LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g24 no. 1 ts. 7-9
  • Goreng Batho ba sa Tlhole ba Tlotla Botshelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng Batho ba sa Tlhole ba Tlotla Botshelo?
  • Tsogang!—2024
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KE ENG FA GO TLOTLA BOTSHELO GO LE BOTLHOKWA?
  • SE O KA SE DIRANG
  • SE BASUPI BA GA JEHOFA BA SE DIRANG
  • Baerase e e Bolayang e Tlhasela Kwa Zaire
    Tsogang!—1996
  • Itshireletse Kgatlhanong le Malwetse
    Tsogang!—2016
  • Go Boloka Diholo Tsa Rona di Sireletsegile ka Nako ya COVID-19
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
  • Tlotlo ya Neo ya Botshelo
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2024
g24 no. 1 ts. 7-9
Lekawana lengwe le kgweetsa koloi mme ene le ditsala tsa gagwe ba nwa bojalwa.

Goreng Batho ba sa Tlhole ba Tlotla Botshelo?

KE ENG FA GO TLOTLA BOTSHELO GO LE BOTLHOKWA?

Fa o dira dilo tse di sa siamelang botshelo jwa gago kgotsa tse di ka tsenyang matshelo a ba bangwe mo kotsing, seo se bontsha gore ga o tlotle botshelo jwa gago le jwa bone.

  • Go goga motsoko go baka kankere e bile go dira gore mmele o thatafalelwe ke go e lwantsha. Bontsi jwa batho ba ba bolailweng ke kankere ya makgwafo, ba sule ka gonne ba ne ba goga motsoko kgotsa ka gonne mongwe a ne a goga a bapile le bone.

  • Ngwaga le ngwaga, bontsi jwa batho ba sala ba ngomogile pelo ka ntlha ya go thuntshiwa ga batho ba le bantsintsi. Pego ya Stanford University kwa United States e a re: “Patlisiso nngwe e bontsha gore tota le batho ba ba ileng ba falola fa go ne go tlhaselwa kwa dikolong, ba sa ntse ba na le mathata a maikutlo le a tlhaloganya dingwaga di le dintsi morago ga tiragalo eo.”

  • Batho ba ba kgweetsang ba nole bojalwa kgotsa ba dirisitse diokobatsi, ba dira gore batho ba ba dirisang tsela kgotsa ba ba tsamayang mo thoko ga tsela ba nne mo kotsing. Fa batho ba sa kgathalele botshelo, gantsi batho ba ba se nang molato ke bone ba ba utlwang botlhoko.

SE O KA SE DIRANG

Sireletsa botsogo jwa gago. Ga go ise go nne thari gore o ka tlogela mekgwa e e kotsi e e jaaka go goga motsoko, go veipa, go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng kgotsa go dirisa diokobatsi e le fela go itlosa bodutu. Mekgwa eo e gobatsa botshelo jwa gago e bile e bontsha gore ga o tlotle botshelo jwa batho ba ba go dikologileng, go akaretsa le ba lelapa la gago.

“A re iphepafatseng leswe lengwe le lengwe la nama.”​—2 Bakorintha 7:1.

Akanya ka tshireletsego ya gago le ya ba bangwe. E le go thibela dikotsi, boloka legae la gago le le mo maemong a a siameng. Kgweetsa sentle e bile o tlhomamise gore koloi ya gago e nna e le mo boemong jo bo siameng. O se ka wa letla ba bangwe ba go pateletsa go dira dilo tse di ka go gobatsang kgotsa tse di ka go bolayang.

“Fa o aga ntlo e ntšha, gape o direle borulelo jwa gago lobotana go bo dikologa, gore o se ka wa tlisetsa ntlo ya gago molato wa madi ka gonne mongwe a ka nna a wa mo go yone.”​—Duteronome 22:8.a

Tshwara ba bangwe sentle. Go tlotla botshelo go akaretsa go tshwara batho ba ditso tsotlhe le ba dinaga tse dingwe sentle, ba ka tswa ba humile kgotsa ba humanegile, ba rutegile kgotsa ba sa rutega. Tota e bile, bontsi jwa thubakanyo le dintwa tse di tletseng mo lefatsheng di bakiwa ke tlhaolele le letlhoo.

“Tlogelang mofuta mongwe le mongwe wa kgakalo, bogale, tšhakgalo, go goa thata le mafoko a a kgobang, mmogo le sengwe le sengwe se se utlwisang botlhoko. Mme tshwaranang ka bopelonomi.”​—Baefeso 4:31, 32.

SE BASUPI BA GA JEHOFA BA SE DIRANG

Basupi ba ga Jehofa ba ruta batho ba bangwe go tshela botshelo jo bo siameng. Thulaganyo ya rona ya go ruta batho Baebele e thusitse batho go fenya mekgwa e e tshwakgolang le e e kotsi.

Re latela melao ya tshireletsego fa re dira diporojeke tsa rona tsa go aga. Baithaopi ba ba agang mafelo a rona a kobamelo le dikago tse dingwe tse re di dirisang, ba a katisiwa gore ba tile dikotsi. Dikago tsa rona di a tlhatlhobiwa gangwe le gape gore di dumalane le melao ya tshireletsego ya mafelo a di agilweng mo go one.

Re thusa batho ba ba wetsweng ke masetlapelo. Ka 2022, re ile ra thusa mo ditiragalong tsa masetlapelo di ka nna 200 mme re ile ra ntsha madi a a ka tshwarang diranta di le dimilione tse 224 go tswa mo meneelong ya rona gore re thuse batho ba ba neng ba amilwe ke masetlapelo ao.

Fa bolwetse jwa Ebola bo ne bo tlhasela dinaga tse di kwa Bophirima Jwa Afrika (2014) le kwa Democratic Republic of Congo (2018), re ile ra tlhalosetsa batho se ba ka se dirang gore bolwetse joo jo bo kotsi bo se ka jwa anama. Re ile ra romela baemedi gore ba bue le ditlhopha tsa batho ka setlhogo se se reng “Obedience Saves Lives.” Re ile ra baya didirisiwa tse go tlhapelwang diatla mo go tsone mo dikgorong tsa mafelo a rona a kobamelo e bile re ne ra gatelela botlhokwa jwa go tlhapa diatla ra bo ra tlhalosa dilo tse dingwe tse di ka dirwang gore bolwetse joo bo se ka jwa anama.

Kwa Sierra Leone, go ne ga nna le pego mo radiong e e neng e akgolela Basupi ba ga Jehofa go thusa badumedikabone le batho ba e seng Basupi gore ba thibele go anama ga mogare wa Ebola.

Basupi ba ga Jehofa ba letile ka bopelotelele gore ba tlhape matsogo pele ba tsena mo Holong ya Bogosi.

Lefelo le go neng go tlhapelwa diatla mo go lone kwa Liberia ka 2014 ka nako ya Ebola

a Kwa dinageng tsa bogologolo tsa Middle East, batho ba ne ba patelesega go ikobela taelo eno. Ka jalo, ba ne ba bontsha gore ba amegile ka tshireletsego ya ba malapa a bone le ya batho ba bangwe.

Óscar Serpas.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Óscar Serpas e ne e le leloko la segongwana sengwe se se kotsi, mme o ne a sa tlotle botshelo jwa gagwe le jwa batho ba bangwe. Utlwa gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo thusa jang gore a fetoge. Bala setlhogo se se reng “Ke ne Ke Ikepela Lebitla” mo jw.org.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela