LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/12 ts. 15-17
  • A go Phoso go Nna Motho yo o Ratiwang ke Batho ba le Bantsi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Phoso go Nna Motho yo o Ratiwang ke Batho ba le Bantsi?
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nka Dirang fa ke Kgerisiwa?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Nka Dira Eng fa ke Kgerisiwa Kwa Sekolong?
    Dipotso Tse 10 Tse Basha ba di Botsang
  • Ke Dire Eng fa Batho Bangwe ba sa Nkamogele Jaaka ke Ntse?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Ke ka Ntlha Yang fa ke Tshaba go Bolelela ba Bangwe ka Tumelo ya Me?
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 3/12 ts. 15-17

Basha ba Botsa Jaana

A go Phoso go Nna Motho yo o Ratiwang ke Batho ba le Bantsi?

Tlatsa polelo e e latelang ka mafoko a a tshwanelang:

․․․․․ molemo go ratiwa ke batho ba le bantsi.

  1. A. Ka metlha go

  2. B. Ka dinako tse dingwe go

  3. C. Ga go ke go nna

KARABO e e siameng ke “B.” Ka ntlha yang? Ka gonne go ratiwa ke batho ba le bantsi ga se ka metlha go leng phoso! Baebele e ne ya bolelela pele gore Bakeresete ba ne ba tla nna “lesedi la ditšhaba” le gore batho ba ne ba tla rata go ya kwa go bone. (Isaia 42:6; Ditiro 13:47) Ka tsela eo, go ka twe Bakeresete ba ratiwa ke batho ba le bantsi.

A o ne o itse?

Jesu o ne a ratiwa ke batho ba le bantsi. Tota le fa a ne a sa le monnye, o ne a bona ‘kamogelo ya Modimo le batho.’ (Luke 2:52) Mme Baebele ya re fa Jesu a sena go gola, “boidiidi jo bogolo [bo ne] jwa mo sala morago go tswa kwa Galalea le Dekapolise le Jerusalema le Judea le go tswa kwa moseja ga Joredane.”—Mathaio 4:25.

Ke eng fa seo se ne se tshwanela?

Ka gonne Jesu o ne a sa senke kgalalelo kgotsa a sa gagamalela go ratiwa ke batho ba bantsi e bile o ne a sa dire sengwe le sengwe fela gore batho ba bangwe ba mo amogele. Jesu o ne a dira fela se se siameng—selo se ka dinako tse dingwe se neng se dira gore batho ba mo rate. (Johane 8:29, 30) Ka fa letlhakoreng le lengwe, Jesu o ne a lemoga gore le fa a ne a ratiwa ke batho, ba gantsi ba neng ba fetofetola maikutlo a bone, e ne e le selo sa nakwana fela. O ne a dumela gore fa nako e ntse e tsamaya batho ba ne ba tla mmolaya!—Luke 9:22.

Ntlha ya Botlhokwa:

Go ratiwa ke batho go tshwana le dikhumo. Go nna le tsone ga se ka metlha go leng phoso. Bothata bo mo go reng batho ba dira eng gore ba nne le tsone—kgotsa gore ba nne ba na le tsone.

Tlhagiso!

Basha ba le bantsi ba ka dira sengwe le sengwe fela gore ba ratiwe ke batho. Bangwe ba ya le mmudubudu fela gore ba tle ba itumedise batho. Ba bangwe ba kgerisa ba bangwe, ba leka go ba pateletsa gore ba ba rate—tota le fa ba ka ba rata fela ka gonne ba ba boifa.a

Mo ditsebeng tse di latelang, re tla sekaseka ditsela tseo tse pedi tse di kotsi tsa go batla go ratiwa ke batho. Go tswa foo re tla sekaseka tsela e e botoka.

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

a Baebele e bua ka batho ba ba neng ba bidiwa “Banefilime” ba ba neng ba kgerisa batho. Mme gape ba bidiwa “banna ba ba tumileng.” Se ba neng ba se batla thata e ne e le go ikgalaletsa.—Genesise 6:4.

DITSELA TSA GO RATIWA KE BATHO BA BANTSI

MOTHO YO O BATLANG GO ITUMEDISA BATHO

  • Ke batla go amogelwa ke ba bangwe.

  • Gore ba nkamogele, ke tshwanetse go dira se ba se dirang.

“Ke ne ka leka go fetola tsela e ke itshwarang ka yone gore ke tshwane le batho ba bangwe. Kwa tshimologong, go ne go bonala e kete ke a atlega. Mme moragonyana ke ne ka lemoga gore le ka motlha ga o a tshwanela go fetola se o leng sone e le fela gore o amogelwe ke ba bangwe.”—Nicole.

Molaomotheo wa Baebele: “O se ka wa dira sengwe fela ka gonne batho ba bangwe botlhe ba se dira. . . . O se ka wa letlelela batho bao gore ba go tlhotlheletse go dira dilo tse di sa siamang.”—Ekesodo 23:2, Holy Bible—Easy to Read Version.

MOTHO YO O KGERISANG BA BANGWE

  • Ke setse ke ratiwa ke batho ba bantsi mme ke batla gore go nne go ntse fela jalo.

  • Ke tla dira sengwe le sengwe fela gore batho ba nne ba nthata—le fa nka tshwanelwa ke go tshwara ba bangwe makgwakgwa.

“Gantsi bana ba sotla ba bangwe, mme e re ka batho ba ba kgerisang ba bangwe e le bone ba ratiwang ke batho ba bantsi, ngwana yo o ditlhong o tla dumela gore sengwe le sengwe se ba se buang se siame.”—Raquel.

Molaomotheo wa Baebele: “Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.” —Luke 6:31.

TSELA E E BOTOKA

Fa o latela dintlha tse tharo tse di ka fa molemeng o ka nna wa se ka wa tlhola o ratiwa ke batho ba bantsi—mme o tla ratiwa ke mofuta o o siameng wa batho!

  1. Itse melao e o batlang go tshela ka yone. Baebele ya re batho ba ba godileng semoyeng ba ‘thapisitswe gore ba farologanye se se siameng le se se sa siamang.’—Bahebera 5:14.

  2. Emela se o se dumelang. Tshwana le Joshua yo o neng a bua jaana a sa belaele: “Itlhopheleng gompieno yo lo tla mo direlang . . . Mme nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.”—Joshua 24:15.

  3. Se belaele tsela e o e tlhophileng. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Timotheo jaana: “Modimo ga a re naya moya wa bogatlapa, fa e se wa maatla.”—2 Timotheo 1:7.

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

Melissa—Ke boammaaruri gore o ka nna wa leka go tshwana le ngwana mongwe le mongwe fela kwa sekolong. Mme go dira jalo go a bora! Go nna Mokeresete go dira gore o tlhomologe ka tsela e e siameng. Ga go dire gore o lebege o le motho yo o sa tlwaelegang. Go dira gore o ratiwe ke batho.

Ashley—Ke ne ke a tle ke ikutlwe ke sa ratiwe ke batho ba bantsi kwa sekolong, mme fa ke ya dipokanong tsa Bokeresete ke ne ke kopana le ditsala tse di nthatelang se ke leng sone. Ka nako eo, ke ne ke felelwa ke keletso epe fela e ke neng ke na le yone ya go amogelwa ke bana ba ke tsenang sekolo le bone.

Phillip—Sengwe se se ka thusang gore o amogelwe ke batho ba bangwe ke go bontsha gore o amega ka bone. Bosheng jaana ke ntse ke leka go direla ditsala tsa me dilo tse di sa reng sepe mme seno se dirile gore ke atamalane le tsone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela