LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/11 ts. 29
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2011
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditsala di le Mmalwa Tsa Mmatota
  • Diketswana Tse di Tsamayang Kafa Tlase ga Metsi Tse di Tsamaisang Diokobatsi
  • Melemo Ya go Ja lo Le Lelapa
  • A Nako ya Dijo e ka Nonotsha Dikamano Tsa Lelapa la Gago?
    Tsogang!—2010
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
    Tsogang!—2012
  • Mophuthelwana wa Dijo o Neela Bosupi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Kafa Diokobatsi Tse di Seng Kafa Molaong di Amang Botshelo Jwa Gago ka Teng
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 2/11 ts. 29

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Palo e e kwa tlase ga kwatara ya Bajeremane ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 40 ba rata go rapela le bana ba bone letsatsi le letsatsi mme gareng ga maloko a kereke, ke ba le banè mo go ba le lesome ba ba tsayang seno se le botlhokwa.—APOTHEKEN UMSCHAU, GERMANY.

Monna mongwe yo o neng a aba peo ya gagwe yo a neng a na le phetogo nngwe e e sa lemogiwang mo dijining e e amanang le bolwetse jwa pelo, o ne a fetisetsa bothata jono mo baneng ba le robongwe mo go ba le 24 ba go itseweng e le bana ba gagwe. Mongwe wa bana bano o ne a swa ka ntlha ya go ema ga pelo a le dingwaga di le pedi.—JAMA, U.S.A.

“Diperesente tse di fetang 50 tsa batho ba kwa Russia ba dumela gore boferefere bo ka se ka jwa tilwa e bile ke boammaaruri jo bo ka se fetogeng.”—RIA NOVOSTI, RUSSIA.

Ditsala di le Mmalwa Tsa Mmatota

Lokwalodikgang lwa kwa Lontone lwa Daily Telegraph lo bolela jaana: “Moboritane yo o tlwaelegileng o na le ditsala tsa mmatota di le tharo fela tse a ka ikaegang ka tsone.” Go ya ka patlisiso nngwe, gareng ga mabaka a a dirang gore motho yo o tlwaelegileng a palelwe ke go ikgolaganya “le palogare ya ditsala di le 36 go ralala dingwaga” ke “go tshwarega thata mo botshelong,” ‘go sa tlhole lo fetsa nako lo le mmogo’ mme diperesente di le 43 tsa batho ba ba botsoloditsweng di a re go bakiwa ke “go sa utlwane . . . le go swetsa ka gore ba se tlhole ba buisana gape.” E re ka ba “se na ope yo ba ka buang le ene,” nngwetlhanong ya batho bano ba bulela badirimmogo le bone mafatlha. Mmueledi mongwe wa batho ba ba botsoloditsweng o ne a akgela jaana: “Go tlhokega sengwe se se kgethegileng gore batho ba go ikanye le gore ba ikaege ka wena.”

Diketswana Tse di Tsamayang Kafa Tlase ga Metsi Tse di Tsamaisang Diokobatsi

Batho ba ba rekisang diokobatsi ba kwa Colombia ba dirisa mekgwa e e botswerere le go feta ya go tsenya khokeine ka bokukuntshwane kwa Amerika Bogare, Mexico le United States. Fa e sa le ka 1993, go ile ga thibelwa bobotlana diketswana tse di tsamayang kafa tlase ga metsi tse di tsamaisang diokobatsi di le 42 mme tsa gapiwa ke puso ya Colombia. Mme gape go ile ga bonwa mafelo a le mmalwa a diketswana tseno di dirwang kwa go one. Le fa gone diketswana tseno tse di tsamayang ka diesel di sa kgone go thabuela mo metsing, go thata go di bona ka radara. Dingwe tsa tsone di kgona go tsamaya sekgala sa dikilometara di le 3 200 mme di kgona go rwala ditone tsa khokeine tse di fa gare ga di le thataro le di le lesome e bile di ka tswa di ja madi a a kana ka diranta di le dimilione di le supa go di aga.

Melemo Ya go Ja lo Le Lelapa

Mo e ka nnang palo e e kwa tlase ga halofo ya bana ba dingwaga di le 14 go ya go di le 16 ba kwa Finland ba ba botsoloditsweng mo patlisisong ya bosheng jaana, ba ja mmogo le malapa a bone. Patlisiso eo e ile ya bontsha gore mo malapeng a le mantsi ga se ka metlha go a bong go jewa. Le fa go ntse jalo, basha ba eletsa e kete ka metlha ba ka nna le dinako tse di iketlileng jalo le ba malapa a bone. Lokwalodikgang lwa Helsingin Sanomat lo bega gore fa ba ne ba bodiwa gore ba batla eng mo batsading ba bone, molaetsa o ne o utlwala sentle: “Ba batla go ja dijo tse di bothito le ba malapa a bone gape ba batla mongwe yo o ka ba reetsang yo o nang le nako ya bone.” Go ja dijo lo le lelapa go na le tlhotlheletso e e botlhokwa mo boitekanelong jwa tlhaloganyo ya basha. Go ya ka lokwalodikgang leo, “basha ba ba jang dijo mmogo le malapa a bone gantsi ba dira sentle kwa sekolong, ga se gantsi ba gogang motsoko, ba nwang bojalwa kgotsa ba dirisang diokobatsi e bile ga se ka metlha ba tshwenyegang thata mo maikutlong.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela