Fa Ngwana A na Le Kankere
“Ke ne ka felelwa ke tsholofelo. Ke ne ke gamaregile tota. Ke ne ka simolola go hutsafala, go ntse jaaka e kete mosetsanyana wa me o ne a setse a sule.”—Jaílton, fa a ne a bolelelwa gore morwadie o na le kankere.
GO BOLELELWA gore ngwana wa gago o na le kankere e ka nna selo se se fekeetsang tota le e leng se se tshosang. Seno se direga gantsi go le kana kang? Go ya ka International Union Against Cancer, le fa “kankere ya bana e le peresente e e kwa tlase fa e bapisiwa le mefuta yotlhe ya dikankere, ngwaga le ngwaga, go lemogiwa gore bana ba ba fetang 160 000 [lefatshe ka bophara] ba na le kankere e bile kankere ke selo sa bobedi, morago ga dikotsi, se se itsegeng se baka loso mo baneng ba ba nnang mo dinageng tse di tlhabologileng.” Ka sekai, National Institute of Cancer ya kwa Brazil, e bolela gore “go fopholediwa gore go na le dipego tse disha tsa bana ba ba ka nnang 9 000 ba ba tshwarwang ke kankere ngwaga le ngwaga.”
Go ya ka buka ya À margem do leito—A mãe e o câncer infantil (At the Bedside—The Mother and Child Cancer), kankere ya bana “ke selo se se utlwisang botlhoko se se sa lebelelwang mme se ama mongwe le mongwe mo lelapeng.” Fa go lemogiwa gore ngwana o tshwerwe ke kankere gantsi seo se raya gore o tshwanetse go ariwa, go fiwa kalafi ya dikhemikale kgotsa kalafi ya marang mme a bo a tshwanelwa ke go lebana le matshwao a a sa itumediseng a a nnang gone fa a sena go newa kalafi eo. Seo se dira gore batsadi ba utlwe botlhoko, ba tshoge, ba hutsafale, ba ipone molato, ba galefe le go sa dumele. Batsadi ba ka lebana jang le tiragalo eno e e utlwisang botlhoko?
Gone ke boammaaruri gore badiri ba ba amegang ba tsa kalafi ke bone ba segolobogolo ba ka ba gomotsang. Ngaka nngwe ya kwa New York e e thusitseng batho ba le bantsi ba ba tshwerweng ke kankere ya re: “Ba ka ba bolelela dintlha dingwe tse di ka ba kgothatsang le go ba tlhalosetsa gore ba ka lebelela matshwao mangwe a a sa itumediseng a balwetse ba tla nnang le one mo isagweng. Tshedimosetso eno e ka dira gore nako eo ya bolwetse e se ka ya nna e e tshosang thata.” Batsadi ba bangwe ba le bone bana ba bone ba kileng ba tshwarwa ke kankere ba ka gomotsa ba bangwe fela thata. O akantse ka seo, Tsogang! e ile ya botsolotsa batsadi ba le batlhano ba ba nnang kwa Brazil, ba bana ba bone ba kileng ba tshwarwa ke kankere.
● Jaílton le Néia “Re ne ra bolelelwa gore morwadiarona o na le lymphoblastic leukemia (mofuta mongwe wa kankere ya madi) e e masisi fa a ne a le dingwaga di le pedi le halofo.”
Kalafi e ne ya tsaya nako e e kana kang?
“O ne a fiwa kalafi ya dikhemikale mo e ka nnang dingwaga di le pedi le halofo.”
O ile a nna le matshwao afe a a sa itumediseng morago ga kalafi?
“O ne a tlhatsa thata e bile moriri wa gagwe o ne wa wa. Enamele e e mo menong a gagwe e ne ya fetoga mmala. Mme o ne a tshwarwa ke nyumonia ka makgetlho a le mararo.”
Seo se ne sa dira gore lo ikutlwe jang?
“Kwa tshimologong re ne re tshogile. Mme fa re ne re bona gore botsogo jwa gagwe bo a tokafala, re ne ra tlhomamisega gore o tla fola. Gone jaanong o tloga a tshwara dingwaga di le robongwe.”
Ke eng se se ileng sa lo thusa gore lo itshokele seemo seno se se utlwisang botlhoko?
“Ga go na pelaelo gore e ne e le ka go bo re ile ra ikanya Jehofa Modimo, yo a ‘ileng a re gomotsa mo pitlaganong yotlhe ya rona,’ jaaka Baebele e bolela mo go 2 Bakorintha 1:3, 4. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete le bone ba ne ba re ema nokeng fela thata. Ba ne ba re kwalela makwalo a a kgothatsang, ba re letsetsa mogala, ba re rapelela le go rapela le rona e bile ba ile ba bo ba re thusa le ka madi. Go tswa foo, fa morwadiarona a ne a tshwanelwa ke go fudusediwa kwa bookelong jo bo kwa nageng e nngwe, Basupi ba koo ba ne ba re naya marobalo mme ba refosana go re isa kwa bookelong. Ga re kgone go tlhalosa ka mafoko tsela e re anaanelang ka yone thuso yotlhe e re e amogetseng.”
● Luiz le Fabiana “Ka 1992 re ne ra bolelelwa gore morwadiarona o na le mofuta mongwe o o sa tlwaelegang wa kankere ya dikgeleswa tsa mae o o anamang ka bonako. O ne a le dingwaga di le 11.”
Lo ne lwa itshwara jang kwa tshimologong?
“Re ne re sa batle go dumela. Re ne re sa kgone go amogela gore mosetsanyana wa rona o na le kankere.”
O ne a fiwa kalafi efe?
“O ne a ariwa a bo a fiwa kalafi ya dikhemikale mme diphelelo tsa yone di ile tsa re lapisa mo mmeleng le mo maikutlong. Morwadiarona o ne a tshwarwa ke nyumonia ka makgetlho a le mabedi. Mo lekgetlhong la bobedi o batlile a tlhokafala. Gape o ne a nna le bolwetse jwa go tlhaela dipolatelete, e leng se se neng sa dira gore a dutle madi motlhofo fela mo letlalong le mo dinkong. Melemo e ne ya thusa go fokotsa seno.”
Kalafi e ne ya tsaya nako e kana kang?
“E ne ya tsaya mo e ka nnang dikgwedi di le thataro go tloga ka nako ya fa a ne a tlhatlhobiwa disele tsa mmele go fitlha ka lekgetlho la bofelo la fa a ne a fiwa kalafi ya dikhemikale.”
Morwadialona o ne a ikutlwa jang fa bolwetse jwa gagwe bo ne bo lemogiwa le ka kalafi e a neng a e fiwa?
“Kwa tshimologong o ne a sa itse gore go direga eng. Ngaka e ne ya mmolelela gore o na le ‘kgolokwe e nnye mo mpeng mme e tlhoka go ntshiwa.’ Kgabagare o ne a lemoga gore go masisi. O ne a botsa jaana, ‘Papa, a ke na le kankere?’ Ke ne ka palelwa ke go mo naya karabo e e siameng.”
Mme lona lo ne lwa ikutlwa jang fa lo bona morwadialona a boga?
“Ga go motlhofo go tlhalosa kutlobotlhoko e re neng ra lebana le yone. Ka sekai, akanya o lebile mosetsanyana wa gago a thusa mooki go bona tshikana ya gagwe gore a fiwe kalafi ya dikhemikale. Ka dinako tse ka tsone go neng go le thata le go feta, ke ne ke a tle ke ye kwa ntlwaneng ya boithomelo ke bo ke lela le go rapela. Maitseboa mangwe ke ne ka ikutlwa ke kgobegile marapo thata mo e leng gore ke ne ka kopa Jehofa gore bogolo go swe nna go na le gore go swe mosetsanyana wa me.”
Ke eng se se ileng sa lo thusa go itshokela seemo seno?
“Selo se segolo se se re thusitseng e ne e le kemonokeng ya bakaulengwe ba rona ba Bakeresete, ba bangwe ba bone ba neng ba re letsetsa mogala go tswa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa naga. Mokaulengwe mongwe yo o rategang o ne a nkopa gore ke tseye Baebele ya me. Morago ga foo, o ne a mpalela ditemana dingwe go tswa mo bukeng ya Dipesalema. Ditemana tseo e ne e le sone fela se nna le mosadi wa me re neng re tlhoka go se utlwa, ka gonne re ne re lebane le dinako tse di thata go gaisa tsa kalafi ya morwadiarona.”
● Rosimeri “Morwadiake o ne a na le dingwaga di le nnè fa go lemogiwa gore o na le mofuta mongwe wa lukemia.”
O ne wa itshwara jang kwa tshimologong?
“Ke ne ke sa kgone go dumela. Ke ne ka lela bosigo le motshegare ke kopa Modimo gore a nthuse. Morwadiake yo mongwe le ene o ne a utlwa botlhoko thata ka gonne a ne a bona kafa monnawe a lwalang thata ka teng. Tota e bile, ke ne ka tshwanelwa ke go mo romela kwa go nkokoagwe.”
Mosetsanyana wa gago o ne a nna le matshwao afe a a sa itumediseng morago ga kalafi?
“Kalafi ya dikhemikale e a neng a e fiwa letsatsi le letsatsi e ne ya dira gore a tlhaele madi, ka jalo, dingaka di ne tsa mo naya gape le melemo e e tla mo thusang gore a nne le aene ba bo ba mo naya le erythropoietin go mo thusa go oketsa selekanyo sa disele tsa gagwe tse dikhibidu tsa madi. Dingaka di ne di tshwenyegile thata ka selekanyo sa gagwe sa disele tsa madi. Gape o ne a nna le metotwane.”
Kalafi e ne ya tswelela lobaka lo lo kana kang?
“O ne a fiwa kalafi e ntsi thata ya dikhemikale ka dingwaga di le pedi le dikgwedi di le nnè. Ka nako eo, moriri wa gagwe o ne wa wa mme boima jwa gagwe jwa mmele bo ne jwa oketsega fela thata. Ka lesego, go rata ga gagwe metlae go ne ga mo thusa go itshoka. Morago ga dingwaga tse di ka nnang thataro, dingaka di ne tsa bolela gore morwadiake ga a tlhole a na le matshwao ape a bolwetse.”
Ke eng se se neng sa go thusa go itshokela seemo seno se se boima?
“Nna le morwadiake re ne re rapela gangwe le gape mme re ne re akanya ka dikai tsa Baebele tsa batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba ileng ba itshokela diteko tse di farologaneng. Gape re ne ra tsaya tsia mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:34, a a bolelang gore ga re a tshwanela go letla gore ditlhobaelo tsa kamoso di oketse ditlhobaelo tse re nang le tsone gompieno. Gape re ne ra thusiwa thata ke Bakeresete ka rona, mmogo le Komiti ya Puisano le Dikokelo ya lefelo la rona, ra ba ra thusiwa gape le ke ba tsa kalafi ba ba amegang ka rona ba ka metlha ba kopanang le maemo a a ntseng jalo.”
A go na le mongwe yo o mo itseng yo o tshwerweng ke kankere ya bana, gongwe le e leng ngwana mo lelapeng la gaeno? Fa e le gore go ntse jalo, e kete dipotsolotso tseno di ka go thusa go tlhaloganya gore go a utlwala gore o hutsafale jalo. Jaaka Baebele e bolela, go na le “nako ya go lela.” (Moreri 3:4) Se se botlhokwa le go feta, tlhomamisega gore Modimo wa boammaaruri, e bong Jehofa, yo o bidiwang “Moutlwi wa thapelo,” o tla gomotsa botlhe ba ba mo rapelang ka tlhoafalo.—Pesalema 65:2.
[Lebokoso mo go tsebe 13]
Ditemana Tsa Baebele Tse di Gomotsang
“Lo se ka lwa tshwenyega ka kamoso. E tla itlhokomela. Lo na le mo go lekaneng mo lo ka tshwenyegang ka gone gompieno.”—Mathaio 6:34, Contemporary English Version.
“A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.”—2 Bakorintha 1:3, 4.
“Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:6, 7.
‘Latlhelang tlhobaelo yotlhe ya lona mo Modimong, ka gonne o a lo kgathalela.’—1 Petere 5:7.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]
Thulaganyo e e Lorato
Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo tsa Basupi ba ga Jehofa di leka go rotloetsa tirisanommogo fa gare ga dikokelo le balwetse. Ka ntlha ya seo, di thusa balwetse ba Basupi go bona dingaka tse di tshwanelegang tse di tlotlang keletso ya bone ya go tsaya tsia kgakololo eno ya Baebele, ‘ithibeng mo mading.’—Ditiro 15:20.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Néia, Sthefany le Jaílton
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Luiz, Aline le Fabiana
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Aline le Rosimeri