Ditiragalo Tsa Lefatshe
“Dipalo tsa manyalo kwa Engelane le kwa Wales di ile kwa tlase fela thata fa e sa le go simololwa go boloka dipego,” ka 1862.—OFFICE FOR NATIONAL STATISTICS, BORITANE.
Batsamaisi ba feta halofo ba dikhampani tse dinnye tse e seng tsa puso kwa United States ba “lebeletse gore bathapiwa ba bone ba utswe sengwe sa botlhokwa [mo khampaning] mo ngwageng o o latelang.”—REUTERS NEWS SERVICE, U.S.A.
Go ya ka National Office Against Pornographic and Illegal Publications, balaodi ba kwa China ba ne ba setse ba “tswetse di-website tse di fetang 60 000 tsa ditshwantsho tse di hepisang” mo lobakeng lo lo ka fa tlase ga ngwaga ba sena go simolola letsholo la go dira jalo.—CHINA DAILY, CHINA.
“Batho ba ba fetang dimilione di le 215—kgotsa diperesente di le tharo tsa baagi ba lefatshe—jaanong [ba nna] kwa dinageng tse ba sa tsholelwang kwa go tsone.”—UNITED NATIONS INTERNATIONAL FUND FOR AGRICULTURAL DEVELOPMENT, ITALY.
“Mo baithuting ba le 19 ba ba ipolayang letsatsi le letsatsi kwa India, ba le barataro mo go bone [ba dira jalo] ka gonne ba boifa gore ba tla retelelwa ke ditlhatlhobo.”—INDIA TODAY INTERNATIONAL, INDIA.
Maano a go Dira Madi mo Kgwebong ya go Betšha
Kwa Jeremane, ka kakaretso motho yo o lemaletseng go betšha o jelwa madi makgetlo a le lesome go feta motho yo o sa go lemalelang. Ka jalo, lokwalodikgang lwa letsatsi le letsatsi lwa Süddeutsche Zeitung lwa re batho ba ba lemaletseng go betšha “ke bone batho ba botlhokwa thata mo kgwebong eno.” E le gore kgwebo ya go betšha e bone dipoelo tse di kwa godimo, e rulaganya metshameko le go dira metšhine ka tsela e e tla rotloetsang batho gore ba lemalele go betšha gore e tle e solegelwe molemo. Fa metšhine e dira ka bonako, motho yo o e dirisang le ene o felelwa ke boikgapo ka bonako a bo a lemalela go betšha. Maano ano a go dira madi a a atlega—go bolelwa gore diperesente di le 56 tsa lotseno lo lo bonwang ka metšhine ya go betšha di tswa mo bathong ba ba lemaletseng go betšha. Mo dikhasinong, palo eno ke diperesente di le 38; mme mo metshamekong ya go betšha mo Internet ke diperesente di le 60.
Nako e e Siametseng go Bona Moatlhodi ke Efe?
A dilo tse di sa amaneng le kgetsi di ka ama tshwetso ya moatlhodi? Patlisiso nngwe e bontsha gore di ka e ama. Setlhopha sengwe sa babatlisisi se ile sa sekaseka dikatlholo tsa parole di feta 1 000 tse di ntshitsweng ke baatlhodi ba ba nang le maitemogelo ba kwa Iseraele. Patlisiso eo e fitlhetse gore mo nakong ya tiro e e tlang morago ga nako ya moatlhodi ya dijo tsa motshegare kgotsa ya go nwa tee, dikatlholo tse di itumedisang di ne di fokotsega ka iketlo go tloga go diperesente di ka nna 65 go ya go mo e ka nnang lefela mme go tswa foo di bo di boela ka bonako go diperesente di le 65 morago ga nako e e latelang ya dijo kgotsa ya tee. Babatlisisi ba ne ba swetsa ka gore ga se ka metlha dikatlholo di laolwang ke boammaaruri jwa kgang le molao mme “di ka laolwa ke maemo a sele a a sa tshwanelang go ama ditshwetso tsa boatlhodi ka tsela epe.”