LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 9/8 ts. 19
  • Kereke ya Anglican kwa Australia—Ga E Seoposengwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kereke ya Anglican kwa Australia—Ga E Seoposengwe
  • Tsogang!—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boemo jwa Basadi jo bo Tokafaditsweng mo Metlheng ya Segompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • “Basadi ba ba Dirang ka Natla mo Moreneng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Kereke ya Katoliki mo Afrika
    Tsogang!—1995
  • Monna le Mosadi—Seabe se se Tlotlegang sa Mongwe le Mongwe wa Bone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 9/8 ts. 19

Kereke ya Anglican kwa Australia—Ga E Seoposengwe

Ka mmegadikgang wa Tsogang! kwa Australia

KGANG ya gore a basadi ba tshwanetse go tlhongwa baruti mo Kerekeng ya Anglican ga se ya jeno. Mme legale kgang eno e ile ya nna kgolo bosheng jaana kwa Australia.

Ka January 1992 mobishopo wa Canberra le Goulburn o ne a itsise ka maikaelelo a gagwe a go tlhoma basadi ba le mmalwa ba batiakone go nna baruti ba Kereke ya Anglican. O ne a sa ikaelele go emela senoto ya kereke e e tlang. Tota e bile, senoto e ne e setse e ganane le go tlhongwa ga bone ka makgetlho a le mararo mo nakong e e fetileng.

Mme go ile ga felela ka gore, basadi ba le lesome ba tlhongwe baruti ba Anglican mo masimologong a March kwa Perth, Australia, go ntse go na le kganetso. Ga go gakgamatse he, go bo batho ba ile ba kgatlhegela thata senoto e e neng e tla ya kereke. Kokoano ya July e ne ya se ka ya dira tshwetso epe, ka jalo go ne ga rulaganyediwa “kokoano e e kgethegileng” ka November 21, 1992.

Nakonyana e e fetang beke pele ga foo, Senoto ya Kakaretso ya Kereke ya Ennyelane e ne ya tlhopha gore basadi ba tlhongwe baruti. Bontsi bo ne bo solofela gore tshwetso eo e tla tlhotlheletsa Australia ka tsela nngwe. Fa senoto ya Australia e ne e kopana, pampiri nngwe ya dikgang e ne ya akgela jaana: “Mo malatsing a mangwe go ne go tsoga dikgogakgogano le manganga ka ntlha ya maikutlo a a gogomogileng.” Pele ga go itsisiwe maduo a ditlhopho, mookamedi wa senoto o ne a kopa gore ope a se ka a tswa molomo mabapi le kitsiso eo. Fa kitsiso ya gore go dumelanywe gore basadi jaanong ba ka tlhongwa go nna baruti, bangwe mo bareetsing ba ne ba tshwara bothata ba leka go hupetsa maikutlo a bone. Morago ga fa mafoko a sena go itsisiwe ba ba kwa ntle, megolokwane e ne ya tsoga, difologa di ne tsa fofisiwa mo phefong.

Ga se gore mongwe le mongwe o ne a itumetse. The Sydney Morning Herald e ne ya nopola mobishopo yo mogolo wa Sydney a re: “Ga re kitla re kgona go tshela mmogo ka boitumelo . . . Go tla nna le diphuthego tse pedi mo Kerekeng e le nngwe fela ya Anglican.” Moruti mongwe o bile a bolela gore go tlhongwa ga basadi go nna baruti ke sesupo sa gore “Kereke ya Anglican mo Australia e simolola go thubega.”

Bibela e fa bosupi tota jwa gore tlhobaelo eo ga se ya lefela. Jesu Keresete ka boene o rile: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo kgaoganeng bo tlile go senyega; mme ga go na motse ope, ga go na lelapa lepe, le le kgaoganeng le le ka emang.”—Mathaio 12:25, The New English Bible.

Seno se tsosa potso e e lebegang e ile ya tlhokomologiwa mo dikgogakgoganong tsa kereke, Bibela yone ya reng ka seabe sa basadi mo phuthegong? Lefa gone e bolela gore Jehofa Modimo o tseela banna le basadi ba ba ineetseng kwa godimo ka go tshwana, gone e tlhalosa gore banna le basadi ba na le maikarabelo a a farologaneng mo phuthegong. (Bagalatia 3:28) Bakorintha wa ntlha 11:3 e tlhalosa seo jaana: “E re ntswa Tlhogo ya monna mongwe le mongwe e le Keresete, tlhogo ya mosadi yone ke monna, fela jaaka Tlhogo ya ga Keresete e le Modimo.” (NEB) Ka jalo, mabapi le thuto e e rulagantsweng fa pele ga phuthego, Paulo o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go kwala jaana: “Mosadi e tshwanetse go nna moithuti, a reeditse ka tidimalo le ka boikobo jo bo tshwanetseng. Ga ke letlelele mosadi go nna moruti, le gone mosadi ga a tshwanela go okamela monna.”—1 Timotheo 2:11, 12, NEB.

Lefa go ntse jalo, seno ga se a tshwanela go kgoba basadi ba Bakeresete marapo, ka gore ba gololesegile go ruta mo bodiheding jwa phatlalatsa jaaka go ne go dira basadi ba ba etsang boLoisi, Eunike, Eudia, le Sentuke mo dinakong tsa pele tsa Bokeresete.—Bafilipi 4:2, 3; 2 Timotheo 1:5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela