A ke Bontsu Kana Manong?
Sesupo
“GONGWE le gongwe kwa setoto se gona, bontsu ba tla ba phuthegele gona.” (Mathaio 24:28, NW) Go na le go ithuta ka setshwantsho seno, bangwe ba se tshwaya phoso. Ba bolela gore ntsu e fofa e le nosi fela mo letsomong mme ebile e ja dilo tse e di bolaileng di tshela, eseng ditoto. Ka jalo, Dibibela tse dingwe di dirisa lefoko “manong.” Mme lefoko la Segerika fano, a·e·tosʹ, le ranoletswe sentle jaaka “ntsu.”
Mofuta mongwe 00 fitlhelwang kwa Iseraela ke nt su e tshetlha. “Jaaka dinonyane tse dintsi tse di jang nama,” go tlhalosa John Sinclair le John Mendelsohn, “ntsu e tshetlha e rata ditoto mme gantsi ke nngwe ya tsa ntlha tse di ntlhelwang fa selong se se sa tswang go swa.” Mongwe o ne a bega gore o ne a bona dinonyane dingwe tse 60 tse di jang nama gammogo le dintsu tse ditshetlha di kgobokane kwa Kalahari mo Afrika. O ne a oketsa jaana: “Ntsu e Tshetlha ke kgagapa fa di kopana fa setotong. Mo makgetlong a le mmalwa dinonyane tse pedi, kana tse di fofang ka sebedi, di ile tsa bonwa di kgaogana setoto.”
Bontsu ba lewatle le bone ba bonwa gantsi mo mafatsheng a Mediterraneañ. Mo makgolong a dingwaga a a fetileng, bontsu ba lewatle le bontsu ba mo lefatsheng ba ne ba ja ditoto tsa dipitse tse di suleng mo ntweng. “Go itsege sentle . . . gore di sala masole morago ka boikaelelo joo,” ga tlhalosa jalo Cyclopædia ya McClintock le Strong.
Ka go bo di le bofefo le go bonela kgakala, bontsu ka dinako tse dingwe ke bone dinonyane tsa ntlha go ntlha fa selong se se sa tswang go swa. Jesu o ne a itse tlhaloso eno ya fa Jehofa Modimo a ne a botsa Jobe potso eno: “A ncwe eo motona o hohèla kwa godimo ka taolō ea gago, me a dihe setlhaga sa gagwè kwa godimo . . . mo tlhoreñ ea lehika, le mo heloñ ha go thata. A le hoii e kwae phōlōhōlō; matlhō a gagwè a e bōnèle kgakala . . . kwa go nañ le ba ba bolailweñ, le èna o gōna.”—Yobe 39:27-30.
Ka jalo, Jesu o ne a tshwantsha sentle gore ke fela bao ba nang le leitlho la tshwantshetso le le jaaka la ntsu ba ba tla sole gel wang molemo ke sesupo.