Lebaka la go bo ke Tlogetse Boruti Gore ke Dire Bodihedi jo bo Botoka
KE NE ka tlhomamisiwa go nna moruti wa Katoliki ka July 31, 1955, ke na le dingwaga di le 24. E ne e le setlhoa sa dingwaga tsa bonyana tse 12 tse ke neng ke di feditse kwa semenaring ya mobishopomogolo kwa Rachol, mo Goa, kwa India. Mme ke eng se se ileng sa ntira gore ke rate boruti?
Ke tsholetswe mo Bombay, kwa India, ka September 3, 1930. Ngwaga e e latelang, rre o ne a tlogela tiro, mme lelapa la gaetsho le ne la aga kwa Salvador do Mundo, mo Bardez kwa Goa, ka kwa borwabophirima jwa India. Ke ne ke le gofejane wa bana ba banè. Go tswa bonyaneng ke ne ka godisediwa mo ngwaong le mo mokgweng wa Katoliki wa Sepotokisi, o o saleng o nna teng kwa Goa fa esale ka 1510, fa e ne nna kolone ya Portugal.
Batsadi ba me, ba ba neng ba ngaparetse thata ditumelo tsa bone, e ne e le Makatoliki a a tlhaga bao ngwaga le ngwaga ba neng ba keteka Keresemose, Lente, Paseka, le meletlo e e tlotlang Maria Kgarejwana le “baitshepi” ba bangwe ba bantsi. Baruti ba ba neng ba tshwara meletlo eno gantsi ba ne ba fiwa boroko kwa lapeng, fa gongwe ba tsaya malatsi a a fetang lesome. Ka jalo, re ne re aga re kopana le bone, mme ba ne ba nkgatlha thata ke santse ke le mosha.
Tirelo ya Me kwa Goa, Salamanca, le Roma
Ke ne ka simolola tirelo ya boruti ka matlhagatlhaga mme ke ne ke sa tshwenyege ka go nna boammaaruri ga dithuto le ditiro tsa Kereke ya Katoliki. Mo dingwageng tsa me tsa ntlha tse supa mo bodiheding kwa Goa, ke ne ka direla ditiro tsa me tsa loago le tsa bodisa kwa St. Thomas Chapel kwa Panaji, moshate wa Goa. Mo godimo ga moo, kwa se e kileng ya bo e le Polytechnic Institute ya mmuso wa Portugal, ke ne ke bereka tiro ya puso e e neng e na le maikarabelo a mabedi—porofesa le go nna mookamedi wa sekolo seo.
Ka 1962, ke ne ka isiwa sekolong kwa Yunibesithing ya Salamanca, kwa Spain, koo ke ileng ka bona thutego ya PhD ya Filosofi ya Molao le Molao o o Tlhomilweng. Fa ke ntse ke ithuta, dingwe tsa dithuto tsa me, bogolo jang Molao wa Seroma le Hisitori ya Molao o o Tlhomilweng, di ne tsa ntira gore ke tlhatlhobe gore molaotheo wa Kereke ya Katoliki o simologile jang gore o bo o tle o tsene mo seemong sa go bolela gore mopapa o tlhatlhama Petere e le ‘ene fela a okametseng kereke.’
Ke ne ka itumela thata ka go bo dithuto tsa me tsa ditumelo tsa motheo di ne di tla tshwarelwa mo Roma, kwa Italy, koo ke neng ke tla nna le sebaka sa go ithuta dilo tse dingwe gape ka boeteledipele jwa kereke. Ke ne ka fudugela kwa Roma ka selemo sa 1965.
Ka nako eo kokoano e kgolo ya Vatican II e ne e setse e fitlhile kwa setlhoeng. Fa ke ne ke santse ke dira dithuto tsa me tsa bodumedi, ke ne ka nna le dipuisano tse di itumedisang le baruti le “Borara ba Kokoano” ba ba neng ba sa dumelane le go ganelela thata mo segologolong ga kokoano. Mopapa yo o neng a eteletse pele ka nako eo e ne e le Paul VI, yo ke neng ke dirisana le ene ka namana ka ntlha ya maemo a me a mothusamookamedi wa Lekgotla la Baruti ba India kwa Roma.
