LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb22 January ts. 9
  • Thusa Baithuti Gore ba ye Dipokanong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thusa Baithuti Gore ba ye Dipokanong
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipokano Tsa Basupi ba ga Jehofa Di ka Go Thusa Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Thusa Batho ba o Ithutang Baebele le Bone go Atamalana le Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone go Tila Ditsala Tse di sa Siamang
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone go Tlogela Mekgwa E e Sa Siamang
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb22 January ts. 9

TLHAGAFALELA BODIREDI | ITUMELE MO BODIREDING

Thusa Baithuti Gore ba ye Dipokanong

Dipokano di botlhokwa mo kobamelong ya rona. (Ps 22:22) Botlhe ba ba kopanang go obamela Jehofa ba bona masego e bile ba a itumela. (Ps 65:4) Batho ba ba ithutang Baebele ba dira diphetogo ka bonako fa ba nna gone mo dipokanong ka metlha.

O ka thusa jang motho yo o ithutang le ene gore a kopanele? Nna o ba laletsa gore ba tle dipokanong. Ba bontshe bidio ya Go Dirwang Kwa Holong ya Bogosi? Gape ba tlhalosetse gore go nna gone kwa dipokanong go ka ba solegela molemo jang. (lff thuto 10) O ka na wa ba bolelela se o ithutileng sone kwa dipokanong kgotsa wa ba tlotlela ka dintlha tse go tlileng go tlotliwa ka tsone mo dipokanong tse di latelang. Naya motho yo o ithutang le ene kgatiso e e tlileng go dirisiwa kwa dipokanong. Gape ba thuse. Gongwe ba ka tlhoka sepalangwa sa go ya dipokanong. Maiteko a gago ga e kitla e nna a lefela fa motho yo o ithutang Baebele le wena a ya dipokanong lekgetlho la ntlha.—1Bk 14:24, 25.

LEBANG BIDIO YA THUSA BATHO BA O ITHUTANG LE BONE GORE BA YE DIPOKANONG, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba ye Dipokanong.” Lesego o laletsa Mmasentle go tla dipokanong.

    Lesego o ne a dirisa tshono efe go laletsa Mmasentle go tla dipokanong?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba ye Dipokanong.” Lesego o a nyenya fa a bona Mmasentle a nna fa thoko ga gagwe kwa dipokanong.

    Goreng re itumela fa motho yo re ithutang Baebele le ene a tla dipokanong?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba ye Dipokanong.” Bokgaitsadi ba dumedisa Mmasentle morago ga dipokano.

    “Ruri Modimo o mo gare ga lona”

    Ke eng se se neng sa diragalela Mmasentle lekgetlho la ntlha fa a ne a le kwa dipokanong?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela