Bolwetse Jwa Gout—Dilo Tse di bo Bakang
BOLWETSE jwa gout ke mongwe wa mefuta e e tlwaelegileng thata ya ramatiki mme bo ka nna botlhoko fela thata. Buka ya Arthritis ya re: “Gout ke bolwetse jwa fa mmele wa motho o sa kgone go sila sentle asiti e e fitlhelwang mo motlhapong (uric acid).” Mo godimo ga moo, “ke bolwetse jo go itsegeng sentle gore bo bakwa ke eng—go nna gone ga makgabana a uric acid mo mafureng a a logetsang a lelokololo . . . , bogolo segolo mo monwaneng o motona wa leoto.”
Uric acid ke selo se se sa tlholeng se batlega mo mmeleng se se mo mading mme se nna gone fa go silwa dilo tse di bidiwang di-purine. Fa uric acid e koelana, gantsi e le ka gonne e sa tswe yotlhe mo motlhapong, go ka nna le makgabana a masesane a a motsu mo lelokololong le le kwa tlase la monwana wa leoto, le fa gone makgabana ao a ka koelana le mo malokololong a mangwe. Lelokololo leno le ka ruruga, la utlwala le le bolelo fa o le ama mme la nna botlhoko fela thata.a Mongwe yo o tshwerweng ke bolwetse jono e bong Alfred a re: “Tota le fa o le ama go le gonnye fela le ka nna botlhoko jo bo tseneletseng jo o ka se kgoneng go bo itshokela.”
Tshedimosetso nngwe e e gatisitsweng ke Arthritis Australia e bolela jaana: “Fa motho a sa bone kalafi, gantsi bolwetse jwa gout bo ka mo tshwara beke yotlhe. Go ka direga gore a fetse dikgwedi kgotsa dingwaga bo sa mo tshware gape. Fa bolwetse jwa gout bo sa alafiwe sentle, bo ka tlhasela motho gangwe le gape e bile [bo ka] etegela mme malokololo a ka senyegela ruri. Ka dinako tse dingwe bolwetse jwa gout bo ka etegela mme ya nna bolwetse jo bo nnelang ruri.”
Gout ke mofuta mongwe wa ramatiki o o kgonang go alafega go gaisa mefuta e mengwe ya yone. Gantsi kalafi ya yone e dirisa diokobatsi tse di thibelang borurugo tse e seng di-steroid mme fa bolwetse jono bo tlhasela gangwe le gape kgotsa bo le maswe thata, go dirisiwa allopurinol, e e thusang go thibela go koelana ga uric acid. A bolwetse jwa gout bo ka thibelwa gore bo se ka jwa boa gape? Go ka kgonega, fa motho yo bo mo tshwereng a itse dilo tse di ka dirang gore bo mo tshware.
Dilo Tse di ka Dirang Gore bo Boe Gape
Dilo tsa konokono tse di ka laolang gore a motho a ka tshwarwa ke bolwetse jono ke dingwaga, bong le dijini. Go ya ka baitse bangwe, diperesente di feta 50 tsa batho ba bo ba tshwereng ba na le mongwe mo lelapeng yo bo kileng jwa mo tshwara. Alfred yo o nopotsweng pelenyana a re: “Rre le rremogolo ba kile ba tshwarwa ke gout.” Mo godimo ga moo, gout e tshwara banna thata, segolobogolo ba dingwaga tse di fa gare ga 40 le 50. E bile tota, banna ke bone ba ba mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jono go feta basadi, mme ga se gantsi bo tshwara basadi pele ga modikologo wa go bona kgwedi o khutla.
Bokima jo bo feteletseng le dijo: Encyclopedia of Human Nutrition ya re: “Go lebega mokgwa wa go alafa gout ka go laola dijo tse motho a di jang o sa tlhole o dirisa thata go thibela dijo tse di nang le purine e ntsi, go na le moo o alafa malwetse ano a go sila dijo a gantsi a amanang le gout: bokima jo bo feteletseng, bolwetse jo bo bakang go se dire sentle ga insulin mo mmeleng le dyslipidemia,” kgotsa selekanyo se sentsi mo go feteletseng sa mafura mo mading, jaaka kholeseterole.
Le fa go ntse jalo, gape baitse bangwe ba akantsha go fokotsa go ja dijo tse di nang le selekanyo se se kwa godimo thata sa di-purine, tse di jaaka sebediso, ditlhapi dingwe le mefuta e e farologaneng ya nama e khibidu.b
Dino: Go nwa bojalwa jo bontsi go ka dira gore mmele wa gago o se ka wa kgona go ntsha uric acid sentle, mme seo se ka baka gore e koelane.
Malwetse: Go ya ka Mayo Clinic, e e kwa United States, gout e ka bakwa ke malwetse mangwe, go akaretsa “kgatelelo e e kwa godimo thata ya madi (hypertension) e e sa alafiweng le malwetse a a sa foleng a a jaaka bolwetse jwa sukiri, go nna le mafura a mantsi le kholeseterole mo mading (hyperlipidemia), le go tswalega ga ditshika tse di tsamaisang madi (arteriosclerosis).” Gape gout e ka bakwa ke “go lwala thata kgotsa go gobala mo go tseneletseng kgotsa ka tshoganyetso, le go sa sute ka ntlha ya go robadiwa ke bolwetse” le bolwetse jwa diphilo. Go bonala sentle gore monwana o mogolo wa leoto gantsi ke one o o tlhaselwang ke gout ka gonne ga o na madi a mantsi a a tsamayang mo go one e bile ga o mogote thata—dilo tse pedi tse di ka bakang gore uric acid e koelane.
Kalafi: Melemo e e dirang gore motho a nne mo kotsing ya go tshwarwa ke gout e akaretsa thiazide diuretics (diokobatsi tse di dirang gore go tswe metsi a mantsi mo mmeleng, tse gantsi di dirisediwang go alafa kgatelelo e e kwa godimo ya madi), aspirin e e fokoditsweng bogale, diokobatsi tse di thusang balwetse ba ba tsentsweng dikarolo tsa mmele tsa batho ba bangwe gore mebele ya bone e se ka ya di gana le kalafi e mo go yone go dirisiwang dikhemikale go alafa bolwetse.
Dilo di le Tlhano Tse di ka Fokotsang Dikotsi Tsa go Tshwarwa ke Gout Gape
E re ka bolwetse jwa gout bo amanngwa le tsela e motho a tshelang ka yone, dikakantsho tse di latelang di ka thusa batho ba bo ba tshwereng go dira gore ba se ka ba nna mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jono gape.c
1. E re ka gout e le bolwetse jo bo amanang le go silwa ga dijo, batho ba bo ba tshwereng ba tshwanetse go leka ka natla go nna ba na le boima jo bo lekaneng jwa mmele ka go laola selekanyo sa dikalori tse ba di jang. Mo godimo ga moo, boima jo bo feteletseng jwa mmele bo imela malokololo a a tshegetsang boima jwa mmele.
2. Itise mo mekgweng ya go fokotsa boima jwa mmele ka bofefo ka gonne e ka oketsa selekanyo sa uric acid mo mading ka nakwana.
3. Tila go ja selekanyo se se feteletseng sa poroteine ya nama ya diphologolo. Bangwe ba akantsha go ja selekanyo sa digerama di le 170 fela sa nama e e seng mafura, go akaretsa nama ya koko le tlhapi ka letsatsi.
4. Fa e le gore o nwa bojalwa, bo nwe ka tekanyetso. Fa e le gore o tshwerwe ke gout, go ka nna botlhale gore o tile go nwa bojalwa gotlhelele.
5. Nwa thata dino tse di se nang tagi. Di thusa go tlhaolosa uric acid le go e ntsha mo mmeleng.d
Dikakantsho tse di fa godimo tsa go thibela bolwetse jono di ka re gopotsa kgakololo ya Baebele ya gore re nne “tekatekano mo mekgweng” mme re se ka ra ineela “mo beineng e ntsi.” (1 Timotheo 3:2, 8, 11) Eleruri Mmopi wa rona yo o lorato o itse se se re siametseng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matshwao a a tshwanang le ao a ka nna gone fa makgabana a calcium pyrophosphate a kgobokana mo malokololong, bogolo jang mo lehihiring le le seng thata le le fitlhelwang kwa bofelong jwa marapo. Le fa go ntse jalo, bolwetse jono jo bo lebegang jaaka gout tota ke bolwetse bo sele mme bo ka tlhoka go alafiwa ka tsela e sele.
b Go ya ka kgatiso e e gatisitsweng mo Australian Doctor, go ja maboa (di-mushroom) kgotsa merogo e e nang le purine e ntsi e e jaaka dinawa, dilentele, di-peas, sepinatšhe le kholifolawa, “ga go ise go bontshiwe fa go baka bolwetse jo bo masisi jwa gout.”
c Setlhogo seno ga se a direlwa go nna kaedi ya tsa kalafi. Molwetse mongwe le mongwe a ka tlhoka go fiwa kalafi e e mo tshwanetseng. Gape ga a tshwanela go tlogela melemo e a e filweng ke ngaka kgotsa go dira diphetogo tse dikgolo mo tseleng e a jang ka yone pele a buisana le ngaka ya gagwe.
d Tshedimosetso eno e theilwe mo dikakantshong tse di tswang go Mayo Foundation for Medical Education and Research.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Lelokololo le le rurugileng
Mafura a a logetsang lelokololo
[Setshwantsho]
Makgabana a a koelaneng a uric acid