Dikgotlhang le Dipelaelo tsa Ntlha
Mo nakong eno yotlhe ya go kopana le bone le ya dithuto tsa me le ya dipatlisiso ka ga dikgopolo tse di amanang le ditumelo tsa motheo, ke ne ka nna le sebaka sa go itse mo go oketsegileng ka hisitori le motheo wa konokono wa Kereke ya Katoliki.a Go fapaana le maikutlo a ba ba ratang segologolo ba ba neng ba le mo kokoanong, ba ba neng ba tlwaetse puso ya segosi e e feteletseng ya ga Pius XII (1939-58), ba ba neng ba batla diphetogo kgabagare ba ne ba kgona go dira gore kokoano e dumelane le Molaotheo wa Taelo wa Kereke (setlhogo sa Selatine, Lumen Gentium, Lesedi la Ditšhaba). Mo godimo ga dilo tse dingwe, mo go kgaolo 3 o ne wa bua ka tshwanelo ya bobishopo go nna le seabe jaaka setlhopha mo taolong e e feletseng ya ga mopapa mo kerekeng. Tumelo eo ya motheo e ne e tswa kgakala e le teng lefa gone e ne e tsewa e le tsoulogo le go lere diphetogo tse dikgolo ke ba ba ganelelang mo segologolong.
Ke ne ke sa dumelane le epe ya megopolo eo, ka jaana e ne e tlhaela boammaaruri jwa Efangele. E sokamisa se Mathaio 16:18, 19 e se bolelang mme e dira gore go nne le ditumelo tsa kereke tsa motheo le dithuto tsa matshego tse eseng tsa dikwalo tsa nako e e fetileng le tsa mo isagweng.b Ke ne ka lemoga gore mafoko a a Segerika a a dirisitsweng mo temaneng eno, peʹtra (le le kayang bonamagadi), le le rayang “letlapa le le ikadileng,” le peʹtros (le le kayang botonanyana), le le rayang “letlapana,” a ne a sa dirisiwa ke Jesu jaaka mafoko a a rayang selo se le sengwe. Gape, fa e le gore ruri Petere o ne a neetswe maikarabelo a a kwa godimo e le letlapa le le ikadileng, jaaka letlapa la motheo, go ka bo go sa ka ga nna le manganga gareng ga baaposetoloi moragonyana a gore ke mang yo o neng a le mogolo mo go bone. (Bapisa Mareko 9:33-35; Luke 22:24-26.) Gape, Paulo o ne a ka se ka a bo a lora le gone go kgalemela Petere fa gare ga batho ka go bo a “sa sepele ka tshiamō kaha boamarureñ yoa Mahoko a a Molemō.” (Bagalatia 2:11-14) Ke ne ka swetsa ka gore balatedi botlhe ba ga Keresete ba ba tsetsweng ka moya ke sekamatlapa ka go tshwana, mme Jesu e le ene letlapa la bone la motheo.—1 Bakorintha 10:4; Baefesia 2:19-22; Tshenolō 21:2, 9-14.
Fa ke ntse ke tlhatloga le dithuto le maemo a boruti ke bo ke nna le sebaka se segolwane sa go amogana megopolo, ke ne ka katogela kgakala thata ka mogopolo le ka tlhaloganyo le dithuto tsa matshego tse di farologaneng tsa Kereke ya Katoliki, bogolo jang tse di amanang le go tlhongwa ga baruti mo leineng la “Setlhabelo se se Itshekileng sa Mmisa” le “Sakeramente ya Selalelo e e Segofaditsweng Thata”—mo go bidiwang go fetoga.
Ka puo ya Sekatoliki, “Setlhabelo se se Itshekileng sa Mmisa” ke segopotso se se sa feleng le go shafadiwa ga setlhabelo se se senang madi sa ga Jesu mo “sefapaanong.” Mme mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete ka kakaretso mme bogolo jang mo lekwalong le Paulo a ileng a le kwalela Bahebera go ne go phepafetse mo eleng gore ke ne ke ka kgona go bona gore setlhabelo sa ga Jesu se ne se itekanetse. O ne a weditse tiro ya gagwe. E ne e sa tlhoke go tladiwa, go boelelwa, kana go tokafadiwa mme e bile dilo tseo di ne di ka se ka tsa kgonega go dirwa mo go yone. Setlhabelo se ne se ntsheditswe “rure gañwe hèla.”—Bahebera 7:27, 28.
Letsomo la Me la Boammaaruri le A Tswelela
Go ipha teko, ke ne ka tswelela ke direla mo dikgaolong tsa baruti le tsa bobishopo kwa Yuropa Bophirima, kwa kgaolong ya mobishopo kwa New York, le kwa kgaolong ya moruti kwa Fairbanks, kwa Alaska. E ne ya nna dingwaga tse di ferang bongwe tse di bokete mo go batleng ga me boammaaruri. Ke ne ke dira tiro ya botsamaisi, molao wa kereke, le boatlhodi thata. Ke ne ke leka go kgaogana ka mo ke ka kgonang ka gone le meletlo le mekete ya kereke. Kgwetlho e kgolo e ne e le ya go tshwara Mmisa letsatsi le letsatsi. E ne e nkgobera maikutlo ka gore ke ne ke sa dumele mo setlhabelong se se senang madi se se boelelwang sa ga Keresete lefa e le mo go fetogeng kana mo go reng go bo go twe baruti ba batho fela ba ka dira “maselamose” ka tshwanelo le kafa molaong a go fetoga.
Ka nako ya Kokoano ya Vatican ya Bobedi, go ne ga tsoga modumo thata ka “maselamose” ano. Ba ba batlang diphetogo ba ba neng ba eteletswe pele ke baeteledipele ba Katoliki go tswa kwa Holland ba ne ba dumelana fela le “tshwantshetso,” ke gore, senkgwe le mofine di emela mmele le madi a ga Keresete fela. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo, ba ba neng ba eteletswe pele ke baeteledipele ba Katoliki go tswa kwa Italy, ba ne ba emela ba menne diphatla “go fetoga,” ke gore, go fetoga ga senkgwe le mofine go nna mmele le madi a ga Keresete ka mmatota ka “mafoko a go di neela jaaka tse di boitshepo” a a buiwang ka nako ya Mmisa. Seane seno se tswa koo: ‘Kwa Holland dilo tsotlhe di a fetoga fa e se senkgwe le mofine fela, fa kwa Italy gone go se na sepe se se fetogang fa e se senkgwe le mofine fela.’
Ke A Lomologa
Ka ntlha ya go sa bue boammaaruri ka Keresete le efangele ya gagwe, ke ne ka ikutlwa ke kgobegile marapo le go swaba go bo maikaelelo a me a go galaletsa Modimo le go boloka matshelo a ile a engwa pele ke dithuto tsa maaka. Ka jalo, erile ka July 1974, ka bo ke tlogelela ruri tiro ya boruti ka kopo ya gore ke letlelelwe go tlogela maikarabelo a me. Go ne go sa utlwale mo go nna e bile ke sa bone go tshwanela go kopa gore ke gololwe mo maikanong a boruti jo bo neng bo sa dumelane le Bibela. Go tswa foo, go simolola ka July 1974 go ya go December 1984, ke ne ke sa amane le bodumedi bope. Ke ne ka se ka ka dirisana le bodumedi bope jwa Labokeresete ka gore go ne go se na bope jo bo neng bo dumelane le tshwetso ya me kgatlhanong le Tharonngwe, go sa sweng ga moyasebele, kgopolo ya gore batho botlhe ba ba siameng ba tla tshelela ruri kwa legodimong, le kwatlhao e e sa feleng ya molelo wa dihele. Ke ne ke tsaya ditumelo tseno tsa motheo e le tse di tswang mo boheitaneng.
Kagiso le Thitibalo ya Maikutlo
Go ikgogona ga me mo bodumeding go ne ga fela ka December 1984. Ka ntlha ya maikarabelo a me ke le mookamedi wa Credit and Accounts Receivables Department mo kgwebong ya kwa Anchorage, kwa Alaska, ke ne ka tshwanelwa ke go bua le moreki mongwe ka dipampitshana tse di supang dilo tse di rekilweng, ebong Barbara Lerma. O ne a itlhaganetse mme a bo a mpolelela gore o tshwanetse go ya “thutong ya Bibela.” Mantswe “thuto ya Bibela” a ne a dira gore ke thaakanye ditsebe, mme ke ne ka mmotsa dipotso di sekae tsa Bibela. Ka bofefo le ka boammaaruri o ne a mpha dikarabo tsa Dikwalo tse di neng di dumelana le se ke neng ke se dumela mabapi le ditumelo tsa motheo. E rile ka go bona gore ke na le dipotso tse dintsi, Barbara o ne a itsise Gerald Ronco ka nna, yo o neng a le kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Alaska.
Metlotlo ya Bibela e e agang e re ileng ra nna le yone e ne ya ntlisetsa kagiso le boitumelo. Bano e ne e le bone batho ba ke saleng ke ntse ke ba batla—batho ba Modimo. Ke ne ka rapela Modimo gore o nkaele mme fa nako e ntse e ya ke ne ka kopanela le Basupi ba ga Jehofa ke le moreri yo o sa kolobediwang wa dikgang tse di molemo. Ke ne ka gakgamala thata go lemoga gore ntlokgolo ya mokgatlho ono e kwa Brooklyn, New York, dikilomitara tse eseng tsa sepe go tswa kwa Holy Family Church kwa Manhattan, e ke ileng ka direla kwa go yone (ka 1969, 1971, le 1974) ke le moruti wa maemo a a fa gare kwa Parish Church ya Lekgotla la Merafe e e Kopaneng.
Go Thusa Masika a Me go Bona Boammaaruri
Morago ga dikgwedi tse thataro ke ntse ke kopanela le Basupi ba ga Jehofa kwa Anchorage, ke ne ka fudugela kwa Pennsylvania ka July 31, 1985. Fa ke le koo ke ne ka nna le tshiamelo ya go bolelela setlogolo sa me ebong Mylene Mendanha dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa ga Jehofa, yo o neng a ithutela dikerii tsa khemisetiri ya ditshedi kwa Yunibesithing ya Scranton. Fa Mylene a utlwa ke re ke batla Basupi ba ga Jehofa, o ne a gakgamala, e re ka a ne a kile a bolelelwa maaka a gore setlhopha seo ke lekokonyana la ditumelo tse di sa tlwaelesegang. Kwa tshimologong o ne a se ka a bua sepe ka a ne a ntlotla jaaka malomaagwe le moruti mme e bile gape a lebela kwa godimo thata thutego ya me le ditiro tse ke di kgonneng tsa boruti.
Sontaga e e latelang, Mylene o ne a ya Mmiseng kwa Kerekeng ya Katoliki, mme nna ka ya kwa Holong ya Bogosi go ya go reetsa polelo ya Bibela le Thuto ya Tora ya Tebelo. Maitseboa one ao re ne ra nna fa fatshe, a tshotse Jerusalem Bible ya Katoliki nna ke tshotse New World Translation of the Holy Scriptures. Ke ne ka mmontsha leina Yahweh mo Bibeleng ya gagwe le la ga lone, e leng Jehofa, mo New World Translation. O ne a itumelela go lemoga gore Modimo o na le leina le gore e bile o batla gore re mmitse ka lone. Ke ne ka mmolelela gape kafa dithuto tsa Tharonngwe, go fetoga, le go sa sweng ga moyasebele di sa dumalaneng le dikwalo ka teng, ka bo ke mmontsha le dikwalo tse di tshwanetseng. O ne a ja kgakge!
Mylene o ne a rokotsega mathe le go feta fa ke mmolelela ka tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise. Pele ga moo o ne a tshwenyegile gore go tla diragala eng ka ene fa a sena go swa. O ne a akanya gore ga a a itsheka mo go kalo mo a ka yang kwa legodimong ka tlhamalalo, mme gape o ne a sa akanye gore o ne a le bosula mo eleng gore o ne a ka atlholelwa go ya kwa molelong wa dihele ka bosakhutleng. Ka jalo, go ya ka ene se se neng se mo saletse fela e ne e le pakatori, koo a neng a tla tshwanelwa ke go ema a letile ka bopelotelele gore dithapelo tsa batho le Dimmisa di mo ise kwa legodimong. Mme legale, erile ke sena go mmontsha le go mo tlhalosetsa dikwalo di le dintsi mabapi le tsholofelo ya botshelo mo lefatsheng la Paradaise, o ne a batla go ithuta mo gontsi ka dikgang tseno tse di molemo tse di itumedisang. Mylene o ne a tsamaya le nna kwa dithutong kwa Holong ya Bogosi. Re ne ra simolola thuto ya Bibela e e tlhomameng le Basupi ba koo. Moragonyana ga foo, re ne ra ineela mo go Jehofa Modimo mme ra kolobediwa ka May 31, 1986.
Masika a me, bogolo jang nkgonne yo motona mo go rona rotlhe ebong Orlando, ba ne ba kgopisiwa ke go utlwa go twe ke tlogetse boruti. O ne a bua le kgaitsadiake ebong Myra Lobo Mendanha, yo o neng a mo reba bogale, ka go mo raya a re: “A re se tshwenngwe ke seno, e re ka Alinio a ne a ka se ka a tlogela tiro ya gagwe ya dingwaga tse 43 ka mabaka a a sa utlwaleng.” Ka September 1987, Myra le lelapa la gagwe ba ne ba fudugela kwa ga me mo Wisconsin, kwa U.S.A. Ke ne ka se ka ka nna le bothata go ba lemotsha kafa dithuto le ditiro tse dintsi tsa Katoliki di sa dumelaneng le dikwalo ka teng. Ba ne ba rata thata go ithuta boammaaruri jwa Bibela. Ka bofefo fela, nna le Mylene re ne ra simolola go ithuta Bibela le bone. Fa ba sena go fudugela kwa Orlando, Florida, ba ne ba tswelela ba ithuta.
Kagiso le boitumelo jo re neng re na le jone di ne tsa re dira gore re bolelele kgaitsadiake yo motona dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa ga Jehofa, ebong Jessie Lobo, yo o nnang mo Toronto, kwa Canada. O ne a setse a reretswe ka 1983. Mme lefa go ntse jalo, e re ka a ne a na le kgaitsadie wa moruti, o ne a dumela gore ga go na sepe se se neng se ka mo dira gore a fetole tumelo ya gagwe. Dingwaga tse nnè morago ga puisano ya gagwe ya ntlha le Basupi ba ga Jehofa, fa a sena go utlwa go twe ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le gore Myra le lelapa la gagwe ke bareri ba dikgang tse di molemo, o ne a ikopanya le Mosupi yo kwantle ga tiego a neng a rulaganya thuto ya Bibela. Jessie o ne a kolobediwa ka April 14, 1990; Myra, mogatsa kgaitsadiake ebong Oswald, le motlogolo wa me Glynis ba ne ba kolobediwa ka February 2, 1991. Ba itumelela go direla Jehofa, Mogodimodimo.
Kwantle ga pelaelo banna ba ba ganelelang mo segologolong le banna ba ba batlang diphetogo mo Kerekeng ya Katoliki ke batho ba ba botlhale. Ba dumela gore ba dira thato ya Modimo. Mme lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela go itlhokmolosa ntlha ya gore ‘modimo wa lefatshe leno o foufaditse megopolo ya ba ba sa dumeleng, gore lesedi la Dikgang tse Molemo tsa kgalalelo ya ga Keresete yo e leng setshwano sa Modimo, le se ka la ba phatsimela.’ (2 Bakorintha 4:4) Go itshupa sentle he, gore, ruri botlhale jwa tsamaiso eno ke boeleele mo Modimong. (1 Bakorintha 3:18, 19) Abo ke itumela jang ne go bo Jehofa a “tlhalehisa ba ba sa tlhalehañ” ka kitso e e tlhomameng ya Lefoko la gagwe.—Pesalema 19:7.
Dingwaga tse 19 tse ke di feditseng ke le moruti wa Katoliki ke dilo tsa nako e e fetileng. Jaanong ke Mosupi wa ga Jehofa. Ke keletso ya me gore ke tsamaye mo ditseleng tsa ga Jehofa le gore ke latele Morwawe, Jesu Keresete, Kgosi le Mmoloki wa rona. Ke ka rata go thusa ba bangwe gore ba itse Jehofa gore gongwe le bone ba tle ba bone serwalo sa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise, kgalaletsong ya Modimo wa boammaaruri, Jehofa.—Go boletse jalo Alinio de Santa Rita Lobo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ke dule kwa Salamanca ke ise ke fetse patlisiso ka ga kgopolo ya me ka Molao o o Tlhomilweng, e ke ileng ka e tlhalosa ka 1968.
b Karolo ya temana eno ya re, go ya ka New American Bible ya Katoliki: “Nna ka bonna ke go raya ke re, o le ‘Lefika,’ mme ke tla aga kereke ya me mo lefikeng le . . . Sengwe le sengwe se o se bofang mo lefatsheng se tla bofiwa le kwa legodimong; sengwe le sengwe se o tla se bofololang mo lefatsheng se tla bofololwa le kwa legodimong.”—Bona lebokose, tsebe 17.
[Lebokoso mo go tsebe 17]
Dikopololo tsa Bogosi
Tlhaloso ya ‘dikopololo tsa bogosi jwa legodimo,’ e itshenola sentle fa o akanyetsa kgalemo e Jesu a neng a e neela baeteledipele ba bodumedi: “Lo tlositse sekopololō sa kicō; ka losi ga loa ka loa tsèna, me le ba ba rileñ baa tsèna, lo ba kgoreleditse.” (Luke 11:52) Mathaio 23:13 e phepafatsa gore “tsèna” e bontsha go tsena mo “bogosi[ng] yoa legodimo.”
Dikopololo tse Jesu a ileng a di solofetsa Petere e ne e le maikarabelo a a kgethegileng a a neng a tla bulela batho sebaka sa go tsena mo Bogosing jwa legodimo. Petere o ne a dirisa tshiamelo eno mo makgetlhong a le mararo, a thusa Bajuda, Basamaria, le Baditšhaba.—Ditihō 2:1-41; 8:14-17; 10:1-48; 15:7-9.
Kgangkgolo ka tsholofetso e ne e se gore Petere a bolelele ba ba kwa legodimong se ba neng ba tshwanetse go se bofa kana go se bofolola, go na le moo Petere o ne a dirisiwa jaaka sedirisiwa sa legodimo mo dikabelong tseo tse tharo. Seo ke sone boammaaruri ka gore Jesu o ile a nna a tswelela e le ene Tlhogo ya boammaaruri ya phuthego.—Bapisa 1 Bakorintha 11:3; Baefesia 4:15, 16; 5:23; Bakolosa 2:8-10; Bahebera 8:6-13.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Alinio de Santa Rita Lobo yo jaanong e leng Mosupi