Diterena Tsa Basadi” di le mmalwa, gore di dirisiwe ke basadi fela. Go bolelwa fa bapalami ba diterena tseno ba itumetse thata.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela