Basha ba Botsa Jaana
Dikao Tsa me ke Bomang?
Mo setlhogong seno, o tla ithuta gore
KE ENG fa o tlhoka batho ba o ka latelang sekao sa bone
O ka ba bona KAE
O ka latela sekao sa bone JANG
KE ENG FA O BA TLHOKA?
BOAMMAARURI KE GORE: Gantsi o feleletsa o tshwana le batho ba o ba ratang. Seo e ka nna selo se se molemo—kgotsa se se bosula—go ikaegile ka gore o rata batho ba ba ntseng jang.
Se o se tlhokang: Batho ba go leng molemo go latela sekao sa bone.—Bafilipi 3:17.
Bothata: Batho ba le bantsi ba batla go latela dikao tsa batho ba ba tumileng—baopedi, bagaka ba metshameko kgotsa batho ba ba itsegeng mo difiliming—tota le fa batho bano ba itsege ka mekgwa e e maswe.
Se o ka akanyang ka sone: Baebele e tshwantsha mekgwa ya rona le seaparo. (Bakolosa 3:9, 10) Fa o reka diaparo, a o ne o ka letla morekisi yo o apereng botlhaswa a go bolelela gore o apare eng? Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o ka letla mongwe yo o itsegeng yo o nang le mekgwa e e sa siamang a laola gore wena o tshwanetse go nna motho wa mofuta mang? Go na le gore o dire jalo kgotsa o sale mmudubudu morago, go tlhopha batho ba ba molemo ba o batlang go latela dikao tsa bone go tla go thusa (1) go tlhopha mekgwa e o batlang go nna le yone le (2) go etsa batho ba ba nang le mekgwa eo.
O KA BA BONA KAE?
Tshwaya dipolelo tse di latelang ka boammaaruri kgotsa maaka.
1. Motho yo o batlang go etsa sekao sa gagwe e tshwanetse go nna motho yo o kopaneng le ene ka namana.
□Boammaaruri □Maaka
2. Motho yo o batlang go etsa sekao sa gagwe e tshwanetse go nna motho yo o se nang diphoso.
□Boammaaruri □Maaka
3. O ka nna le dikao di le dintsi.
□Boammaaruri □Maaka
Dikarabo
1. Maaka. Tota e bile o ka nna wa tlhopha batho bangwe ba metlha ya bogologolo go nna dikao tsa gago. Dikao tse di molemolemo mo go bone o ka di fitlhela mo Baebeleng. Ka sekai, fa o bala kgaolo 11 ya buka ya Baebele ya Bahebera, o tla lemoga gore moaposetoloi Paulo o umaka banna le basadi ba le 16 ba ba re tlhometseng sekao ka tumelo ya bone. Sa botlhokwa le go feta, mo kgaolong e e latelang, Paulo o kgothaletsa Bakeresete go “leba ka tlhomamo” kwa go Jesu le go mo latela. (Bahebera 12:2) Jesu ke sekao se se molemolemo se re ka se latelang.—Johane 13:15.a
2. Maaka. Kwantle ga ga Jesu, Adame o ne a se na ditlogolwana dipe tse di itekanetseng. (Baroma 3:23) Tota le moporofeti Elija yo o pelokgale e ne e le “motho fela jaaka rona.” (Jakobe 5:17, Contemporary English Version) Go ka bolelwa se se tshwanang ka batho ba ba jaaka Miriame, Dafide, Jona, Maratha le Petere. Baebele ga e fitlhe diphoso tse banna le basadi bao ba di dirileng. Le fa go ntse jalo, ba tlhomile sekao se se molemo mo dikarolong tse dintsi tsa botshelo, mme ka jalo e ka nna dikao tse di molemo tse re ka di latelang.
3. Boammaaruri. O ka nna le dikao tse dintsi kafa o batlang ka teng. Yo mongwe e ka nna motho yo o dirang ka natla, fa yo mongwe e ka nna motho yo o bontshang bopelotelele ka tsela e e tlhomologileng. Gongwe yo mongwe e ka nna motho yo o lebang dilo ka tsela e e siameng le fa go na le mathata. (1 Bakorintha 12:28; Baefeso 4:11, 12) Batla dinonofo tse di molemo mo bathong ba bangwe mme o tla bona dinonofo tse o ka di etsang mo go bone.—Bafilipi 2:3.
O KA LATELA SEKAO SA BONE JANG?
1. Lebelela batho ba e leng dikao tsa gago. Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga jaana: “Ithute ka go lebelela batho ba ba tshelang ka tsela e re go e bontshitseng.”—Bafilipi 3:17, Holy Bible—Easy-to-Read Version.
2. Itsalanye le bone. Fa go kgonega, iphe nako ya go nna le batho ba o ba tlhophileng go nna dikao tse o batlang go di latela tsa motlha wa segompieno. Baebele ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”—Diane 13:20.
3. Etsa mekgwa e e molemo ya dikao tsa gago. Bahebera 13:7 ya re: “E re lo akanya kafa boitshwaro jwa bone bo felelang ka gone lo etse tumelo ya bone.”
A o setse o ipaakanyeditse go simolola? Tlatsa karolo e e fa tlase fano ya se o se ikaeletseng fa o tlhopha motho yo e ka nnang sekao sa gago.
Se ke Se Ikaeletseng
Tlhopha mokgwa o o ka ratang go nna le one. (A o ka rata go nna motho yo o botsalano? yo o pelotshweu? yo o dirang ka natla? yo o kgonang go itshoka? yo o ka ikanngwang? yo o ikanyegang?)
․․․․․
Tlhopha motho yo o nang le nonofo e o ka ratang go nna le yone.b
․․․․․
Fa o tlhopha sekao se se molemo se o ka se latelang, mokgele wa gago ga se go nna motho yoo. O sa ntse o na le dinonofo tsa gago tse di tlhomologileng tse di molemo. Le fa go ntse jalo, go nna le dikao tse di molemo go tla go thusa go nna le dinonofo tse di molemo fa o ntse o gola. Mo godimo ga moo, fa o latela sekao sa bone, le wena o tla nna sekao se se molemo mo go ba bangwe.
O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Gone ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba motlha wa gompieno le bone e ka nna dikao tse di molemo. Batho bano ba ka akaretsa motsadi, ngwana wa kwa galona, mongwe yo o godileng semoyeng mo phuthegong ya Bokeresete kgotsa motho yo mongwe yo o tlhomang sekao yo o mo itseng kgotsa yo o kileng wa bala ka ene.
b Gape o ka dira seno o simolola ka ntlha ya bofelo. Sa ntlha, tlhopha motho yo o ka ratang go etsa sekao sa gagwe. Go tswa foo ipotse gore, ‘Ke nonofo efe e e dirang gore motho yono a ratege thata?’ Morago ga moo, dira gore motho yoo e nne sekao sa gago mme o leke go etsa nonofo e o e lemogileng mo go ene.
[Mafoko a a mo go tsebe 21]
Ke ka ntlha yang fa o letla mongwe yo o itsegeng yo o nang le mekgwa e e sa siamang a laola gore wena o tshwanetse go nna motho wa mofuta mang?
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 22, 23]
SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG
Layla—Tsala ya me e bong Sandra o leba dilo ka tsela e e siameng. Gape o itse Baebele sentle. Ka ntlha ya seo, ka metlha go lebega a kgona go bona tharabololo ya mathata ka bonako. Ke kgona go mmulela mafatlha nako nngwe le nngwe fa ke na le mathata, e ka tswa e le a magolo kgotsa a mannye.
Terrence—Ditsala tsa me e bong Kyle le David ga ba ke ba tseela maikutlo a batho ba bangwe kwa tlase. Ka metlha ba iketleeletsa go thusa ba bangwe ka mathata a bone mme ba beetse matshwenyego a bone kwa thoko. Ke ba tsaya e le dikao tse di molemo.
Emmaline—Mmè ke ene sekao sa me. O itse Baebele go tswa le go tsena mme o nna a batla ditshono tsa go bua le batho ka tumelo ya gagwe. O dumela thata gore bodiredi ke tshiamelo ga se tiro. Ke mo ratela sone seo!
[Lebokoso mo go tsebe 23]
BALA MO GO OKETSEGILENG KA GONE!
A o tlhoka go thusiwa go bona dikao tse di molemo tse o ka di latelang? Bala Bahebera kgaolo 11 mme o tlhophe monna kgotsa mosadi mongwe yo go builweng ka ene moo. Simolola porojeke ya go ithuta o na le boikaelelo jwa go etsa mekgwa e e rategang ya motho yoo.
O ka bona dikao tse di oketsegileng tsa mo Baebeleng mo bukeng ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1 le 2, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Bona “Kaedi ya Ditsebe Tsa Sekao se se Molemo” e e kafa teng ga khabara e e kwa morago ya buka nngwe le nngwe.
[Lebokoso mo go tsebe 23]
KE ENG O SA BOTSE BATSADI BA GAGO?
Tlotla le batsadi ba gago ka dikao tsa bone—batho ba e neng e le dikao tsa bone fa ba ne ba lekana le wena le ba e leng dikao tsa bone gone jaanong. Batsadi ba gago ba solegetswe molemo jang ke go nna le batho ba ba ba tlhomelang sekao mo matshelong a bone?