Motlotlo wa Lelapa
RE KA ITHUTA ENG MO GO . . . Adame le Efa?
A O KILE WA RAELESEGA GO TSAYA SENGWE SE E NENG E SE SA GAGO?
• Tsenya ditshwantsho mebala. • Bala ditemana tsa Baebele o bo o di tlhalosa fa o ntse o kwala mafoko a a sa kwalwang a puisano. • Batla dilo tse di fitlhegileng—(1) khudubane le (2) segwagwa.
GENESISE 3:4 ․․․․․
MORAGONYANA MODIMO O NE A BA BOTSA GORE A BA NE BA JELE MO SETLHARENG.—GENESISE 3:11
GENESISE 3:12 ․․․․․
GENESISE 3:13 ․․․․․
E RE KA ADAME LE EFA BA NE BA UTSWEDITSE MODIMO, MODIMO O NE A BA LELEKA MO TSHIMONG MME BA SIMOLOLA GO SWA.—GENESISE 3:14-24
Ke ka ntlha yang fa Adame le Efa ba tshwanetse ba ka bo ba ile ba tlotla Modimo ka go mo ikobela?
NTLHA E E KA THUSANG: Tshenolo 4:11.
Go utswa ga bone go ile ga nna le diphelelo dife?
NTLHA E E KA THUSANG: Baroma 5:12.
O ithuta eng mo pegong eno?
O akanyang?
Ke mang yo o dirileng gore noga e bue?
NTLHA E E KA THUSANG: Tshenolo 12:9.
Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone
Segolola, e mene fa gare mme o e boloke
KARATA YA BAEBELE 18 JOSIA
DIPOTSO
A. Josia o ne a nna kgosi a na le dingwaga di le ․․․․․ mme a busa ka dingwaga di le ․․․․․.
B. Ke baporofeti bafe ba babedi ba ba neng ba nna le tlhotlheletso e e molemo mo go Josia?
C. Moperesiti o ne a fitlhela eng mo teng ga tempele fa Josia a ne a laetse gore badiri ba baakanye ‘ntlo ya ga Jehofa’?
[Tšhate]
4026 B.C.E. Adame o a bopiwa
O ne a tshela mo e ka nnang ka 650 B.C.E.
1 C.E.
98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele
[Mmapa]
O ne a senya ditshwantsho tse di thetsweng tse di neng di le mo metseng ya ditso tseno.—2 Ditiragalo 34:6, 7.
Nafetali
Manase
Eferaime
Simeone
JOSIA
DINTLHA KA GA GAGWE
Le fa rraagwe e bong Amone a ne a le bosula, Josia o ne a dira “se se siameng mo matlhong a ga Jehofa.” (2 Ditiragalo 34:2) O ne a tlhopha go reetsa batho ba ba ratang Modimo go na le go reetsa ditsala tse di bosula. Boikokobetso jwa gagwe le go anaanela kobamelo ya boammaaruri go ne ga dira gore a amogelwe ke Modimo.—2 Dikgosi 22:19; 23:24, 25.
DIKARABO
A. 8, 31.—2 Ditiragalo 34:1.
B. Jeremia le Sefania. —Jeremia 1:1, 2; Sefania 1:1.
C. “Buka ya molao wa ga Jehofa,” e e kwadilweng ke Moshe.—2 Ditiragalo 34:14-18.
Batho le Dinaga
3. Maina a rona ke Sash wa dingwaga tse 9 le Rosette wa dingwaga tse 8. Re nna kwa Rwanda. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Rwanda? A ke ba le 19 000, 47 500 kgotsa 77 500?
4. Ke khutlo efe e e bontshang gore re nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Rwanda.
A
B
C
D
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
Fa o batla go printa dikhopi tse di oketsegileng tsa setlhogo seno sa “Motlotlo wa Lelapa” ya kwa go www.pr418.com
● Dikarabo tsa “MOTLOTLO WA LELAPA” di mo tsebe 10
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31
1. Khudubane mo setshwantsho 6.
2. Segwagwa mo setshwantsho 1.
3. 19 000.
4. B.