LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lv ts. 222-ts. 223 ser. 3
  • Go Rarabolola Dikgotlhang mo Dikgannyeng Tsa Kgwebo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rarabolola Dikgotlhang mo Dikgannyeng Tsa Kgwebo
  • “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Latelela Kagiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • O Rarabolola Jang Dikgotlhang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • O ka Gapa Morwarraago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Basupi ba ga Jehofa ‘ba Neelwa mo Ditshekong’
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
“Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
lv ts. 222-ts. 223 ser. 3

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Go Rarabolola Dikgotlhang mo Dikgannyeng Tsa Kgwebo

Mo go 1 Bakorintha 6:1-8 moaposetoloi Paulo o ne a tlotla ka go sekisana kwa kgotlatshekelong ga badumedimmogo. O ne a re o swabisiwa ke gore Bakeresete bangwe kwa Korintha ba ne ba “nna pelokgale go ya kgotlatshekelong fa pele ga batho ba ba sa siamang.” (Temana 1) Paulo o ne a naya mabaka a a utlwalang a go bo Bakeresete ba sa tshwanela go isana dikgotlatshekelo mme ba tshwanetse go rarabolola dikgotlhang mo phuthegong. A re sekasekeng mangwe a mabaka a go bo go ntshitswe kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng go tswa foo re bo re sekaseka maemo a se kae a kgakololo eno e sa direng ka tlhamalalo mo go one.

Fa re na le kgotlhang ya tsa kgwebo le modumedi ka rona, re ka leka pele go rarabolola kgang ka tsela ya ga Jehofa, e seng ya rona. (Diane 14:12) Fela jaaka Jesu a ile a bolela, go botoka go rarabolola kgotlhang ka bonako pele e etegela e nna kgang e e masisi. (Mathaio 5:23-26) Le fa go ntse jalo, ka maswabi Bakeresete bangwe ba nna manganga mo go feteletseng mo ba feleletsang ba isitse dikgang tsa bone kwa dikgotlatshekelong. Paulo o ne a re: “Tota go raya go fenngwa ga lona gotlhelele go bo lo sekisana kwa dikgotlatshekelong.” Ke ka ntlha yang fa a ne a rialo? Lebaka la konokono ke gore ditsheko tseno di ka senya leina le le molemo la phuthego le la Modimo yo re mo obamelang. Ka jalo re tsaya mafoko ano a ga Paulo tsia: “Ke ka ntlha yang fa bogolo lo sa iteseletse go tsiediwa?”—Temana 7.

Gape Paulo o ne a re Modimo o neile phuthego thulaganyo e e molemo ya go rarabolola dikgotlhang tse dintsi. Bagolwane ke banna ba Bakeresete ba ba tlhalefisitsweng ke kitso ya bone ya boammaaruri jwa Dikwalo, mme Paulo a re ba kgona “go atlhola mo gare ga bakaulengwe” fa go na le “dikgang tsa botshelo jono.” (Temana 3-5) Jesu o ne a bontsha gore dikgotlhang tse di bakilweng ke gore mongwe a bo a dirile diphoso tse di masisi tse di jaaka go senya yo mongwe leina le tsietso, di tshwanetse go rarabololwa ka dikgato tse tharo: sa ntlha, ba ba nang le bothata ba leke go bo rarabolola ka bobone ba le bosi; sa bobedi, fa kgato ya ntlha e sa atlege, ba tlise mosupi a le mongwe kgotsa ba le babedi; mme sa boraro, fa kgato eo le yone e sa atlege, ba ise kgang kwa phuthegong, e e emelwang ke bagolwane.—Mathaio 18:15-17.

Mme gone ga se gore bagolwane ba Bakeresete ke boramolao kgotsa borakgwebo e bile ga ba tlhoke go itira e kete ke bone. Ga se bone ba bayang melao ya kafa bakaulengwe ba tshwanetseng go rarabolola dikgang tsa kgwebo ka teng. Mo boemong jwa moo, ba leka go thusa batho botlhe ba ba nang le kgotlhang gore ba dirise Dikwalo mme ba dumalane go rarabolola bothata ka kagiso. Fa ba lebanwe ke go rarabolola dikgang tse di raraaneng thata ba ka nna ba kopa thuso kwa molebeding wa potologo kgotsa kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, go na le maemo a a sa amiweng thata ke kgakololo eno ya ga Paulo. Mangwe a one ke afe?

Mo mabakeng a mangwe, batho ba ka ya kgotlatshekelong e le go diragatsa molao kgotsa go dira sengwe se se tlhokang go dirwa go ya ka molao, ba sa ye go dira dilo tse di ka utlwisang ope botlhoko, mme ba ya go dira dilo tse di rotloetsang kagiso. Ka sekai, go ya kgotlatshekelong e ka tswa e le yone fela tsela ya go dira dilo tse di jaaka go tlhala kafa molaong, go dira gore o newe ngwana fa lo tlhalana, go direlwa tshwetso ya gore molekane yo o tlhalang o tla tshwanelwa ke go ntsha madi a le kana kang a go tlhokomela yo mongwe, go duelwa madi a inshorense, go tsenngwa mo lenaaneng la ba ba tshwanetseng go duelwa fa go na le yo o ipolelang kafa molaong gore ga a kgone go duela melato, go tlhomamisa makwalo a kabo ya boswa kafa molaong. Gape go na le maemo a mo go one mokaulengwe a ka ikutlwang a tshwanelwa ke go itshireletsa ka go sekisa motho yo o mo isitseng kgotlatshekelo.a

Fa ditsheko tseo di dirwa go se na manganga, di tla bo di se kgatlhanong le kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya ga Paulo.b Le fa go ntse jalo, se Mokeresete a tshwanetseng a akanya thata ka sone ke go itshepisa leina la ga Jehofa le gore go nne go na le kagiso le kutlwano mo phuthegong. Balatedi ba ga Keresete ba itsewe thata ka lorato lwa bone, mme “lorato . . . ga lo ipatlele melemo ya lone fela.”—1 Bakorintha 13:4, 5; Johane 13:34, 35.

a Ka sewelo, Mokeresete mongwe a ka direla yo mongwe molato o o masisi—jaaka petelelo, titeo, polao, kgotsa bogodu jo bogolo. Mo maemong ao, go bo motho e le Mokeresete ga go mo thibele go begela balaodi kgang, le fa go dira jalo go ka felela ka gore go nne le tsheko.

b Fa o batla go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee bona Tora ya Tebelo ya March 15, 1997, tsebe 17-22, le ya October 15, 1991, tsebe 25-28.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela