EKESODO
1 Jaanong ano ke maina a bomorwa Iseraele ba ba neng ba tla le Jakobe mo Egepeto, monna mongwe le mongwe yo o neng a tla le ba lelapa+ la gagwe: 2 Rubene, Simeone, Lefi le Juda;+ 3 Isakare, Sebulone le Benjamine; 4 Dana le Nafetali; Gada le Ashera.+ 5 Mme botlhe ba ba neng ba tsholelwa Jakobe* e ne e le batho ba le 70, mme Josefa ene o ne a setse a le kwa Egepeto.+ 6 La bofelo Josefa o ne a swa,+ le bomorwarraagwe botlhe ba ne ba swa le kokomana eo yotlhe. 7 Mme Baiseraele* ba ne ba ata, ba oketsega thata e bile ba ne ba nna bantsi ba bo ba nna maatla fela thata, mo ba neng ba tlala mo lefatsheng.+
8 Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga busa kgosi e ntšha mo Egepeto e e neng e sa itse Josefa. 9 Ka jalo, e ne ya raya batho ba yone ya re: “Bonang! Batho ba Iseraele ba bantsi thata e bile ba maatla go re feta.+ 10 A re ba logeleng leano. Go seng jalo ba tla nna ba oketsega, mme fa go nna le ntwa, ba tla ikopanya le baba ba rona gore ba re lwantshe ba bo ba tswa mo nageng ya rona.”
11 Ka jalo, ba ne ba tlhoma balaodi ba tiro e e patelediwang* gore ba gatelele Baiseraele go dira tiro e e boima,+ mme ba ne ba ba pateletsa go agela Faro metse ya mabolokelo, e leng Pithome le Raamesese.+ 12 Le fa gone ba ne ba ba gatelela thata, Baiseraele ba ne ba nna bantsi thata e bile ba anamela kgakala mo Baegepeto ba neng ba boifa fela thata ka ntlha ya Baiseraele.+ 13 Ka gone, Baegepeto ba ne ba pateletsa Baiseraele go dira tiro e e boima ya bokgoba.+ 14 Ba ne ba ba tshedisa botlhoko ka go ba dirisa tiro e e boima ya go dira seretse sa letsopa le ditena e bile ba ba dirisa tiro ya mofuta mongwe le mongwe ya bokgoba kwa masimong. Ba ne ba dira gore ba bereke ka thata mo maemong a a boima ba dira tiro nngwe le nngwe ya bokgoba.+
15 Moragonyana kgosi ya Egepeto e ne ya bua le babelegisi ba Bahebera ba maina a bone e neng e le Shifera le Pua, 16 ya ba raya ya re: “Fa lo belegisa+ basadi ba Bahebera mme lo bona gore ngwana yo o tsholwang ke mosimane lo mmolaye; mme fa e le mosetsana lo mo tlogele a tshele.” 17 Le fa go ntse jalo, babelegisi bano ba ne ba boifa Modimo wa boammaaruri, ka jalo ga ba a ka ba dira se kgosi ya Egepeto e se ba laetseng. Go na le moo, ba ne ba tlogela bana ba basimane ba tshela.+ 18 Fa nako e ntse e tsamaya, kgosi ya Egepeto e ne ya bitsa babelegisi bao mme ya ba raya ya re: “Ke ka ntlha yang fa lo tlogetse bana ba basimane ba tshela?” 19 Babelegisi ba ne ba raya Faro ba re: “Basadi ba Bahebera ga ba tshwane le basadi ba Baegepeto. Ba matlhagatlhaga, fa mmelegisi a tsena kwa go bone ba a bo ba setse ba belege.”
20 Ka jalo, Modimo o ne a segofatsa babelegisi bao, mme batho ba ne ba nna ba oketsega ba bo ba nna maatla thata. 21 E re ka babelegisi ba ne ba boifa Modimo wa boammaaruri, moragonyana o ne a ba naya malapa. 22 La bofelo Faro a laela batho ba gagwe botlhe, a re: “Ngwana mongwe le mongwe wa Mohebera wa mosimane yo o sa tswang go tsholwa, lo mo latlhele mo Nokeng ya Nile, mme ngwana mongwe le mongwe wa mosetsana lo mo tlogele a tshela.”+
2 Ka yone nako eo, monna mongwe wa lotso lwa ga Lefi o ne a nyala mosadi mongwe wa lotso lwa ga Lefi.+ 2 Mme mosadi yoo a ima a bo a tshola ngwana wa mosimane. E rile a bona gore o montle, a nna a mo fitlhile dikgwedi di le tharo.+ 3 Fa a ne a sa tlhole a kgona go mo fitlha,+ o ne a tsaya mmanki* wa papirase a o tshasa bitumena le boka a bo a tsenya ngwana mo go one mme a o baya mo gare ga matlhaka fa lotshitshing lwa Noka ya Nile. 4 Mme kgaitsadie+ o ne a emela kgakajana go bona gore go tla direga eng ka ene.
5 Fa morwadia Faro a ne a tla go tlhapa mo Nile, batlhokomedi ba gagwe ba basadi ba ne ba tsamaya fa thoko ga Nile. Mme o ne a bona mmanki mo gare ga matlhaka. Ka yone nako eo, a roma lelata la gagwe gore le tle le one.+ 6 Fa a o bula o ne a bona ngwana, mme mosimane yoo o ne a lela. O ne a mo tlhomogela pelo, le fa gone a ne a re: “Yono ke mongwe wa bana ba Bahebera.” 7 Foo kgaitsadie a raya morwadia Faro a re: “A nka ya go go biletsa mosadi yo o anyisang mo basading ba Bahebera gore a go anyisetse ngwana yono le go go thusa go mo tlhokomela?” 8 Morwadia Faro a mo raya a re: “Tsamaya!” Ka yone nako eo, mosetsana yono o ne a tsamaya mme a bitsa mmaagwe ngwana.+ 9 Foo morwadia Faro a raya mmaagwe ngwana a re: “Tsaya ngwana yono o tsamaye ka ene mme o mo nkanyisetse o bo o mo ntlhokomelele, ke tla go duela.” Ka jalo, mosadi a tsaya ngwana a ya go mo anyisa le go mo tlhokomela. 10 Fa ngwana a gola o ne a mo isa kwa go morwadia Faro, mme a nna morwawe.+ O ne a mmitsa Moshe* a bo a re: “Ke ka gonne ke mo ntshitse mo metsing.”+
11 Mo metlheng eo, fa Moshe a setse a godile,* o ne a ya kwa go bomorwarraagwe gore a bone ditiro tse di boima tse ba neng ba di dira,+ mme a bona Moegepeto a itaya Mohebera, mongwe wa bomorwarraagwe. 12 Ka jalo, o ne a leba kwa le kwa mme e rile a sa bone ope, a bolaya Moegepeto a bo a mo fitlha mo motlhabeng.*+
13 O ne a tswa gape mo letsatsing le le latelang mme go ne go na le banna ba babedi ba Bahebera ba ba neng ba lwa. Ka jalo, a raya yo o neng a le phoso a re: “O iteelang morwarrago?”+ 14 Foo a mo raya a re: “Ke mang yo o go tlhomileng gore o nne kgosana le moatlhodi wa rona? A o batla go mpolaya jaaka o bolaile Moegepeto?”+ Jaanong Moshe a boifa mme a re: “Ruri kgang eno e a itsiwe!”
15 Faro o ne a utlwela ka kgang eno, mme o ne a batla go bolaya Moshe; Moshe o ne a tshaba a ya go nna kwa lefatsheng la Midiana,+ mme fa a fitlha koo, o ne a nna fa fatshe fa sedibeng. 16 Jaanong moperesiti wa kwa Midiana+ o ne a na le bana ba basetsana ba le supa, mme ba ne ba tla go ga metsi ba tlatsa mekoro e leruo le nwelang mo go yone gore ba nose letsomane la ga rraabone. 17 Mme jaaka gale, badisa ba ne ba tla ba bo ba ba leleka. Foo Moshe a ema a thusa* basadi bano mme a nosa letsomane la bone. 18 Fa ba boela gae kwa go Reuele*+ rraabone, o ne a gakgamala a re: “Ke ka ntlha yang fa lo tlile ka bonako jaana gompieno?” 19 Ba ne ba mo araba ba re: “Moegepeto+ mongwe o ne a re golola mo seatleng sa badisa e bile o ne a re gela metsi a bo a nosa le letsomane.” 20 O ne a raya bomorwadie a re: “Jaanong o kae? Ke ka ntlha yang fa lo tlogetse monna yoo kwa morago? Mmitseng, gore a tle go ja le rona.” 21 Morago ga moo, Moshe o ne a dumela go nna le Reuele, mme o ne a naya Moshe morwadie e bong Siphora+ gore a mo nyale. 22 Moragonyana o ne a tshola ngwana wa mosimane mme Moshe a mmitsa Gereshome,*+ ka gonne o ne a re, “Ke fetogile motswakwa mo lefatsheng le sele.”+
23 Morago ga lobaka lo loleele,* kgosi ya Egepeto e ne ya swa,+ mme Baiseraele ba ne ba tswelela ba le mo kutlobotlhokong ka ntlha ya bokgoba e bile ba ne ba lela ba ngongorega. Mme ba ne ba nna ba lelela kwa Modimong wa boammaaruri gore a ba thuse.+ 24 Fa nako e ntse e tsamaya, Modimo o ne a utlwa selelo sa bone sa kutlobotlhoko+ mme a gopola kgolagano e a e dirileng le Aborahame, Isake le Jakobe.+ 25 Ka jalo, Modimo o ne a leba Baiseraele; mme o ne a ela tlhoko boemo jo ba neng ba le mo go jone.
3 Moshe o ne a nna modisa wa letsomane la ga mogwegadiagwe e bong Jethero,+ moperesiti wa kwa Midiana. Fa a ntse a disitse letsomane kwa ntlheng e e kwa bophirima ya naga, o ne a goroga mo thabeng ya Modimo wa boammaaruri, mo Horeba.+ 2 Foo moengele wa ga Jehofa o ne a iponatsa mo go ene mo kgabong ya molelo mo gare ga setlhatshana se se mmitlwa.+ E rile a ntse a lebile, a bona gore setlhatshana seo se se mmitlwa se a tuka le fa go ntse jalo ga se she. 3 Ka jalo, Moshe o ne a re: “Mma ke ye go bona tiragalo eno e e gakgamatsang gore ke ka ntlha yang fa setlhatshana se se mmitlwa seno se sa she.” 4 E rile Jehofa a bona gore o fapogela kwa go sone gore a ye go se leba, o ne a mmitsa go tswa mo setlhatshaneng seo se se mmitlwa a re: “Moshe! Moshe!” mme ene a re: “Ke fano.” 5 Foo o ne a mo raya a re: “O se ka wa atamela fano. Rola ditlhako* ka gonne lefelo le o emeng mo go lone le boitshepo.”
6 O ne a tswelela a re: “Ke nna Modimo wa ga rrago, Modimo wa ga Aborahame,+ Modimo wa ga Isake+ le Modimo wa ga Jakobe.”+ Foo Moshe o ne a ikhurumetsa sefatlhego ka gonne a boifa go leba Modimo wa boammaaruri. 7 Jehofa o ne a oketsa a re: “Ruri ke bone pogisego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto e bile ke utlwile selelo sa bone ka ntlha ya batho ba ba ba pateletsang go dira; ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.+ 8 Ke tla fologa ke ya go ba golola mo seatleng sa Baegepeto+ ke bo ke ba ntsha mo lefatsheng leo ke ba isa kwa lefatsheng le le molemo le le le bulegileng, lefatshe le le elelang mashi le tswina ya dinotshe,+ lefatshe la Bakanana, Bahite, Baamore, Baperise, Bahife le Bajebuse.+ 9 Eleruri ke utlwile selelo sa Baiseraele, mme gape ke bone tsela e e setlhogo e Baegepeto ba ba gatelelang ka yone.+ 10 Jaanong tla, ke tla go roma kwa go Faro mme o tla ntsha batho ba me, Baiseraele kwa Egepeto.”+
11 Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a raya Modimo wa boammaaruri a re: “Nna ke mang gore ke ye kwa go Faro mme ke ntshe Baiseraele kwa Egepeto?” 12 Foo a mo raya a re: “Ke tla nna le wena,+ mme seno ke sesupo se o tla bonang ka sone gore ke nna ke go romileng: Fa o sena go ntsha batho bano kwa Egepeto, lo tla direla* Modimo wa boammaaruri mo thabeng eno.”+
13 Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a raya Modimo wa boammaaruri a re: “A re tseye gore ke ya kwa Baiseraeleng ke bo ke ba raya ke re, ‘Modimo wa borraalonamogolo o nthomile kwa go lona,’ ba bo ba nthaya ba re, ‘Leina la gagwe ke mang?’+ Ke ba reye ke reng?” 14 Ka jalo, Modimo o ne a raya Moshe a re: “Ke Tla Nna se ke Tlhophang* go Nna Sone.”*+ Mme o ne a oketsa ka go re: “O reye Baiseraele o re, ‘Ke Tla Nna o nthomile kwa go lona.’”+ 15 Gape Modimo o ne a raya Moshe a re:
“O reye Baiseraele o re, ‘Jehofa Modimo wa borraalonamogolo, Modimo wa ga Aborahame,+ Modimo wa ga Isake+ le Modimo wa ga Jakobe+ o nthomile kwa go lona.’ Leno ke leina la me ka bosakhutleng+ e bile eno ke tsela e ke tshwanetseng go gopolwa ka yone go tswa kokomaneng go ya kokomaneng. 16 Jaanong tsamaya, o phuthe bagolwane ba Iseraele mme o ba reye o re, ‘Jehofa Modimo wa borraalonamogolo o iponaditse mo go nna, Modimo wa ga Aborahame, Isake le Jakobe a bo a re: “Ke ntse ke lo etse tlhoko+ mme ke bone se lo se dirwang mo Egepeto. 17 Ka jalo, ke tla lo golola mo diatleng tsa Baegepeto ba ba lo bogisang+ mme ke tla lo isa kwa lefatsheng la Bakanana, Bahite, Baamore,+ Baperise, Bahife le Bajebuse,+ kwa lefatsheng le le elelang mashi le tswina ya dinotshe.”’+
18 “Ruri ba tla reetsa lentswe la gago+ mme wena le bagolwane ba Iseraele lo tla ya kwa kgosing ya Egepeto mme lo e reye lo re: ‘Jehofa, Modimo wa Bahebera+ o buile le rona. Tsweetswee, re letle re tsamaye loeto lwa malatsi a mararo re ye kwa nageng gore re ntshetse Jehofa, Modimo wa rona setlhabelo.’+ 19 Mme nna ke itse sentle gore kgosi ya Egepeto ga e kitla e lo naya tetla ya gore lo tsamaye ntle le fa seatla se se nonofileng se mo pateletsa go dira jalo.+ 20 Ka jalo, ke tla tshwanelwa ke go otlolola seatla sa me ke bo ke itaya Egepeto ka ditiro tsotlhe tsa me tse di gakgamatsang tse ke tla di dirang mo go yone, morago ga moo o tla lo lesa gore lo tsamaye.+ 21 Mme ke tla dira gore Baegepeto ba bontshe batho bano bopelonomi, mme fa lo tsamaya ga lo kitla lo tsamaya lo iphotlhere.+ 22 Mosadi mongwe le mongwe a kope moagelani wa gagwe le mosadi yo a nnang mo ntlong ya gagwe dilwana tsa selefera le tsa gauta mmogo le diaparo, mme lo tla di apesa bomorwaalona le bomorwadialona; mme lo tla gapela Baegepeto dikhumo tsa bone.”+
4 Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a araba jaana: “Mme a re tseye gore ga ba ntumele e bile ga ba reetse lentswe la me+ ka gonne ba tla re, ‘Jehofa ga a ka a iponatsa mo go wena.’” 2 Foo Jehofa a mo raya a re: “Ke eng seo se se mo seatleng sa gago?” Mme ene o ne a araba a re: “Ke thobane.” 3 Modimo o ne a re: “E latlhele fa fatshe.” Ka jalo, a e latlhela fa fatshe mme ya fetoga noga;+ mme Moshe a tshaba a tswa fa go yone. 4 Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ntsha seatla o e tshware ka mogatla.” Ka jalo, o ne a ntsha seatla a e tshwara mme ya fetoga thobane mo seatleng sa gagwe. 5 Go tswa foo, Modimo a re: “Seno ke sesupo sa gore ba tle ba dumele gore Jehofa Modimo wa borraabonemogolo, Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe,+ o iponaditse mo go wena.”+
6 Gape Jehofa o ne a mo raya a re: “Tsweetswee, tsenya seatla sa gago mo momenong o o fa godimo wa seaparo sa gago.” Ka jalo, a tsenya seatla sa gagwe mo momenong wa seaparo sa gagwe. E rile a se ntsha, seatla sa gagwe sa bo se iteilwe ke lepero se tshwana le kapoko!+ 7 Foo o ne a mo raya a re: “Busetsa seatla sa gago mo momenong o o fa godimo wa seaparo sa gago.” Ka jalo, a busetsa seatla sa gagwe mo seaparong sa gagwe. Fa a se ntsha mo seaparong, se ne se tshwana gape le nama yotlhe ya gagwe! 8 O ne a re: “Fa ba sa go dumele e bile ba sa dumele sesupo sa ntlha, ruri ba tla dumela sesupo sa bobedi.+ 9 Mo godimo ga moo, tota le fa ba ka se dumele ditshupo tse pedi tseno e bile ba gana go reetsa lentswe la gago, o tla tsaya metsinyana mo Nokeng ya Nile o bo o a tshololela mo mmung o o omileng, mme metsi a o tla a tsayang mo Nile a tla fetoga madi mo mmung o o omileng.”+
10 Jaanong Moshe o ne a raya Jehofa a re: “Intshwarele Jehofa, ga ke ise nke ke kgone go bua ka thelelo, le fa e le mo nakong e e fetileng kgotsa fa e sa le o bua le motlhanka wa gago, ka gonne ke bua ka bonya* e bile ke loleme lo bonya.”+ 11 Jehofa o ne a mo raya a re: “Ke mang yo o diretseng motho molomo kgotsa ke mang yo o dirang gore a nne semumu, a nne susu, a bone sentle kgotsa a nne sefofu? A ga se nna, Jehofa? 12 Jaanong tsamaya, mme ke tla nna le wena fa o ntse o bua* e bile ke tla go ruta se o tshwanetseng go se bua.”+ 13 Mme ene a re: “Tsweetswee, intshwarele Jehofa, roma mongwe o sele yo o batlang go mo roma.” 14 Foo Jehofa a galefela Moshe mme a re: “Gakere mogoloo Arone+ wa Molefi o teng? Ke a itse gore o kgona go bua sentle. Mme jaanong o mo tseleng o tla go go kgatlhantsha. Fa a go bona, o tla itumela.+ 15 Ka jalo, o bue le ene mme o mmolelele se a tshwanetseng go se bua,+ mme ke tla nna le lona fa lo ntse lo bua+ e bile ke tla lo ruta se lo tshwanetseng go se dira. 16 Arone o tla bua le batho mo boemong jwa gago e bile o tla nna mmueledi wa gago, mme wena o tla nna jaaka Modimo mo go ene.*+ 17 O tseye thobane eno e e mo seatleng sa gago mme o dire ditshupo ka yone.”+
18 Ka jalo, Moshe o ne a boela kwa go Jethero mogwegadiagwe+ mme a mo raya a re: “Tsweetswee, ke batla go boela kwa go bomorwarre ba ba kwa Egepeto gore ke ye go bona gore a ba sa ntse ba tshela.” Jethero o ne a raya Moshe a re: “Tsamaya ka kagiso.” 19 Morago ga moo, Jehofa o ne a raya Moshe a le kwa Midiana a re: “Tsamaya, boela kwa Egepeto ka gonne batho botlhe ba ba neng ba batla go go bolaya ba sule.”+
20 Foo Moshe o ne a tsaya mosadi wa gagwe le bomorwawe a ba pega mo tonking mme a boela kwa lefatsheng la Egepeto. Mo godimo ga moo, Moshe o ne a tsaya thobane e Modimo wa boammaaruri a neng a mo laetse gore a e tseye. 21 Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Fa o sena go boela kwa Egepeto, o tlhomamise gore o dira dikgakgamatso tsotlhe tse ke go neileng maatla a gore o di dire, fa pele ga ga Faro.+ Mme gone ke tla letla pelo ya gagwe gore e thatafale,+ ka jalo ga a kitla a letla batho gore ba tsamaye.+ 22 O reye Faro o re, ‘Jehofa a re: “Iseraele ke morwaake, leitibolo la me.+ 23 Ke go raya ke re, Lesa morwaake a tsamaye gore a ye go ntirela. Mme fa o gana go mo lesa a tsamaya, ke tlile go bolaya morwao, leitibolo la gago.”’”+
24 Jaanong fa a ne a le mo tseleng kwa lefelong le ba neng ba letse kwa go lone, Jehofa+ o ne a kopana le ene mme o ne a batla go mmolaya.+ 25 La bofelo Siphora+ o ne a tsaya leje* a rupisa morwawe mme a dira gore letlalo la gagwe la bonna le ame dinao tsa gagwe a bo a re: “Ke ka gonne o monyadi wa madi mo go nna.” 26 Ka jalo, Modimo o ne a mo lesa gore a tsamaye. Ka yone nako eo Siphora a re, “ke monyadi wa madi,” ka ntlha ya go rupa.
27 Foo Jehofa o ne a raya Arone a re: “Tsamaya o ye go kgatlhantsha Moshe kwa nageng.”+ Ka jalo, o ne a tsamaya mme a mo kgatlhantsha mo thabeng ya Modimo wa boammaaruri+ a bo a mo dumedisa mme a mo suna. 28 Moshe o ne a bolelela Arone mafoko otlhe a ga Jehofa, yo a neng a mo romile,+ le ditshupo tsotlhe tse a neng a mo laetse gore a di dire.+ 29 Morago ga moo, Moshe le Arone ba tsamaya mme ba phutha bagolwane botlhe ba Baiseraele.+ 30 Arone o ne a bolelela batho mafoko otlhe a Jehofa a neng a a buile le Moshe a bo a dira ditshupo tseo+ ba mo lebile. 31 Ka jalo, batho ba ne ba mo dumela.+ E rile ba utlwa gore Jehofa o ne a gopotse Baiseraele+ le gore o ne a bone go boga ga bone,+ ba ne ba ikoba mme ba obama.
5 Morago ga moo, Moshe le Arone ba ne ba tsena kwa go Faro mme ba mo raya ba re: “Jehofa, Modimo wa Iseraele a re, ‘Lesa batho ba me gore ba ye go ntirela moletlo kwa nageng.’” 2 Mme Faro a ba raya a re: “Jehofa+ ke mang gore ke utlwe lentswe la gagwe mme ke lese Baiseraele gore ba tsamaye?+ Ga ke itse Jehofa gotlhelele e bile mo godimo ga moo, ga nkitla ke letla Baiseraele gore ba tsamaye.”+ 3 Mme ba ne ba re: “Modimo wa Bahebera o buile le rona. Tsweetswee, re batla go tsaya loeto lwa malatsi a le mararo re ye kwa nageng mme re ntshetse Jehofa, Modimo wa rona setlhabelo;+ go seng jalo o tla re otlhaya ka bolwetse kgotsa ka tšhaka.” 4 Kgosi ya Egepeto e ne ya ba araba ya re: “Ke ka ntlha yang fa wena Moshe le Arone lo tlogedisa batho tiro ya bone? Boelang kwa tirong* ya lona!”+ 5 Mme Faro a tswelela a re: “Bonang gore batho ba lona ba bantsi jang, mme lo tla dira gore ba tlogele tiro ya bone.”
6 Mo go lone letsatsi leo, Faro o ne a laela baokamedi ba tiro le balebedi ba bone jaana: 7 “Lo se ka lwa tlhola lo naya batho bano lotlhaka gore ba dire ditena.+ A ba ye go iphuthela lotlhaka. 8 Mme lo tswelele lo batla selekanyo sa ditena se ba neng ba ntse ba se dira pele. Lo se ka lwa se fokotsa ka gonne ba iketlile.* Ke gone ka moo ba goang ba re, ‘Re batla go tsamaya, re batla go ntshetsa Modimo wa rona setlhabelo!’ 9 Dirang gore ba bereke thata mme lo dire gore ba nne ba tshwaregile gore ba se ka ba reetsa maaka.”
10 Ka jalo, baokamedi ba tiro+ le balebedi ba ne ba tswa mme ba raya batho ba re: “Faro o buile jaana, ‘Ga ke tlhole ke lo naya lotlhaka. 11 Tsamayang lo ye go ipatlela lotlhaka gongwe le gongwe kwa lo ka lo bonang teng, mme gone tiro ya lona ga e kitla e fokodiwa.’” 12 Go tswa foo, batho ba ne ba gasama mo lefatsheng lotlhe la Egepeto gore ba phuthe lotlhaka mo masimong a a setseng a robilwe.* 13 Mme baokamedi ba tiro ba nna ba ba raya ba re: “Letsatsi le letsatsi, mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse go fetsa tiro ya gagwe fela jaaka fa lo ne lo newa lotlhaka.” 14 Balebedi ba Baiseraele, ba ba neng ba tlhomilwe ke baokamedi ba tiro ba ga Faro gore ba okamele Baiseraele, ba ne ba itewa.+ Ba ne ba bodiwa jaana: “Ke ka ntlha yang fa lo sa fitlhelela selekanyo sa ditena se lo tlholang lo se dira? Seno se diragetse maabane le gompieno.”
15 Ka jalo, balebedi ba Baiseraele ba ne ba ya kwa go Faro mme ba ngongorega ba re: “Ke ka ntlha yang fa o tshwara batlhanka ba gago ka tsela eno? 16 Rona batlhanka ba gago, ga re newe lotlhaka le fa go ntse jalo baokamedi ba tiro ba re raya ba re, ‘Dirang ditena!’ Rona batlhanka ba gago, re a itewa le fa gone batho ba gago e le bone ba ba molato.” 17 Faro o ne a ba raya a re: “Lo iketlile,* lo iketlile!*+ Ke gone ka moo lo reng, ‘Re batla go tsamaya, re batla go ntshetsa Jehofa setlhabelo.’+ 18 Jaanong tsamayang, boelang kwa tirong! Ga lo kitla lo newa lotlhaka, mme gone lo tshwanetse go dira selekanyo sa ditena se se batlegang.”
19 Foo balebedi ba Baiseraele ba ne ba lemoga gore ba lebane le bothata jo bogolo ka ntlha ya taelo eno: “Lo se ka lwa fokotsa selekanyo sa lona sa ditena se lo se dirang letsatsi le letsatsi.” 20 Morago ga moo, balebedi bao ba ne ba kopana le Moshe le Arone, ba ba neng ba ba emetse gore ba ba kgatlhantshe fa ba tswa kwa go Faro. 21 Gone fela foo, ba ne ba ba raya ba re: “E kete Jehofa a ka bona se lo se dirileng a bo a lo atlhola, ka gonne lo dirile gore Faro le batlhanka ba gagwe ba re nyatse* e bile lo tsentse tšhaka mo diatleng tsa bone gore ba re bolaye.”+ 22 Foo Moshe a bua le Jehofa a re: “Jehofa, ke ka ntlha yang fa o bogisitse batho bano? Ke ka ntlha yang fa o nthomile? 23 Go tloga ka nako e ke neng ka ya go bua le Faro ka yone mo leineng la gago,+ Faro o diretse batho bano bosula le go feta,+ mme wena ga o a golola batho ba gago.”+
6 Ka jalo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Jaanong o tla bona se ke tla se dirang Faro.+ Seatla sa me se se nonofileng se tla mo pateletsa gore a ba lese ba tsamaye, e bile seatla sa me se se nonofileng se tla mo pateletsa gore a ba ntshe mo lefatsheng la gagwe.”+
2 Go tswa foo, Modimo o ne a raya Moshe a re: “Ke nna Jehofa. 3 Mme ke ne ke tle ke iponatse kwa go Aborahame, Isake le Jakobe ke le Modimo Mothatayotlhe,+ mme ga ke a ka ka ba itsise leina la me, Jehofa.+ 4 Gape ke ne ka dira kgolagano le bone ya gore ke tla ba naya lefatshe la Kanana, lefatshe le ba neng ba nna mo go lone e le batswakwa.+ 5 Jaanong ke utlwile selelo sa kutlobotlhoko sa batho ba Iseraele, ba Baegepeto ba ba dirileng makgoba, mme ke gakologelwa kgolagano ya me.+
6 “Ka jalo raya Baiseraele o re: ‘Ke nna Jehofa, mme ke tla lo ntsha mo tirong e e boima ya Baegepeto ke bo ke lo golola mo bokgobeng jwa bone,+ e bile ke tla lo namola ka lebogo le le otlolotsweng* le ka dikatlholo tse dikgolo.+ 7 Ke tla lo tsaya gore lo nne setšhaba sa me, mme ke tla nna Modimo wa lona,+ ruri lo tla itse gore ke nna Jehofa, Modimo wa lona yo o lo ntshang mo kgatelelong ya Egepeto. 8 Mme ke tla lo tlisa mo lefatsheng le ke neng ka ikana* gore ke tla le naya Aborahame, Isake le Jakobe; mme ke tla le lo naya gore e nne la lona.+ Ke nna Jehofa.’”+
9 Moragonyana Moshe o ne a bolelela Baiseraele molaetsa ono, mme ba ne ba se ka ba mo reetsa ka gonne ba ne ba kgobegile marapo le ka gonne ba ne ba tshwerwe setlhogo e le makgoba.+
10 Foo Jehofa o ne a bua le Moshe, a re: 11 “Ya kwa go Faro, kgosi ya Egepeto, o mmolelele gore a lese Baiseraele ba tswe mo lefatsheng la gagwe.” 12 Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a araba Jehofa a re: “Baiseraele ga ba a ntheetsa;+ Faro o tla ntheetsa jang e re ka ke sa kgone go bua sentle?”+ 13 Gape Jehofa o ne a bolelela Moshe le Arone ditaelo tse ba tshwanetseng go di bolelela Baiseraele le Faro, kgosi ya Egepeto, gore a ntshe Baiseraele mo lefatsheng la Egepeto.
14 Bano ke ditlhogo tsa malapa a bone: Bomorwa Rubene, leitibolo la ga Iseraele,+ e ne e le Hanoke, Palu, Heserone le Karami.+ Ano ke malapa a ga Rubene.
15 Bomorwa Simeone e ne e le Jemuele, Jamine, Ohade, Jakine, Sohare le Shaulo morwa mosadi wa Mokanana.+ Ano ke malapa a ga Simeone.
16 Ano ke maina a bomorwa Lefi+ go ya ka malapa a bone: Gereshone, Kohathe le Merari.+ Lefi o ne a tshela dingwaga di le 137.
17 Bomorwa Gereshone e ne e le Libeni le Shimei, go ya ka malapa a bone.+
18 Bomorwa Kohathe e ne e le Amerame, Isehare, Heberone le Usiele.+ Kohathe o ne a tshela dingwaga di le 133.
19 Bomorwa Merari e ne e le Maheli le Mushi.
Ano e ne e le malapa a Balefi, go ya ka tatelano ya malapa a bone.+
20 Jaanong Amerame o ne a nyala Jokebede, kgaitsadie rraagwe.+ Jokebede o ne a mo tsholela Arone le Moshe.+ Amerame o ne a tshela dingwaga di le 137.
21 Bomorwa Isehare e ne e le Kora,+ Nefege le Sikeri.
22 Bomorwa Usiele e ne e le Mishaele, Elisafane+ le Sitheri.
23 Jaanong Arone o ne a nyala Elisheba, morwadia Aminadabe, kgaitsadie Nashone.+ O ne a mo tsholela Nadabe, Abihu, Eliasare le Ithamare.+
24 Bomorwa Kora e ne e le Asire, Elekana le Abiasafe.+ Ano e ne e le malapa a Bakora.+
25 Eliasare,+ morwa Arone, o ne a nyala mongwe wa bomorwadia Putiele. O ne a mo tsholela Finease.+
Bano ke ditlhogo tsa dikgotla tsa Balefi go ya ka malapa a bone.+
26 Bano ke Arone le Moshe ba Jehofa a neng a ba raya a re: “Ntshang batho ba Iseraele mo lefatsheng la Egepeto go ya ka mephato ya bone.”*+ 27 Moshe le Arone+ ke bone ba ba neng ba bua le Faro, kgosi ya Egepeto, gore a ntshe batho ba Iseraele mo Egepeto.
28 Mo letsatsing leo, fa Jehofa a ne a bua le Moshe mo lefatsheng la Egepeto, 29 Jehofa o ne a raya Moshe, a re: “Ke nna Jehofa. Bolelela Faro, kgosi ya Egepeto, sengwe le sengwe se ke se buang le wena.” 30 Foo Moshe a bua jaana fa pele ga ga Jehofa: “Ga ke kgone go bua sentle, ka jalo Faro o tla ntheetsa jang?”+
7 Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Bona, ke dirile gore o nne jaaka Modimo* mo go Faro, mme Arone mogoloo o tla nna moporofeti wa gago.+ 2 O mmolelele sengwe le sengwe se ke tla se go laelang, mme Arone o tla bua le Faro, mme o tla lesa Baiseraele gore ba tsamaye ba tswe mo lefatsheng la gagwe. 3 Mme nna, ke tla letla pelo ya ga Faro gore e thatafale,+ e bile ke tla dira ditshupo le dikgakgamatso di le dintsi mo lefatsheng la Egepeto.+ 4 Le fa go ntse jalo, Faro ga a kitla a lo reetsa, mme ke tla baya Egepeto seatla ke bo ke ntsha boidiidi jwa me,* batho ba me, Baiseraele, mo lefatsheng la Egepeto ka dikatlholo tse dikgolo.+ 5 Mme Baegepeto ba tla itse gore ruri ke nna Jehofa+ fa ke otlololela Egepeto seatla sa me ke bo ke ntsha Baiseraele mo gare ga bone.” 6 Moshe le Arone ba ne ba dira fela jaaka Jehofa a ba laetse; ba ne ba dira fela jalo. 7 Moshe o ne a na le dingwaga di le 80 mme Arone ene a na le dingwaga di le 83 fa ba ne ba bua le Faro.+
8 Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe le Arone a re: 9 “Fa Faro a lo raya a re, ‘Dirang kgakgamatso,’ o reye Arone o re, ‘Tsaya thobane ya gago o e latlhele fa fatshe fa pele ga ga Faro.’ E tla fetoga noga e kgolo.”+ 10 Ka jalo, Moshe le Arone ba ne ba ya kwa go Faro mme ba dira fela jaaka Jehofa a ba laetse. Arone o ne a latlhela thobane ya gagwe fa fatshe fa pele ga ga Faro le batlhanka ba gagwe, mme e ne ya fetoga noga e kgolo. 11 Le fa go ntse jalo, Faro o ne a laela gore go bidiwe banna ba ba botlhale le baloi, mme baperesiti ba Egepeto+ ba ba dirang maselamose le bone ba ne ba dira se se tshwanang ba dirisa maselamose.*+ 12 Mongwe le mongwe wa bone o ne a latlhela thobane ya gagwe fa fatshe mme tsa fetoga dinoga tse dikgolo; thobane ya ga Arone e ne ya kometsa dithobane tsa bone. 13 Le fa go ntse jalo, pelo ya ga Faro e ne ya thatafala+ mme a se ka a ba reetsa, fela jaaka Jehofa a ne a buile.
14 Foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Pelo ya ga Faro e kgwaraletse.+ O ganne go lesa batho ba tsamaya. 15 Kamoso mo mosong o ye kwa go Faro. O tla bo a ya kwa metsing! Mme wena o eme fa losing lwa Noka ya Nile gore o tle o kopane le ene; o tsamaye o tshotse thobane e e neng ya fetoga noga.+ 16 Mme o mo reye o re, ‘Jehofa, Modimo wa Bahebera o nthomile kwa go wena,+ a re: “Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba ye go ntirela kwa nageng,” mme ga o ise o ikobe go tla go fitlha jaanong. 17 Jehofa a re: “O tla itse ka seno gore ke nna Jehofa.+ Ke itaya metsi a a mo Nokeng ya Nile ka thobane ya me, mme a tla fetoga madi. 18 Ditlhapi tse di mo Nile di tla swa e bile Nile e tla nkga sebodu, mme Baegepeto ga ba kitla ba kgona go nwa metsi a a tswang mo Nile.”’”
19 Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Raya Arone o re, ‘Tsaya thobane ya gago o otlololele seatla sa gago mo godimo ga metsi otlhe a Egepeto,+ mo dinokeng tsa bone, mo meseleng ya bone,* mo megobeng ya bone+ le fa metsi a emang teng, gore a fetoge madi.’ Go tla nna le madi mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, tota le mo dikgamelong tsa logong le tsa leje.” 20 Ka yone nako eo, Moshe le Arone ba ne ba dira fela jaaka Jehofa a ba laetse. Arone o ne a tsholetsa thobane a itaya metsi a a neng a le mo Nokeng ya Nile Faro le batlhanka ba gagwe ba mo lebile, mme metsi otlhe a a neng a le mo nokeng a fetoga madi.+ 21 Ditlhapi tse di neng di le mo nokeng di ne tsa swa,+ mme noka ya simolola go nkga sebodu mo Baegepeto ba neng ba palelwa ke go nwa metsi a a tswang mo Nile,+ mme go ne go na le madi mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.
22 Le fa go ntse jalo, baperesiti ba Egepeto ba ba dirang maselamose ba ne ba dirisa bokgoni jwa bone jwa sephiri go dira se se tshwanang,+ mo pelo ya ga Faro e neng ya tswelela e thatafetse, mme a se ka a ba reetsa, fela jaaka Jehofa a ne a buile.+ 23 Ka jalo, Faro o ne a boela kwa ntlong ya gagwe, mme o ne a se ka a isa seno tlhogong. 24 Baegepeto botlhe ba ne ba epa go dikologa Nile ba batla metsi a go nwa ka gonne ba ne ba sa kgone go nwa metsi ape a Nile. 25 Fa Jehofa a sena go itaya Nile, go ne ga feta malatsi a le supa a a tletseng.
8 Foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ya kwa go Faro mme o mo reye o re, ‘Jehofa a re: “Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba ye go ntirela.+ 2 Fa o nna o gana go ba lesa ba tsamaya, ke tla tlisa petso ya digwagwa mo nageng yotlhe ya gago.+ 3 Noka ya Nile e tla tlala digwagwa mme di tla tswa di bo di tsena mo ntlong ya gago, mo phaposing e o robalang mo go yone, mo bolaong jwa gago le mo matlong a batlhanka ba gago le mo bathong ba gago, mo diontong* tsa gago le mo dikotleleng tse lo dubelang mo go tsone.+ 4 Digwagwa tseno di tla tla mo go wena, mo bathong ba gago le mo batlhankeng botlhe ba gago.”’”
5 Moragonyana Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Raya Arone o re, ‘Tsaya thobane ya gago o otlololele seatla sa gago mo godimo ga dinoka, mesele ya Nile le megobe mme o dire gore digwagwa di tswele mo lefatsheng la Egepeto.’” 6 Ka jalo, Arone o ne a otlololela seatla sa gagwe mo godimo ga metsi a Egepeto, mme digwagwa di ne tsa simolola go tswa mme tsa tlala mo lefatsheng la Egepeto. 7 Le fa go ntse jalo, baperesiti ba ba dirang maselamose ba ne ba dirisa bokgoni jwa bone jwa sephiri go dira se se tshwanang, mme le bone ba ne ba dira gore digwagwa di tswele mo lefatsheng la Egepeto.+ 8 Go tswa foo, Faro o ne a bitsa Moshe le Arone mme a ba raya a re: “Rapelang Jehofa gore a tlose digwagwa mo go nna le mo bathong ba me,+ ka gonne ke batla go lesa Baiseraele gore ba tsamaye ba ye go ntshetsa Jehofa setlhabelo.” 9 Moshe o ne a raya Faro a re: “Ke go naya tlotla ya gore o mpolelele gore ke rapele leng gore digwagwa di tlosiwe mo go wena, mo batlhankeng ba gago, mo bathong ba gago le mo matlong a lona. Di tla sala fela mo Nokeng ya Nile.” 10 Foo Faro a mo raya a re: “Kamoso.” Ka jalo, Moshe a re: “Go tla nna jaaka o buile, gore o tle o itse gore ga go ope yo o tshwanang le Jehofa, Modimo wa rona.+ 11 Digwagwa di tla tlosiwa mo go wena, mo matlong a gago, mo batlhankeng ba gago le mo bathong ba gago. Di tla sala fela mo Nile.”+
12 Ka jalo, Moshe le Arone ba ne ba tswa fa go Faro, mme Moshe a rapela Jehofa ka ntlha ya digwagwa tse Modimo a neng a di tliseditse Faro.+ 13 Foo Jehofa o ne a dira jaaka Moshe a mo kopile, mme digwagwa tsa simolola go swa mo matlong, mo malwapeng le mo masimong. 14 Ba ne ba di kokoanya tsa nna mekoa e mentsintsi, mme lefatshe la simolola go nkga sebodu. 15 E rile Faro a bona gore ba golotswe, a thatafatsa pelo ya gagwe+ mme a gana go ba reetsa, fela jaaka Jehofa a ne a buile.
16 Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Raya Arone o re, ‘Otlolola thobane ya gago o iteye lorole lwa lefatshe, mme lo tla fetoga mentsana mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.’” 17 Ba ne ba dira jalo. Arone o ne a tsholetsa seatla sa gagwe a tshwere thobane ya gagwe mme a itaya lorole lwa lefatshe, mme mentsana ya tla mo bathong le mo diphologolong. Lorole lotlhe lwa lefatshe lo ne lwa fetoga mentsana mo nageng yotlhe ya Egepeto.+ 18 Baperesiti ba ba dirang maselamose ba ne ba leka go dira se se tshwanang ba dirisa bokgoni jwa bone jwa sephiri gore go nne le mentsana,+ mme ba ne ba se ka ba kgona. Mentsana eno e ne ya tla mo bathong le mo diphologolong. 19 Ka jalo, baperesiti ba ba dirang maselamose ba ne ba raya Faro ba re: “Ke monwana wa Modimo!”+ Le fa go ntse jalo, pelo ya ga Faro e ne ya tswelela e thatafetse mme a se ka a ba reetsa, fela jaaka Jehofa a ne a buile.
20 Foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “O tsoge phakela thata mme o ye go kopana le Faro. O tla bo a ya kwa nokeng! Mme o mo reye o re, ‘Jehofa o buile jaana: “Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba ye go ntirela. 21 Mme fa o sa lese batho ba me ba tsamaya, ke tla romela diboba* mo go wena, mo batlhankeng ba gago, mo bathong ba gago le mo matlong a lona; mme matlo a Egepeto a tla tlala diboba e bile di tla tlala mo lefatsheng le ba* leng mo go lone. 22 Mo letsatsing leo, ruri ke tla tlhaola naga ya Goshene e batho ba me ba nnang mo go yone. Ga go kitla go nna le diboba mo go yone+ mme o tla itse ka seno gore nna, Jehofa, ke mo lefatsheng leno.+ 23 Mme ruri ke tla dira gore go nne le pharologanyo fa gare ga batho ba me le batho ba gago. Sesupo seno se tla direga kamoso.”’”
24 Jehofa o ne a dira jalo, mme ditlhopha tse dikgolo tsa diboba di ne tsa simolola go tlhasela mo ntlong ya ga Faro le mo matlong a batlhanka ba gagwe le mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.+ Lefatshe le ne la senngwa ke diboba.+ 25 La bofelo Faro a bitsa Moshe le Arone mme a ba raya a re: “Tsamayang, lo ye go ntshetsa Modimo wa lona setlhabelo mo lefatsheng leno.” 26 Mme Moshe o ne a mo raya a re: “Ga go a siama go dira jalo ka gonne se re tla se ntshetsang Jehofa, Modimo wa rona setlhabelo e tla nna selo se se makgapha mo Baegepetong.+ Fa re ka dira setlhabelo se se makgapha fa pele ga Baegepeto, a ga ba kitla ba re kgobotletsa ka maje? 27 Re tla tsaya loeto lwa malatsi a le mararo re ya kwa nageng mme re tla ntshetsa Jehofa, Modimo wa rona setlhabelo koo, fela jaaka a re laetse.”+
28 Jaanong Faro o ne a re: “Ke tla lo lesa lo tsamaya gore lo ye go ntshetsa Jehofa, Modimo wa lona setlhabelo kwa nageng. Mme lo se ka lwa tsamaela kgakala thata. Lo nthapelele.”+ 29 Foo Moshe a re: “Jaanong ke a tsamaya mme ke tla rapela Jehofa, mme kamoso diboba di tla tlosiwa mo go Faro, mo batlhankeng ba gagwe le mo bathong ba gagwe. Mme gone, a Faro a tlogele go re tsietsa* ka go gana go lesa batho ba ya go ntshetsa Jehofa setlhabelo.”+ 30 Go tswa foo, Moshe o ne a tswa mo go Faro mme a rapela Jehofa.+ 31 Ka jalo, Jehofa o ne a dira jaaka Moshe a mo kopile mme diboba tsa tlosiwa mo go Faro, mo batlhankeng ba gagwe le mo bathong ba gagwe. Go ne ga se ka ga sala seboba sepe. 32 Le fa go ntse jalo, Faro o ne a thatafatsa pelo ya gagwe gape mme a se ka a lesa batho gore ba tsamaye.
9 Ka jalo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ya kwa go Faro mme o mo reye o re, ‘Jehofa, Modimo wa Bahebera o buile jaana: “Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba ye go ntirela.+ 2 Fa o gana go ba lesa ba tsamaya mme o nna o ba tshwere, 3 seatla sa ga Jehofa+ se tla tla mo diruiweng tsa gago kwa nageng. Petso e kgolo+ e tla itaya dipitse, ditonki, dikamela, motlhape le letsomane. 4 Mme Jehofa o tla dira gore go nne le pharologanyo fa gare ga diruiwa tsa Iseraele le diruiwa tsa Egepeto, mme ga go na seruiwa sepe sa Baiseraele se se tla swang.”’”+ 5 Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a baya nako e e tlhomameng, a re: “Kamoso nna Jehofa ke tla dira seno mo lefatsheng leno.”
6 Jehofa o ne a dira seo mo letsatsing le le latelang, mme diruiwa tsa mefuta yotlhe tsa Egepeto tsa simolola go swa,+ mme ga go na seruiwa sepe sa Baiseraele se se neng sa swa. 7 Fa Faro a botsa ka gone, o ne a bolelelwa gore ga go na seruiwa sepe sa Baiseraele se se suleng. Le fa go ntse jalo, pelo ya ga Faro e ne ya tswelela e kgwaraletse, mme a se ka a lesa batho gore ba tsamaye.+
8 Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe le Arone a re: “Tlatsang molora wa leiso* mo diatleng tsa lona, mme Moshe a o gasetse mo phefong fa pele ga ga Faro. 9 Mme o tla fetoga lorole mo lefatsheng lotlhe la Egepeto o bo o fetoga mathopa* a a nang le boladu mo bathong le mo diphologolong mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.”
10 Ka jalo, ba ne ba tsaya molora wa leiso* mme ba ema fa pele ga ga Faro, Moshe o ne a o gasetsa mo phefong mme wa fetoga mathopa a a nang le boladu a a neng a tswa batho le diphologolo. 11 Baperesiti ba ba dirang maselamose ba ne ba sa kgone go ema fa pele ga ga Moshe ka ntlha ya mathopa, ka gonne a ne a dule baperesiti ba ba dirang maselamose le Baegepeto botlhe.+ 12 Mme Jehofa o ne a letla pelo ya ga Faro gore e thatafale, mme a se ka a ba reetsa, fela jaaka Jehofa a ne a boleletse Moshe.+
13 Foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “O tsoge phakela thata mme o ye go ema fa pele ga ga Faro, o mo reye o re, ‘Jehofa, Modimo wa Bahebera o buile jaana: “Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba ye go ntirela. 14 Gone jaanong ke tlisa dipetso tsa me tsotlhe gore ke iteye pelo ya gago, batlhanka ba gago le batho ba gago, gore o tle o itse gore ga go na ope yo o tshwanang le nna mo lefatsheng lotlhe.+ 15 Nkabo ke setse ke ntshitse seatla sa me gore ke iteye wena le batho ba gago ka petso e kgolo mme o ka bo o nyeleditswe* mo lefatsheng. 16 Mme ke go tlogetse gore o tswelele o tshela ka lebaka leno: gore ke go bontshe maatla a me le gore leina la me le bolelwe mo lefatsheng lotlhe.+ 17 A o sa ntse o ikgogomosetsa batho ba me ka go sa ba lese ba tsamaya? 18 Kamoso mo e ka nnang ka nako eno, ke tla nesa sefako se segolo thata, se se iseng se ke se nne teng mo Egepeto go tloga ka letsatsi le e neng ya thaiwa ka lone go fitlha jaanong. 19 Ka jalo, laela gore diruiwa tsotlhe tsa gago le dilo tsotlhe tsa gago tse di kwa nageng di tlisiwe mo mafelong a a sireletsegileng. Motho mongwe le mongwe le phologolo nngwe le nngwe e e tla fitlhelwang kwa nageng e bile e sa tsenngwa mo ntlong, di tla bolawa ke sefako.”’”
20 Mongwe le mongwe mo batlhankeng ba ga Faro yo o neng a boifa lefoko la ga Jehofa, o ne a itlhaganela a tlisa batlhanka ba gagwe le diruiwa tsa gagwe mo matlong, 21 mme ope fela yo o neng a se ka a reetsa lefoko la ga Jehofa, o ne a tlogela batlhanka ba gagwe le diruiwa tsa gagwe kwa nageng.
22 Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Otlololela seatla sa gago kwa magodimong gore sefako se tle mo lefatsheng lotlhe la Egepeto,+ mo bathong le mo diphologolong le mo dimeleng tsotlhe tsa naga mo lefatsheng la Egepeto.”+ 23 Ka jalo, Moshe o ne a otlololela thobane ya gagwe kwa magodimong mme Jehofa a tlisa ditumo tsa maru le sefako e bile molelo* o ne wa fologela mo lefatsheng, mme Jehofa a nna a nesa sefako mo lefatsheng la Egepeto. 24 Go ne go na le sefako mme molelo o ne o benya fa gare ga sefako seo. Se ne se le segolo thata; go ne go ise go ke go nne le sefako se se tshwanang le sone mo lefatsheng fa e sa le Egepeto e nna setšhaba.+ 25 Sefako seo se ne sa itaya sengwe le sengwe kwa nageng mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, go simolola ka batho go fitlha ka diphologolo e bile se ne sa itaya dimela tsotlhe mme sa tšhwetlakanya ditlhare tsotlhe tsa naga.+ 26 Ke kwa nageng ya Goshene fela, kwa Baiseraele ba neng ba nna gone, kwa go neng go se na sefako.+
27 Ka jalo, Faro o ne a laela gore Moshe le Arone ba bidiwe mme a ba raya a re: “Mo nakong eno ke leofile. Jehofa o siame mme nna le batho ba me re phoso. 28 Rapelang Jehofa gore ditumo tseno tsa maru le sefako tse a re tliseditseng tsone di kgaotse. Foo ke tla lo lesa gore lo tsamaye, mme lo ka se tlhole lo tswelela lo nna fano.” 29 Ka jalo, Moshe o ne a mo raya a re: “Fela fa ke tswa mo motseng, ke tla otlololela diatla tsa me fa pele ga ga Jehofa. Ditumo tsa maru di tla ema le sefako se tla kgaotsa, gore o tle o itse gore lefatshe ke la ga Jehofa.+ 30 Mme ke a itse gore tota le ka nako eo, wena le batlhanka ba gago ga lo kitla lo boifa Jehofa Modimo.”
31 Jaanong semela sa leloba* le barele* di ne di senyegile ka gonne barele e ne e setse e siametse go robiwa le semela sa leloba se ne se ntshitse malômô.* 32 Le fa go ntse jalo, korong le korong e e tlhabang di ne di sa senyega ka gonne e ne e le dijalo tsa morago.* 33 Moshe o ne a tswa mo motseng mo go Faro mme a otlololela diatla tsa gagwe fa pele ga ga Jehofa, mme ditumo tsa maru le sefako di ne tsa ema le pula ya kgaotsa mo lefatsheng.+ 34 E rile Faro a bona gore pula, sefako le ditumo tsa maru di kgaoditse, o ne a leofa gape a bo a thatafatsa pelo ya gagwe,+ ene mmogo le batlhanka ba gagwe. 35 Pelo ya ga Faro e ne ya tswelela e thatafetse, mme a se ka a lesa Baiseraele gore ba tsamaye, fela jaaka Jehofa a ne a buile ka Moshe.+
10 Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ya kwa go Faro ka gonne ke letlile pelo ya gagwe le dipelo tsa batlhanka ba gagwe gore di kgwaralale,+ gore ke tle ke dire ditshupo tseno tsa me fa pele ga gagwe,+ 2 le gore o tle o bolelele bomorwao le barwa ba bomorwao kafa ke ileng ka dirisana le Egepeto ka bosetlhogo ka gone le ka ditshupo tse ke neng ka di dira mo gare ga bone;+ mme ruri lo tla itse gore ke nna Jehofa.”
3 Ka jalo, Moshe le Arone ba ne ba ya kwa go Faro mme ba mo raya ba re: “Jehofa, Modimo wa Bahebera o buile jaana, ‘O tla gana go inkobela ka lobaka lo lo kae?+ Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba ye go ntirela. 4 Gonne fa o nna o gana go lesa batho ba me ba tsamaya, ke tlisa tsie mo melelwaneng ya gago kamoso. 5 Mme e tla khurumetsa lefatshe lotlhe mo lo se kitlang lo kgona go bona mmu. E tla ja mo go neng go sa senngwa ke sefako e bile go ne go lo saletse, gape e tla ja ditlhare tsotlhe tsa lona tse di tlhogang mo nageng.+ 6 E tla tlala mo matlong a gago, mo matlong a batlhanka ba gago botlhe le mo matlong a Egepeto yotlhe ka selekanyo se borrago le borragomogolo ba iseng ba ke ba se bone fa e sa le ba nna mo lefatsheng leno go fitlha gompieno.’”+ Fa a sena go rialo, o ne a retologa a tswa fa go Faro.
7 Foo batlhanka ba ga Faro ba ne ba mo raya ba re: “Monna yono o tla tswelela a re utlwisa botlhoko* ka lobaka lo lo kae? Lesa batho bano ba tsamaye gore ba ye go direla Jehofa, Modimo wa bone. A le jaanong ga o lemoge gore Egepeto e setse e sentswe?” 8 Ka jalo, Moshe le Arone ba ne ba busediwa kwa go Faro, mme a ba raya a re: “Tsamayang lo ye go direla Jehofa, Modimo wa lona. Mme gone, go tla tsamaya mang?” 9 Foo Moshe a re: “Re tla tsamaya le basha ba rona, batsofe ba rona, bomorwaarona, bomorwadiarona, dinku tsa rona le dikgomo tsa rona+ ka gonne re tshwanetse go direla Jehofa moletlo.”+ 10 Faro o ne a ba raya a re: “Fa nka lesa lona le bana ba lona gore lo tsamaye, ruri Jehofa o tla bo a na le lona!+ Ke a bona gore lo ikaeletse go dira sengwe se se bosula. 11 Nnyaa! A go tsamaye banna ba lona fela mme ba ye go direla Jehofa ka gonne ke sone se lo se kopileng.” Foo ba ne ba ntshiwa fa pele ga ga Faro.
12 Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Otlololela seatla sa gago mo godimo ga lefatshe la Egepeto gore tsie e tle mo nageng eno yotlhe mme e je dimela tsotlhe tsa lefatshe, sengwe le sengwe se se tlogetsweng ke sefako.” 13 Ka yone nako eo, Moshe o ne a otlololela thobane ya gagwe mo godimo ga lefatshe la Egepeto, mme Jehofa a dira gore phefo ya botlhaba e foke mo lefatsheng letsatsi leo lotlhe le bosigo jotlhe. Mo mosong, phefo ya botlhaba e ne ya tlisa tsie. 14 Tsie eo e ne ya tla mo lefatsheng lotlhe la Egepeto e bo e nna mo karolong yotlhe ya naga ya Egepeto.+ E ne e le ntsi tota;+ go ne go ise go ke go nne le tsie e ntsi thata jalo e bile go ne go se kitla go tlhola go nna le e ntsi jaaka yone. 15 E ne ya khurumetsa lefatshe lotlhe, mme lefatshe la nna lefifi ka ntlha ya yone; e ne ya ja dimela tsotlhe tsa lefatshe le maungo otlhe a ditlhare a a neng a tlogetswe ke sefako; go ne go se na sepe se setala se se setseng mo ditlhareng kgotsa mo dimeleng tsa naga mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.
16 Ka jalo, Faro o ne a bitsa Moshe le Arone ka bonako a bo a ba raya a re: “Ke leofetse Jehofa, Modimo wa lona e bile ke lo leofetse. 17 Jaanong tsweetswee, intshwareleng boleo jwa me mo lekgetlong leno fela lo bo lo rapele Jehofa, Modimo wa lona, gore a tlose petso eno e e bakang loso mo go nna.” 18 Ka jalo, o* ne a tswa fa go Faro mme a rapela Jehofa.+ 19 Foo Jehofa o ne a dira gore phefo e fokele ntlheng e nngwe, e ne ya nna phefo e e maatla e e tswang kwa bophirima mme e ne ya tsaya tsie ya e latlhela mo Lewatleng le Lehibidu. Go ne ga se ka ga sala tsie epe mo karolong yotlhe ya naga ya Egepeto. 20 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a letla pelo ya ga Faro gore e thatafale,+ mme a se ka a lesa Baiseraele gore ba tsamaye.
21 Foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Otlololela seatla sa gago kwa magodimong gore go nne lefifi mo lefatsheng la Egepeto, lefifi le lentshontsho mo e keteng le ka tshwarwa.” 22 Ka yone nako eo, Moshe o ne a otlololela seatla sa gagwe kwa magodimong, mme ga nna lefifi le lentshontsho mo lefatsheng lotlhe la Egepeto malatsi a le mararo.+ 23 Ba ne ba sa kgone go bonana e bile go ne go se ope wa bone yo o kgonang go tswa mo a neng a le gone malatsi a le mararo; mme kwa Baiseraele ba neng ba nna gone go ne go na le lesedi.+ 24 Go tswa foo, Faro o ne a bitsa Moshe a bo a mo raya a re: “Tsamayang lo ye go direla Jehofa.+ Dinku tsa lona le dikgomo tsa lona ke tsone fela tse di tla salang. Lo ka nna lwa tsamaya le bana ba lona.” 25 Mme Moshe o ne a mo raya a re: “Wena o tla tshwanelwa ke go re naya* diphologolo tse re tla di bolayang re bo re ntshetsa Jehofa, Modimo wa rona ditlhabelo.+ 26 Gape re tla tsamaya le diruiwa tsa rona. Ga go na phologolo* epe e e tla letlelelwang go sala ka gonne re tla dirisa dingwe tsa tsone go obamela Jehofa, Modimo wa rona, mme ga re itse gore ke phologolo efe e re tla e ntshang fa re obamela Jehofa, go fitlha re goroga koo.” 27 Ka jalo, Jehofa o ne a letla pelo ya ga Faro gore e thatafale, mme a se ka a dumela go ba lesa ba tsamaya.+ 28 Faro o ne a mo raya a re: “Tswa fa go nna! O se ka wa tlhola o tla fa pele ga me gape ka gonne ka letsatsi le o mponang ka lone, ke tla go bolaya.” 29 Foo Moshe o ne a re: “Fela jaaka o buile, nka se tlhole ke leka go bona sefatlhego sa gago gape.”
11 Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ke tlile go tlisetsa Faro le Egepeto petso e nngwe gape. Morago ga moo, o tla lo lesa gore lo tsamaye lo tswe fano.+ Fa a sena go lo lesa gore lo tsamaye, o tla lo sala morago a lo leleka a lo ntsha fano.+ 2 Jaanong bolelela batho gore monna mongwe le mongwe le mosadi mongwe le mongwe a kope moagelani wa gagwe dilwana tsa selefera le tsa gauta.”+ 3 Mme Jehofa o ne a dira gore Baegepeto ba bontshe batho bano bopelonomi. Mo godimo ga moo, Moshe o ne a setse a tseelwa kwa godimo thata mo lefatsheng la Egepeto, mo batlhankeng ba ga Faro le mo bathong.
4 Moshe o ne a re: “Jehofa o buile jaana, ‘Mo e ka nnang bosigogare, ke tla tswa ke bo ke tsena mo gare ga Egepeto,+ 5 mme leitibolo lengwe le lengwe mo lefatsheng la Egepeto le tla swa,+ go simolola ka leitibolo la ga Faro yo o ntseng mo setulong sa gagwe sa bogosi go fitlha ka leitibolo la lelata le le berekang fa lelwaleng le leitibolo lengwe le lengwe la seruiwa.+ 6 Go tla nna le selelo se segolo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, se se iseng se ke se nne teng e bile se se kitla se nna teng gape.+ 7 Tota e bile, ga go kitla go nna le ntša e e tla bogolang* Baiseraele kgotsa diruiwa tsa bone, gore lo tle lo itse gore Jehofa o kgona go dira pharologanyo fa gare ga Baegepeto le Baiseraele.’+ 8 Mme ruri batlhanka ba gago botlhe ba tla tla kwa go nna ba bo ba obama fa go nna, ba re, ‘Tsamaya, wena le batho botlhe ba ba go latelang.’+ Mme morago ga moo ke tla tsamaya.” Foo a tswa fa go Faro a tuka bogale.
9 Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Faro ga a kitla a lo reetsa,+ gore dikgakgamatso tsa me di nne dintsi mo lefatsheng la Egepeto.”+ 10 Moshe le Arone ba ne ba dira dikgakgamatso tseno tsotlhe fa pele ga ga Faro+ mme Jehofa a letla pelo ya ga Faro gore e thatafale, mo a neng a se ka a lesa Baiseraele gore ba tsamaye ba tswe mo lefatsheng la gagwe.+
12 Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe le Arone mo lefatsheng la Egepeto a re: 2 “Kgwedi eno e tla nna tshimologo ya dikgwedi mo go lona. E tla nna ya ntlha ya dikgwedi tsa ngwaga mo go lona.+ 3 Bolelelang phuthego yotlhe ya Iseraele lo re, ‘Mo letsatsing la bolesome la kgwedi eno, mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse go tseela lelapa la ga rraagwe nku,+ lelapa lengwe le lengwe le nne le nku e le nngwe. 4 Mme fa ba lelapa ba le bannye thata ka palo go ka fetsa nku, bone le moagelani wa bone* yo o gaufi ba tshwanetse go e kgaoganyetsa botlhe mo ntlong ya bone go ya ka palo ya batho. Nku eno e tshwanetse go kgaoganngwa go ya ka palo ya batho ba ba tla e jang. 5 Nku ya lona e tshwanetse ya bo e itekanetse sentle,+ e na le ngwaga o le mongwe e bile e le e tonanyana. Lo ka nna lwa e tlhopha mo diphelefung tse dipotlana kgotsa mo dipoding. 6 Lo tshwanetse go e tlhokomela go fitlha mo letsatsing la bo14 la kgwedi eno,+ mme phuthego yotlhe ya Iseraele e e tlhabe ka lotlatlana.*+ 7 Ba tshwanetse go tsaya madi mangwe a yone ba a gase mo matlhakoreng a mabedi a kgoro le mo karolong e e fa godimo ya foreimi* ya kgoro mo matlong a ba e jelang mo go one.+
8 “‘Ba tshwanetse go ja nama eo mo bosigong joo.+ Ba e je e besitswe mo molelong mme ba e je le senkgwe se se se nang sebediso mmogo+ le merogo e e galakang.+ 9 Lo se ka lwa ja karolo epe ya yone e le tala kgotsa e bedisitswe, e apeilwe ka metsi, mme lo e bese le tlhogo ya yone, mmogo le maoto a yone le mateng a yone mo molelong. 10 Ga lo a tshwanela go baya karolo epe ya yone go fitlha mo mosong, mme karolo epe ya yone e e salang go fitlha mo mosong, lo e fise ka molelo.+ 11 Mme lo tshwanetse go e ja, lo bofile mabanta a lona,* lo rwele ditlhako* e bile lo tshotse thobane ya lona ka seatla; mme lo tshwanetse go e ja ka bonako. Ke Tlolaganyo ya ga Jehofa. 12 Gonne ke tla ralala lefatshe la Egepeto mo bosigong jono ke bo ke bolaya leitibolo lengwe le lengwe mo lefatsheng la Egepeto, go simolola ka motho go fitlha ka phologolo;+ mme ke tla atlhola medimo yotlhe ya Egepeto.+ Ke nna Jehofa. 13 Madi ao e tla nna sesupo sa lona mo matlong a lo leng mo go one; ke tla bona madi ao ke bo ke tlola matlo a lona, mme petso eo ga e kitla e tla mo go lona e bo e lo nyeletsa fa ke itaya lefatshe la Egepeto.+
14 “‘Letsatsi leno e tla nna segopotso mo go lona e bile lo tshwanetse go lo keteka e le moletlo wa ga Jehofa mo dikokomaneng tsotlhe tsa lona. Lo le keteke e le molao o o nnelang ruri. 15 Lo je senkgwe se se se nang sebediso malatsi a le supa.+ Mo letsatsing la ntlha lo tlose tlhama e e nang le sebediso mo matlong a lona ka gonne ope fela yo o jang sengwe se se nang le sebediso, go simolola mo letsatsing la ntlha go fitlha ka la bosupa, motho yoo o tshwanetse go bolawa.* 16 Mo letsatsing la ntlha lo tshware kopano e e boitshepo, le mo letsatsing la bosupa lo tshware kopano e nngwe e e boitshepo. Go se ka ga dirwa tiro epe mo malatsing ano.+ Se motho mongwe le mongwe a tlhokang go se ja, ke sone fela se lo ka nnang lwa se dira.
17 “‘Lo tshwanetse go keteka Moletlo wa Senkgwe Se se Se Nang Sebediso,+ ka gonne mo go lone letsatsi leno, ke tla ntsha boidiidi* jwa lona mo lefatsheng la Egepeto. E bile lo tshwanetse go boloka letsatsi leno e le molao o o nnelang ruri mo dikokomaneng tsa lona. 18 Mo kgweding ya ntlha, ka letsatsi la bo14 la kgwedi eo go le maitseboa, lo je senkgwe se se se nang sebediso go fitlha mo maitseboeng a letsatsi la bo21 la kgwedi eo.+ 19 Go se ka ga fitlhelwa tlhama e e nang le sebediso mo matlong a lona malatsi a le supa ka gonne fa mongwe a ka ja sengwe se se nang le sebediso, e ka ne e le motswakwa kgotsa motho wa mo lefelong la lona,+ motho yoo o tshwanetse go bolawa.*+ 20 Lo se ka lwa ja sepe se se nang le sebediso. Lo je senkgwe se se se nang sebediso mo matlong otlhe a lona.’”
21 Moshe o ne a potlaka a bitsa bagolwane botlhe ba Iseraele+ mme a ba raya a re: “Tsamayang lo ye go tlhophela malapa a lona diphologolo tse dinnye,* mme lo di tlhabe gore e nne setlhabelo sa Tlolaganyo. 22 Go tswa foo, lo tshwanetse go ina ngata ya setlhatshana sa mosiama mo mading a a mo sekotleleng lo bo lo kgatšha karolo e e fa godimo ya kgoro le mo matlhakoreng a mabedi a yone ka madi ao; mme ope wa lona a se ka a tswela kwa ntle ga ntlo ya gagwe go fitlha mo mosong. 23 Mme e tla re fa Jehofa a feta gore a tlisetse Baegepeto petso a bo a bona madi mo karolong e e fa godimo ya kgoro le mo matlhakoreng a yone a mabedi, ruri Jehofa o tla tlola kgoro eo, mme ga a kitla a letla gore petso eo ya loso* e tsene mo matlong a lona.+
24 “Lo tshwanetse go keteka moletlo ono e le molao o o nnelang ruri mo go lona le mo go bomorwaalona.+ 25 Mme fa lo tla mo lefatsheng le Jehofa a tla le lo nayang fela jaaka a buile, lo tshwanetse go keteka moletlo ono.+ 26 Mme fa bomorwaalona ba lo botsa ba re, ‘Moletlo ono o kaya eng mo go lona?’+ 27 lo ba reye lo re, ‘Ke setlhabelo sa Tlolaganyo se se ntshediwang Jehofa, yo o neng a tlola matlo a Baiseraele kwa Egepeto fa a ne a tlisetsa Baegepeto petso, mme o ne a tlogela matlo a rona.’”
Foo batho ba ne ba ikoba ba bo ba obama. 28 Ka jalo, Baiseraele ba ne ba tsamaya mme ba dira fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe le Arone.+ Ba ne ba dira fela jalo.
29 Go tswa foo, bosigogare Jehofa o ne a bolaya leitibolo lengwe le lengwe mo lefatsheng la Egepeto,+ go simolola ka leitibolo la ga Faro yo o neng a ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi go fitlha ka leitibolo la legolegwa le le neng le le mo kgolegelong* le leitibolo lengwe le lengwe la diphologolo.+ 30 Faro o ne a tsoga mo bosigong joo, ene le batlhanka botlhe ba gagwe le Baegepeto ba bangwe botlhe, mme go ne go na le selelo se segolo mo Baegepetong ka gonne go ne go se ntlo epe e go se nang moswi mo go yone.+ 31 Ka yone nako eo, o ne a bitsa Moshe le Arone+ mo bosigong joo a bo a ba raya a re: “Emang lo tswe mo gare ga batho ba me, lona le Baiseraele ba bangwe. Tsamayang lo ye go direla Jehofa fela jaaka lo buile.+ 32 Tsayang le matsomane a lona le metlhape ya lona mme lo tsamaye fela jaaka lo buile.+ Mme gape lo tshwanetse go ntshegofatsa.”
33 Baegepeto ba ne ba simolola go emelela batho gore ba tswe ka bonako+ mo lefatsheng la bone mme ba ba raya ba re: “Fa lo sa tsamaye, re tlile go swa rotlhe!”+ 34 Ka jalo, Baiseraele ba ne ba tsaya tlhama ya bone ya bupi e e se nang sebediso e le mo dikotleleng tse ba dubelang mo go tsone, di phuthetswe ka diaparo tsa bone ba di baya mo magetleng. 35 Baiseraele ba ne ba dira jaaka Moshe a ba boleletse, ba kopa Baegepeto dilwana tsa selefera le tsa gauta mmogo le diaparo.+ 36 Jehofa o ne a dira gore Baegepeto ba bontshe batho bano bopelonomi, mo ba ileng ba ba naya se ba neng ba se kopa, mme ba ne ba gapela Baegepeto dithoto tsa bone.+
37 Go tswa foo, Baiseraele ba ne ba tswa mo Ramesese+ ba ya kwa Sukothe,+ banna ba ka nna 600 000 ba ba tsamayang ka dinao, kwantle ga bana.+ 38 Mme setlhopha se segolo sa batho ba ba farologaneng*+ le sone se ne sa tsamaya le bone, mmogo le matsomane le metlhape, e le diruiwa tse dintsi thata. 39 Ba ne ba simolola go besa tlhama e ba neng ba tlile le yone go tswa kwa Egepeto ba bo ba dira senkgwe se se kgolokwe se se se nang sebediso. Tlhama eo e ne e se na sebediso ka gonne ba ne ba lelekilwe kwa Egepeto ka tshoganyetso mo ba neng ba se ka ba kgona go itirela mefago.+
40 Ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba tswa kwa Egepeto,+ ba ne ba feditse dingwaga di le 430+ e le batswakwa. 41 Kwa bokhutlong jwa dingwaga di le 430, mo go lone letsatsi leno, boidiidi* jotlhe jwa ga Jehofa bo ne jwa tswa mo lefatsheng la Egepeto. 42 Ke bosigo jo ba tla bo ketekang e le go gopola nako ya fa Jehofa a ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto. Bosigo jono ke jo batho botlhe ba Iseraele ba tshwanetseng go bo ketekela Jehofa mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone.+
43 Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe le Arone a re: “Ono ke molao wa Tlolaganyo: Ga go na motswakwa ope yo o tshwanetseng go e ja.+ 44 Mme fa mongwe a na le motlhanka yo o rekilweng ka madi, lo tshwanetse go mo rupisa.+ Morago ga moo, ke gone a ka nnang a e ja. 45 Motho yo o agileng le lona le modiri yo o thapilweng ba se ka ba e ja. 46 E tshwanetse go jelwa mo ntlong e le nngwe. Ga lo a tshwanela go ntshetsa nama epe kwa ntle ga ntlo e bile ga lo a tshwanela go roba lerapo lepe la yone.+ 47 Phuthego yotlhe ya Iseraele e tshwanetse go e keteka. 48 Fa motswakwa a nna le lona mme a batla go ketekela Jehofa Tlolaganyo, monna mongwe le mongwe mo ntlong ya gagwe o tshwanetse go rupisiwa. Morago ga moo, a ka nna a atamela gore a e keteke, mme o tla nna jaaka motho wa mo lefelong la lona. Mme gone monna ope yo o sa rupang a se ka a e ja.+ 49 Motho wa mo lefelong la lona le motswakwa yo o mo gare ga lona, ba tla kaelwa ke molao o le mongwe fela.”+
50 Ka jalo, Baiseraele botlhe ba ne ba dira fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe le Arone. Ba ne ba dira fela jalo. 51 Mo go lone letsatsi leno, Jehofa o ne a ntsha Baiseraele mmogo le boidiidi* jwa bone mo lefatsheng la Egepeto.
13 Jehofa o ne a bua gape le Moshe, a re: 2 “Nneye* leitibolo lengwe le lengwe la mosimane* mo Baiseraeleng. Leitibolo la mosimane le le tla tsholwang le leitibolo le le tonanyana la diphologolo, ke la me.”+
3 Go tswa foo, Moshe o ne a raya batho a re: “Gakologelwang letsatsi leno le lo duleng kwa Egepeto ka lone,+ kwa lo neng lo le makgoba gone,* ka gonne Jehofa o lo ntshitse fano ka seatla se se nonofileng.+ Ka jalo, lo se ka lwa ja sepe se se nang le sebediso. 4 Mo letsatsing leno mo kgweding ya Abibe,*+ lo a tsamaya. 5 Fa Jehofa a sena go lo tlisa mo lefatsheng la Bakanana, Bahite, Baamore, Bahife le Bajebuse,+ le a neng a ikanela borraalonamogolo gore o tla le lo naya,+ lefatshe le le elelang mashi le tswina ya dinotshe,+ lo keteke moletlo ono mo kgweding eno. 6 Lo je senkgwe se se se nang sebediso malatsi a le supa,+ mme mo letsatsing la bosupa go tla nna le moletlo wa ga Jehofa. 7 Senkgwe se se se nang sebediso se tshwanetse go jewa mo malatsing ao a a supa;+ mme go se ka ga fitlhelwa sepe se se nang le sebediso mo go lona+ e bile go se ka ga fitlhelwa tlhama e e nang le sebediso mo kgaolong* yotlhe ya lona. 8 Mme mo letsatsing leo lo tshwanetse go bolelela bomorwaalona lo re, ‘Ke ka ntlha ya se Jehofa a se re diretseng fa re ne re tswa kwa Egepeto.’+ 9 Mme seno e tla nna sesupo mo diatleng tsa lona le segopotso* mo diphatleng tsa lona,*+ gore molao wa ga Jehofa o nne mo melomong ya lona ka gonne Jehofa o lo ntshitse kwa Egepeto ka seatla se se nonofileng. 10 Lo tshwanetse go ikobela molao ono mme lo keteke moletlo ono ngwaga le ngwaga.+
11 “Fa Jehofa a lo tlisa mo lefatsheng la Bakanana, le a neng a ikana gore o tla le naya lona le borraalonamogolo,+ 12 lo tshwanetse go naya Jehofa leitibolo lengwe le lengwe la mosimane,* mmogo le leitibolo lengwe le lengwe le le tonanyana la diruiwa tse lo nang le tsone. Tse ditonanyana ke tsa ga Jehofa.+ 13 Lo rekolole leitibolo lengwe le lengwe la tonki ka nku, mme fa lo sa le rekolole, lo le robe molala. Mme lo rekolole leitibolo lengwe le lengwe la mosimane mo go bomorwaalona.+
14 “Fa go ka direga gore moragonyana bomorwaalona ba lo botse ba re, ‘Seno se kaya eng?’ lo ba reye lo re, ‘Jehofa o ne a re ntsha ka seatla se se nonofileng kwa Egepeto kwa re neng re le makgoba gone.+ 15 Fa Faro a ne a nna tlhogoethata mme a gana go re lesa re tsamaya,+ Jehofa o ne a bolaya leitibolo lengwe le lengwe mo lefatsheng la Egepeto, go simolola ka leitibolo la motho go fitlha ka leitibolo la phologolo.+ Ke gone ka moo re ntshetsang Jehofa setlhabelo ka maitibolo otlhe a matonanyana,* mme leitibolo lengwe le lengwe la bomorwaarona lone re a le rekolola.’ 16 Seno se tshwanetse go nna jaaka sesupo mo diatleng tsa lona le jaaka lebanta la tlhogo mo diphatleng tsa lona,*+ ka gonne Jehofa o ne a re ntsha kwa Egepeto ka seatla se se nonofileng.”
17 Jaanong fa Faro a ne a lesa batho gore ba tsamaye, Modimo ga a ka a ba etelela pele ka tsela ya lefatshe la Bafilisitia, le fa gone e ne e le gaufi. Gonne Modimo o ne a re: “Batho ba ka nna ba fetola megopolo ya bone fa ba lebana le ntwa mme ba tla boela kwa Egepeto.” 18 Ka jalo, Modimo o ne a dira gore batho ba dikologe ba tsamaye ka tsela e e ralalang naga ya Lewatle le Lehibidu.+ Mme Baiseraele ba ne ba tswa mo lefatsheng la Egepeto ba tsamaya ka thulaganyo jaaka ditlhopha tsa masole. 19 Gape Moshe o ne a tsaya marapo a ga Josefa ka gonne Josefa o ne a dirile gore bomorwa Iseraele ba ikane, a re: “Ruri Modimo o tla lo gopola. Lo tshwanetse go ntsha marapo a me mono.”+ 20 Ba ne ba tswa kwa Sukothe mme ba ya go nna kwa Ethame, kwa bofelelong jwa naga.
21 Jaanong Jehofa o ne a tsamaya kwa pele ga bone motshegare ka pilara ya leru gore a ba etelele pele mo tseleng,+ mme bosigo o ne a ba etelela pele ka pilara ya molelo gore a ba neye lesedi, gore ba kgone go tsamaya motshegare le bosigo.+ 22 Pilara ya leru e ne e sa tswe fa pele ga batho motshegare, le pilara ya molelo e ne e sa tswe fa pele ga bone bosigo.+
14 Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe, a re: 2 “Bolelela Baiseraele gore ba boele morago ba ye go nna fa pele ga Pihahirothe, fa gare ga Migedole le lewatle, go lebagana le Baale-sefone.+ Lo nne go lebagana le yone fa lewatleng. 3 Mme Faro o tla bua ka Baiseraele a re, ‘Ba kgarakgatshega mo nageng ga ba itse kwa ba yang teng. Ga ba kgone go tswa mo nageng.’ 4 Ke tla letla pelo ya ga Faro gore e thatafale,+ o tla ba lelekisa mme ke tla ikgalaletsa ka Faro le masole otlhe a gagwe;+ mme ruri Baegepeto ba tla itse gore ke nna Jehofa.”+ Mme ke sone se ba neng ba se dira.
5 Moragonyana kgosi ya Egepeto e ne ya begelwa gore batho ba tshabile. Ka yone nako eo, Faro le batlhanka ba gagwe ba ne ba fetola mogopolo,+ mme ba ne ba re: “Goreng re dirile selo seno mme ra lesa Baiseraele ba tsamaya gore ba se ka ba nna makgoba a rona?” 6 Ka jalo, o ne a baakanya dikara tsa gagwe tsa ntwa mme a tsamaya le batho ba gagwe.+ 7 O ne a tsaya dikara di le 600 tse di kgethegileng le dikara tse dingwe tsotlhe tsa Egepeto, nngwe le nngwe ya tsone e na le batlhabani. 8 Ka jalo, Jehofa o ne a letla pelo ya ga Faro, kgosi ya Egepeto, gore e thatafale mme o ne a lelekisa Baiseraele, fa Baiseraele bone ba ne ba tsamaya ba le pelokgale.*+ 9 Baegepeto ba ne ba ba lelekisa,+ mme dikara tsotlhe tsa ga Faro tsa dipitse le bapalami ba gagwe ba dipitse le masole a gagwe ba ne ba ba latelela fa ba ne ba kampile fa lewatleng, fa Pihahirothe go lebagana le Baale-sefone.
10 Fa Faro a ba atamela, Baiseraele ba ne ba tsholetsa matlho mme ba bona Baegepeto ba tla ba ba lateletse. Baiseraele ba ne ba tshoga ba bo ba simolola go goela kwa go Jehofa.+ 11 Ba ne ba raya Moshe ba re: “A ga go na mabitla kwa Egepeto go bo o re tlisitse fano gore re tle go swela mo nageng?+ O ne o re ntshetsa eng kwa Egepeto? 12 A ga re a go bolelela seo kwa Egepeto fa re ne re re, ‘Re tlogele, gore re direle Baegepeto’? Gonne go ne go le botoka gore re direle Baegepeto go na le go swela mo nageng.”+ 13 Foo Moshe o ne a raya batho a re: “Lo se ka lwa boifa.+ Nnang pelokgale mme lo bone kafa Jehofa a tla lo bolokang ka gone gompieno.+ Gonne Baegepeto bano ba lo ba bonang gompieno, ga lo kitla lo ba bona gape.+ 14 Jehofa ka boene o tla lo tlhabanela,+ mme lona lo tla nna lo didimetse fela.”
15 Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ke ka ntlha yang fa o ntse o goela kwa go nna? Bolelela Baiseraele gore ba tsamaye. 16 Mme wena, tsholetsa thobane ya gago o bo o otlololela seatla sa gago kwa lewatleng mme o le kgaoganye gore Baiseraele ba tle ba kgabaganye mo gare ga lewatle mo mmung o o omileng. 17 Mme nna, ke tla letla dipelo tsa Baegepeto gore di thatafale gore ba tle ba tsene ba lo setse morago; ka jalo ke tla ikgalaletsa ka Faro le masole otlhe a gagwe, dikara tsa gagwe tsa ntwa le bapalami ba gagwe ba dipitse.+ 18 Ruri Baegepeto ba tla itse gore ke nna Jehofa fa ke ikgalaletsa ka Faro, ka dikara tsa gagwe tsa ntwa le ka bapalami ba gagwe ba dipitse.”+
19 Foo moengele wa Modimo wa boammaaruri+ yo o neng a eteletse Baiseraele pele o ne a tswa a bo a ya kwa morago ga bone, mme pilara ya leru e e neng e le kwa pele ga bone e ne ya ya kwa morago ga bone e bo e ema gone.+ 20 Ka jalo, e ne ya nna fa gare ga Baegepeto le Baiseraele.+ Mo ntlheng ya Baegepeto, pilara eno e ne e le leru le lentsho. Mme mo ntlheng ya Baiseraele, e ne e bonesa bosigo.+ Ka jalo, mophato o mongwe o ne wa se ka wa atamela o mongwe bosigo jotlhe.
21 Jaanong Moshe o ne a otlololela seatla sa gagwe kwa lewatleng;+ mme Jehofa o ne a busetsa metsi a lewatle kwa morago ka phefo e e maatla ya botlhaba bosigo jotlhe, a fetola boalo jwa lewatle go nna mmu o o omileng,+ mme metsi a ne a kgaogana.+ 22 Ka jalo, Baiseraele ba ne ba kgabaganya mo gare ga lewatle mo mmung o o omileng,+ fa metsi one a ne a itirile lobota ka fa mojeng wa bone le ka fa molemeng wa bone.+ 23 Baegepeto ba ne ba ba latelela, mme dipitse tsotlhe tsa ga Faro, dikara tsa gagwe tsa ntwa le bapalami ba gagwe ba dipitse ba ne ba ba sala morago ba tsena mo gare ga lewatle.+ 24 Mo e ka nnang ka 2:00 mo mosong go fitlha ka 6:00 mo mosong,* Jehofa o ne a leba Baegepeto go tswa mo gare ga pilara ya molelo le leru,+ mme a tlhakatlhakanya Baegepeto. 25 O ne a nna a somola maotwana mo dikareng tsa bone mo ba neng ba di kgweetsa ka bothata, mme Baegepeto ba ne ba re: “A re tshabeng, re se ka ra kopana le Baiseraele ka gonne Jehofa o tlhabana le Baegepeto mo boemong jwa bone.”+
26 Foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Otlololela seatla sa gago kwa lewatleng gore metsi a boele mo Baegepetong, mo dikareng tsa bone tsa ntwa le mo bapalaming ba bone ba dipitse.” 27 Ka yone nako eo, Moshe o ne a otlololela seatla sa gagwe kwa lewatleng, mme fa bo sa, lewatle le ne la boela mo boemong jwa lone. Fa Baegepeto ba ne ba tshaba mo lewatleng, Jehofa o ne a ba ribegetsa mo gare ga lone.+ 28 Metsi a a neng a boa a ne a khurumetsa dikara tsa ntwa le bapalami ba dipitse le masole otlhe a ga Faro ba ba neng ba tsene mo lewatleng ba setse Baiseraele morago.+ Ga go na ope wa bone yo o neng a falola.+
29 Mme Baiseraele bone ba ne ba fetile mo mmung o o omileng mo gare ga boalo jwa lewatle+ e bile metsi a ne a itirile lobota ka fa mojeng wa bone le ka fa molemeng wa bone.+ 30 Ka jalo mo go lone letsatsi leo, Jehofa o ne a boloka Baiseraele mo seatleng sa Baegepeto,+ mme Baiseraele ba ne ba bona ditopo tsa Baegepeto fa losing lwa lewatle. 31 Gape Baiseraele ba ne ba bona maatla* a magolo a Jehofa a neng a a dirisa go senya Baegepeto, mme ba ne ba simolola go boifa Jehofa le go nna le tumelo mo go Jehofa le mo motlhankeng wa gagwe e bong Moshe.+
15 Ka nako eo, Moshe le Baiseraele* ba ne ba opelela Jehofa pina eno:+
“Mma ke opelele Jehofa ka gonne o kwa godimo thata.+
O latlhetse pitse le mopalami wa yone mo lewatleng.+
2 Jah* ke nonofo ya me le maatla a me, ka gonne o mpolokile.+
Yono ke Modimo wa me, mme ke tla mmaka;+ Modimo wa ga rre,+ mme ke tla mo tlotlomatsa.+
3 Jehofa ke motlhabani yo o maatla.+ Jehofa ke leina la gagwe.+
4 O latlhetse dikara tsa ga Faro le masole a gagwe mo lewatleng,+
Mme batlhabani ba gagwe ba ba gaisang botlhe ba nwetse mo Lewatleng le Lehibidu.+
5 Metsi a a gogomogang a ne a ba khurumetsa; ba ne ba nwela kwa tengteng jaaka leje.+
6 Seatla sa gago sa moja Jehofa, se na le maatla a magolo;+
Seatla sa gago sa moja Jehofa, se tšhwetlakanya mmaba.
7 Ka tlotlomalo ya gago e kgolo, o kgona go latlhela ba ba go tlhaselang fa fatshe;+
O romela bogale jwa gago jo bo tukang, bo ba laila jaaka lotlhaka.
8 O ne wa dira gore metsi a kgobokane ka mohemo o o tswang mo marobeng a dinko tsa gago;
A ne a ema a sa tshikinyege, a thibela merwalela;
Metsi a a gogomogang a ne a gatsela mo pelong ya lewatle.
9 Mmaba o ne a re: ‘Ke tla ba latelela! Ke tla ba tshwara!
Ke tla kgaoganya se ke se gapileng go fitlha ke kgotsofala!
Ke tla somola tšhaka ya me! Seatla sa me se tla ba fenya!’+
10 O ne wa budulela ka mohemo wa gago, lewatle la ba khurumetsa;+
Ba ne ba nwela jaaka lloto mo bophadiphading jwa metsi.
11 Jehofa, ke mang yo o tshwanang le wena mo medimong?+
Ke mang yo o tshwanang le wena, wena yo o boitshepo thata?+
Wena yo o tshwanetseng go boifiwa ka dipina tsa pako, wena yo o dirang dikgakgamatso.+
12 O ne wa otlolola seatla sa gago sa moja, mme lefatshe la ba kometsa.+
13 Ka lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng, o ne wa etelela pele batho ba o ba golotseng;+
Ka nonofo ya gago, o tla ba kaela kwa lefelong le le boitshepo le o nnang kwa go lone.
14 Ditšhaba di tshwanetse go utlwa;+ di tla roroma;
Banni ba Filisitia ba tla aparelwa ke ditlhabi tse dikgolo.
Banni botlhe ba Kanana ba tla nyema mooko.+
16 Ba tla welwa ke letshogo le poifo.+
Ba tla nna fela ba sa tshikhinyege jaaka leje ka ntlha ya bogolo jwa lebogo la gago
Go fitlha batho ba gago ba feta fa kgaolong ya bone Jehofa,
Go fitlha batho ba o ba tlhophileng+ ba feta fa kgaolong ya bone.+
17 O tla ba tlisa o bo o ba jala mo thabeng ya boswa jwa gago,+
Mo lefelong le o le ipaakanyeditseng gore o nne mo go lone Jehofa,
Mo lefelong le le boitshepo le o le dirileng ka diatla tsa gago Jehofa.
18 Jehofa o tla busa e le kgosi ka bosakhutleng le go ya go ile.+
19 Fa dipitse tsa ga Faro le dikara tsa gagwe tsa ntwa le bapalami ba gagwe ba dipitse ba tsena mo lewatleng,+
Foo Jehofa o ne a busetsa metsi a lewatle mo go bone,+
Mme batho ba Iseraele ba ne ba tsamaya mo mmung o o omileng mo gare ga lewatle.”+
20 Foo moporofeti Miriame, kgaitsadie Arone, o ne a tsaya moropana ka seatla mme basadi botlhe ba mo sala morago ka meropana ba bina. 21 Miriame o ne a araba banna ka go opela a re:
“Opelelang Jehofa, gonne o kwa godimo thata.+
O latlhetse pitse le mopalami wa yone mo lewatleng.”+
22 Moragonyana Moshe o ne a etelela Baiseraele pele go tswa kwa Lewatleng le Lehibidu, mme ba ne ba ya kwa nageng ya Shure ba bo ba tsamaya malatsi a le mararo mo nageng, mme ba ne ba se ka ba bona metsi. 23 Ba ne ba goroga kwa Mara,*+ mme ba ne ba palelwa ke go nwa metsi a kwa Mara ka gonne a ne a le bogalaka. Ke gone ka moo a neng a bitsa lefelo leo Mara. 24 Ka jalo, batho ba ne ba simolola go tla kwa go Moshe ba ngongorega,+ ba re: “Re tla nwa eng?” 25 O ne a goela kwa go Jehofa+ mme Jehofa a mmontsha setlhare sengwe. Fa a se latlhela mo metsing, metsi a ne a nna monate.
Ke gone kwa Modimo a neng a ba tlhomela molao le kgang e e tshwanetseng go atlholwa e bile ke gone kwa a neng a ba leka+ gone. 26 O ne a re: “Fa o ka reetsa lentswe la ga Jehofa, Modimo wa gago ka kelotlhoko o bo o dira se se siameng mo matlhong a gagwe mme o reetsa ditaelo tsa gagwe ka kelotlhoko o bo o boloka melao yotlhe ya gagwe,+ ga nkitla ke go tlisetsa malwetse ape a ke neng ka a tlisetsa Baegepeto+ ka gonne ke nna Jehofa yo o go fodisang.”+
27 Morago ga moo ba ne ba goroga kwa Elime, kwa go neng go na le metswedi ya metsi e le 12 le ditlhare tsa mokolane di le 70. Ka jalo, ba ne ba kampa foo fa thoko ga metsi ao.
16 Fa phuthego yotlhe ya Baiseraele e sena go tswa kwa Elime, e ne ya goroga kwa nageng ya Sine,+ e e fa gare ga Elime le Sinai, mo letsatsing la bo15 la kgwedi ya bobedi fa ba sena go tswa kwa lefatsheng la Egepeto.
2 Phuthego yotlhe ya Baiseraele e ne ya simolola go ngongorega ka Moshe le Arone mo nageng.+ 3 Baiseraele ba ne ba nna ba ba raya ba re: “Bogolo re ka bo re sule ka seatla sa ga Jehofa kwa lefatsheng la Egepeto fa re ne re ntse fa thoko ga dipitsa tsa nama,+ fa re ne re ja senkgwe gore re bo re kgore. Jaanong lo re tlisitse mo nageng eno gore lo bolaye phuthego eno yotlhe ka leuba.”+
4 Foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ke lo nesetsa senkgwe se se tswang kwa magodimong,+ mme motho mongwe le mongwe a tswe a ye go phutha selekanyo sa gagwe letsatsi le letsatsi,+ gore ke tle ke ba leke mme ke bone gore a ba tla tsamaya mo molaong wa me kgotsa nnyaa.+ 5 Mme mo letsatsing la borataro+ fa ba baakanya se ba se phuthileng, e nne selekanyo se ba tlholang ba se sela mo malatsing a mangwe se menagane sebedi.”+
6 Ka jalo, Moshe le Arone ba ne ba raya Baiseraele botlhe ba re: “Mo maitseboeng ruri lo tla itse gore Jehofa ke ene a lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.+ 7 Mo mosong lo tla bona kgalalelo ya ga Jehofa ka gonne Jehofa o utlwile gore lo ngongorega ka ene. Rona re bomang go bo lo ngongorega ka rona?” 8 Moshe o ne a tswelela a re: “Fa Jehofa a lo naya nama mo maitseboeng gore lo je le senkgwe mo mosong gore lo kgore, lo tla lemoga gore Jehofa o utlwile gore lo ngongorega ka ene. Mme rona re bomang? Ga lo ngongorege ka rona, mme lo ngongorega ka Jehofa.”+
9 Go tswa foo, Moshe o ne a raya Arone a re: “Bolelela phuthego yotlhe ya Baiseraele o re, ‘Atamelang fa pele ga ga Jehofa ka gonne o utlwile dingongorego tsa lona.’”+ 10 Fela fa Arone a sena go bua le phuthego yotlhe ya Baiseraele, ba ne ba retologa ba leba kwa nageng, mme kgalalelo ya ga Jehofa e ne ya bonala mo lerung.+
11 Gape Jehofa o ne a raya Moshe, a re: 12 “Ke utlwile dingongorego tsa Baiseraele.+ Ba reye o re, ‘Lo tla ja nama ka lotlatlana* mme mo mosong lo tla bo lo kgotshe senkgwe,+ mme ruri lo tla itse gore ke nna Jehofa, Modimo wa lona.’ ”+
13 Ka jalo, mo maitseboeng ao dinonyane tsa maphurwana* di ne tsa tla mme tsa tlala mo kampeng,+ mme mo mosong go ne go na le monyo o tletse mo kampeng yotlhe. 14 Fa monyo ono o ne o gakologa, go ne go na le sengwe fa fatshe mo nageng se le boleta e bile se foforega,+ se le boleta jaaka kapoko mo mmung. 15 E rile Baiseraele ba se bona, ba simolola go raana ba re, “Selo se ke eng?” ka gonne ba ne ba sa itse gore ke eng. Moshe o ne a ba raya a re: “Ke senkgwe se Jehofa a se lo neileng gore e nne dijo tsa lona.+ 16 Jehofa o laetse jaana, ‘Mongwe le mongwe o tshwanetse go phutha selekanyo se a kgonang go se ja. Lo tseele mongwe le mongwe selekanyo sa omere*+ go ya ka palo ya batho ba mongwe le mongwe wa lona a nnang le bone mo tenteng ya gagwe.’” 17 Baiseraele ba ne ba simolola go dira jalo; ba ne ba se phutha, bangwe ba phutha se sentsi mme ba bangwe ba phutha se sennye. 18 Fa ba ne ba se lekanya ka selekanyo sa omere, yo o neng a phuthile se sentsi o ne a sa nne le mo go salang mme yo o neng a phuthile se sennye o ne a sa tlhaelwe.+ Mongwe le mongwe wa bone o ne a phuthile se a ka kgonang go se ja.
19 Foo Moshe o ne a ba raya a re: “A go se nne le ope yo o se sadisang go fitlha mo mosong.”+ 20 Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba reetsa Moshe. Fa batho bangwe ba ne ba se sadisa go fitlha mo mosong, se ne se tswa diboko se bo se nkga, mme Moshe o ne a ba galefela. 21 Ba ne ba se sela moso le moso, mongwe le mongwe go ya ka se a kgonang go se ja. Fa letsatsi le gotela, se ne se gakologa.
22 Mo letsatsing la borataro ba ne ba sela senkgwe sa malatsi a le mabedi,+ motho a le mongwe dilekanyo di le pedi tsa omere. Ka jalo, dikgosana tsotlhe tsa phuthego di ne tsa tla mme tsa begela Moshe ka gone. 23 Foo o ne a di raya a re: “Seno ke se Jehofa a se buileng: Kamoso e tla bo e le letsatsi la boikhutso,* sabata e e boitshepo mo go Jehofa.+ Besang se lo tlhokang go se besa lo bo lo bedise se lo tlhokang go se bedisa;+ mme se se setseng lo se beye go fitlha mo mosong.” 24 Ka jalo, ba se baya go fitlha mo mosong jaaka Moshe a ne a ba laetse, mme se ne se sa nkge e bile se sa nne le diboko. 25 Foo Moshe o ne a re: “Se jeng gompieno ka gonne gompieno ke sabata mo go Jehofa. Gompieno ga lo kitla lo se fitlhela fa fatshe. 26 Lo tla se sela mo malatsing a le marataro, mme mo letsatsing la bosupa, ka Sabata,+ ga se kitla se nna gone.” 27 Le fa go ntse jalo, mo letsatsing la bosupa batho bangwe ba ne ba tswa ba ya go se sela, mme ga ba a ka ba se fitlhela.
28 Ka jalo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Lo tla gana go boloka ditaelo tsa me le melao ya me ka lobaka lo lo kae?+ 29 Gopolang gore Jehofa o lo neile Sabata.+ Ke gone ka moo a lo nayang senkgwe sa malatsi a mabedi mo letsatsing la borataro. Mongwe le mongwe o tshwanetse go nna mo a leng gone; ope a se ka a tswa mo lefelong la gagwe mo letsatsing la bosupa.” 30 Ka jalo, batho ba ne ba boloka Sabata* mo letsatsing la bosupa.+
31 Baiseraele ba ne ba se bitsa “mana.”* Se ne se le sesweu jaaka peo ya koriandere e bile mo ganong se ne se utlwala jaaka dikuku tse di sephaphathi tse di nang le tswina ya dinotshe.+ 32 Foo Moshe o ne a re: “Seno ke se Jehofa a se laetseng, ‘Se tlatseng mo selekanyong sa omere gore e nne sengwe se se tla bolokiwang mo dikokomaneng tsotlhe tsa lona,+ gore ba tle ba bone senkgwe se ke neng ka se lo naya gore lo se je mo nageng, fa ke ne ke lo ntsha kwa lefatsheng la Egepeto.’” 33 Ka jalo, Moshe o ne a raya Arone a re: “Tsaya nkgo mme o tsenye mana a selekanyo sa omere mo go yone o bo o e baya fa pele ga ga Jehofa gore a bolokelwe dikokomana tsotlhe tsa lona.”+ 34 Arone o ne a a baya fa pele ga Lebokoso la Bosupi+ gore a bolokiwe, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 35 Baiseraele ba ne ba ja mana dingwaga di le 40+ go fitlha ba tla mo lefatsheng le batho ba neng ba nna mo go lone.+ Ba ne ba ja mana go fitlha ba tla mo molelwaneng wa lefatshe la Kanana.+ 36 Selekanyo sa omere se lekana le dilitara di ka nna pedi.*
17 Phuthego yotlhe ya Baiseraele e ne ya tloga mo nageng ya Sine,+ e tswa mo lefelong le lengwe e ya kwa go lengwe go ya ka taelo ya ga Jehofa,+ mme e ne ya kampa kwa Refidime.+ Mme go ne go se na metsi a batho ba ka a nwang.
2 Ka jalo, batho ba ne ba simolola go omanya Moshe+ ba re: “Re neye metsi gore re nwe.” Mme Moshe a ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo nkomanya? Ke ka ntlha yang fa lo nnela go leka Jehofa?”+ 3 Fa Baiseraele ba le koo, ba ne ba tshwarwa ke lenyora thata mme ba ne ba tswelela ba ngongorega ka Moshe+ ba re: “Ke ka ntlha yang fa o re ntshitse kwa Egepeto go tla go re bolaya le bomorwaarona le diruiwa tsa rona ka lenyora?” 4 La bofelo Moshe a goela kwa go Jehofa, a re: “Ke dire eng ka batho bano? Go ise go ye kae ba tla nkgobotletsa ka maje!”
5 Foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Tsamaya kwa pele ga batho mme o tseye bangwe ba bagolwane ba Iseraele le thobane ya gago e o neng wa itaya Noka ya Nile ka yone.+ E tseye ka seatla mme o tsamaye. 6 Ke tla bo ke eme fa pele ga gago fa lefikeng kwa Horeba. O iteye lefika mme metsi a tla tswa mo go lone gore batho ba nwe.”+ Moshe o ne a dira jalo bagolwane ba Iseraele ba mo lebile. 7 Ka jalo, o ne a bitsa lefelo leo Masa*+ le Meriba,*+ ka gonne Baiseraele ba ne ba omana le ka gonne ba ne ba leka Jehofa+ ba re: “A Jehofa o mo gare ga rona kgotsa nnyaa?”
8 Baamaleke+ ba ne ba tla mme ba lwantsha Baiseraele kwa Refidime.+ 9 Foo Moshe o ne a raya Joshua+ a re: “Re tlhophele banna mme o ye go tlhabana le Baamaleke. Kamoso ke tla ema mo godimo ga thota ke tshwere thobane ya Modimo wa boammaaruri.” 10 Joshua o ne a dira fela jaaka Moshe a mmoleletse+ mme a tlhabana le Baamaleke. Mme Moshe, Arone le Hure+ ba ne ba tlhatlogela kwa godimo ga thota.
11 Fa Moshe a ne a nna a tsholeditse diatla, Baiseraele ba ne ba nna maatla mme fela fa a di diga, Baamaleke ba ne ba nna maatla. 12 Fa diatla tsa ga Moshe di ne di lapa, ba ne ba tsaya leje, ba le baya ka fa tlase ga gagwe a bo a nna mo go lone. Go tswa foo, Arone le Hure ba ne ba tshegetsa diatla tsa gagwe, yo mongwe a le ka fa letlhakoreng leno yo mongwe ka fa go le lengwe, gore diatla tsa gagwe di nne di tsholetsegile go fitlha letsatsi le phirima. 13 Ka jalo, Joshua o ne a fenya Amaleke le batho ba gagwe ka tšhaka.+
14 Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Kwala seno mo bukeng gore e nne segopotso* mme o se bolelele Joshua o re, ‘Ke tla dira gore Baamaleke ba se ka ba tlhola ba gopolwa gotlhelele mo lefatsheng.’”+ 15 Go tswa foo, Moshe o ne a aga sebeso mme a se bitsa Jehofa-nisi,* 16 a re: “E re ka Baamaleke ba tlhasetse setulo sa bogosi sa ga Jah,+ Jehofa o tla lwa le bone go tswa mo kokomaneng e nngwe go ya kwa kokomaneng e nngwe.”+
18 Jaanong Jethero moperesiti wa kwa Midiana, mogwegadiagwe Moshe,+ o ne a utlwela sotlhe se Modimo a neng a se diretse Moshe le batho ba gagwe ba Iseraele, kafa Jehofa a neng a ntshitse Iseraele kwa Egepeto ka gone.+ 2 Jethero, mogwegadiagwe Moshe, o ne a amogela Siphora, mosadi wa ga Moshe, ka gonne o ne a buseditswe kwa go ene 3 mmogo le bomorwawe ba babedi.+ Morwa yo mongwe o ne a bidiwa Gereshome,*+ ka gonne Moshe o ne a re, “Ke fetogile motswakwa mo lefatsheng le sele,” 4 mme yo mongwe o ne a bidiwa Eliesere,* ka gonne o ne a re: “Modimo wa ga rre ke mothusi wa me, yo o neng a nkgolola mo tšhakeng ya ga Faro.”+
5 Ka jalo, Jethero mogwegadiagwe Moshe mmogo le barwa ba ga Moshe le mmaabone ba ne ba tla kwa go Moshe kwa nageng kwa a neng a kampile gone gaufi le thaba ya Modimo wa boammaaruri.+ 6 Foo o ne a romela molaetsa kwa go Moshe a re: “Nna Jethero, mogwegadiago,+ ke tlile kwa go wena le mosadi wa gago le bomorwao ba babedi.” 7 Ka yone nako eo, Moshe o ne a tswa a ya go kgatlhantsha mogwegadiagwe, a obama a bo a mo suna. Ba ne ba botsana matsogo go tswa foo ba tsena mo tenteng.
8 Moshe o ne a bolelela mogwegadiagwe sotlhe se Jehofa a neng a se dirile Faro le Egepeto ka ntlha ya Iseraele+ le mathata otlhe a ba neng ba lebana le one mo tseleng,+ le kafa Jehofa a neng a ba golola ka gone. 9 Jethero o ne a itumelela molemo otlhe o Jehofa a neng a o diretse Iseraele ka go ba golola kwa Egepeto.* 10 Go tswa foo, Jethero o ne a re: “A go bakwe Jehofa, yo o lo golotseng kwa Egepeto le mo go Faro, le yo o golotseng batho mo taolong ya Egepeto. 11 Jaanong ke a itse gore Jehofa o mogolo go feta medimo e mengwe yotlhe,+ ka ntlha ya se a se dirileng ba ba neng ba ikgodisetsa batho ba gagwe.” 12 Jaanong Jethero, mogwegadiagwe Moshe, o ne a isetsa Modimo setlhabelo se se fisiwang le ditlhabelo tse dingwe, mme Arone le bagolwane botlhe ba Iseraele ba tla go ja dijo le mogwegadiagwe Moshe fa pele ga Modimo wa boammaaruri.
13 Mo letsatsing le le latelang, Moshe o ne a nna fa fatshe jaaka gale gore a atlhole batho, mme batho ba tswelela ba eme fa pele ga gagwe go simolola mo mosong go fitlha maitseboa. 14 Fa mogwegadiagwe Moshe a bona sotlhe se Moshe a neng a se direla batho, o ne a mo raya a re: “Goreng o direla batho jaana? Ke ka ntlha yang fa o ntse fano o le nosi mme batho bone ba eme fa pele ga gago go simolola mo mosong go fitlha maitseboa?” 15 Moshe o ne a raya mogwegadiagwe a re: “Ka gonne batho ba nna ba tla kwa go nna gore ke ba boletse kwa Modimong. 16 Fa go nna le kgang, e tlisiwa kwa go nna mme ke tshwanetse go atlhola fa gare ga batho ba babedi ke bo ke ba itsise ditshwetso tsa Modimo wa boammaaruri le melao ya gagwe.”+
17 Mogwegadiagwe Moshe o ne a mo raya a re: “Se o se dirang ga se a siama. 18 Ruri o tla lapa, wena le batho bano ba ba nang le wena, ka gonne seno ke morwalo o mogolo thata mo go wena e bile o ka se kgone go o rwala o le nosi. 19 Jaanong ntheetse. Ke tla go gakolola, mme Modimo o tla nna le wena.+ Wena o nne moemedi wa batho fa pele ga Modimo wa boammaaruri,+ mme o tshwanetse go tlisa dikgang kwa Modimong wa boammaaruri.+ 20 O ba rute ditaelo le melao+ o bo o ba itsise tsela e ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone le tiro e ba tshwanetseng go e dira. 21 Mme o tlhophe banna ba ba nang le bokgoni,+ ba ba boifang Modimo, banna ba ba ikanyegang, ba ba tlhoileng go nna le madi ka boferefere,+ mme o ba tlhome gore ba okamele batho e le baokamedi ba dikete, baokamedi ba makgolo, baokamedi ba ditlhopha tsa masome a matlhano le baokamedi ba masome.+ 22 Ba tshwanetse go atlhola batho fa go nna le kgang nngwe,* mme kgang nngwe le nngwe e e thata ba tla e tlisa kwa go wena,+ mme ba tla dira tshwetso ka kgang nngwe le nngwe e e motlhofo. Itirele dilo motlhofo ka go ba letla gore ba rwale morwalo ono le wena.+ 23 Fa o dira seno e bile Modimo a go laela jalo, o tla kgona go rwala morwalo ono mme mongwe le mongwe o tla ya gae a kgotsofetse.”
24 Moshe o ne a reetsa mogwegadiagwe mme a dira sotlhe se a neng a se mmoleletse. 25 Moshe o ne a tlhopha banna ba ba nang le bokgoni mo Iseraele yotlhe mme a ba tlhoma gore ba etelele batho pele e le baokamedi ba dikete, baokamedi ba makgolo, baokamedi ba ditlhopha tsa masome a matlhano le baokamedi ba masome. 26 Ka jalo, fa go nna le kgang ba ne ba atlhola batho. Kgang e e thata ba ne ba e tlisa kwa go Moshe,+ mme kgang nngwe le nngwe e e motlhofo ba ne ba e atlhola. 27 Morago ga moo, Moshe o ne a buledisa* mogwegadiagwe+ mme a boela kwa lefatsheng la gagabo.
19 Mo kgweding ya boraro fa Baiseraele ba sena go tswa kwa lefatsheng la Egepeto, ba ne ba goroga mo nageng ya Sinai. 2 Ba ne ba tswa mo Refidime+ ba goroga mo nageng ya Sinai mo letsatsing le le lengwe mme ba nna mo nageng. Baiseraele ba ne ba kampa gaufi le thaba ya Sinai.+
3 Go tswa foo, Moshe o ne a tlhatlogela kwa Modimong wa boammaaruri, mme Jehofa a mmitsa go tswa mo thabeng,+ a re: “Seno ke se o tla se bolelelang ditlogolwana tsa ga Jakobe le Baiseraele, 4 ‘Lo bone se ke se dirileng Baegepeto,+ e le gore ke lo tshole ka diphuka tsa bontsu ke lo tlise kwa go nna.+ 5 Jaanong fa lo ka reetsa lentswe la me ka kelotlhoko lo bo lo boloka kgolagano ya me, ruri lo tla nna batho ba me ba ba kgethegileng* go tswa mo ditšhabeng tsotlhe+ ka gonne lefatshe lotlhe ke la me.+ 6 Lo tla nna bogosi jwa me jwa baperesiti le setšhaba sa me se se boitshepo.’+ Ano ke mafoko a o tla a bolelelang Baiseraele.”
7 Ka jalo, Moshe o ne a tsamaya mme a bitsa bagolwane ba setšhaba a bo a ba bolelela mafoko ano otlhe a Jehofa a neng a a mmoleletse.+ 8 Morago ga moo, batho botlhe ba ne ba araba ba le seoposengwe ba re: “Re ikemiseditse go dira sotlhe se Jehofa a se buileng.”+ Ka yone nako eo, Moshe o ne a ya go bolelela Jehofa kafa batho ba arabileng ka gone. 9 Mme Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ke tla kwa go wena mo lerung le lentsho gore batho ba tle ba utlwe fa ke bua le wena le gore ka metlha ba tle ba dumele le mo go wena.” Foo Moshe o ne a begela Jehofa mafoko a batho ba neng ba a buile.
10 Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ya kwa bathong, o ba baakanyetse kobamelo gompieno le kamoso, mme ba tshwanetse go tlhatswa diaparo tsa bone. 11 Ba tshwanetse go ipaakanyetsa letsatsi la boraro ka gonne mo letsatsing la boraro Jehofa o tla fologela mo Thabeng ya Sinai fa pele ga matlho a batho botlhe. 12 O tshwanetse go beela batho melelwane go dikologa thaba mme o ba reye o re, ‘Lo se ka lwa tlhatlogela kwa godimo ga thaba kgotsa lwa tshwara melelwane ya yone. Ope fela yo o tshwarang thaba ruri o tla bolawa. 13 A seatla sepe se se ka sa mo tshwara, ka gonne o tla kgobotlediwa ka maje kgotsa o tla hulwa.* E ka tswa e le phologolo kgotsa motho, ga a kitla a tshela.’+ Ba ka nna ba tla mo thabeng fa ba utlwa modumo wa lonaka lwa phelefu.”+
14 Foo Moshe o ne a fologa thaba a ya kwa bathong a bo a simolola go ba baakanyetsa kobamelo, mme ba ne ba tlhatswa diaparo tsa bone.+ 15 O ne a raya batho a re: “Ipaakanyetseng letsatsi la boraro. Lo se ka lwa tlhakanela dikobo.”*
16 Mo mosong wa letsatsi la boraro go ne ga nna le ditumo tsa maru le dikgadima e bile go ne go na le leru le le kwenneng+ mo thabeng le modumo o o kwa godimo thata wa lonaka, mme batho botlhe ba ba neng ba le mo kampeng ba simolola go roroma.+ 17 Jaanong Moshe o ne a ntshetsa batho kwa ntle ga kampa gore ba ye go kopana le Modimo wa boammaaruri, mme ba ne ba ema fa tlase ga thaba. 18 Thaba ya Sinai e ne ya kua mosi gotlhe fela ka gonne Jehofa o ne a fologetse mo go yone a le mo molelong;+ mosi wa yone o ne o tlhatloga jaaka mosi wa bobesetso, mme thaba yotlhe e ne e roroma fela thata.+ 19 Fa modumo wa lonaka o ntse o oketsega, Moshe o ne a bua mme lentswe la Modimo wa boammaaruri la mo araba.
20 Ka jalo, Jehofa o ne a fologela mo godimo ga Thaba ya Sinai. Go tswa foo, Jehofa a biletsa Moshe kwa godimo ga thaba, mme Moshe a tlhatlogela kwa godimo ga thaba.+ 21 Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Fologa, mme o tlhagise batho gore ba se ka ba leka go tla go bona Jehofa, go seng jalo ba tla swa ka bontsi. 22 Mme a baperesiti ba ba atamelang Jehofa ka metlha, ba ipaakanyetse kobamelo gore Jehofa a se ka a ba bolaya.”*+ 23 Foo Moshe o ne a raya Jehofa a re: “Batho ba ka se tlhatlogele mo Thabeng ya Sinai ka gonne o setse o re tlhagisitse, o re, ‘Baya melelwane go dikologa thaba o bo o e dira boitshepo.’”+ 24 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo raya a re: “Tsamaya, fologa, mme fa o boa o tle le Arone, mme o se ka wa letla baperesiti le batho go tla go bona Jehofa gore a se ka a ba bolaya.”+ 25 Ka jalo, Moshe o ne a fologela kwa bathong mme a ba bolelela se Modimo a se buileng.
20 Go tswa foo, Modimo o ne a bua mafoko ano otlhe,+ a re:
2 “Ke nna Jehofa, Modimo wa gago, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, kwa lefatsheng la bokgoba.+ 3 Ga o a tshwanela go nna le medimo epe e mengwe kwantle ga me.*+
4 “Ga o a tshwanela go itirela setshwantsho se se betlilweng kgotsa sengwe se se bopegileng jaaka* sepe fela se se kwa magodimong kwa godimo kgotsa mo lefatsheng fa fatshe kgotsa mo metsing ka fa tlase ga lefatshe.+ 5 Ga o a tshwanela go di ikobela kgotsa wa raelesega go di direla+ ka gonne nna Jehofa, Modimo wa gago, ke Modimo yo o batlang gore batho ba nkobamele ke le esi,+ yo o otlhaelang bana ba basimane molato wa borraabone, mo kokomaneng ya boraro le mo kokomaneng ya bonê ya ba ba ntlhoileng, 6 mme ba ba nthatang e bile ba boloka ditaelo tsa me+ ke ba bontsha lorato lo lo sa kgaotseng go ya dikokomaneng tsa bone di le diketekete.
7 “Ga o a tshwanela go dirisa leina la ga Jehofa, Modimo wa gago, ka tsela e e se nang mosola+ ka gonne Jehofa o tla otlhaya yo o dirisang leina la gagwe ka tsela e e se nang mosola.+
8 “Gakologelwa letsatsi la Sabata gore o le boloke le le boitshepo.+ 9 O dire o bo o wetse tiro yotlhe ya gago mo malatsing a le marataro,+ 10 mme letsatsi la bosupa ke sabata e e direlwang go tlotla Jehofa, Modimo wa gago. Ga o a tshwanela go dira tiro epe, e ka tswa e le wena kgotsa morwao kgotsa morwadio kgotsa motlhanka wa gago kgotsa lelata la gago kgotsa seruiwa sa gago kgotsa motswakwa yo o mo teng ga metse* ya gago.+ 11 Gonne mo malatsing a le marataro Jehofa o ne a dira magodimo le lefatshe, lewatle le dilo tsotlhe tse di mo go tsone, mme o ne a simolola go ikhutsa mo letsatsing la bosupa.+ Ke gone ka moo Jehofa a neng a segofatsa letsatsi la Sabata a bo a le dira boitshepo.
12 “Tlotla rrago le mmago+ gore o tle o tshele lobaka lo loleele mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa gago a le go nayang.+
13 “Ga o a tshwanela go bolaya motho.+
14 “Ga o a tshwanela go dira boaka.+
15 “Ga o a tshwanela go utswa.+
16 “Ga o a tshwanela go naya bosupi jwa maaka jo bo latofatsang motho yo mongwe.+
17 “Ga o a tshwanela go eletsa ntlo ya motho yo mongwe. Ga o a tshwanela go eletsa mosadi wa motho yo mongwe+ kgotsa motlhanka wa gagwe kgotsa lelata la gagwe kgotsa poo ya gagwe kgotsa tonki ya gagwe kgotsa sepe fela sa motho yo mongwe.”+
18 Jaanong batho botlhe ba ne ba utlwa ditumo tsa maru le modumo wa lonaka, ba bona dikgadima le thaba e kua mosi; fa ba bona dilo tseno, ba ne ba roroma ba bo ba emela kgakajana.+ 19 Ka jalo, ba ne ba raya Moshe ba re: “Wena bua le rona, re tla reetsa, mme o se ka wa letla Modimo gore a bue le rona ka gonne re tshaba gore re tla swa.”+ 20 Foo Moshe o ne a raya batho a re: “Lo se ka lwa boifa ka gonne Modimo wa boammaaruri o tlile gore a lo leke,+ e le gore lo tswelele lo mmoifa gore lo se ka lwa leofa.”+ 21 Batho ba ne ba nna ba emetse kgakajana mme Moshe a atamela kwa lerung le lentsho kwa Modimo wa boammaaruri a neng a le gone.+
22 Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “O reye Baiseraele o re, ‘Lo bone gore ke ne ke bua le lona go tswa kwa legodimong.+ 23 Ga lo a tshwanela go itirela medimo ya selefera mme lwa e direla mmogo le nna e bile ga lo a tshwanela go itirela medimo ya gauta.+ 24 O ntirele sebeso sa mmu mme o tla isa ditlhabelo tsa gago tse di fisiwang mo go sone, ditlhabelo tsa gago tsa go abelana,* letsomane la gago le motlhape wa gago. Mo lefelong lengwe le lengwe le ke dirang gore leina la me le gakologelwe mo go lone,+ ke tla tla kwa go wena ke bo ke go segofatsa. 25 Fa o ntirela sebeso sa maje, ga o a tshwanela go se aga o dirisa maje a a segilweng ka didirisiwa.*+ Gonne fa o dirisa tšhisele mo go sone o tla se leswafatsa. 26 Mme ga o a tshwanela go tlhatlogela kwa sebesong sa me ka ditepisi gore dirwe tsa gago tsa sephiri* di se ka tsa senogela mo go sone.’
21 “Tseno ke ditshwetso tsa boatlhodi tse o tshwanetseng go di ba bolelela:+
2 “Fa o reka motlhanka wa Mohebera,+ o tla go direla e le motlhanka dingwaga di le thataro, mme mo ngwageng wa bosupa a a gololwe kwantle ga tuelo.+ 3 Fa a tlile a le nosi, o tla tsamaya a le nosi. Fa a na le mosadi, mosadi wa gagwe o tshwanetse go tsamaya le ene. 4 Fa mong wa gagwe a mo naya mosadi, mosadi yoo a bo a mo tsholela bana ba basimane kgotsa ba basetsana, mosadi le bana ba gagwe e tla nna ba mong wa gagwe mme ene o tla tsamaya a le nosi.+ 5 Mme fa motlhanka a kopa a tiisitse a re, ‘Ke rata mong wa me, mosadi wa me le bomorwaake; ga ke batle go gololwa,’+ 6 mong wa gagwe o tshwanetse go mo tlisa fa pele ga Modimo wa boammaaruri. Go tswa foo, mong wa gagwe o tla mo atametsa fa setswalong kgotsa fa foreiming ya kgoro a bo a mo phunya tsebe ka thoko, mme o tla nna motlhanka wa gagwe botshelo jotlhe jwa gagwe.
7 “Fa monna a rekisa morwadie gore a nne lelata, ga a kitla a gololwa ka tsela e motlhanka a gololwang ka yone. 8 Fa mong wa gagwe a sa mo itumelele e bile a sa mo dire mogadingwana wa gagwe mme a dira gore a rekwe ke mongwe,* ga a kitla a nna le tshwanelo ya go mo rekisetsa batswakwa ka gonne o mo tsieditse. 9 Fa a mo tlhophela morwawe, o tshwanetse go mo naya ditshwanelo tsa ngwana wa mosetsana. 10 Fa a nyala mosadi yo mongwe, dijo, diaparo le tshwanelo ya lenyalo+ ya mosadi wa ntlha ga di a tshwanela go fokodiwa. 11 Fa a ka se ka a direla mosadi yono dilo tseo tse tharo, foo a a tsamaye a gololesegile kwantle ga go duela madi ape.
12 “Ope fela yo o itayang motho gore a bo a swe o tshwanetse go bolawa.+ 13 Mme fa a mmolaya ka phoso mme Modimo wa boammaaruri a letla gore seo se direge, ke tla lo tlhomela lefelo le a ka tshabelang kwa go lone.+ 14 Fa motho a galefela motho yo mongwe fela thata a bo a mmolaya ka boomo,+ motho yoo o tshwanetse go swa, tota le fa a ka tswa a le mo sebesong sa me.+ 15 Yo o itayang rraagwe kgotsa mmaagwe o tshwanetse go bolawa.+
16 “Fa mongwe a tsaya motho ka dikgoka+ a bo a mo rekisa kgotsa a fitlhelwa mo go ene+ o tshwanetse go bolawa.+
17 “Ope fela yo o tlhapatsang* rraagwe kgotsa mmaagwe o tshwanetse go bolawa.+
18 “Fa banna ba omana mme yo mongwe a itaya yo mongwe ka leje kgotsa ka lebole* a bo a sa swe mme a nna mo bolaong jwa gagwe a sa kgone go tsoga, seno ke se se tshwanetseng go direga: 19 Fa a kgona go tsoga a bo a tsamayatsamaya kwa ntle a ikokotlela ka thobane, yo o mo iteileng ga a kitla a otlhaiwa. O tla duelela fela nako e monna yo o gobetseng a e feditseng a sa kgone go ya tirong go fitlha a fola ka botlalo.
20 “Fa motho a itaya motlhanka wa gagwe kgotsa lelata la gagwe ka thobane mme a swela mo seatleng sa gagwe, yo o mo iteileng o tshwanetse go otlhaiwa.+ 21 Le fa go ntse jalo, fa a tswelela a tshela letsatsi kgotsa a mabedi, mong wa gagwe ga a a tshwanela go otlhaiwa ka gonne o mo rekile ka madi a gagwe.
22 “Fa banna ba lwa ba bo ba gobatsa mosadi yo o moimana mme a bo a tshola pele ga nako,*+ go bo go sa swe ope,* yo o molato o tshwanetse go duelela dikgobalo tse monna wa mosadi yoo a mo duedisang tsone; mme o tshwanetse go ntsha tuelo eo ka baatlhodi.+ 23 Mme fa mongwe a ka swa, foo o tshwanetse go duelela botshelo ka botshelo,*+ 24 leitlho ka leitlho, leino ka leino, seatla ka seatla, lonao ka lonao,+ 25 go sha ka go sha, ntho ka ntho, titeo ka titeo.
26 “Fa motho a itaya motlhanka wa gagwe mo leitlhong kgotsa lelata la gagwe mo leitlhong a bo a le senya, o tshwanetse go mo golola gore a tsamaye e le go duelela leitlho la gagwe.+ 27 Mme fa a kgola leino la motlhanka wa gagwe kgotsa leino la lelata la gagwe, o tshwanetse go mo golola gore a tsamaye e le go duelela leino la gagwe.
28 “Fa poo e tlhaba monna kgotsa mosadi mongwe a bo a swa, poo eo e tshwanetse go kgobotlediwa ka maje gore e swe+ mme nama ya yone ga e a tshwanela go jewa; mme mong wa poo eo ga a kitla a otlhaiwa. 29 Mme fa e le gore poo eo e ne e tlwaetse go tlhaba, mme mong wa yone a ile a tlhagisiwa a bo a sa e tlhokomele e bo e bolaya monna kgotsa mosadi mongwe, poo eo e tshwanetse go kgobotlediwa ka maje, mong wa yone le ene o tshwanetse go bolawa. 30 Fa a laelwa go ntsha thekololo,* o tshwanetse go ntshetsa botshelo* jwa gagwe tlhwatlhwa ya thekololo go ya ka sotlhe se a se laetsweng. 31 Le fa e ka tswa e tlhabile morwa kgotsa morwadi, mong wa poo eo o tshwanetse go direlwa ka fa tshwetsong eno ya boatlhodi. 32 Fa poo eo e tlhabile motlhanka kgotsa lelata, mong wa yone o tla naya mong wa yo o tlhabilweng tlhwatlhwa ya dishekele* di le 30, mme poo eo e tla kgobotlediwa ka maje gore e swe.
33 “Fa motho a khurumolola khuti kgotsa a epa khuti a bo a sa e khurumele, poo kgotsa tonki e bo e wela mo teng ga yone, 34 mong wa khuti eo o tshwanetse go duela.+ O tshwanetse go naya mong wa yone tuelo eo, mme phologolo eo e e suleng e tla nna ya gagwe. 35 Fa poo ya motho mongwe e gobatsa poo ya yo mongwe e bo e swa, ba tshwanetse go rekisa poo e e tshelang ba bo ba kgaogana tlhwatlhwa ya yone e e duetsweng; gape ba tshwanetse go kgaogana phologolo eo e e suleng. 36 Kgotsa fa go ne go itsege gore poo eo e ne e tlwaetse go tlhaba, mme mong wa yone a ne a sa e tlhokomele, o tshwanetse go duela poo ka poo, mme e e suleng e tla nna ya gagwe.
22 “Fa motho a utswa poo kgotsa nku a bo a e tlhaba kgotsa a e rekisa, o tshwanetse go duela poo eo ka dipoo di le tlhano mme nku ka dinku di le nnê.+
2 (“Fa legodu+ le fitlhelwa le thuba le bo le itewa le bo le swa, motho yo o le bolaileng ga a kitla a nna le molato wa madi. 3 Mme fa seno se direga letsatsi le sena go tlhaba, yo o le bolaileng o tla nna le molato wa madi.)
“Legodu le tshwanetse go duela. Fa le se na sepe, foo le tshwanetse go rekisiwa ka ntlha ya dilo tse le di utswileng. 4 Fa se le se utswileng se fitlhelwa mo go lone se tshela, e ka tswa e le poo kgotsa tonki kgotsa nku, le tshwanetse go duela epe ya tsone ka di le pedi.
5 “Fa motho a fudisa diphologolo tsa gagwe mo mafulong a gagwe kgotsa mo tshimong ya gagwe ya morara,* a bo a di tlogela di ya go fula mo tshimong ya motho yo mongwe, o tshwanetse go duela ka dilo tse di di gaisang tsotlhe tsa tshimo ya gagwe kgotsa ka maungo a a a gaisang otlhe a tshimo ya gagwe ya morara.
6 “Fa go nna le molelo mme o anamela mo ditlhatshaneng tsa mmitlwa o bo o laila dingata kgotsa dijo tsa ditlhaka tse di sa ntseng di eme kgotsa tshimo, motho yo o gotsitseng molelo oo o tshwanetse go duelela se se sheleng.
7 “Fa motho a naya motho yo mongwe madi kgotsa dilwana gore a di boloke di bo di utswiwa mo ntlong ya motho yoo, fa legodu leo le tshwarwa, le tshwanetse go duela dilo tseo di menagane sebedi.+ 8 Fa legodu leo le sa tshwarwe, mong wa ntlo o tshwanetse go tlisiwa fa pele ga Modimo wa boammaaruri+ e le go tlhomamisa gore a ga se ene a utswileng dithoto tsa motho yoo. 9 Fa mongwe a latofadiwa ka gore o utswile sengwe, e ka tswa e le poo, tonki, nku, seaparo kgotsa sepe fela se se latlhegileng se motho a tla reng, ‘Ke sa me!’ boobabedi ba tla tlisa kgang ya bone fa pele ga Modimo wa boammaaruri.+ Yo Modimo a tla itsiseng gore ke ene yo o molato, o tshwanetse go duela yo mongwe go menagane sebedi.+
10 “Fa motho a naya motho mongwe tonki kgotsa poo kgotsa nku kgotsa seruiwa sepe fela gore a se tlhokomele se bo se swa kgotsa se golafala kgotsa se gapiwa go se ope yo o lebileng, 11 ba tshwanetse go dira maikano fa pele ga ga Jehofa gore ga se ene a utswileng dithoto tsa yo mongwe; mme mong wa tsone o tshwanetse go a amogela. Yo o neng a di neilwe ga a tshwanela go duela.+ 12 Mme fa phologolo e utswilwe mo go ene, o tshwanetse go duela mong wa yone. 13 Fa e gagogantswe ke sebatana, o tshwanetse go tla ka yone gore e nne bosupi. Ga a a tshwanela go duelela selo se se gagogantsweng ke sebatana.
14 “Mme fa mongwe a adima phologolo ya motho yo mongwe e bo e golafala kgotsa e swa e se kwa go mong wa yone, motho yo o e adimileng o tshwanetse go duela. 15 Fa e le kwa go mong wa yone, ga a a tshwanela go e duelela. Fa e ne e hirilwe, madi a a neng a ntshiwa fa e hiriwa, ke one tuelo.
16 “Jaanong fa monna a raela kgarebane e e iseng e beelediwe a bo a tlhakanela dikobo le yone, o tshwanetse go mo ntshetsa bogadi gore a nne mosadi wa gagwe.+ 17 Fa rraagwe kgarebane eo a gana gotlhelele go mo naya kgarebane, monna yoo o tshwanetse go duela madi a a lekaneng bogadi.
18 “Ga o a tshwanela go letla moloi wa mosadi gore a tshele.+
19 “Ope fela yo o tlhakanelang dikobo le phologolo, ruri o tshwanetse go bolawa.+
20 “Ope fela yo o ntshetsang medimo epe ditlhabelo fa e se Jehofa a le nosi, o tshwanetse go bolawa.+
21 “Ga o a tshwanela go tshwara motswakwa makgwakgwa kgotsa wa mo gatelela+ ka gonne lo ne lo le batswakwa kwa lefatsheng la Egepeto.+
22 “Ga lo a tshwanela go bogisa motlholagadi ope kgotsa khutsana.*+ 23 Fa lo mmogisa gore a bo a lelele kwa go nna, ruri ke tla utlwa selelo sa gagwe;+ 24 mme bogale jwa me bo tla tuka, ke tla lo bolaya ka tšhaka, mme basadi ba lona e tla nna batlholagadi le bana ba lona ba tla nna dikhutsana.
25 “Fa o adima mongwe wa batho ba me yo o humanegileng* madi, yo o agileng le wena, ga o a tshwanela go tshwana le motho yo o adimisang batho madi a batla morokotso. Ga lo a tshwanela go mo duedisa morokotso.+
26 “Fa o tsaya seaparo sa motho yo mongwe gore e nne peeletso ya sengwe se o se mo adimileng,+ o se busetse kwa go ene fa letsatsi le phirima. 27 Gonne seaparo seo, ke sone fela se a ithutafatsang ka sone;* o tla lala mo go eng fa a robala?+ Fa a lelela kwa go nna, ruri ke tla mo utlwa ka gonne ke pelotlhomogi.*+
28 “Ga o a tshwanela go hutsa* Modimo+ kgotsa wa hutsa kgosana* ya batho ba gaeno.+
29 “Ga o a tshwanela go okaoka go nkabela go tswa mo thobong ya gago e ntsi le go tswa mo beineng le mo leokwaneng la gago le lentsi.+ O tshwanetse go nnaya leitibolo la bomorwao.+ 30 Seno ke se o tla se dirang ka poo ya gago le nku ya gago:+ E tla nna le mmaayone malatsi a le supa. Mo letsatsing la borobedi, o e nneye.+
31 “Lo tshwanetse go nna batho ba ba boitshepo mo go nna,+ gape ga lo a tshwanela go ja nama ya sepe fela se se gagogantsweng ke sebatana kwa nageng.+ Lo e latlhelele dintša.
23 “Ga o a tshwanela go anamisa* pego e e seng boammaaruri.+ O se ka wa dirisana le motho yo o bosula ka go nna mosupi yo o logang maano a a bosula.+ 2 Ga o a tshwanela go sala bontsi morago gore o dire bosula e bile ga o a tshwanela go sokamisa tshiamiso ka go ntsha bosupi gore o itumedise bontsi.* 3 Ga o a tshwanela go nna le tlhaolele mo tshekong ya motho yo o humanegileng.+
4 “Fa o kopana le poo ya mmaba wa gago kgotsa tonki ya gagwe e timetse, o tshwanetse go e busetsa kwa go ene.+ 5 Fa o bona gore tonki ya mongwe yo o go tlhoileng e wetse ka fa tlase ga morwalo wa yone, ga o a tshwanela go e tlhokomologa o bo o tsamaya. O tshwanetse go mo thusa go golola phologolo eo.+
6 “Ga o a tshwanela go sokamisa katlholo ya mohumanegi yo o mo gare ga lona fa a le mo tshekong.+
7 “O nnele kgakala le tatofatso* ya maaka e bile o se ka wa bolaya motho yo o se nang molato le yo o siameng ka gonne ga nkitla ke tsaya gore motho yo o bosula o siame.*+
8 “Ga o a tshwanela go amogela pipamolomo ka gonne pipamolomo e foufatsa batho ba ba bonang sentle e bile e ka sokamisa mafoko a batho ba ba siameng.+
9 “Ga o a tshwanela go gatelela motswakwa. Lo a itse gore go nna motswakwa go ntse jang* ka gonne lo ne lo le batswakwa kwa lefatsheng la Egepeto.+
10 “O jale peo mo lefatsheng la gago mme o phuthe se se tlhogang mo go lone dingwaga di le thataro.+ 11 Mme mo ngwageng wa bosupa o le tlogele le sa lengwa, o le tlogele e le legola* fela, mme bahumanegi ba ba mo gare ga batho ba gago ba tla ja se se tlhogang mo go lone, mme se ba se tlogelang se tla jewa ke diphologolo tsa naga. Seo ke se o tla se dirang ka tshimo ya gago ya morara* le ka sekgwa sa gago sa motlhware.
12 “O dire tiro ya gago mo malatsing a le marataro; mme mo letsatsing la bosupa o se ka wa dira tiro epe, gore poo ya gago le tonki ya gago di tle di ikhutse le gore morwa wa lelata la gago le motswakwa ba tle ba itapolose.+
13 “Lo tshwanetse go tlhomamisa gore lo dira sotlhe se ke se lo boleletseng+ e bile ga lo a tshwanela go umaka maina a medimo e sele; a se ka a utlwiwa mo melomong ya lona.+
14 “O ntirele moletlo gararo ka ngwaga.+ 15 O keteke Moletlo wa Senkgwe Se se Se Nang Sebediso.+ O tla ja senkgwe se se se nang sebediso malatsi a le supa, fela jaaka ke go laetse, ka nako e e tlhomilweng ka kgwedi ya Abibe,*+ ka gonne o ne wa tswa kwa Egepeto ka yone nako eo. Ope a se ka a tla fa pele ga me a iphotlhere fela.+ 16 Gape o keteke Moletlo wa Thobo* ya maungo a mabutswapele a tiro ya gago, a se o se jalang mo tshimong;+ le Moletlo wa go Kgobokanya* fa ngwaga o fela, fa o kgobokanya thobo e o e bereketseng ka natla mo tshimong.+ 17 Gararo ka ngwaga banna botlhe ba lona ba tle fa pele ga Morena wa boammaaruri e bong Jehofa.+
18 “Ga o a tshwanela go ntsha madi a setlhabelo sa me mmogo le sepe fela se se nang le sebediso. Mme ditlhabelo tsa mafura tse di ntshiwang kwa meletlong ya me di se ka tsa bewa bosigo jotlhe go fitlha mo mosong.
19 “O tlise maungo a mabutswapele a a a gaisang otlhe a mmu wa gago mo ntlong ya ga Jehofa, Modimo wa gago.+
“Ga o a tshwanela go bedisa potsane ka mashi a mmaayone.+
20 “Ke romela moengele kwa pele ga gago+ gore a go sireletse mo tseleng a bo a go tlise mo lefelong le ke le baakantseng.+ 21 O mo reetse o bo o ikobele lentswe la gagwe. O se ka wa mo tlhanogela ka gonne ga a kitla a itshwarela melato ya lona+ ka gonne leina la me le mo go ene. 22 Le fa go ntse jalo, fa o ikobela lentswe la gagwe ka kelotlhoko o bo o dira sotlhe se ke se buang, ke tla nna mmaba wa baba ba gago e bile ke tla ganetsa ba ba go ganetsang. 23 Gonne moengele wa me o tla tsamaya kwa pele ga gago mme o tla go isa kwa Baamoreng, kwa Bahiteng, kwa Baperiseng, kwa Bakananeng, kwa Bahifeng le kwa Bajebuseng, mme ke tla ba nyeletsa.+ 24 Ga o a tshwanela go ikobela medimo ya bone kgotsa wa tlhotlhelediwa go e direla e bile ga o a tshwanela go etsa ditiro tsa bone.+ Go na le moo, o tshwanetse go e senya o bo o thube dipilara tsa yone tse di boitshepo.+ 25 Lo tshwanetse go direla Jehofa, Modimo wa lona,+ mme o tla segofatsa senkgwe sa lona le metsi a lona.+ Ke tla tlosa bolwetse mo gare ga lona.+ 26 Basadi ba ba mo lefatsheng la gago ga ba kitla ba senyegelwa kgotsa ba nna meopa+ mme ke tla dira gore o tshele botshelo jo boleele.*
27 “Ke tla dira gore ba mpoife le e leng pele ga lo goroga,+ mme ke tla dira gore batho botlhe ba lo kopanang le bone ba tlhakane tlhogo e bile ke tla dira gore baba ba lona botlhe ba tshabe fa pele ga lona ba fentswe.*+ 28 Pele ga lo goroga, ke tla dira gore baba ba lona ba kgobege marapo*+ mme ke tla leleka Bahife, Bakanana le Bahite fa pele ga lona.+ 29 Ga nkitla ke ba leleka fa pele ga gago mo ngwageng o le mongwe, gore lefatshe le se ka la sala le se na banni mme diphologolo tsa naga tsa oketsega di bo di lo gobatsa.+ 30 Ke tla ba leleka kgato ka kgato ke ba ntsha fa pele ga gago go fitlha o ata o bo o gapa lefatshe leo.+
31 “Ke tla tlhoma molelwane wa gago go tswa kwa Lewatleng le Lehibidu go ya kwa lewatleng la Bafilisitia le go tswa kwa nageng go ya kwa Nokeng;*+ ka gonne ke tla tsenya banni ba lefatshe leo mo seatleng sa lona, mme lo tla ba leleka lo ba ntsha fa pele ga lona.+ 32 Ga o a tshwanela go dira kgolagano le bone kgotsa le medimo ya bone.+ 33 Ba se ka ba nna mo lefatsheng la gago, gore ba se ka ba dira gore o nteofele. Fa o ka direla medimo ya bone, ruri o tla welwa ke masetlapelo.”+
24 Go tswa foo, o ne a raya Moshe a re: “Tlhatlogela kwa go Jehofa, wena le Arone, Nadabe le Abihu+ le bagolwane ba Iseraele ba le 70 mme lo ikobe lo le kgakajana. 2 Moshe a atamele Jehofa a le nosi; mme ba bangwe bone ba se ka ba atamela, le batho ba se ka ba palama thaba le ene.”+
3 Moshe o ne a tla mme a bolelela batho mafoko otlhe a ga Jehofa le ditshwetso tsotlhe tsa boatlhodi,+ mme batho botlhe ba ne ba araba ka lentswe le le lengwe ba re: “Re ikemiseditse go diragatsa mafoko otlhe a Jehofa a a buileng.”+ 4 Ka jalo, Moshe o ne a kwala mafoko otlhe a ga Jehofa.+ Mme a tsoga go sa le phakela a aga sebeso fa tlase ga thaba le dipilara di le 12 tse di emelang ditso di le 12 tsa Iseraele. 5 Morago ga moo, o ne a roma makawana a Baiseraele mme ba isa ditlhabelo tse di fisiwang ba bo ba tlhabela Jehofa dipoo e le ditlhabelo tsa go abelana.+ 6 Go tswa foo, Moshe o ne a tsaya halofo ya madi a a tshela mo dikotleleng tse dinnye, mme halofo e nngwe ya madi a e kgatšha mo sebesong. 7 Foo o ne a tsaya buka ya kgolagano a e balela kwa godimo batho ba reeditse.+ Mme ba ne ba re: “Re ikemiseditse go dira sotlhe se Jehofa a se buileng e bile re tla nna kutlo.”+ 8 Ka jalo, Moshe o ne a tsaya madi a kgatšha batho ka one+ a bo a re: “Ano ke madi a kgolagano e Jehofa a e dirileng le lona go dumalana le mafoko ano otlhe.”+
9 Moshe le Arone, Nadabe le Abihu le bagolwane ba Iseraele ba le 70 ba ne ba tlhatloga, 10 mme ba ne ba bona Modimo wa Iseraele.+ Ka fa tlase ga dinao tsa gagwe go ne go na le sengwe se se tshwanang le boalo jwa maje a safire e bile se galalela jaaka magodimo.+ 11 Ga a ka a utlwisa banna bano ba ba tlhomologileng ba Baiseraele botlhoko,+ mme ba ne ba bona Modimo wa boammaaruri mo ponatshegelong mme ba ja ba bo ba nwa.
12 Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Tlhatlogela kwano mo go nna mo thabeng mme o nne fano. Ke tla go naya dikwalelo tsa leje, mme mo go tsone ke tla kwala melao le ditaelo tse di tla kaelang batho.”+ 13 Ka jalo, Moshe o ne a tsamaya le Joshua+ motlhokomedi wa gagwe, mme Moshe a tlhatlogela mo thabeng ya Modimo wa boammaaruri.+ 14 Mme o ne a reile bagolwane a re: “Re leteleng fano go fitlha re boela kwa go lona.+ Arone le Hure+ ba na le lona. Ope fela yo o nang le kgang a ka ya kwa go bone.”+ 15 Go tswa foo, Moshe o ne a tlhatlogela kwa godimo ga thaba fa leru le ne le e khurumeditse.+
16 Kgalalelo ya ga Jehofa+ e ne ya tswelela e le mo Thabeng ya Sinai,+ mme leru le ne la e khurumetsa malatsi a le marataro. Mo letsatsing la bosupa o ne a bitsa Moshe go tswa mo gare ga leru. 17 Baiseraele ba ba neng ba lebile, ba ne ba bona tsela e kgalalelo ya ga Jehofa e neng e lebega ka yone e tshwana le molelo o o lailang mo godimo ga thaba. 18 Moshe o ne a tsena mo lerung a bo a tlhatlogela kwa godimo ga thaba.+ Mme Moshe o ne a nna mo thabeng malatsi a le 40 le masigo a le 40.+
25 Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: 2 “Bolelela batho ba Iseraele gore ba nketshetse* moneelo; lo tseye moneelo wa me mo mothong mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e mo tlhotlheletsang.+ 3 Ono ke moneelo o lo tla o amogelang mo go bone: gauta,+ selefera,+ kopore,+ 4 tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole,* tlhale e khibidu*, letsela le le boleta, boboa jwa dipodi, 5 matlalo a diphelefu a a fetoletsweng mo mmaleng o mohibidu, matlalo a a borethe,* logong lwa mokala,+ 6 leokwane la dipone,+ balema e e dirang leokwane la go tlotsa+ le e e dirang maswalo a a nkgang monate+ 7 le maje a onikise le maje a mangwe a a tla kgomarediwang mo khibeng+ le mo kgetsaneng ya sehuba.+ 8 Ba ntirele lefelo le le boitshepo, mme ke tla nna* mo gare ga bone.+ 9 O tshwanetse go dira motlaagana le dilwana tsotlhe tsa one o latela polane e ke go e bontshang.+
10 “Ba dire letlole* ka logong lwa mokala, boleele jwa lone e nne mo e ka nnang disentimetara di le 111* mme bophara jwa lone e nne mo e ka nnang disentimetara di le 67* mme bogodimo jwa lone e nne mo e ka nnang disentimetara di le 67.+ 11 Go tswa foo, o le manege gauta e e sa tswakanngwang.+ O le manege ka fa teng le ka fa ntle, mme o le direle mokgabisa wa gauta go le dikologa.+ 12 Mme o le direle maseka a gauta a le manê o bo o a kgomaretsa fa godimo ga maoto a lone a manê, maseka a mabedi ka fa letlhakoreng le lengwe le maseka a mangwe a mabedi ka fa letlhakoreng le lengwe. 13 Mme o dire dikota ka logong lwa mokala o bo o di manega gauta.+ 14 O tsenye dikota tseno mo masekeng ano a a mo matlhakoreng a Letlole gore go tsholediwe Letlole ka tsone. 15 Dikota tseno di nne mo masekeng a Letlole; di se ka tsa ntshiwa mo go lone.+ 16 O beye dikwalelo tsa leje* tse ke tla go di nayang mo Letloleng.+
17 “O dire sekhurumelo ka gauta e e sa tswakanngwang, boleele jwa sone e nne mo e ka nnang disentimetara di le 111 mme bophara jwa sone e nne mo e ka nnang disentimetara di le 67.+ 18 O dire ditšheruba di le pedi ka gauta; o di dire ka gauta e e papetlilweng mo dintlheng tsoopedi tsa sekhurumelo.+ 19 O dire ditšheruba mo dintlheng tse pedi tsa sekhurumelo, tšheruba e nngwe mo ntlheng eno mme e nngwe mo ntlheng ele. 20 Ditšheruba tseno di tsharololele diphuka tsa tsone tse pedi kwa godimo, di khurumetse sekhurumelo ka diphuka tsa tsone+ mme di lebagane. Difatlhego tsa ditšheruba di inamele mo sekhurumelong. 21 O beye sekhurumelo+ fa godimo ga Letlole, mme o tsenye dikwalelo tsa leje* tse ke tla go di nayang mo Letloleng. 22 Ke tla itlhagisa mo go wena koo ke bo ke bua le wena go tswa fa godimo ga sekhurumelo.+ Go tswa fa gare ga ditšheruba tse pedi tse di mo godimo ga letlole la kgolagano,* ke tla go itsise sotlhe se ke tla se go laelang gore o se bolelele Baiseraele.
23 “Gape o dire tafole+ ka logong lwa mokala, boleele jwa yone e nne disentimetara di le 89 mme bophara jwa yone e nne disentimetara di ka nna 45 mme bogodimo jwa yone e nne disentimetara di ka nna 67.+ 24 O e manege ka gauta e e sa tswakanngwang o bo o e direla mokgabisa wa gauta go e dikologa. 25 O e tsenye polanka e tshesane ya boatlhamo jwa bophara jwa seatla* mo matlhakoreng a yone le mokgabisa wa gauta go e dikologa. 26 O e direle maseka a le manê a gauta o bo o tsenya maseka ano mo dikhoneng tse nnê fa maoto a yone a manê a kgomareditsweng gone. 27 Maseka a nne gaufi le polanka eo e tshesane gore a tshegetse dikota tsa go tsholetsa tafole. 28 O dire dikota ka logong lwa mokala o bo o di manega gauta gore tafole e tsholediwe ka tsone.
29 “Gape o dire dijana tsa yone, dikopi tsa yone, le dinkgo tsa yone le dikotlele tse dinnye tse ba tla tshelang ditlhabelo tsa senô mo go tsone. O di dire ka gauta e e sa tswakanngwang.+ 30 Mme o beye senkgwe se se bewang fa pele ga me mo tafoleng ka metlha.+
31 “O dire setlhomo sa dipone+ ka gauta e e sa tswakanngwang. Setlhomo seo sa dipone se dirwe ka gauta e e papetlilweng. Karolo ya sone e e kwa tlase, kutu ya sone, dikala tsa sone, dinkgwana tsa sone, dikarolo tse di kgolokwe tsa sone le malômô* a tsone, e nne selo se le sengwe.+ 32 Mme dikala di le thataro di dirwe mo matlhakoreng a setlhomo sa dipone, dikala di le tharo di dirwe ka fa letlhakoreng le lengwe mme dikala tse dingwe di le tharo di dirwe ka fa letlhakoreng le lengwe. 33 Kala nngwe le nngwe e nne le dinkgwana di le tharo tse di bopegileng jaaka malômô a setlhare sa thamane, dikarolo tse di kgolokwe le malômô, mme tsotlhe di bewe ka go refosana. Go nne jalo mo dikaleng tsotlhe tse thataro tse di tla dirwang mo kutung ya setlhomo sa dipone. 34 Mo kutung ya setlhomo sa dipone go nne le dinkgwana di le nnê tse di bopegileng jaaka malômô a setlhare sa thamane, dikarolo tse di kgolokwe le malômô a sone, mme tsotlhe di bewe ka go refosana. 35 Karolo e e kgolokwe e nne ka fa tlase ga dikala tse pedi tsa ntlha tse di mo kutung le karolo e e kgolokwe ka fa tlase ga dikala tse dingwe tse pedi tse di latelang le karolo e e kgolokwe ka fa tlase ga dikala tse dingwe gape tse pedi tse di latelang, go nne jalo mo dikaleng tseno tse thataro tse di tswang mo kutung. 36 Dikarolo tse di kgolokwe tseno le dikala tseno le setlhomo sotlhe sa dipone e nne selo se le sengwe se se dirilweng ka gauta e e sa tswakanngwang e e papetlilweng.+ 37 O se direle dipone di le supa, mme fa dipone tseo di tshubilwe, di tla bonesa lefelo le le fa pele ga tsone.+ 38 Ditimalobone* tsa sone le ditsholamolelo tsa sone e nne tsa gauta e e sa tswakanngwang.+ 39 Setlhomo seno le dilwana tseno di dirwe ka talenta* ya gauta e e sa tswakanngwang. 40 O tlhomamise gore o di dira go ya ka polane e o e bontshitsweng mo thabeng.+
26 “O dire motlaagana+ ka matsela a tente a le lesome a tlhale e e boleta e e otlhilweng, tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole le tlhale e khibidu. O a kgabise ka go loga ditshwantsho+ tsa ditšheruba+ mo go one. 2 Letsela lengwe le lengwe la tente le tla nna boleele jwa dimetara di ka nna 12* le bophara jwa disentimetara di le 178.* Matsela ano otlhe a tente a tshwanetse go lekana.+ 3 Matsela a le matlhano a tente a kopanngwe go nna selo se le sengwe mme matsela a mangwe a matlhano a tente a tla kopanngwa go nna selo se le sengwe. 4 O dire dilupu tsa tlhale e e botala jwa loapi mo letseleng la bofelo la a a kopantsweng, mme o dire se se tshwanang le mo letseleng la bofelo la matsela a mangwe a a kopantsweng, kwa matsela ano a tla kopanang gone. 5 O dire dilupu di le 50 mo letseleng le le lengwe la tente, o bo o dira dilupu di le 50 kwa bofelong jwa letsela le lengwe la tente gore dilupu tseno di lebagane fa di kopanang gone. 6 O dire dihuku di le 50 tsa gauta o bo o gokaganya matsela ano ka tsone, mme motlaagana e tla nna selo se le sengwe.+
7 “Gape o direle tente matsela ka boboa jwa dipodi+ gore a khurumetse motlaagana. O dire matsela a tente a le 11.+ 8 Letsela lengwe le lengwe la tente le nne boleele jwa dimetara di ka nna 13 le bophara jwa disentimetara di le 178. Matsela ano otlhe a tente a le 11 a tshwanetse go lekana. 9 O kopanye matsela a le matlhano a tente mmogo o bo o kopanya matsela a mangwe a marataro a tente mmogo, mme o mene letsela la tente la borataro fa pele ga tente. 10 Mme o dire dilupu di le 50 kwa bofelong jwa letsela le le lengwe la tente, letsela la bofelo mo go a a kopantsweng, le dilupu di le 50 mo letseleng la bofelo la tente la matsela a mangwe a a kopantsweng kwa matsela ano a kopanang gone. 11 O dire dihuku di le 50 tsa kopore, o di tsenye mo dilupung o bo o gokaganya tente, mme e tla nna selo se le sengwe. 12 Karolo e e setseng ya matsela a tente e tlogelwe gore e lepelele. Halofo ya letsela la tente le le setseng e lepelele kwa morago ga motlaagana. 13 Karolo e telele e e setseng ya matsela a tente e lepelele mo letlhakoreng lengwe le lengwe la motlaagana ka disentimetara di ka nna 45 gore e khurumetse motlaagana.
14 “Gape o direle tente sekhurumetso ka matlalo a diphelefu a a fetoletsweng mo mmaleng o mohibidu mme mo godimo ga sone o dire sekhurumetso se sengwe ka matlalo a a borethe.*+
15 “O direle motlaagana diforeimi+ tse di emeng di tlhamaletse o dirisa logong lwa mokala.+ 16 Foreimi nngwe le nngwe e nne boleele jwa dimetara di ka nna nnê le halofo le bophara jwa disentimetara di ka nna 67. 17 Foreimi nngwe le nngwe e nne le dipale* tse pedi tse di gokagantsweng. Ke kafa o tla dirang diforeimi tsotlhe tsa motlaagana ka gone. 18 O dire diforeimi di le 20 ka fa letlhakoreng le le ka fa borwa la motlaagana, di lebile kwa borwa.
19 “O dire metheo e e khuti+ ya selefera e le 40 ka fa tlase ga diforeimi di le 20: foreimi e le nngwe e direlwe metheo e mebedi e e khuti ka fa tlase ga dipale tsa yone tse pedi, foreimi nngwe le nngwe e e latelang le yone e direlwe metheo e mebedi e e khuti ka fa tlase ga dipale tsa yone tse pedi.+ 20 Mme ka fa letlhakoreng le lengwe la motlaagana, letlhakore le le ka fa bokone, o dire diforeimi di le 20 21 le metheo ya tsone e e khuti ya selefera e le 40, metheo e mebedi e e khuti e le ka fa tlase ga foreimi e le nngwe le metheo e mebedi e e khuti e le ka fa tlase ga foreimi nngwe le nngwe e e latelang. 22 Karolo e e kwa morago ya motlaagana, e e ka fa bophirima, o e direle diforeimi di le thataro.+ 23 O dire diforeimi di le pedi tse e tla nnang dikota tsa dikhona tse pedi tse di kwa morago tsa motlaagana. 24 Di tshwanetse go pataganngwa go tswa kwa tlase go ya kwa godimo, go fitlha kwa lesekeng la ntlha. Tsotlhe ka bobedi di tshwanetse go dirwa jalo mme e tla nna dikota tsa dikhona tse pedi. 25 Mme go nne le diforeimi di le robedi le metheo ya tsone e e khuti ya selefera e le 16, metheo e le mebedi e e khuti e le ka fa tlase ga foreimi e le nngwe le metheo e le mebedi e e khuti e le ka fa tlase ga foreimi nngwe le nngwe e e latelang.
26 “O dire mephakalego ka logong lwa mokala, e metlhano e nne ya diforeimi tse di ka fa letlhakoreng le le lengwe la motlaagana,+ 27 le mephakalego e metlhano ya diforeimi tse di ka fa letlhakoreng le lengwe la motlaagana, le mephakalego e metlhano ya diforeimi tse di ka fa letlhakoreng la motlaagana le le ka fa bophirima, mo karolong e e ka fa morago. 28 Mophakalego o o fa gare o o kgabaganyang mo bogareng jwa diforeimi o tshwanetse go tswa kwa ntlheng e nngwe o ya ntlheng e nngwe.
29 “O manege diforeimi ka gauta+ o bo o di direle maseka a gauta gore a tshegetse mephakalego, mme o manege mephakalego ka gauta. 30 O tshwanetse go dira motlaagana go ya ka polane ya one e o e bontshitsweng mo thabeng.+
31 “O dire sesiro+ ka tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng. Se kgabisiwe ka go loga ditshwantsho tsa ditšheruba mo go sone. 32 O se pege mo dipilareng di le nnê tsa mokala tse di manegilweng gauta. Dihuku tsa tsone e nne tsa gauta. Dipilara tseno di tlhomiwe mo metheong e menê e e khuti ya selefera. 33 O pege sesiro seno ka fa tlase ga dihuku o bo o tlisa letlole la kgolagano*+ mo teng ga sesiro. Sesiro seo se kgaoganye Boitshepo+ le Boitshepo Jwa Maitshepo.+ 34 O tshwanetse go khurumela letlole la kgolagano* le le mo Boitshepong Jwa Maitshepo.
35 “O beye tafole kwa ntle ga sesiro, le setlhomo sa dipone+ se lebagane le tafole se le ka fa letlhakoreng le le ka fa borwa la motlaagana; mme tafole eo o e beye ka fa bokone. 36 O direle kgoro ya tente setswalo* ka tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng, di logilwe mmogo.+ 37 O direle setswalo* dipilara di le tlhano ka mokala o bo o di manega gauta. Dihuku tsa tsone e nne tsa gauta mme o di direle metheo e metlhano e e khuti ya kopore.
27 “O dire sebeso ka logong lwa mokala;+ boleele jwa sone e nne disentimetara di ka nna 223* mme bophara jwa sone disentimetara di ka nna 223. Sebeso seno se nne le matlhakore a le manê a a lekanang, mme bogodimo jwa sone e nne disentimetara di ka nna 134.*+ 2 O dire dinaka+ mo dikhoneng tsa sone tse nnê; dinaka tseno e nne karolo ya sebeso mme o manege sebeso kopore.+ 3 O dire dikgamelo tse go ntshiwang melora* ya sebeso ka tsone, mmogo le digarawe, dikotlele tse dinnye, diforoko le ditsholamolelo, mme o dire dilwana tsotlhe tsa sone ka kopore.+ 4 O direle sebeso sêfê ya kopore, mme mo dikhoneng tsa sone tse nnê o dire maseka a le manê. 5 O e tsenye mo gare go tloga kwa karolong e e kwa godimo ya sebeso. Sêfê eno e tla bo e le mo bogareng jwa sebeso. 6 O direle sebeso dikota ka logong lwa mokala o bo o di manega kopore. 7 Dikota tseno di tsenngwe mo masekeng gore fa sebeso se tsholeditswe, dikota di nne mo matlhakoreng a mabedi a sone.+ 8 Sebeso seno o se dire se bopegile jaaka letlole le le khuti la dipolanka. Se dirwe fela jaaka Modimo a go bontshitse mo thabeng.+
9 “O dire lolwapa+ lwa motlaagana. Ka fa letlhakoreng le le ka fa borwa, le le lebileng kwa borwa, lolwapa loo lo nne le matsela a a lepelelang a tlhale e e boleta e e otlhilweng, e le a boleele jwa dimetara di ka nna 45 mo letlhakoreng le le lengwe.+ 10 Lo nne le dipilara di le 20 le metheo e e khuti ya kopore e le 20. Dihuku tsa dipilara le dikgokedi* tsa tsone e nne tsa selefera. 11 Matsela a a lepelelang a letlhakore le le ka fa bokone le one a nne boleele jwa dimetara di ka nna 45 mmogo le dipilara tsa one di le 20 le metheo ya tsone e e khuti ya kopore e le 20, le dihuku le dikgokedi* tsa selefera tsa dipilara. 12 Ka fa letlhakoreng la bophirima go nne le matsela a a lepelelang a dimetara di ka nna 22 go kgabaganya bophara jwa lolwapa, le dipilara di le lesome le metheo e e khuti e le lesome. 13 Bophara jwa lolwapa ka fa letlhakoreng le le ka fa botlhaba e nne dimetara di ka nna 22. 14 Go nne le matsela a a lepelelang a dimetara di ka nna supa mo letlhakoreng le le lengwe, le dipilara tse tharo le metheo e e khuti e le meraro.+ 15 Mme ka fa letlhakoreng le lengwe go nne le matsela a a lepelelang a dimetara di ka nna supa, le dipilara di le tharo le metheo e e khuti e le meraro.
16 “Kgoro ya lolwapa e nne le setswalo* sa boleele jwa dimetara di ka nna robongwe, se se dirilweng ka tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng di logilwe mmogo,+ le dipilara di le nnê le metheo e e khuti e le menê.+ 17 Dipilara tsotlhe tse di dikologileng lolwapa di nne le dilo tse di gokaganyang tsa selefera le dihuku tsa selefera mme metheo ya tsone e e khuti e nne ya kopore.+ 18 Lolwapa lo nne boleele jwa dimetara di ka nna 45,+ bophara jwa dimetara di ka nna 22 le bogodimo jwa disentimetara di ka nna 223, lo dirilwe ka letsela le le boleta le le otlhilweng mme lo nne le metheo e e khuti ya kopore. 19 Dilwana tsotlhe le dilo tsotlhe tse di tla dirisiwang mo tirelong ya motlaagana mmogo le dipekere tsa one tse ditona le dipekere tsotlhe tse ditona tsa lolwapa e nne tsa kopore.+
20 “O laele Baiseraele gore ba go tlisetse leokwane le le sa tswakanngwang la motlhware o o kgobilweng le le dirisediwang go tshuba gore dipone di nne di tshubilwe ka metlha.+ 21 Mo tenteng ya bokopanelo, ka fa ntle ga sesiro se se gaufi le letlole la kgolagano,*+ Arone le bomorwawe ba rulaganye gore dipone di nne di tshubilwe fa pele ga ga Jehofa go simolola maitseboa go fitlha mo mosong.+ Ke molao o o tla nnelang ruri o Baiseraele ba tshwanetseng go o diragatsa mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone.+
28 “O bitse Arone mogoloo go tswa mo Baiseraeleng, mmogo le bomorwawe, gore a ntirele e le moperesiti:+ Arone+ mmogo le Nadabe le Abihu,+ Eliasare le Ithamare,+ bomorwa Arone.+ 2 O direle Arone diaparo tse di boitshepo, tsa kgalalelo le bontle.+ 3 O bue le botlhe ba ba nang le bokgoni,* ba ke ba tladitseng ka moya wa botlhale,+ mme ba tla dira diaparo tsa ga Arone tse di bontshang gore o boitshepo, gore a ntirele e le moperesiti.
4 “Tseno ke diaparo* tse ba tla di dirang: kgetsana ya sehuba,+ khiba,+ seaparo se se se nang mabogo,+ seaparo se setelele sa ditlhale tse di fapaanang, tuku e e kgethegileng+ le moitlamo wa lotheka;+ ba tla direla Arone mogoloo le bomorwawe diaparo tseno tse di boitshepo, gore a ntirele e le moperesiti. 5 Badiri bao ba ba nang le bokgoni ba dirise gauta, tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta.
6 “Ba dire khiba ka gauta, tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng, mme e kgabisiwe.+ 7 E nne le mabanta a mabedi mo magetleng a a kopanyang karolo ya yone e e kwa pele le e e kwa morago. 8 Lebanta le le logilweng*+ le le rokeletsweng mo khibeng gore e bofiwe ka lone gore e nne mo mannong a yone, le dirwe ka didirisiwa tse di tshwanang le tsa khiba: gauta, tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng.
9 “O tseye maje a mabedi a onikise+ o bo o gaba maina a bomorwa Iseraele+ mo go one, 10 maina a le marataro mo lejeng le le lengwe le maina a marataro a a setseng mo lejeng le lengwe, go ya ka tatelano ya go tsholwa ga bone. 11 Mogabi wa maje a gabe maina a bomorwa Iseraele mo majeng a mabedi jaaka a ka gaba letshwao* mo palamonwaneng.+ Go tswa foo, o laele gore a kgomarediwe mo ditshegetsong tsa gauta. 12 O beye maje ao a mabedi mo mabanteng a khiba a a mo magetleng e le maje a segopotso mo go bomorwa Iseraele,+ mme Arone o tshwanetse go tshola maina a bone fa pele ga ga Jehofa mo mabanteng ao a mabedi a a mo magetleng a gagwe e le segopotso. 13 O dire ditshegetso tsa gauta 14 le dikeetane tse pedi tsa gauta e e sa tswakanngwang di tshophilwe jaaka mogala,+ mme o tshwanetse go kgomaretsa dikeetane tseno tse e keteng mogala mo ditshegetsong tseo.+
15 “O laele mokgabisi gore a dire kgetsana ya sehuba ya katlholo.+ E dirwe ka tsela e khiba e dirilweng ka yone, ka gauta, tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng.+ 16 E nne le matlhakore a le manê a a lekanang fa e menagantswe gabedi, boleele jwa yone e nne paralatso ya seatla* le bophara jwa yone e nne paralatso ya seatla. 17 O kgomaretse maje mo go yone, a nne mela e menê. Mo moleng wa ntlha o tsenye leje la rubi, la topase le la emeraleda. 18 Mo moleng wa bobedi o tsenye leje la thekoise, la safire le la jasepere. 19 Mo moleng wa boraro o tsenye leje la leshem,* la agate le la amethisete. 20 Mo moleng wa bonê o tsenye leje la kerusolete, la onikise le la jeide. A kgomarediwe mo ditshegetsong tsa gauta. 21 Maje ano a lekane le maina a le 12 a bomorwa Iseraele. Lengwe le lengwe le gabiwe jaaka fa go gabiwa letshwao mo palamonwaneng, leina lengwe le lengwe le emele longwe lwa ditso tse 12.
22 “O dire dikeetane ka gauta e e sa tswakanngwang mo kgetsaneng ya sehuba, di tshophilwe jaaka mogala.+ 23 O direle kgetsana ya sehuba maseka a mabedi a gauta o bo o kgomaretsa maseka ano a mabedi mo dintlheng tse pedi tsa kgetsana ya sehuba. 24 O tsenye megala e mebedi ya gauta mo masekeng ano a mabedi mo dintlheng tsa kgetsana ya sehuba. 25 O tsenye dintlha tse pedi tsa megala e mebedi mo ditshegetsong tse pedi, mme o di kgomaretse mo mabanteng a a mo magetleng a khiba, kwa pele. 26 O dire maseka a mangwe a mabedi a gauta o bo o a kgomaretsa mo dintlheng tse pedi mo karolong e e ka fa teng ya kgetsana ya sehuba, maseka ano a lebe mo khibeng.+ 27 O dire maseka a mangwe gape a mabedi a gauta mo khibeng kwa pele, kwa tlase ga mabanta a mabedi a a mo magetleng, gaufi le fa e kopanang gone, fa godimo ga lebanta le le logilweng* la khiba.+ 28 Kgetsana ya sehuba e gokelelwe ka mogala o o botala jwa loapi, maseka a yone a gokelelwe mo masekeng a khiba. Seno se tla dira gore kgetsana ya sehuba e se ka ya suta mo khibeng, fa godimo ga lebanta le le logilweng.*
29 “Arone o tshwanetse go tshola maina a bomorwa Iseraele mo kgetsaneng ya sehuba ya katlholo mo godimo ga pelo ya gagwe, fa a tsena mo lefelong la Boitshepo e le segopotso fa pele ga ga Jehofa ka metlha. 30 O tsenye Urime le Thumime*+ mo kgetsaneng ya sehuba ya katlholo, mme di tshwanetse go nna mo godimo ga pelo ya ga Arone fa a tsena fa pele ga ga Jehofa, mme ka metlha Arone o tshwanetse go tshola mo godimo ga pelo ya gagwe didirisiwa tseno tsa go atlhola Baiseraele fa a tla fa pele ga ga Jehofa.
31 “Seaparo se se se nang mabogo se se aparwang ka fa teng ga khiba sone o se dire sotlhe fela ka tlhale e e botala jwa loapi.+ 32 Se nne le phatlha kwa godimo* mo bogareng jwa sone. Mologi a dire gore phatlha ya sone e nne le momeno o o logilweng go e dikologa. E tshwane le phatlha ya seaparo sa phemelo gore e se ka ya gagoga. 33 O dire digaranata ka tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole le tlhale e khibidu go dikologa momeno wa sone o o kwa tlase, mmogo le ditleloko tsa gauta fa gare ga digaranata. 34 O dire gore tleloko ya gauta e refosane le garanata go dikologa momeno o o kwa tlase wa seaparo se se se nang mabogo. 35 Se tshwanetse go aparwa ke Arone fa a ya go dira tiro ya boperesiti, mme modumo o o tswang mo go sone o tshwanetse go utlwala fa a tsena mo lefelong le le boitshepo fa pele ga ga Jehofa le fa a tswa, gore a se ka a swa.+
36 “O dire mokgabisa* o o phatsimang ka gauta e e sa tswakanngwang o bo o gaba mokwalo ono mo go one jaaka motho a ka gaba letshwao mo palamonwaneng: ‘Jehofa o Boitshepo.’+ 37 O tshwanetse go o bofelela mo tukung e e kgethegileng+ ka mogala o o botala jwa loapi; o nne o le fa pele mo tukung eo. 38 O nne mo phatleng ya ga Arone, mme Arone o tla rwala maikarabelo fa mongwe a sa tshware dilo tse di boitshepo ka tsela e e siameng,+ tse Baiseraele ba di dirang boitshepo fa ba di ntsha e le dimpho tse di boitshepo. O tshwanetse go nna o le mo phatleng ya gagwe ka metlha gore Jehofa a tle a ba amogele.
39 “O dire seaparo se setelele ka letsela le le boleta la ditlhale tse di fapaanang, o dire tuku e e kgethegileng ka letsela le le boleta o bo o dire moitlamo wa lotheka o o logilweng.+
40 “Gape o direle bomorwa Arone diaparo tse ditelele, meitlamo ya lotheka le dituku,+ tsa kgalalelo le bontle.+ 41 O di apese Arone mogoloo le bomorwawe ba na le ene, o ba tlotse+ o bo o ba tlhoma*+ le go ba dira boitshepo, mme ba tla ntirela e le baperesiti. 42 Gape o ba direle marokgwe a makhutshwane* a letsela gore ba apese dikarolo tsa bone tsa mmele tsa sephiri.+ A simolole fa dinôkeng a fitlhe fa diropeng. 43 Arone le bomorwawe ba tshwanetse go apara dilo tseno fa ba tsena mo tenteng ya bokopanelo kgotsa fa ba atamela sebeso gore ba direle mo lefelong le le boitshepo, gore ba se ka ba nna le molato mme ba swa. Ke molao o o tla nnelang ruri mo go ene le mo ditlogolwaneng* tsa gagwe.
29 “Seno ke se o tla se dirang go ba dira boitshepo gore ba ntirele e le baperesiti: O tseye powana, diphelefu tse pedi tse di se nang bogole,+ 2 senkgwe se se se nang sebediso, dinkgwe tse di bopegileng jaaka maseka tse di se nang sebediso tse di kopantsweng le leokwane, le diphaphatha tse di se nang sebediso tse di tshasitsweng leokwane.+ O di dire ka bupi jwa korong jo bo boleta 3 o bo o di tsenya mo mmanking mme o di tlise di le mo mmanking+ mmogo le poo le diphelefu tse pedi.
4 “O ise Arone le bomorwawe kwa kgorong ya tente ya bokopanelo+ o bo o ba tlhapisa ka metsi.+ 5 Morago ga moo, o tseye diaparo+ o bo o apesa Arone seaparo se setelele, seaparo se se se nang mabogo se se aparwang ka fa teng ga khiba, khiba le kgetsana ya sehuba o bo o mmofa mo lothekeng ka lebanta le le logilweng* la khiba.+ 6 O mo rwese tuku e e kgethegileng o bo o baya letshwao le le boitshepo la boineelo* mo tukung eo;+ 7 o tseye leokwane le le tlotsang+ o le tshele mo tlhogong ya gagwe mme o mo tlotse.+
8 “Morago ga moo, o atametse bomorwawe o bo o ba apesa diaparo tse ditelele+ 9 mme o ba bofe ka meitlamo mo lothekeng, Arone mmogo le bomorwawe, o ba rwese dituku; mme boperesiti e tla nna jwa bone e le molao o o tla nnelang ruri.+ Eno ke tsela e o tla tlhomang Arone le bomorwawe ka yone gore ba direle e le baperesiti.*+
10 “Jaanong o ise poo fa pele ga tente ya bokopanelo, mme Arone le bomorwawe ba bo ba baya diatla tsa bone mo tlhogong ya poo eo.+ 11 O tlhabe poo eo fa pele ga ga Jehofa, fa kgorong ya tente ya bokopanelo.+ 12 O tseye mangwe a madi a poo ka monwana wa gago o bo o a baya mo dinakeng tsa sebeso,+ mme madi a mangwe otlhe o a tshele kwa tlase mo sebesong.+ 13 Go tswa foo, o tseye mafura otlhe+ a a apesitseng mala, mafura a a mo godimo ga sebete le diphilo tse pedi le mafura a a mo godimo ga tsone, mme o di fise gore di kuise mosi mo sebesong.+ 14 Mme nama ya poo le letlalo la yone le boloko jwa yone o di fise ka molelo ka kwa ntle ga lefelo le o nnang mo go lone. Ke setlhabelo sa boleo.
15 “Morago ga moo, o tseye phelefu e le nngwe mme Arone le bomorwawe ba beye diatla tsa bone mo tlhogong ya phelefu eo.+ 16 O tlhabe phelefu eo o bo o tsaya madi a yone o a kgatšha mo matlhakoreng otlhe a sebeso.+ 17 O kgaoganye phelefu ka dirwe tsa yone, mme o tlhatswe mala a yone+ le maoto a yone o bo o baya dirwe tsa yone ka thulaganyo mmogo le tlhogo ya yone. 18 O tshwanetse go fisa phelefu eo yotlhe, o dire gore e kuise mosi mo sebesong. Ke setlhabelo se se fisiwang se se yang kwa go Jehofa e le lonko lo lo itumedisang.*+ Ke setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa.
19 “Morago ga moo, o tseye phelefu e nngwe mme Arone le bomorwawe ba beye diatla tsa bone mo tlhogong ya phelefu eo.+ 20 O tlhabe phelefu eo o bo o tsaya mangwe a madi a yone o a baya mo loretong lwa tsebe ya moja ya ga Arone le mo loretong lwa tsebe ya moja ya bomorwawe le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa bone sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa bone lwa moja, mme o kgatšhe madi mo matlhakoreng otlhe a sebeso. 21 Go tswa foo, o tseye mangwe a madi a a mo sebesong le bontlhanngwe jwa leokwane le le tlotsang+ o bo o kgatšha Arone le diaparo tsa gagwe le bomorwawe le diaparo tsa bone, gore ene le diaparo tsa gagwe le bomorwawe le diaparo tsa bone ba tle ba nne boitshepo.+
22 “Go tswa foo, o ntshe mafura mo phelefung, mafura a mogatla, mafura a a apesitseng mala, mafura a sebete, diphilo tse pedi le mafura a a mo go tsone+ le leoto la moja ka gonne ke phelefu e e ntshediwang go tlhomiwa ga baperesiti.+ 23 Mo mmanking o o fa pele ga ga Jehofa o o nang le dinkgwe tse di se nang sebediso, o tseye senkgwe se se kgolokwe le senkgwe se se bopegileng jaaka leseka se se tshasitsweng leokwane, o tseye le phaphatha. 24 O tshwanetse go di baya tsotlhe mo diatleng tsa ga Arone le mo diatleng tsa bomorwawe, mme o di fokisetse kwa morago le kwa pele e le setlhabelo se se fokwang fa pele ga ga Jehofa. 25 Go tswa foo, o di tseye mo diatleng tsa bone o bo o di fisa mo sebesong mo godimo ga setlhabelo se se fisiwang e le lonko lo lo itumedisang* fa pele ga ga Jehofa. Ke setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa.
26 “Go tswa foo, o tseye sehuba sa phelefu e e neng e ntshediwa go tlhoma Arone gore a nne moperesiti,+ o se fokisetse kwa morago le kwa pele e le setlhabelo se se fokwang fa pele ga ga Jehofa, mme e tla nna kabelo ya gago. 27 O dire gore dikarolo tsa phelefu e e ntsheditsweng go tlhomiwa ga ga Arone le bomorwawe di nne boitshepo: sehuba sa setlhabelo se se fokwang le leoto la kabelo e e boitshepo e e neng e fokwa.+ 28 E nne tsa ga Arone le tsa bomorwawe e le molao o o tla nnelang ruri o o tla diragadiwang ke Baiseraele ka gonne ke kabelo e e boitshepo, mme e tla nna kabelo e e boitshepo e e tla ntshiwang ke Baiseraele.+ Ke kabelo ya bone e e boitshepo e e yang kwa go Jehofa e tswa mo ditlhabelong tsa bone tsa go abelana.+
29 “Diaparo tse di boitshepo+ tsa ga Arone di tla dirisiwa ke bomorwawe+ ba ba mo tlhatlhamang fa ba tlodiwa le fa ba tlhomiwa go nna baperesiti. 30 Moperesiti yo o tswang mo go bomorwawe yo o mo tlhatlhamang le yo o tsenang mo tenteng ya bokopanelo a tla go direla mo lefelong le le boitshepo, o tla di apara malatsi a le supa.+
31 “O tseye phelefu e e ntshediwang go tlhomiwa ga baperesiti o bo o bedisa nama ya yone mo lefelong le le boitshepo.+ 32 Arone le bomorwawe ba tla jela+ nama ya phelefu le senkgwe se se mo mmanking fa kgorong ya tente ya bokopanelo. 33 Ba je dilo tse di neng di dirisiwa mo setlhabelong sa go itshwarelwa maleo se se neng se ntshiwa fa ba ne ba tlhomiwa go nna baperesiti* le fa ba ne ba dirwa boitshepo. Mme motho yo o sa tshwanelegeng* ga a kitla a di ja ka gonne ke selo se se boitshepo.+ 34 Fa nama ya phelefu e e neng e ntshitswe setlhabelo le senkgwe di sala go fitlha mo mosong, o tshwanetse go di fisa ka molelo.+ Ga di a tshwanela go jewa ka gonne ke selo se se boitshepo.
35 “O dire ka tsela eno mo go Arone le bomorwawe go ya ka fa go sotlhe se ke se go laetseng. O tseye malatsi a le supa go ba tlhoma go nna baperesiti.*+ 36 Letsatsi le letsatsi, o ntshe poo e le setlhabelo sa boleo. Boikaelelo jwa seno ke go kopa maitshwarelo mo Modimong le go dira sebeso boitshepo. Gape o tshwanetse go se tlotsa e le sesupo sa gore se tlhaoletswe go dirisediwa kobamelo ya Modimo.+ 37 O tseye malatsi a le supa go phepafatsa sebeso,* mme o tshwanetse go se dira boitshepo gore e nne sebeso se se boitshepotshepo.+ Ope fela yo o kgomang sebeso o tshwanetse a bo a le boitshepo.
38 “Seno ke se o tla se ntshang mo sebesong: letsatsi le letsatsi diphelefu tse pedi tse di nang le ngwaga o le mongwe, o sa kgaotse.+ 39 O ntshe phelefu e le nngwe e potlana mo mosong, mme o ntshe phelefu e nngwe ka lotlatlana.*+ 40 Bupi jo bo boleta jwa selekanyo sa mo e ka nnang kilogerama* jo bo kopantsweng le leokwane le le kgobilweng la selekanyo sa litara e le nngwe* le setlhabelo sa senô sa beine sa selekanyo sa litara e le nngwe,* di tla ntshiwa le phelefu ya ntlha e potlana. 41 O ntshe phelefu ya bobedi e potlana ka lotlatlana* mmogo le ditlhabelo tsa dijo tsa ditlhaka le tsa senô tse di tshwanang le tsa mo mosong. O tla e isa e le lonko lo lo itumedisang,* e le setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa. 42 E nne setlhabelo se se fisiwang ka metlha mo dikokomaneng tsotlhe tsa lona kwa kgorong ya tente ya bokopanelo fa pele ga ga Jehofa, kwa ke tla itlhagisang mo go lona gone gore ke bue le wena.+
43 “Ke tla itlhagisa koo mo Baiseraeleng, mme kgalalelo ya me+ e tla dira gore lefelo leo le nne boitshepo. 44 Ke tla dira gore tente ya bokopanelo le sebeso di nne boitshepo e bile ke tla dira Arone le bomorwawe boitshepo+ gore ba ntirele e le baperesiti. 45 Ke tla nna* mo gare ga batho ba Iseraele, mme ke tla nna Modimo wa bone.+ 46 Mme ruri ba tla itse gore ke nna Jehofa, Modimo wa bone, yo o neng a ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto gore ke tle ke nne mo gare ga bone.+ Ke nna Jehofa, Modimo wa bone.
30 “O dire sebeso gore e nne lefelo la go fisetsa maswalo;+ o se dire ka logong lwa mokala.+ 2 Se nne le matlhakore a le manê a a lekalekanang, boleele jwa disentimetara di ka nna 45,* bophara jwa disentimetara di ka nna 45 le bogodimo jwa disentimetara di le 89. Dinaka tsa sone e nne selo se le sengwe fela se se tshwaraganeng le sebeso.+ 3 O se manege gauta e e sa tswakanngwang: mo karolong ya sone e e mo godimo, mo matlhakoreng a sone go se dikologa le mo dinakeng tsa sone; o se direle mokgabisa wa gauta go se dikologa. 4 Gape o se direle maseka a mabedi a gauta ka fa tlase ga mokgabisa wa sone mo matlhakoreng a mabedi a a lebaganeng, mme maseka ano a tshegetse dikota tse se tsholediwang ka tsone. 5 O dire dikota ka logong lwa mokala o bo o di manega gauta. 6 O se beye fa pele ga sesiro se se gaufi le letlole la kgolagano,*+ fa pele ga sekhurumelo se se mo godimo ga letlole la kgolagano, kwa ke tla itlhagisang kwa go wena gone.+
7 “Arone+ o tla fisetsa maswalo a a nkgang monate+ mo go sone,+ mme o tla dira gore a kuise mosi mo sebesong fa a baakanya dipone+ moso mongwe le mongwe. 8 Gape Arone o tla fisa maswalo fa a tshuba dipone ka lotlatlana.* Ke maswalo a a tla ntshiwang ka metlha fa pele ga ga Jehofa mo dikokomaneng tsotlhe tsa lona. 9 Ga lo a tshwanela go isa maswalo a a seng ka fa molaong mo go sone+ kgotsa setlhabelo se se fisiwang kgotsa setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka, gape ga lo a tshwanela go tshela setlhabelo sa senô mo go sone. 10 Arone o tshwanetse go tshasa madi a mangwe a setlhabelo sa boleo mo dinakeng tsa sebeso gore a se phepafatse.+ O tshwanetse go dira jalo gangwe ka ngwaga gore a se kopele mo Modimong+ mo dikokomaneng tsotlhe tsa lona. Se boitshepotshepo mo go Jehofa.”
11 Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: 12 “Nako le nako fa o tsaya palo ya batho mme o bala bomorwa Iseraele,+ mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse go ntshetsa botshelo* jwa gagwe thekololo e e yang kwa go Jehofa ka nako ya fa o tsaya palo ya batho. Seo ke se o tla se dirang gore ba se ka ba tlelwa ke petso epe fa ba kwadisiwa. 13 Seno ke se botlhe ba ba kwadisitsweng ba tla se ntshang: halofo ya shekele* go ya ka selekanyashekele* sa lefelo le le boitshepo.*+ Digera* di le 20 tse di lekanang le shekele. Halofo ya shekele ke moneelo o o ntshediwang Jehofa.+ 14 Mongwe le mongwe yo o kwadisitsweng yo o nang le dingwaga di le 20 le go feta o tla ntshetsa Jehofa moneelo.+ 15 Bahumi ba se ka ba ntsha go feta selekanyo le bahumanegi ba se ka ba ntsha se se kwa tlase ga halofo ya shekele* e le moneelo o o ntshediwang Jehofa, gore ba duelele matshelo a bone. 16 O tseye madi a selefera mo Baiseraeleng a a bolokang matshelo a bone mme o a dirisetse tiro e e dirwang mo tenteng ya bokopanelo, gore Jehofa a gopole Baiseraele.”
17 Jehofa o ne a bua gape le Moshe a re: 18 “O dire sekotlele sa kopore sa go tlhapela le setlhomo sa sone;+ go tswa foo o se beye fa gare ga tente ya bokopanelo le sebeso o bo o tshela metsi mo go sone.+ 19 Arone le bomorwawe ba tla tlhapela diatla le dinao tsa bone koo.+ 20 Fa ba tsena mo tenteng ya bokopanelo kgotsa fa ba atamela sebeso gore ba direle le go ntsha ditlhabelo tsa molelo le go kuisetsa Jehofa mosi, ba tla tlhapa ka metsi gore ba se ka ba swa. 21 Ba tshwanetse go tlhapa diatla le dinao tsa bone gore ba se ka ba swa, mme e tshwanetse go nna molao o o tla nnelang ruri mo go bone, mo go ene le mo ditlogolwaneng tsa gagwe, mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone.”+
22 Jehofa o ne a tswelela a raya Moshe a re: 23 “Gape o tseye dinkgisamonate tseno tsa boleng jo bo kwa godimo: borekhu jo bo nkgang monate* jo bo omeletseng jwa dikilogerama di le thataro, sinamone e e botshe ya dikilogerama di le tharo, kalamose e e botshe ya dikilogerama di le tharo, 24 le kasia ya dikilogerama di le thataro e e lekantsweng ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,*+ mmogo le leokwane la motlhware la selekanyo sa dilitara di ka nna nnê.* 25 Go tswa foo, o di dirise go dira leokwane le le boitshepo la go tlotsa; di tshwanetse go kopanngwa ka botswerere.*+ E tla nna leokwane le le boitshepo la go tlotsa.
26 “O tlotse tente ya bokopanelo+ le letlole la kgolagano* ka lone 27 mmogo le tafole le dilwana tsotlhe tsa yone, setlhomo sa dipone le dilwana tsa sone, sebeso sa maswalo, 28 sebeso sa ditlhabelo tse di fisiwang le dilwana tsotlhe tsa sone le sekotlele le setlhomo sa sone. 29 O tshwanetse go di dira boitshepo gore di nne boitshepotshepo.+ Ope fela yo o di kgomang o tshwanetse a bo a le boitshepo.+ 30 Mme o tlotse Arone+ le bomorwawe+ o bo o ba dira boitshepo gore ba ntirele e le baperesiti.+
31 “O reye Baiseraele o re, ‘Leokwane leno le tla tswelela e le leokwane la me le le boitshepo la go tlotsa mo dikokomaneng tsotlhe tsa lona.+ 32 Le se ka la tshasiwa mo nameng ya motho e bile ga o a tshwanela go dira sepe ka motswako o o tshwanang le wa lone. Ke selo se se boitshepo. Le tshwanetse go tswelela e le selo se se boitshepo mo go lona. 33 Ope fela yo o dirang setlôlô se se tshwanang le lone a bo a tshasa motho yo o sa tshwanelegeng* ka sone, o tshwanetse go bolawa.’”+
34 Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “O tseye dilekanyo tse di lekanang tsa dinkgisamonate tseno:+ marothodi a setakate, senkgisamonate sa onika, galabano e e nkgang monate le borekhu jo bo nkgang monate* jo bo sa tswakanngwang. 35 O dire maswalo ka tsone;+ motswako wa setswaiso, o o kopantsweng ka botswerere,* o o tsentsweng letswai,+ o o sa leswafadiwang ke sepe e bile o le boitshepo. 36 O sile mongwe wa one gore o nne lorole lo lo boleta o bo o baya longwe lwa lone fa pele ga letlole la kgolagano mo tenteng ya bokopanelo, kwa ke tla itlhagisang kwa go wena gone. Maswalo ano a nne boitshepotshepo mo go lona. 37 Ga lo a tshwanela go itirela maswalo ka motswako ono.+ Lo a tseye e le selo se se boitshepo mo go Jehofa. 38 Ope fela yo o dirang maswalo a a tshwanang le one gore a itumelele lonko lwa one, o tshwanetse go bolawa.”
31 Jehofa o ne a tswelela a raya Moshe a re: 2 “Bona, ke tlhophile* Besalele+ morwa Uri morwa Hure wa lotso lwa ga Juda.+ 3 Ke tla mo tlatsa ka moya wa Modimo, ke dira gore a nne botlhale, a tlhaloganye a bo a nne le kitso mo tirong nngwe le nngwe ya go betla, 4 gore a tlhame didirisiwa, gore a dire ka gauta, selefera le kopore, 5 gore a sege maje a bo a a gabe+ le gore a dire dilwana tsa mofuta mongwe le mongwe ka logong.+ 6 Mo godimo ga moo, ke tlhomile Oholiabe+ morwa Ahisamake wa lotso lwa ga Dana gore a mo thuse e bile ke tsenya botlhale mo pelong ya botlhe ba ba nang le bokgoni* gore ba dire sengwe le sengwe se ke se go laetseng:+ 7 tente ya bokopanelo,+ letlole la kgolagano*+ le sekhurumelo+ se se mo godimo ga lone, dilwana tsotlhe tsa tente, 8 tafole+ le dilwana tsa yone, setlhomo sa dipone sa gauta e e sa tswakanngwang le dilwana tsotlhe tsa sone,+ sebeso sa maswalo,+ 9 sebeso sa ditlhabelo tse di fisiwang+ le dilwana tsotlhe tsa sone, sekotlele le setlhomo sa sone,+ 10 diaparo tse di logilweng ka botswerere, diaparo tse di boitshepo tsa ga moperesiti Arone, diaparo tsa bomorwawe gore ba direle e le baperesiti,+ 11 leokwane la go tlotsa le maswalo a a nkgang monate a lefelo le le boitshepo.+ Ba tla dira dilo tsotlhe tse ke di go laetseng.”
12 Gape Jehofa o ne a raya Moshe a re: 13 “Bua le Baiseraele o ba reye o re, ‘Lo tlhomamise gore lo boloka bosabata+ ba me ka gonne ke sesupo fa gare ga me le lona mo dikokomaneng tsa lona gore lo tle lo itse gore nna, Jehofa, ke dira gore lo nne boitshepo. 14 Lo tshwanetse go boloka Sabata ka gonne ke selo se se boitshepo mo go lona.+ Ope yo o e leswafatsang o tshwanetse go bolawa. Fa mongwe a dira tiro epe mo letsatsing leo, motho yoo o tshwanetse go bolawa.+ 15 Lo ka nna lwa dira tiro mo malatsing a le marataro, mme letsatsi la bosupa ke sabata, letsatsi le le kgethegileng la go ikhutsa.+ Ke selo se se boitshepo se se direlwang go tlotla Jehofa. Ope fela yo o dirang tiro mo letsatsing la Sabata o tshwanetse go bolawa. 16 Baiseraele ba tshwanetse go boloka Sabata; ba tshwanetse go gopola Sabata mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone. Ke kgolagano e e tla nnelang ruri. 17 Ke sesupo se se tla nnelang ruri fa gare ga me le batho ba Iseraele+ ka gonne Jehofa o ne a dira magodimo le lefatshe mo malatsing a le marataro mme mo letsatsing la bosupa o ne a ikhutsa a bo a itapolosa.’”+
18 Jaanong fela fa a fetsa go bua le Moshe mo Thabeng ya Sinai, o ne a mo naya dikwalelo tse pedi tse di nang le Molao wa Modimo,*+ dikwalelo tsa leje di kwadilwe ka monwana wa Modimo.+
32 Mo nakong eo, batho ba ne ba bona gore Moshe o tsaya nako e telele go boa kwa thabeng.+ Ka jalo, batho ba ne ba phuthega go dikologa Arone mme ba mo raya ba re: “Ema, re direle modimo yo o tla re etelelang pele+ ka gonne ga re itse se se diragaletseng Moshe, monna yo o neng a re ntsha kwa lefatsheng la Egepeto.” 2 Foo Arone o ne a ba raya a re: “Tsayang manyena a gauta+ a a mo ditsebeng tsa basadi ba lona, bomorwaalona le bomorwadialona mme lo a tlise kwa go nna.” 3 Ka jalo, batho botlhe ba ne ba ntsha manyena a gauta a a neng a le mo ditsebeng tsa bone mme ba a tlisa kwa go Arone. 4 Foo o ne a tsaya gauta mo go bone, mme a e bopa ka sedirisiwa se se gabang a bo a dira sefikantswe sa namane+ ka yone. Ba ne ba simolola go re: “Yono ke Modimo wa gago, wena Iseraele, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.”+
5 E rile Arone a bona seno, a aga sebeso fa pele ga yone. Go tswa foo, Arone o ne a tlhaeletsa a re: “Kamoso go na le moletlo wa ga Jehofa.” 6 Ka jalo, mo letsatsing le le latelang ba ne ba tsoga phakela thata mme ba simolola go isa ditlhabelo tse di fisiwang le go ntsha ditlhabelo tsa go abelana. Morago ga moo, batho ba ne ba nna fa fatshe gore ba je ba bo ba nwe. Go tswa foo, ba ne ba ema ba ijesa monate.+
7 Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Tsamaya, fologa, ka gonne batho ba gago ba o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ba dirile bosula jo bogolo.+ 8 Ba fapogile ka bonako mo tseleng e ke ba laetseng gore ba tsamaye ka yone.+ Ba itiretse sefikantswe sa namane mme ba nna ba se ikobela e bile ba se ntshetsa ditlhabelo ba re, ‘Yono ke Modimo wa gago, wena Iseraele, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.’” 9 Jehofa o ne a tswelela a raya Moshe a re: “Ke bone gore batho bano ba tlhogoethata.*+ 10 Ka jalo ntlogele jaanong, mme ke ba fedise ka bogale jwa me jo bo tukang, mme mma ke dire setšhaba se segolo go tswa mo go wena.”+
11 Foo Moshe a kopa* Jehofa, Modimo wa gagwe+ a mo raya a re: “Ao Jehofa, ke ka ntlha yang fa o tlisa bogale jwa gago jo bo tukelang batho ba gago fa o sena go ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto ka maatla a magolo le ka seatla se se nonofileng?+ 12 Ke ka ntlha yang fa Baegepeto ba tshwanetse go re, ‘O ne a na le boikaelelo jo bo bosula fa a ne a ba ntsha fano. O ne a batla go ba bolaela kwa dithabeng le go ba fedisa mo godimo ga lefatshe’?+ Boa mo bogaleng jwa gago jo bo tukang mme o akanyetse gape* tshwetso ya gago ya go tlisetsa batho ba gago masetlapelo. 13 Gakologelwa Aborahame, Isake le Iseraele, batlhanka ba gago ba o neng wa ba ikanela ka wena mme wa re: ‘Ke tla dira gore losika lwa lona lo nne lontsi jaaka dinaledi tsa magodimo+ e bile ke tla naya losika lwa lona lefatshe leno lotlhe le ke ba le tlhophetseng, gore ba le gape e nne la bone ka bosakhutleng.’”+
14 Ka jalo, Jehofa o ne a se ka a tlisa* masetlapelo a a neng a buile gore o tla a tlisetsa batho ba gagwe.+
15 Go tswa foo, Moshe o ne a retologa mme a fologa mo thabeng a tshotse dikwalelo tse pedi tsa leje*+ ka seatla.+ Dikwalelo tseo di ne di kwadilwe mo matlhakoreng oomabedi; di ne di kwadile mo pele le kwa morago. 16 Dikwalelo tseo di ne di dirilwe ke Modimo, le mokwalo e ne e le mokwalo wa Modimo o gabilwe mo dikwalelong+ tseo. 17 Fa Joshua a utlwa batho ba goa mo kampeng, o ne a raya Moshe a re: “Go utlwala e kete batho ba a lwa.” 18 Mme Moshe o ne a re:
“Ga se modumo wa batho ba opelela gore ba fentse,*
E bile ga se modumo wa batho ba lelela gore ba fentswe;
Ke utlwa modumo wa go opela ga mofuta mongwe.”
19 E rile fela fa Moshe a atamela kampa mme a bona namane+ le batho ba bina, o ne a galefa fela thata mme a latlha dikwalelo tse di neng di le mo diatleng tsa gagwe a di tšhwetlakanya fa tlase ga thaba.+ 20 O ne a tsaya namane e ba neng ba e dirile a e fisa ka molelo a bo a e thubaganya gore e nne lorole;+ go tswa foo o ne a lo gasa mo metsing a bo a laela Baiseraele gore ba a nwe.+ 21 Mme Moshe o ne a raya Arone a re: “Setšhaba seno se go dirile eng go bo o se tliseditse boleo jo bogolo jaana?” 22 Arone o ne a mo araba a re: “O se ka wa galefa morena wa me. O itse sentle gore batho bano ba sekametse mo go direng bosula.+ 23 Ka jalo ba ne ba nthaya ba re, ‘Re direle modimo yo o tla re etelelang pele ka gonne ga re itse se se diragaletseng Moshe, monna yo o neng a re ntsha kwa lefatsheng la Egepeto.’+ 24 Foo ke ne ka ba raya ka re, ‘Ope fela yo o nang le gauta a a e ntshe a bo a e nnaya.’ Mme ke ne ka e latlhela mo molelong go bo go tswa namane eno.”
25 Moshe o ne a lemoga gore batho ba ne ba sa laolesege ka gonne Arone o ne a ba letlile gore ba se ka ba laolesega, mo ba neng ba nna matlhabisaditlhong fa pele ga baganetsi ba bone. 26 Moshe o ne a ema fa kgorong ya kampa a bo a re: “Ke mang yo o ka fa letlhakoreng la ga Jehofa? A a tle kwa go nna!”+ Mme Balefi botlhe ba ne ba phuthegela kwa go ene. 27 Jaanong a ba raya a re: “Seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buileng, ‘Mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse go gatlha tšhaka ya gagwe mme a ralale kampa yotlhe go tswa kwa kgorong e nngwe go ya go e nngwe, a bolaye morwarraagwe, moagelani wa gagwe le tsala ya gagwe e kgolo.’ ”+ 28 Balefi ba ne ba dira se Moshe a neng a se ba boleletse. Ka jalo, go ne ga bolawa batho ba ka nna 3 000 mo letsatsing leo. 29 Go tswa foo, Moshe o ne a re: “Itlhaoleng* gore lo nne ba ga Jehofa gompieno ka gonne mongwe le mongwe wa lona o bolaile morwawe le morwarraagwe;+ gompieno Modimo o tla lo segofatsa.”+
30 Mo letsatsing le le latelang, Moshe o ne a raya batho a re: “Lo dirile boleo jo bogolo thata, mme jaanong ke tla tlhatlogela kwa thabeng ke ya go kopa Jehofa, gongwe o tla itshwarela boleo jwa lona.”+ 31 Ka jalo, Moshe o ne a ya kwa thabeng mme a raya Jehofa a re: “Ruri batho bano ba dirile boleo jo bogolo! Ba itiretse modimo wa gauta!+ 32 Mme jaanong fa o batla, itshwarele boleo jwa bone;+ fa o sa dire jalo, tsweetswee mphimole mo bukeng ya gago e o e kwadileng.”+ 33 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ope fela yo o nteofetseng, ke tla mo phimola mo bukeng ya me. 34 Jaanong tsamaya, etelela batho bano pele o ba ise kwa lefelong le ke le go boleletseng. Moengele wa me o tla tsamaya kwa pele ga gago,+ mme mo letsatsing la fa ke tla bo ke ba atlhola, ke tla ba otlhaela boleo jwa bone.” 35 Go tswa foo, Jehofa o ne a simolola go tlisetsa batho petso ka gonne ba ne ba dirile namane, namane e Arone a neng a e dirile.
33 Gape Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Tsamaya o tswe fano le batho ba o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto. Yang kwa lefatsheng le ke neng ka le ikanela Aborahame, Isake le Jakobe ka re, ‘Ke tla le naya losika lwa gago.’+ 2 Ke tla romela moengele kwa pele ga gago+ ke bo ke leleka Bakanana, Baamore, Bahite, Baperise, Bahife le Bajebuse.+ 3 Yang kwa lefatsheng le le elelang mashi le tswina ya dinotshe.+ Mme ga nkitla ke tsamaya mo gare ga lona ka gonne lo batho ba ba tlhogoethata,*+ mme nka nna ka lo fedisa mo tseleng.”+
4 E rile batho ba utlwa mafoko ano a a utlwisang botlhoko, ba hutsafala, mme ga go ope wa bone yo o neng a rwala mekgabisa ya gagwe. 5 Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Raya Baiseraele o re, ‘Lo batho ba ba tlhogoethata.*+ Nka tsena mo gare ga lona ka ponyo ya leitlho mme ka lo fedisa.+ Jaanong, rolang mekgabisa ya lona fa ke sa ntse ke akanyetsa se nka se lo dirang.’” 6 Ka jalo, go tloga kwa Thabeng ya Horeba go ya pele, Baiseraele ba ne ba se ka ba rwala* mekgabisa ya bone.
7 Jaanong Moshe o ne a tsaya tente ya gagwe a e tlhoma ka kwa ntle ga kampa, sekgalanyana go tswa mo kampeng, mme a e bitsa tente ya bokopanelo. Mongwe le mongwe yo o batlang go botsa Jehofa+ o ne a tle a ye kwa tenteng ya bokopanelo, e e neng e le ka kwa ntle ga kampa. 8 Fela fa Moshe a ya kwa tenteng, batho botlhe ba ne ba ya go ema fa dikgorong tsa ditente tsa bone, mme ba ne ba leba Moshe go fitlha a tsena mo tenteng. 9 E ne e re fela fa Moshe a tsena mo tenteng, pilara ya leru+ e ne e fologa e bo e ema fa kgorong ya tente fa Modimo a ntse a bua le Moshe.+ 10 Fa batho botlhe ba bona pilara ya leru e eme fa kgorong ya tente, mongwe le mongwe wa bone o ne a ema a bo a ikoba fa kgorong ya tente ya gagwe. 11 Jehofa o ne a bua le Moshe ba lebane difatlhego,+ fela jaaka motho a ka bua le yo mongwe. Fa a boela kwa kampeng, Joshua+ morwa Nune, modiredi le motlhokomedi wa gagwe,+ o ne a sa nke a tswa mo tenteng.
12 Jaanong Moshe o ne a raya Jehofa a re: “Bona, o nthaya o re, ‘Etelela batho bano pele,’ mme ga o a mpolelela gore ke mang yo o tla mo romang le nna. Mo godimo ga moo, o rile, ‘Ke go itse ka leina,* gape ke go amogetse.’ 13 Tsweetswee, fa e le gore o nkamogetse, dira gore ke itse ditsela tsa gago+ gore ke tle ke go itse mme o tswelele o nkamogela. Gape gakologelwa gore setšhaba seno ke batho ba gago.”+ 14 Ka jalo, ene o ne a re: “Nna ka bonna* ke tla tsamaya le wena,+ mme ke tla go naya boikhutso.”+ 15 Foo Moshe o ne a mo raya a re: “Fa wena o* sa tsamaye le rona, o se ka wa re ntsha fano. 16 Go tla itsiwe jang gore o nkamogetse, nna le batho ba gago? A ga se fa o tsamaya le rona,+ gore nna le batho ba gago re tle re farologane le batho ba bangwe botlhe ba ba mo godimo ga lefatshe?”+
17 Jehofa o ne a tswelela a raya Moshe a re: “Gape ke tla dira selo seno se o se kopileng ka gonne ke go amogetse e bile ke go itse ka leina.” 18 Foo Moshe o ne a re: “Tsweetswee, mpontshe kgalalelo ya gago.” 19 Mme ene o ne a re: “Ke tla dira gore kgalalelo ya me yotlhe e fete fa pele ga sefatlhego sa gago, mme ke tla bolela leina la me e bong Jehofa+ fa pele ga gago; mme ke tla amogela yo ke mo amogelang e bile ke tla utlwela botlhoko yo ke mo utlwelang botlhoko.”+ 20 Mme o ne a oketsa ka go re: “O ka se bone sefatlhego sa me ka gonne ga go motho ope yo o ka mponang a bo a tshela.”
21 Jehofa o ne a tswelela a re: “Lefelo ke leno gaufi le nna. Ema mo godimo ga lefika. 22 Fa kgalalelo ya me e feta, ke tla go tsenya mo phatlheng ya lefika mme ke tla go sireletsa ka seatla sa me go fitlha ke fetile. 23 Morago ga moo, ke tla tlosa seatla sa me mme o tla bona mokwatla wa me. Mme gone ga o ka ke wa bona sefatlhego sa me.”+
34 Foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Itirele dikwalelo di le pedi tsa leje tse di tshwanang le tsa ntlha,+ mme ke tla kwala mo dikwalelong tseo mafoko a a neng a le mo dikwalelong tsa ntlha+ tse o di thubileng.+ 2 Kamoso o bo o ipaakantse ka gonne mo mosong o tla tlhatlogela kwa Thabeng ya Sinai mme o eme fa pele ga me mo godimo ga thaba.+ 3 Mme ope a se ka a tlhatloga le wena e bile ope a se ka a bonwa gope fela mo thabeng. Le fa e le matsomane kgotsa metlhape e se ka ya fula fa pele ga thaba eo.”+
4 Ka jalo, Moshe o ne a dira dikwalelo tse pedi tsa leje tse di tshwanang le tsa ntlha mme a tsoga phakela thata a bo a tlhatlogela kwa Thabeng ya Sinai, fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse, mme o ne a tsaya dikwalelo tse pedi tsa leje ka seatla. 5 Go tswa foo, Jehofa o ne a fologa+ a le mo lerung, a ema le ene koo mme a mo itsise leina la gagwe e bong Jehofa.+ 6 Jehofa o ne a feta fa pele ga gagwe mme a re: “Ke nna Jehofa, ke nna Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko+ le yo o pelotlhomogi,*+ yo o sa galefeng ka bonako+ le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng*+ le boammaaruri,*+ 7 yo o bontshang dikokomana di le dikete lorato lo lo sa kgaotseng,+ yo o itshwarelang phoso le molato le boleo,+ mme le ka motlha a se kitla a tlogela ba ba molato ba sa otlhaiwa,+ yo o otlhaelang bana ba basimane le ditlogolo tsa basimane molato wa borraabone, mo kokomaneng ya boraro le mo kokomaneng ya bonê.”+
8 Ka bonako fela, Moshe o ne a ikobela fa fatshe a bo a obama. 9 Go tswa foo, o ne a re: “Jaanong fa e le gore o nkamogetse Jehofa, tsweetswee, Jehofa tsamaya le rona o le mo gare ga rona+ le fa gone re le batho ba ba tlhogoethata,*+ mme o itshwarele molato wa rona le boleo jwa rona+ o bo o re tseye re le batho ba gago.” 10 Mme ene a re: “Jaanong ke dira kgolagano: Ke tla dira dilo tse di gakgamatsang fa pele ga batho ba gago botlhe tse di iseng di ke di dirwe* mo lefatsheng lotlhe kgotsa mo gare ga ditšhaba tsotlhe,+ mme batho botlhe ba o nnang mo gare ga bone ba tla bona tiro ya ga Jehofa ka gonne se ke se dirang ka wena ke selo se se gakgamatsang.+
11 “O reetse ka kelotlhoko se ke se go laelang gompieno.+ Ke leleka fa pele ga gago Baamore, Bakanana, Bahite, Baperise, Bahife le Bajebuse.+ 12 O ikele tlhoko gore o se ka wa dira kgolagano le banni ba lefatshe le o yang kwa go lone+ ka gonne seo e ka nna serai mo go wena.+ 13 Mme lo senye dibeso tsa bone, lo thubaganye dipilara tsa bone tse di boitshepo lo bo lo reme dikota tsa bone tse di boitshepo.*+ 14 Ga o a tshwanela go obama fa pele ga modimo yo mongwe+ ka gonne Jehofa ke Modimo yo o batlang gore batho ba mo obamele a le esi.* Ruri ke Modimo yo o batlang go obamelwa a le esi.+ 15 O ikele tlhoko gore o se ka wa dira kgolagano le banni ba lefatshe leo ka gonne fa ba dira boaka le medimo ya bone ba bo ba ntshetsa medimo ya bone ditlhabelo,+ mongwe o tla go laletsa mme o tla ja dijo tse ba ntshitseng ditlhabelo ka tsone.+ 16 Mme o tla feleletsa o tseela bomorwao bangwe ba bomorwadiabone,+ mme bomorwadiabone ba tla dira boaka le medimo ya bone ba bo ba dira gore bomorwao ba dire boaka le medimo ya bone.+
17 “Ga o a tshwanela go itirela medimo epe.+
18 “O keteke Moletlo wa Senkgwe Se se Se Nang Sebediso.+ O tla ja senkgwe se se se nang sebediso, fela jaaka ke go laetse; o dire seno malatsi a le supa ka nako e e tlhomilweng ka kgwedi ya Abibe,*+ ka gonne o ne wa tswa kwa Egepeto mo kgweding ya Abibe.
19 “Leitibolo lengwe le lengwe la mosimane* ke la me,+ go akaretsa le la diruiwa tsotlhe tsa gago, e ka tswa e le leitibolo le letonanyana la poo kgotsa la nku.+ 20 Lo rekolole leitibolo lengwe le lengwe la tonki ka nku, mme fa lo sa le rekolole, lo le robe molala. Mme lo rekolole leitibolo lengwe le lengwe la mosimane mo go bomorwaalona.+ Ope a se ka a tla fa pele ga me a iphotlhere fela.
21 “O bereke mo malatsing a le marataro, mme mo letsatsing la bosupa o ikhutse.*+ Tota le ka nako ya go lema le ya go roba, o tla ikhutsa.
22 “Mme o tla keteka Moletlo wa Dibeke ka maungo a mabutswapele a thobo ya korong le Moletlo wa go Kgobokanya* fa ngwaga o simologa.+
23 “Gararo ka ngwaga, banna botlhe ba lona ba tle fa pele ga Morena wa boammaaruri Jehofa, Modimo wa Iseraele.+ 24 Gonne ke tla leleka ditšhaba fa pele ga gago+ e bile ke tla atolosa naga ya gago, mme ga go ope yo o tla eletsang lefatshe la gago fa o ile go bona sefatlhego sa ga Jehofa, Modimo wa gago, gararo ka ngwaga.
25 “Ga o a tshwanela go ntsha madi a setlhabelo sa me mmogo le sepe fela se se nang le sebediso.+ Setlhabelo sa moletlo wa Tlolaganyo se se ka sa bewa bosigo jotlhe go fitlha mo mosong.+
26 “O tlise maungo a mabutswapele a a a gaisang otlhe a mmu wa gago mo ntlong ya ga Jehofa, Modimo wa gago.+
“Ga o a tshwanela go bedisa potsane ka mashi a mmaayone.”+
27 Jehofa o ne a tswelela a raya Moshe a re: “O kwale mafoko ano+ ka gonne ke dira kgolagano le wena le Iseraele go dumalana le mafoko ano.”+ 28 Mme o ne a nna koo le Jehofa malatsi a le 40 le masigo a le 40. O ne a sa je senkgwe e bile a sa nwe metsi.+ Mme Modimo o ne a kwala mafoko a kgolagano mo dikwalelong, Melao e e Lesome.*+
29 Moshe o ne a fologa mo Thabeng ya Sinai mme dikwalelo tse pedi tsa leje* di ne di le mo seatleng sa gagwe.+ Fa Moshe a fologa mo thabeng, o ne a sa itse gore letlalo la sefatlhego sa gagwe le ntsha marang ka gonne o ne a ntse a bua le Modimo. 30 Fa Arone le Baiseraele botlhe ba bona Moshe, ba ne ba lemoga gore letlalo la sefatlhego sa gagwe le ntsha marang mme ba ne ba tshaba go atamela gaufi le ene.+
31 Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a ba bitsa, ka jalo Arone le dikgosana tsotlhe tsa phuthego ba ne ba boela kwa go ene, mme Moshe a bua le bone. 32 Morago ga moo, Baiseraele botlhe ba ne ba atamela kwa go ene mme a ba bolelela ditaelo tsotlhe tse Jehofa a neng a mo neile tsone mo Thabeng ya Sinai.+ 33 E ne e re fa Moshe a fetsa go bua le bone, o ne a baya lesire mo sefatlhegong sa gagwe.+ 34 Mme e ne e re fa Moshe a tsena fa pele ga ga Jehofa a ya go bua le ene, o ne a ntsha lesire go fitlha a tswa.+ Go tswa foo, o ne a tswa a bo a bolelela Baiseraele ditaelo tse a neng a di neilwe.+ 35 Mme Baiseraele ba ne ba bona gore letlalo la sefatlhego sa ga Moshe le ntsha marang; foo Moshe o ne a busetsa lesire mo sefatlhegong sa gagwe go fitlha a tsena a ya go bua le Modimo.*+
35 Moragonyana Moshe o ne a phutha phuthego yotlhe ya Baiseraele mme a ba raya a re: “Tseno ke dilo tse Jehofa a laetseng gore di dirwe:+ 2 Lo ka nna lwa dira tiro mo malatsing a le marataro, mme letsatsi la bosupa e tla nna selo se se boitshepo mo go lona, ke letsatsi la sabata le le kgethegileng la go ikhutsa le le direlwang go tlotla Jehofa.+ Ope fela yo o dirang tiro mo go lone o tla bolawa.+ 3 Ka letsatsi la Sabata, ga lo a tshwanela go gotsa molelo mo mafelong ape a lo nnang mo go one.”
4 Go tswa foo, Moshe o ne a raya phuthego yotlhe ya Baiseraele a re: “Seno ke se Jehofa a se laetseng, 5 ‘Ntshetsang Jehofa moneelo go tswa mo go lona.+ A mongwe le mongwe wa pelo e e ratang+ a tlisetse Jehofa moneelo ono: gauta, selefera, kopore, 6 tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khubidu, tlhale e e boleta, boboa jwa dipodi,+ 7 matlalo a diphelefu a a fetoletsweng mo mmaleng o mohibidu, matlalo a a borethe,* logong lwa mokala, 8 leokwane la dipone, balema e e dirang leokwane la go tlotsa le e e dirang maswalo a a nkgang monate,+ 9 maje a onikise le maje a mangwe a a tla kgomarediwang mo khibeng+ le mo kgetsaneng ya sehuba.+
10 “‘A botlhe ba ba nang le bokgoni*+ mo gare ga lona ba tle mme ba dire sengwe le sengwe se Jehofa a se laetseng, 11 e leng, motlaagana le tente ya one le sekhurumetso sa one, dihuku tsa one le diforeimi tsa one, mephakalego ya one, dipilara tsa one le metheo ya tsone e e khuti; 12 Letlole+ le dikota tsa lone,+ sekhurumelo+ le sesiro+ se se kgaoganyang; 13 tafole+ le dikota tsa yone le dilwana tsotlhe tsa yone le senkgwe se se bewang fa pele ga Modimo;+ 14 setlhomo sa dipone+ tsa go bonesa le dilwana tsa sone le dipone tsa sone le leokwane la go bonesa;+ 15 sebeso sa maswalo+ le dikota tsa sone; leokwane la go tlotsa le maswalo a a nkgang monate;+ setswalo* sa kgoro ya motlaagana; 16 sebeso sa ditlhabelo tse di fisiwang+ le sêfê ya sone ya kopore, dikota tsa sone le dilwana tsotlhe tsa sone; sekotlele le setlhomo sa sone;+ 17 matsela a a lepelelang a lolwapa,+ dipilara tsa lone le metheo ya tsone e e khuti; setswalo* sa kgoro ya lolwapa; 18 dipekere tse ditona tsa motlaagana le dipekere tse ditona tsa lolwapa le megala ya tsone;+ 19 diaparo tse di logilweng ka botswerere+ tsa go direla mo lefelong le le boitshepo, diaparo tse di boitshepo tsa ga moperesiti Arone+ le diaparo tsa bomorwawe tse ba di aparang fa ba direla e le baperesiti.’”
20 Ka jalo, phuthego yotlhe ya Baiseraele e ne ya tswa fa pele ga ga Moshe. 21 Go tswa foo, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e neng e mo tlhotlheletsa+ le mongwe le mongwe yo moya wa gagwe o neng o mo tlhotlheletsa, o ne a tla mme a tlisetsa Jehofa moneelo o o neng o tla dirisiwa mo tenteng ya bokopanelo, mo tirelong yotlhe ya one le go dira diaparo tse di boitshepo. 22 Ba ne ba nna ba tla, banna mmogo le basadi, mongwe le mongwe wa pelo e e ratang, ba tlisa dikgokelo tse di kgabisitsweng, manyena, dipalamonwana le mekgabisa e mengwe mmogo le dilwana tsa mefuta yotlhe tsa gauta. Botlhe ba ne ba tlisetsa Jehofa ditlhabelo* tsa bone tsa gauta.+ 23 Mme botlhe ba ba neng ba na le tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu, tlhale e e boleta, boboa jwa dipodi, matlalo a diphelefu a a fetoletsweng mo mmaleng o mohibidu le matlalo a a borethe,* ba ne ba di tlisa. 24 Botlhe ba ba neng ba eletsa go ntsha selefera le kopore ba ne ba di tlisetsa Jehofa e le moneelo, mme botlhe ba ba neng ba na le logong lwa mokala lwa go dira karolo epe fela ya tiro, ba ne ba lo tlisa.
25 Basadi botlhe ba ba itseng+ go dira tlhale, ba ne ba tlisa dilo tse ba neng ba di dirile: tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta. 26 Mme basadi botlhe ba ba nang le bokgoni ba dipelo tsa bone di neng di ba tlhotlheletsa, ba ne ba otlha boboa jwa dipodi.
27 Mme dikgosana di ne tsa tlisa maje a onikise le maje a mangwe a a tla kgomarediwang mo khibeng le mo kgetsaneng ya sehuba,+ 28 le balema le leokwane la go bonesa le leokwane la go tlotsa+ le la maswalo a a nkgang monate.+ 29 Banna le basadi botlhe ba dipelo tsa bone di neng di ba tlhotlheletsa ba ne ba tlisa sengwe gore tiro e Jehofa a neng a e laetse ka Moshe e dirwe; Baiseraele ba ne ba tlisetsa Jehofa dilo tseno e le moneelo o o ntshiwang ka go rata.+
30 Go tswa foo, Moshe o ne a raya Baiseraele a re: “Bonang, Jehofa o tlhophile Besalele morwa Uri morwa Hure wa lotso lwa ga Juda.+ 31 O mo tladitse ka moya wa Modimo, a dira gore a nne botlhale, a tlhaloganye a bo a nne le kitso mo tirong nngwe le nngwe ya go betla 32 gore a tlhame didirisiwa, gore a dire ka gauta, selefera le kopore, 33 gore a sege maje a bo a a gabe le gore a dire dilwana tsa mofuta mongwe le mongwe ka logong. 34 Mme Modimo o mo neile bokgoni jwa go ruta ba bangwe, ene le Oholiabe+ morwa Ahisamake wa lotso lwa ga Dana. 35 O ba neile bokgoni*+ jwa go dira tiro nngwe le nngwe ya mmetli, ya mokgabisi le ya modiramatsela ba dirisa tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta le tiro ya mologi. Banna bano ba tla dira tiro ya mofuta mongwe le mongwe e bile ba tla dira didirisiwa tsa mofuta mongwe le mongwe.
36 “Besalele o tla dira mmogo le Oholiabe le monna mongwe le mongwe yo o nang le bokgoni,* yo Jehofa a mo neileng botlhale le go tlhaloganya gore a itse kafa a ka dirang tiro yotlhe ya tirelo e e boitshepo ka gone fela jaaka Jehofa a laetse.”+
2 Go tswa foo, Moshe o ne a bitsa Besalele le Oholiabe le monna mongwe le mongwe yo o nang le bokgoni, yo Jehofa a neng a tsentse botlhale+ mo pelong ya gagwe, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e neng e mo tlhotlheletsa go ithaopela go dira tiro.+ 3 Ba ne ba tsaya moneelo+ otlhe mo go Moshe o Baiseraele ba neng ba o tliseditse tiro e e direlwang tirelo e e boitshepo. Le fa go ntse jalo, moso le moso, batho ba ne ba nna ba tlisa kwa go ene moneelo o o ntshiwang ka go rata.
4 Go tswa foo, fa ba sena go simolola tiro e e boitshepo, badiri botlhe ba ba nang le bokgoni ba ne ba tla ka go latelana, 5 mme ba ne ba raya Moshe ba re: “Batho ba tlisetsa tiro e Jehofa a laetseng gore e dirwe mo gontsi go feta kafa go tlhokegang ka gone.” 6 Ka jalo, Moshe o ne a laela gore go dirwe kitsiso eno mo kampeng yotlhe: “Banna le basadi, emisang go tlisa dithoto tse di oketsegileng tse lo di ntshetsang moneelo o o boitshepo.” Foo batho ba ne ba thibelwa go tlisa sepe fela. 7 Dithoto tseno di ne di lekane tiro yotlhe e e neng e tshwanetse go dirwa e bile di ne di feta selekanyo.
8 Ka jalo, badiri botlhe ba ba nang le bokgoni+ ba ne ba dira motlaagana+ ka matsela a tente a le lesome a tlhale e e boleta e e otlhilweng, tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole le tlhale e khibidu; o* ne a a kgabisa ka go loga ditshwantsho tsa ditšheruba mo go one.+ 9 Letsela lengwe le lengwe la tente le ne le le boleele jwa dimetara di ka nna 12* le bophara jwa disentimetara di le 178.* Matsela ano otlhe a tente a ne a lekana. 10 Go tswa foo, o ne a kopanya matsela a le matlhano a tente mmogo, mme matsela a mangwe a le matlhano a tente le one o ne a a kopanya mmogo. 11 Morago ga moo, o ne a dira dilupu tsa tlhale e e botala jwa loapi mo letseleng la bofelo la a a kopantsweng. O ne a dira se se tshwanang le mo letseleng la bofelo la matsela a mangwe a a kopantsweng, kwa matsela ano a neng a kopana gone. 12 O ne a dira dilupu di le 50 mo letseleng le le lengwe la tente a bo a dira dilupu di le 50 kwa bofelong jwa letsela le lengwe la tente gore dilupu tseno di lebagane fa di kopanang gone. 13 La bofelo o ne a dira dihuku di le 50 tsa gauta a bo a gokaganya matsela ano ka tsone, mme motlaagana o ne wa nna selo se le sengwe.
14 Go tswa foo, o ne a direla tente matsela ka boboa jwa dipodi gore a khurumetse motlaagana. O ne a dira matsela a tente a le 11.+ 15 Letsela lengwe le lengwe la tente le ne le le boleele jwa dimetara di ka nna 13 le bophara jwa disentimetara di le 178. Matsela ano otlhe a tente a le 11 a ne a lekana. 16 O ne a kopanya matsela a le matlhano a tente mmogo a bo a kopanya matsela a mangwe a marataro a tente mmogo. 17 Morago ga moo, o ne a dira dilupu di le 50 kwa bofelong jwa letsela le le lengwe la tente, e leng letsela la bofelo mo go a a kopantsweng, le dilupu di le 50 mo letseleng la bofelo la tente la matsela a mangwe a a kopantsweng kwa matsela ano a kopanang gone. 18 Mme o ne a dira dihuku di le 50 tsa kopore tse di gokaganyang tente gore e nne selo se le sengwe.
19 O ne a direla tente sekhurumetso ka matlalo a diphelefu a a fetoletsweng mo mmaleng o mohibidu le sekhurumetso se sengwe ka matlalo a a borethe* gore se nne mo godimo ga sekhurumetso sa matlalo a diphelefu.+
20 Go tswa foo, o ne a direla motlaagana diforeimi tse di emeng di tlhamaletse+ a dirisa logong lwa mokala.+ 21 Foreimi nngwe le nngwe e ne e le boleele jwa dimetara di ka nna nnê le halofo le bophara jwa disentimetara di ka nna 67. 22 Foreimi nngwe le nngwe e ne e na le dipale* tse pedi tse di gokagantsweng. Ke kafa a neng a dira diforeimi tsotlhe tsa motlaagana ka gone. 23 Ka jalo, o ne a dira diforeimi di le 20 ka fa letlhakoreng le le ka fa borwa la motlaagana, di lebile kwa borwa. 24 Go tswa foo, o ne a dira metheo e e khuti ya selefera e le 40 ka fa tlase ga diforeimi di le 20, foreimi e le nngwe e ne e diretswe metheo e mebedi e e khuti ka fa tlase ga dipale tsa yone tse pedi le foreimi nngwe le nngwe e e latelang le yone e ne e diretswe metheo e mebedi e e khuti ka fa tlase ga dipale tsa yone tse pedi.+ 25 Ka fa letlhakoreng le lengwe la motlaagana, letlhakore le le ka fa bokone, o ne a dira diforeimi di le 20 26 le metheo ya tsone e e khuti ya selefera e le 40, metheo e mebedi e e khuti e le ka fa tlase ga foreimi e le nngwe le metheo e mebedi e e khuti e le ka fa tlase ga nngwe le nngwe ya diforeimi tse dingwe.
27 Karolo e e kwa morago ya motlaagana, e e ka fa bophirima, o ne a e direla diforeimi di le thataro.+ 28 O ne a dira diforeimi di le pedi gore e nne dikota tsa dikhona tse pedi tse di kwa morago tsa motlaagana. 29 Dikota tseno di ne di patagantswe go tswa kwa tlase go ya kwa godimo, go fitlha kwa lesekeng la ntlha. Seo ke se a neng a se dira ka dikota tse pedi tsa dikhona. 30 Ka jalo, go ne ga nna le diforeimi di le robedi le metheo ya tsone e e khuti ya selefera e le 16, metheo e le mebedi e e khuti e ne e le ka fa tlase ga foreimi nngwe le nngwe.
31 Go tswa foo, o ne a dira mephakalego ka logong lwa mokala, mephakalego e metlhano e le ya diforeimi tse di ka fa letlhakoreng le le lengwe la motlaagana+ 32 le mephakalego e metlhano ya diforeimi tse di ka fa letlhakoreng le lengwe la motlaagana, le mephakalego e metlhano ya diforeimi tsa motlaagana tsa karolo e e kwa morago ka fa bophirima. 33 O ne a dira mophakalego o o fa gare o o kgabaganyang mo bogareng jwa diforeimi o tswa kwa ntlheng e nngwe o ya kwa go e nngwe. 34 O ne a manega diforeimi ka gauta a bo a di direla maseka a gauta gore a tshegetse mephakalego, mme o ne a manega mephakalego eo ka gauta.+
35 Go tswa foo, o ne a dira sesiro+ ka tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng. O ne a se kgabisa ka go loga ditshwantsho tsa ditšheruba+ mo go sone. 36 Go tswa foo, o ne a se direla dipilara di le nnê ka mokala mme a di manega gauta mmogo le dihuku tsa gauta a bo a direla dipilara tseno metheo e menê e e khuti ya selefera. 37 Morago ga moo, o ne a direla kgoro ya tente setswalo* ka tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng, di logilwe mmogo,+ 38 a dira le dipilara tsa sone tse tlhano le dihuku tsa tsone. O ne a manega bogodimo jwa tsone le dikgokedi* tsa tsone ka gauta mme metheo ya tsone e metlhano e e khuti e ne e le ya kopore.
37 Go tswa foo, Besalele+ o ne a dira Letlole+ ka logong lwa mokala. Boleele jwa lone e ne e le disentimetara di ka nna 111,* bophara jwa lone e le disentimetara di ka nna 67 mme bogodimo jwa lone e le disentimetara di ka nna 67.+ 2 O ne a le manega gauta e e sa tswakanngwang ka fa teng le ka fa ntle a bo a le direla mokgabisa wa gauta go le dikologa.+ 3 Morago ga moo, o ne a le direla maseka a gauta a le manê gore a nne fa godimo ga maoto a lone a manê, maseka a mabedi a le ka fa letlhakoreng le lengwe mme maseka a mangwe a mabedi a le ka fa letlhakoreng le lengwe. 4 Go tswa foo, o ne a dira dikota ka logong lwa mokala a bo a di manega gauta.+ 5 O ne a tsenya dikota tseno mo masekeng ao a a mo matlhakoreng a Letlole gore go tsholediwe Letlole ka tsone.+
6 O ne a dira sekhurumelo ka gauta e e sa tswakanngwang.+ Boleele jwa sone e ne e le disentimetara di ka nna 111 mme bophara jwa sone e le disentimetara di ka nna 67.+ 7 Gape o ne a dira ditšheruba di le pedi+ ka gauta e e papetlilweng mo dintlheng tsoopedi tsa sekhurumelo.+ 8 Tšheruba e nngwe e ne e le kwa ntlheng e nngwe mme tšheruba e nngwe e le ka fa ntlheng e nngwe. O ne a dira ditšheruba mo dintlheng tsoopedi tsa sekhurumelo. 9 Ditšheruba tseno tse pedi di ne di tsharololetse diphuka tsa tsone kwa godimo, di khurumeditse sekhurumelo ka diphuka tsa tsone.+ Di ne di lebagane mme difatlhego tsa tsone di inametse mo sekhurumelong.+
10 Go tswa foo, o ne a dira tafole ka logong lwa mokala.+ Boleele jwa yone e ne e le disentimetara di le 89, bophara jwa yone e le disentimetara di ka nna 45 mme bogodimo jwa yone e le disentimetara di ka nna 67.+ 11 Mme a e manega gauta e e sa tswakanngwang a bo a e direla mokgabisa wa gauta go e dikologa. 12 Morago ga moo, o ne a e tsenya polanka e tshesane ya boatlhamo jwa bophara jwa seatla* mo matlhakoreng a yone a bo a e direla mokgabisa wa gauta go e dikologa. 13 Mo godimo ga moo, o ne a e direla maseka a gauta a le manê a bo a tsenya maseka ao a manê mo dikhoneng tse nnê fa maoto a yone a manê a neng a kgomareditswe gone. 14 Maseka ao a ne a le gaufi le polanka eo e tshesane gore a tshegetse dikota tsa go tsholetsa tafole. 15 Go tswa foo, o ne a dira dikota ka logong lwa mokala a bo a di manega gauta gore tafole e tsholediwe ka tsone. 16 Morago ga moo, o ne a dirisa gauta e e sa tswakanngwang go dira dilwana tsa tafole: dijana tsa yone, dikopi tsa yone, le dinkgo tsa yone le dikotlele tsa yone tse dinnye, tse go neng go tla tshelwa ditlhabelo tsa senô mo go tsone.+
17 Go tswa foo, o ne a dira setlhomo sa dipone+ ka gauta e e sa tswakanngwang. O ne a dira setlhomo seo sa dipone ka gauta e e papetlilweng. Karolo ya sone e e kwa tlase, kutu ya sone, dinkgwana tsa sone, dikarolo tse di kgolokwe tsa sone le malômô* a sone, e ne e le selo se le sengwe.+ 18 Dikala tsa sone di le thataro di ne di dirilwe mo kutung ya sone, dikala di le tharo tsa setlhomo sa dipone di dirilwe ka fa letlhakoreng le lengwe mme dikala tse dingwe di le tharo di dirilwe ka fa letlhakoreng le lengwe la sone. 19 Kala nngwe le nngwe e ne e na le dinkgwana di le tharo tse di bopegileng jaaka malômô a setlhare sa thamane, dikarolo tse di kgolokwe le malômô, mme tsotlhe di ne di beilwe ka go refosana. Go ne ga dirwa jalo mo dikaleng tsotlhe tse thataro tse di neng di dirilwe mo kutung ya setlhomo sa dipone. 20 Mo kutung ya setlhomo sa dipone go ne go na le dinkgwana di le nnê tse di bopegileng jaaka malômô a setlhare sa thamane, dikarolo tse di kgolokwe le malômô a sone, mme tsotlhe di ne di beilwe ka go refosana. 21 Go ne go na le karolo e e kgolokwe ka fa tlase ga dikala tse pedi tsa ntlha tse di mo kutung le karolo e e kgolokwe ka fa tlase ga dikala tse dingwe tse pedi tse di latelang le karolo e e kgolokwe ka fa tlase ga dikala tse dingwe gape tse pedi tse di latelang, go ne ga dirwa jalo mo dikaleng tseno tse thataro tse di tswang mo kutung ya setlhomo sa dipone. 22 Dikarolo tse di kgolokwe tseno le dikala tseno le setlhomo sotlhe sa dipone e ne e le selo se le sengwe se se dirilweng ka gauta e e sa tswakanngwang e e papetlilweng. 23 Go tswa foo, o ne a dira dipone tsa sone tse supa+ le ditimalobone* tsa sone le ditsholamolelo tsa sone ka gauta e e sa tswakanngwang. 24 O ne a se dira mmogo le dilwana tsotlhe tsa sone ka talenta* ya gauta e e sa tswakanngwang.
25 Jaanong o ne a dira sebeso sa maswalo+ ka logong lwa mokala. Se ne se na le matlhakore a le manê a a lekalekanang, boleele jwa sone e le disentimetara di ka nna 45, bophara jwa sone e le disentimetara di ka nna 45 mme bogodimo jwa sone e le disentimetara di le 89. Dinaka tsa sone e ne e le selo se le sengwe fela se se tshwaraganeng le sebeso.+ 26 O ne a se manega gauta e e sa tswakanngwang mo karolong ya sone e e mo godimo, mo matlhakoreng a sone go se dikologa le mo dinakeng tsa sone mme o ne a se direla mokgabisa wa gauta go se dikologa. 27 O ne a se direla maseka a mabedi a gauta ka fa tlase ga mokgabisa wa sone mo matlhakoreng a mabedi a a lebaganeng gore maseka ano a tshegetse dikota tse se tsholediwang ka tsone. 28 Morago ga moo, o ne a dira dikota ka logong lwa mokala a bo a di manega gauta. 29 Gape o ne a dira leokwane le le boitshepo la go tlotsa+ le maswalo a a itshekileng a a nkgang monate,+ a kopantswe ka botswerere.*
38 O ne a dira sebeso sa ditlhabelo tse di fisiwang ka logong lwa mokala. Se ne se na le matlhakore a le manê a a lekalekanang, boleele jwa sone e le disentimetara di ka nna 223,* bophara jwa sone e le disentimetara di ka nna 223 mme bogodimo jwa sone e le disentimetara di ka nna 134.+ 2 Go tswa foo, o ne a dira dinaka tsa sone mo dikhoneng tsa sone tse nnê. Dinaka tseno e ne e le karolo ya sebeso. O ne a se manega kopore.+ 3 Morago ga moo, o ne a dira dilwana tsotlhe tsa sebeso, dikgamelo, digarawe, dikotlele tse dinnye, diforoko le ditsholamolelo. O ne a dira dilwana tsotlhe tsa sone ka kopore. 4 Gape o ne a direla sebeso sêfê ya kopore a bo a e tsenya mo gare go tloga kwa karolong e e kwa godimo, go ela kwa bogareng jwa sone. 5 O ne a dira maseka a le manê mo dikhoneng tse nnê gaufi le sêfê ya kopore gore a tshegetse dikota. 6 Morago ga moo, o ne a dira dikota ka logong lwa mokala a bo a di manega kopore. 7 O ne a tsenya dikota tseno mo masekeng a a ka fa matlhakoreng a sebeso gore se tsholediwe ka tsone. O ne a dira sebeso se se bopegileng jaaka letlole le le khuti la dipolanka.
8 Go tswa foo, o ne a dira sekotlele sa kopore+ le setlhomo sa sone sa kopore; o ne a dirisa diipone* tsa basadi ba ba neng ba direla go ya ka dithulaganyo tsa kwa kgorong ya tente ya bokopanelo.
9 Morago ga moo, o ne a dira lolwapa.+ Ka fa letlhakoreng le le ka fa borwa la lolwapa, le le lebileng kwa borwa, o ne a dira matsela a a lepelelang a tlhale e e boleta e e otlhilweng, a dimetara di ka nna 45.+ 10 Go ne go na le dipilara di le 20 le metheo e e khuti ya kopore e le 20 mme dihuku tsa dipilara le dikgokedi* tsa tsone e ne e le tsa selefera. 11 Gape, mo letlhakoreng le le ka fa bokone go ne go na le matsela a a lepelelang a dimetara di ka nna 45. Dipilara tsa one di le 20 le metheo ya tsone e e khuti e le 20 e ne e le ya kopore. Dihuku le dikgokedi* tsa tsone e ne e le tsa selefera. 12 Mme ka fa letlhakoreng la bophirima, matsela a a lepelelang a ne a le dimetara di ka nna 22. Go ne go na le dipilara di le lesome le metheo e e khuti e le lesome mme dihuku tsa dipilara le dikgokedi* tsa tsone e ne e le tsa selefera. 13 Bophara jwa letlhakore le le ka fa botlhaba e ne e le dimetara di ka nna 22. 14 Go ne go na le matsela a a lepelelang a dimetara di ka nna supa mo ntlheng e le nngwe, le dipilara di le tharo le metheo e e khuti e le meraro. 15 Mme ka fa ntlheng e nngwe e e ka fa letlhakoreng le lengwe la kgoro ya lolwapa, go ne go na le matsela a a lepelelang a dimetara di ka nna supa, mmogo le dipilara di le tharo le metheo e e khuti e le meraro. 16 Matsela otlhe a a lepelelang go dikologa lolwapa e ne e le a tlhale e e boleta e e otlhilweng. 17 Metheo e e khuti ya dipilara e ne e le ya kopore, dihuku tsa dipilara le dikgokedi* tsa tsone e ne e le tsa selefera, mme bogodimo jwa tsone bo ne bo manegilwe selefera, mme dipilara tsotlhe tsa lolwapa di ne di gokagantswe ka dilo tse di gokaganyang tsa selefera.+
18 Setswalo* sa kgoro ya lolwapa se ne se dirilwe ka tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng. Se ne se le boleele jwa dimetara di ka nna 9 le bogodimo jwa disentimetara di ka nna 223, e leng bogodimo jo bo lekanang le matsela a a lepelelang a lolwapa.+ 19 Dipilara tsa one tse nnê le metheo ya tsone e menê e e khuti e ne e dirilwe ka kopore. Dihuku tsa tsone le dikgokedi* tsa tsone e ne e le tsa selefera, mme bogodimo jwa dipilara di ne di manegilwe selefera. 20 Dipekere tsotlhe tsa motlaagana le tse di dikologileng lolwapa e ne e le tsa kopore.+
21 Tseno ke dilo tse di badilweng tsa motlaagana o o nang le letlole la kgolagano,*+ tse di neng tsa balwa go ya ka taelo ya ga Moshe, e le boikarabelo jwa Balefi+ ba kaelwa ke Ithamare+ morwa moperesiti Arone. 22 Besalele+ morwa Uri morwa Hure wa lotso lwa ga Juda o ne a dira sotlhe se Jehofa a neng a se laetse Moshe. 23 O ne a na le Oholiabe+ morwa Ahisamake wa lotso lwa ga Dana, mmetli le mokgabisi le mologi yo o dirisang tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta.
24 Gauta yotlhe e e neng ya dirisiwa mo tirong yotlhe ya lefelo le le boitshepo e ne e lekana le gauta ya setlhabelo se se fokwang,+ ditalenta* di le 29 le dishekele* di le 730 go ya ka selekanyashekele* sa lefelo le le boitshepo.* 25 Mme selefera ya ba ba kwadisitsweng ba phuthego e ne e le ditalenta di le 100 le dishekele di le 1 775 go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo.* 26 Halofo ya shekele e e neng e ntshitswe ke mongwe le mongwe e ne e le halofo ya shekele go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,* e e neng e ntshitswe ke monna mongwe le mongwe mo go ba ba neng ba kwadisitswe go simolola ka ba ba dingwaga di le 20 le go feta,+ ba ba neng ba le 603 550.+
27 Metheo e e khuti ya lefelo le le boitshepo le metheo e e khuti ya sesiro e ne ya nna ditalenta di le 100; metheo e e khuti e le 100 e ne e lekana le ditalenta di le 100, talenta e le nngwe e ne e dira motheo o le mongwe.+ 28 O ne a dirisa dishekele di le 1 775 go dira dihuku tsa dipilara mme a manega bogodimo jwa tsone a bo a di gokaganya.
29 Kopore e e neng e ntshitswe e ne e le ditalenta di le 70 le dishekele di le 2 400. 30 O ne a e dirisa go dira metheo e e khuti ya kgoro ya tente ya bokopanelo, sebeso sa kopore le sêfê ya sone ya kopore, dilwana tsotlhe tsa sebeso, 31 metheo e e khuti go dikologa lolwapa, metheo e e khuti ya kgoro ya lolwapa le dipekere tsotlhe tsa motlaagana le dipekere tsotlhe+ go dikologa lolwapa.
39 Ba ne ba dira diaparo tse di logilweng ka botswerere tsa go direla mo lefelong le le boitshepo ka tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole le tlhale e khibidu.+ Ba ne ba direla Arone diaparo tse di boitshepo,+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
2 O ne a dira khiba+ ka gauta, tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng. 3 Ba ne ba papetla gauta gore e nne tshesane, mme o ne a e sega gore e nne ditlhale a bo a e loga le tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e bile e ne e kgabisitswe. 4 Ba ne ba e direla mabanta mo magetleng, mme e ne e kopantswe mo dintlheng tsa yone tse pedi. 5 Mme lebanta le le logilweng,* le le neng le rokeletswe mo khibeng gore e bofiwe ka lone gore e nne mo mannong a yone,+ le ne le dirilwe ka didirisiwa tse di tshwanang le tsa khiba, gauta, tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
6 Morago ga moo, ba ne ba kgomaretsa maje a onikise mo ditshegetsong tsa gauta mme ba gaba maina a bomorwa Iseraele mo go one jaaka ba ka gaba letshwao mo palamonwaneng.+ 7 O ne a a baya mo mabanteng a khiba a a mo magetleng e le maje a segopotso mo go bomorwa Iseraele,+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 8 Go tswa foo, o ne a dira kgetsana ya sehuba+ e e kgabisitsweng, e dirilwe ka tsela e khiba e dirilweng ka yone, ka gauta, tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng.+ 9 E ne e na le matlhakore a le manê a a lekanang fa e menagantswe gabedi. Ba ne ba dira kgetsana ya sehuba, e fa e ne e menaganngwa e neng e le boleele le bophara jwa paralatso ya seatla.* 10 Ba ne ba dira mela e menê ya maje mo go yone. Mo moleng wa ntlha go ne go tsentswe leje la rubi, la topase le la emeraleda. 11 Mo moleng wa bobedi go ne go tsentswe leje la thekoise, la safire le la jasepere. 12 Mo moleng wa boraro go ne go tsentswe leje la leshem,* la agate le la amethisete. 13 Mo moleng wa bonê go ne go tsentswe leje la kerusolete, la onikise le la jeide. A ne a kgomareditswe mo ditshegetsong tsa gauta. 14 Maje ao a ne a lekana le maina a le 12 a bomorwa Iseraele, mme maina ao a ne a gabilwe jaaka fa go gabiwa letshwao mo palamonwaneng, leina lengwe le lengwe le ne le emela longwe lwa ditso tse 12.
15 Go tswa foo, ba ne ba dira dikeetane ka gauta e e sa tswakanngwang mo kgetsaneng ya sehuba, di tshophilwe jaaka mogala.+ 16 Ba ne ba dira ditshegetso tse pedi tsa gauta le maseka a mabedi a gauta ba bo ba kgomaretsa maseka ano a mabedi mo dikhoneng tse pedi tsa kgetsana ya sehuba. 17 Morago ga moo, ba ne ba tsenya megala e mebedi ya gauta mo masekeng ao a mabedi a a mo dikhoneng tsa kgetsana ya sehuba. 18 Go tswa foo, ba ne ba tsenya dintlha tse pedi tsa megala e mebedi mo ditshegetsong tse pedi ba bo ba di kgomaretsa mo mabanteng a a mo magetleng a khiba, kwa pele. 19 Morago ga moo, ba ne ba dira maseka a mangwe a mabedi a gauta ba bo ba a kgomaretsa mo dintlheng tse pedi mo karolong e e ka fa teng ya kgetsana ya sehuba, maseka ao a ne a lebile mo khibeng.+ 20 Ba ne ba dira maseka a mangwe gape a mabedi a gauta ba bo ba a kgomaretsa mo khibeng kwa pele, kwa tlase ga mabanta a mabedi a a mo magetleng, gaufi le fa e kopantsweng teng, fa godimo ga lebanta le le logilweng* la khiba. 21 La bofelo, ba ne ba gokelela kgetsana ya sehuba ka mogala o o botala jwa loapi go tswa mo masekeng a yone go ya kwa masekeng a khiba, e le gore kgetsana ya sehuba e se ka ya suta mo khibeng, fa godimo ga lebanta le le logilweng,* fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
22 Morago ga moo, o ne a dira seaparo se se se nang mabogo se se aparwang ka fa teng ga khiba, se dirilwe ke mologi, sotlhe fela se dirilwe ka tlhale e e botala jwa loapi.+ 23 Se ne se na le phatlha kwa godimo mo bogareng jwa sone, e tshwana le phatlha ya seaparo sa phemelo. Phatlha ya sone e ne e na le momeno o o logilweng go e dikologa gore e se ka ya gagoga. 24 Morago ga moo, ba ne ba dira digaranata ka tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole le tlhale e khibidu, di logilwe mmogo, mo momenong o o kwa tlase wa seaparo se se se nang mabogo. 25 Gape ba ne ba dira ditleloko ka gauta e e sa tswakanngwang ba bo ba tsenya ditleloko tseo fa gare ga digaranata go dikologa momeno o o kwa tlase wa seaparo se se se nang mabogo, fa gare ga digaranata; 26 ba ne ba dira gore tleloko e refosane le garanata go dikologa momeno o o kwa tlase wa seaparo se se se nang mabogo, se se neng se dirisediwa tirelo ya boperesiti, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
27 Ba ne ba direla Arone le bomorwawe diaparo tse ditelele tsa tlhale e e boleta,+ tse di neng di dirilwe ke mologi, 28 le tuku e e kgethegileng+ ya tlhale e e boleta, dituku+ tse di kgabisitsweng ka tlhale e e boleta, marokgwe a makhutshwane*+ a a dirilweng ka tlhale e e boleta e e otlhilweng, 29 le moitlamo wa lotheka o o dirilweng ka tlhale e e boleta e e otlhilweng, tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole le tlhale e khibidu, di logilwe mmogo, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
30 La bofelo ba ne ba dira mokgabisa* o o phatsimang, letshwao le le boitshepo la boineelo,* ka gauta e e sa tswakanngwang ba bo ba gaba mokwalo ono mo go one jaaka motho a ka gaba letshwao mo palamonwaneng: “Jehofa o Boitshepo.”+ 31 Ba ne ba gokelela mogala wa tlhale e e botala jwa loapi mo go one gore ba o beye mo tukung e e kgethegileng, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
32 Ka jalo, tiro yotlhe ya motlaagana, e leng tente ya bokopanelo, e ne ya wediwa mme Baiseraele ba ne ba dira sotlhe se Jehofa a neng a se laetse Moshe.+ Ba ne ba dira fela jalo.
33 Go tswa foo, ba ne ba tlisa motlaagana+ kwa go Moshe, tente+ le dilwana tsotlhe tsa yone: dihuku+ tsa yone, diforeimi+ tsa yone, mephakalego+ ya yone le dipilara tsa yone le metheo ya yone e e khuti;+ 34 sekhurumetso sa yone sa matlalo a diphelefu a a fetoletsweng mo mmaleng o mohibidu,+ sekhurumetso sa yone sa matlalo a a borethe,* sesiro se se kgaoganyang;+ 35 letlole la kgolagano* le dikota tsa lone+ le sekhurumelo;+ 36 tafole, dilwana+ tsotlhe tsa yone le senkgwe se se bewang fa pele ga Modimo; 37 setlhomo sa dipone sa gauta e e sa tswakanngwang, dipone+ tsa sone tse di tlhomagantsweng, dilwana+ tsotlhe tsa sone le leokwane la go bonesa;+ 38 sebeso+ sa gauta, leokwane la go tlotsa,+ maswalo a a nkgang monate,+ setswalo*+ sa kgoro ya tente; 39 sebeso sa kopore+ le sêfê ya sone ya kopore, dikota+ tsa sone, dilwana+ tsotlhe tsa sone, sekotlele le setlhomo sa sone;+ 40 matsela a a lepelelang a lolwapa, dipilara tsa lone le metheo ya lone e e khuti,+ setswalo*+ sa kgoro ya lolwapa, megala ya lone le dipekere tsa lone tse ditona+ le dilwana tsotlhe tsa tirelo ya motlaagana wa bokopanelo; 41 diaparo tse di logilweng ka botswerere tsa go direla mo lefelong le le boitshepo, diaparo tse di boitshepo tsa ga moperesiti Arone+ le diaparo tsa bomorwawe tse ba di aparang fa ba direla e le baperesiti.
42 Ke kafa Baiseraele ba neng ba dira tiro yotlhe ka gone, go ya ka sotlhe se Jehofa a neng a se laetse Moshe.+ 43 Fa Moshe a ne a tlhatlhoba tiro yotlhe ya bone, o ne a bona gore ba e dirile fela jaaka Jehofa a ne a laetse; mme Moshe o ne a ba segofatsa.
40 Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: 2 “Mo letsatsing la ntlha la kgwedi ya ntlha, o tlhome motlaagana, e leng tente ya bokopanelo.+ 3 O beye letlole la kgolagano* mo go one+ o bo o sira Letlole ka sesiro.+ 4 O tsenye tafole+ o bo o rulaganya dilwana tse di nnang mo go yone, mme o tsenye setlhomo sa dipone+ o bo o tshuba dipone tsa sone.+ 5 Go tswa foo, o beye sebeso sa maswalo+ sa gauta fa pele ga letlole la kgolagano o bo o pega setswalo* sa kgoro ya motlaagana fa se nnang gone.+
6 “O beye sebeso sa ditlhabelo tse di fisiwang+ fa pele ga kgoro ya motlaagana, e leng tente ya bokopanelo 7 o bo o baya sekotlele fa gare ga tente ya bokopanelo le sebeso o bo o tshela metsi mo go sone.+ 8 Go tswa foo, o dire lolwapa+ go dikologa motlaagana o bo o tsenya setswalo*+ sa kgoro ya lolwapa. 9 Morago ga moo, o tseye leokwane la go tlotsa+ mme o tlotse motlaagana le sotlhe se se mo go one+ o bo o o dire boitshepo le dilwana tsotlhe tsa one. 10 O tlotse sebeso sa ditlhabelo tse di fisiwang le dilwana tsotlhe tsa sone mme o se dire gore e nne sebeso se se boitshepotshepo.+ 11 O tlotse le sekotlele le setlhomo sa sone o bo o se dira boitshepo.
12 “Go tswa foo, o atametse Arone le bomorwawe fa kgorong ya tente ya bokopanelo o bo o ba tlhapisa ka metsi.+ 13 Mme o apese Arone diaparo tse di boitshepo,+ o mo tlotse+ o bo o mo dira boitshepo, mme o tla ntirela e le moperesiti. 14 Morago ga moo, o atametse bomorwawe mme o ba apese diaparo tse ditelele.+ 15 O ba tlotse fela jaaka o tloditse rraabone+ gore ba ntirele e le baperesiti, mme go tlodiwa ga bone go kaya gore boperesiti bo tla tswelela e le jwa bone go ya mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone.”+
16 Moshe o ne a dira ka fa go sotlhe se Jehofa a neng a se mo laetse.+ O ne a dira fela jalo.
17 Motlaagana o ne wa tlhomiwa mo letsatsing la ntlha la kgwedi ya ntlha, mo ngwageng wa bobedi.+ 18 Fa Moshe a ne a tlhoma motlaagana, o ne a baya metheo ya one e e khuti+ fa fatshe, a tlhoma diforeimi,+ a tsenya mephakalego+ ya one a bo a tlhoma dipilara tsa one. 19 O ne a phuthololela tente+ mo godimo ga motlaagana a bo a baya sekhurumetso+ sa tente kwa godimo ga one, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
20 Morago ga moo, o ne a tsaya dikwalelo tsa leje*+ a di tsenya mo teng ga Letlole,+ a somela dikota+ tsa Letlole mo masekeng a bo a khurumela+ Letlole.+ 21 O ne a tsenya Letlole mo teng ga motlaagana a bo a pega sesiro+ se se kgaoganyang fa se nnang gone a bo a sira letlole la kgolagano,*+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
22 Morago ga moo, o ne a tsenya tafole+ mo tenteng ya bokopanelo ka fa letlhakoreng le le ka fa bokone la motlaagana ka fa ntle ga sesiro, 23 mme a tlhatlaganya senkgwe+ mo godimo ga yone fa pele ga ga Jehofa, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
24 O ne a baya setlhomo sa dipone+ mo tenteng ya bokopanelo fa pele ga tafole, ka fa letlhakoreng le le ka fa borwa la motlaagana. 25 O ne a tshuba dipone+ fa pele ga ga Jehofa, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
26 Morago ga moo, o ne a baya sebeso sa gauta+ mo tenteng ya bokopanelo fa pele ga sesiro, 27 e le gore a tle a fisetse maswalo+ a a nkgang monate mo go sone,+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
28 Go tswa foo, o ne a pega setswalo*+ sa kgoro ya motlaagana fa se nnang gone.
29 O ne a baya sebeso sa ditlhabelo tse di fisiwang+ fa kgorong ya motlaagana, e leng tente ya bokopanelo, gore a tle a ntshetse setlhabelo se se fisiwang+ le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka mo go sone, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
30 Morago ga moo, o ne a baya sekotlele fa gare ga tente ya bokopanelo le sebeso a bo a tshela metsi a go tlhapa mo go sone.+ 31 Moshe le Arone le bomorwawe ba ne ba tlhapela diatla le dinao tsa bone fa go sone. 32 Nako le nako fa ba ne ba tsena mo tenteng ya bokopanelo kgotsa ba atamela sebeso, ba ne ba tlhapa,+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
33 La bofelo o ne a tlhoma lolwapa+ go dikologa motlaagana le sebeso a bo a tsenya setswalo* sa kgoro ya lolwapa.+
Ka jalo, Moshe o ne a wetsa tiro. 34 Mme leru le ne la khurumetsa tente ya bokopanelo, mme kgalalelo ya ga Jehofa ya tlala mo motlaaganeng.+ 35 Moshe o ne a sa kgone go tsena mo tenteng ya bokopanelo ka gonne leru le ne la tswelela le le mo godimo ga yone, mme kgalalelo ya ga Jehofa e ne e tletse mo motlaaganeng.+
36 Mme fa leru le tsholetsega le tswa mo motlaaganeng, Baiseraele ba ne ba fudugela kwa lefelong le lengwe ba sala leru leo morago mo loetong lotlhe lwa bone.+ 37 Le fa go ntse jalo, fa leru le ne le sa tsholetsege, ba ne ba sa ye gope go fitlha ka letsatsi le le tsholetsegang ka lone.+ 38 E re ka leru la ga Jehofa le ne le nna fa godimo ga motlaagana motshegare mme molelo o ne o tswelela o le fa godimo ga one bosigo, Baiseraele botlhe ba ne ba kgona go bona leru leo le molelo fa ba ntse ba tsamaya mo loetong lotlhe lwa bone.+
Seheb., “ba ba duleng mo lothekeng lwa ga Jakobe.”
Seheb., “bomorwa Iseraele.”
Kgotsa “tlhoma baokamedi ba tiro.”
Kgotsa “araka; lebokose.”
Mo go kayang “Yo o Ntshitsweng,” ke gore, yo o faloditsweng mo metsing.
Kgotsa “fa Moshe a ntse a nonofa.”
Kgotsa “mo moshaweng.”
Kgotsa “femela.”
Go tewa Jethero.
Mo go kayang “Motswakwa Koo.”
Seheb., “malatsi a mantsi.”
Seheb., “bompaatšhane.”
Kgotsa “obamela.”
Kgotsa “Batlang.”
Kgotsa “Ke Tla Nna se ke Tla Nnang Sone.” Bona Dintlha A4.
Seheb., “ke molomo o o boima.”
Seheb., “le molomo wa gago.”
Kgotsa “mme o tla emela Modimo mo go ene.”
Kgotsa “thipa ya leje.”
Kgotsa “mekgweleong.”
Kgotsa “ditshwakga.”
Seheb., “ba phuthe dirite gore ba tle ba dire lotlhaka.”
Kgotsa “ditshwakga.”
Kgotsa “ditshwakga.”
Kgotsa “lo dirile gore re nkge bosula fa pele ga ga Faro le fa pele ga batlhanka ba gagwe.”
Kgotsa “nonofileng.”
Seheb., “ka tsholetsa seatla sa me.”
Seheb., “go ya ka masomosomo a bone.”
Seheb., “ke go dirile Modimo.”
Seheb., “masomosomo a me.”
Kgotsa “ba dirisa dilo tsa bone tsa maselamose.”
Go tewa mesele e e tswang mo Nile.
Kgotsa “mo diobeneng.”
Mofuta wa ntsi e e lomang.
Go tewa Baegepeto.
Kgotsa “go tshameka ka rona.”
Seheb., “mosidi wa bobesetso.”
Kgotsa “dikaku; ditlhagala.”
Seheb., “mosidi wa bobesetso.”
Kgotsa “fedisitswe.”
Gongwe go tlhalosiwa magadima a a maatla.
Semela se se neng se jalwa bogologolo. Tlhale ya sone e ne e dirisiwa go dira letsela le le boleta.
Semela se se tshwanang le korong.
Kgotsa “dithunya.”
Kgotsa “di ne di saletse kwa morago ka paka.”
Seheb., “o tla nna seru mo go rona.”
Go ka tswa go tewa Moshe.
Kgotsa “o tla re letla go nna.”
Seheb., “tlhakwana.”
Seheb., “lootsang loleme lwa yone.”
Seheb., “ene le moagelani wa gagwe.”
Seheb., “fa gare ga maitseboa a mabedi.”
Kgotsa “mo mephakwaneng.”
Seheb., “dinôka tsa lona di gatlhilwe.”
Seheb., “bompaatšhane.”
Seheb., “kgaolwa mo Iseraele.”
Seheb., “masomosomo.”
Seheb., “kgaolwa mo phuthegong ya Iseraele.”
Go tewa dikwanyana kgotsa dipotsane.
Seheb., “tshenyo.”
Seheb., “mo ntlong e e nang le khuti ya go bolokela metsi.”
Go tewa setlhopha sa batho ba ba farologaneng ba e seng Baiseraele, go akaretsa le Baegepeto.
Seheb., “masomosomo.”
Seheb., “masomosomo.”
Kgotsa “Beela kwa thoko.”
Seheb., “leitibolo lengwe le lengwe le le bulang popelo nngwe le nngwe.”
Seheb., “kwa ntlong ya bokgoba.”
Bona Dintlha B15.
Seheb., “melelwaneng.”
Kgotsa “sengwe se se lo gopotsang.”
Seheb., “mo gare ga matlho a lona.”
Seheb., “mongwe le mongwe yo o bulang popelo.”
Seheb., “sengwe le sengwe se se bulang popelo.”
Seheb., “fa gare ga matlho a lona.”
Seheb., “ka seatla se se tsholetsegileng.”
Seheb., “Ka nako ya go lebelela ya mo mosong.”
Seheb., “seatla.”
Kgotsa “banna ba Iseraele.”
“Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.
Dikgosana tse go buiwang ka tsone ke dikgosana tsa lotso.
Kgotsa “bagateledi.”
Mo go kayang “Bogalaka.”
Seheb., “fa gare ga maitseboa a mabedi.”
Kgotsa “makwetekwio.”
Mo e ka nnang 2,2 L. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “la go boloka sabata.”
Kgotsa “ba ikhutsa.”
Go ka direga gore le tswa mo polelwaneng ya Sehebera e e reng “Selo se ke eng?”
Seheb., “le nngwesomeng (1/10) ya ifa.” Bona Dintlha B14.
Mo go kayang “Go Leka; Teko.”
Mo go kayang “Go Omana.”
Kgotsa “sengwe se se lo gopotsang.”
Mo go kayang “Jehofa ke Kota Ya me Ya Sesupo.”
Mo go kayang “Motswakwa Koo.”
Mo go kayang “Modimo Wa me Ke Mothusi.”
Seheb., “mo seatleng sa Egepeto.”
Seheb., “nako nngwe le nngwe.”
Kgotsa “felegetsa.”
Kgotsa “tlhwatlhwakgolo.”
Gongwe a hulwa ka motswi.
Seheb., “Lo se ka lwa atamela mosadi.”
Seheb., “a ba galefela.”
Seheb., “kgatlhanong le sefatlhego sa me.”
Kgotsa “se se emelang.”
Seheb., “dikgoro.”
Kgotsa “ditlhabelo tsa gago tsa kagiso.”
Kgotsa “maje a a betlilweng.”
Seheb., “bosaikategang jwa gago.”
Seheb., “a rekololwe.”
Kgotsa “hutsang.”
Kgotsa gongwe “sedirisiwa sengwe.”
Seheb., “mme bana ba gagwe ba bo ba tswa.”
Kgotsa “go sa nne le kgobalo e e masisi.”
Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “phimolakeledi.”
Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “ngwana yo o se nang rre.”
Kgotsa “bogisiwang.”
Seheb., “letlalo.”
Kgotsa “pelontle.”
Kgotsa “kgala.”
Kgotsa “mmusi.”
Seheb., “bua.”
Kgotsa “bosupi jo bo ratiwang ke batho ba le bantsi.”
Seheb., “lefoko.”
Kgotsa “ke golola motho yo o bosula.”
Kgotsa “itse gore botshelo jwa go nna motswakwa bo ntse jang.”
Kgotsa “tshimo e e sa lemiwang.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Bona Dintlha B15.
Gape o itsiwe e le Moletlo wa Dibeke kgotsa Pentekosete.
Gape o itsiwe e le Moletlo wa Diobo (Metlaagana).
Kgotsa “ke tla tlatsa palo ya malatsi a gago.”
Kgotsa “ke tla dira gore baba ba gago ba go neye mokwatla.”
Kgotsa gongwe “ba tshoge; ba rorome.”
Go tewa Euferatese.
Kgotsa “nkentshetse.”
Kgotsa “wulu e e fetoletsweng mo bophepoleng jo bohibitswana.”
Kgotsa “letsela le le bohibidu jwa khokhase.”
Letlalo la manyebi, e leng phologolo e e nnang mo metsing.
Kgotsa “aga.”
Kgotsa “lebokose.”
Seheb., “dikubita di le pedi le halofo.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “kubita le halofo.”
Seheb., “Tshupo.”
Seheb., “Tshupo.”
Seheb., “Tshupo.”
Mo e ka nnang 7,4 cm. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “dithunya.”
Kgotsa “Ditang.”
Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.
Seheb., “dikubita le di 28.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “dikubita di le 4.”
Letlalo la manyebi, e leng phologolo e e nnang mo metsing.
Kgotsa “dikota tse di tlhamaletseng.”
Seheb., “Tshupo.”
Seheb., “Tshupo.”
Kgotsa “garetene.”
Kgotsa “garetene.”
Seheb., “dikubita di le tlhano.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “dikubita le di tharo.”
Kgotsa “melora e e mafura,” go tewa melora e e kolobeditsweng ke mafura a ditlhabelo.
Kgotsa “maseka a a gokaganyang.”
Kgotsa “maseka a a gokaganyang.”
Kgotsa “garetene.”
Seheb., “le Tshupo.”
Seheb., “pelo e e botlhale.”
Bona Dintlha B5.
Kgotsa “Lebanta la lotheka.”
Kgotsa “sekano.”
Mo e ka nnang 22,2 cm. Bona Dintlha B14.
Leje lengwe le le tlhwatlhwakgolo le le sa itsiweng, le e ka tswang e le amber, jasinthe, opale kgotsa tourmaline.
Kgotsa “lebanta la lotheka.”
Kgotsa “lebanta la lotheka.”
Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “ya go tsenya tlhogo.”
Bona Dintlha B5.
Seheb., “o bo o tlatsa seatla sa bone.”
Kgotsa “diaparo tsa ka fa teng.”
Seheb., “losikeng.”
Kgotsa “lebanta la lotheka.”
Kgotsa “serwalo se se boitshepo.”
Seheb., “e o tla tlatsang seatla sa ga Arone le seatla sa bomorwawe ka yone.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Seheb., “gore seatla sa bone se tladiwe.”
Seheb., “motho o sele,” go tewa motho yo e seng wa losika lwa ga Arone.
Seheb., “go tlatsa seatla sa bone.”
Kgotsa “go direla sebeso tetlanyo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “fa gare ga maitseboa a mabedi.”
Seheb., “sa nngwesomeng (1/10) ya ifa.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “sa nngwennêng (1/4) ya hine.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “sa nngwennêng (1/4) ya hine.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “fa gare ga maitseboa a mabedi.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “aga.”
Seheb., “kubita e le nngwe.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “Tshupo.”
Seheb., “fa gare ga maitseboa a mabedi.”
Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.
Bona Dintlha B14.
Kgotsa “go ya ka shekele e e boitshepo.”
Gera e lekana le 0,57 g. Bona Dintlha B14.
Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.
Seheb., “mera.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “go ya ka shekele e e boitshepo.”
Seheb., “sa hine.” Bona Dintlha B14.
Kgotsa “jaaka tiro ya modiri wa setlôlô.”
Seheb., “Tshupo.”
Seheb., “motho o sele,” go tewa motho yo e seng wa losika lwa ga Arone.
Seheb., “le lebano.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “jaaka tiro ya modiri wa setlôlô.”
Seheb., “ke biditse ka leina.”
Seheb., “pelo e e botlhale.”
Seheb., “Tshupo.”
Seheb., “tsa Tshupo.”
Seheb., “thamoethata.”
Kgotsa “a nolofatsa sefatlhego sa ga.”
Kgotsa “o ikwatlhaele.”
Kgotsa “o ne a ikwatlhaela.”
Seheb., “Tshupo.”
Kgotsa “ba dirile tiro e e maatla.”
Seheb., “Tlatsang seatla sa lona.”
Seheb., “thamoethata.”
Seheb., “thamoethata.”
Seheb., “ba ne ba apola.”
Kgotsa “Ke go tlhophile.”
Seheb., “Sefatlhego sa me.”
Seheb., “Fa sefatlhego sa gago se.”
Kgotsa “pelontle.”
Kgotsa “bopelonomi jwa lorato.”
Kgotsa “boikanyegi.”
Seheb., “thamoethata.”
Kgotsa “bopiwe.”
Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “Jehofa ga a batle go pataganngwa le sepe; Leina la ga Jehofa ke Lefufa.”
Bona Dintlha B15.
Seheb., “Sengwe le sengwe se se bulang popelo.”
Kgotsa “o boloke sabata.”
Gape o itsiwe e le Moletlo wa Diobo (Metlaagana).
Seheb., “Mafoko a a Lesome.”
Seheb., “Tshupo ”
Seheb., “ene.”
Letlalo la manyebi, e leng phologolo e e nnang mo metsing.
Seheb., “pelo e e botlhale.”
Kgotsa “garetene.”
Kgotsa “garetene.”
Kgotsa “ditlhabelo tse di fokwang.”
Letlalo la manyebi, e leng phologolo e e nnang mo metsing.
Seheb., “pelo e e botlhale.”
Seheb., “monna mongwe le mongwe yo o nang le pelo e e botlhale.”
Go lebega go tewa Besalele.
Seheb., “dikubita di le 28.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “dikubita di le 4.” Bona Dintlha B14.
Letlalo la manyebi, e leng phologolo e e nnang mo metsing.
Kgotsa “dikota tse di tlhamaletseng.”
Kgotsa “garetene.”
Kgotsa “maseka a a gokaganyang.”
Seheb., “dikubita di le pedi le halofo.” Bona Dintlha B14.
Mo e ka nnang 7,4 cm. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “dithunya.”
Kgotsa “ditang.”
Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “jaaka tiro ya modiri wa setlôlô.”
Seheb., “dikubita di le tlhano.” Bona Dintlha B14.
Go tewa diipone tsa tshipi tse di phatsimang thata.
Kgotsa “maseka a a gokaganyang.”
Kgotsa “maseka a a gokaganyang.”
Kgotsa “maseka a a gokaganyang.”
Kgotsa “maseka a a gokaganyang.”
Kgotsa “Garetene.”
Kgotsa “maseka a a gokaganyang.”
Seheb., “motlaagana wa Tshupo.”
Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.
Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.
Bona Dintlha B14.
Kgotsa “go ya ka shekele e e boitshepo.”
Kgotsa “go ya ka shekele e e boitshepo.”
Kgotsa “go ya ka shekele e e boitshepo.”
Kgotsa “lebanta la lotheka.”
Mo e ka nnang 22,2 cm. Bona Dintlha B14.
Leje lengwe le le tlhwatlhwakgolo le le sa itsiweng, le e ka tswang e le amber, jasinthe, opale kgotsa tourmaline.
Kgotsa “lebanta la lotheka.”
Kgotsa “lebanta la lotheka.”
Kgotsa “diaparo tsa ka fa teng.”
Bona Dintlha B5.
Kgotsa “serwalo se se boitshepo.”
Letlalo la manyebi, e leng phologolo e e nnang mo metsing.
Seheb., “Tshupo.”
Kgotsa “garetene.”
Kgotsa “garetene.”
Seheb., “Tshupo.”
Kgotsa “garetene.”
Kgotsa “garetene.”
Seheb., “Tshupo.”
Seheb., “Tshupo.”
Kgotsa “garetene.”
Kgotsa “garetene.”