LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 5/1 ts. 30-31
  • Bosaitsiweng jwa Codex ya Vatican

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bosaitsiweng jwa Codex ya Vatican
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlhayang fa e ne e Fitlhilwe?
  • Vatican Codex—Ke ka Ntlha Yang Fa e Le Letlotlo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Codex Bezae—Mokwalo o o sa Tshwaneng le Ope
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go Bona Letlotlo la Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Falotsa Codex Sinaiticus
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 5/1 ts. 30-31

Bosaitsiweng jwa Codex ya Vatican

CODEX Vaticanus 1209 e tlhaga mo lenaaneng la ntlha la Laeborari ya Vatican, leo le neng la kwalwa ka ngwaga wa 1475. Gore e tlile jang koo ga go itse ope. Ke nngwe ya di-codex tse dikgolo tsa Segerika tseo di santseng di le gone gompieno, eo e lekanang le balekane ba yone, eleng Sinaiticus ya lekgolo la bo-ne la dingwaga, le Alexandrinus ya lekgolo la botlhano la dingwaga.

Lefa bogologolo ka lekgolo la bo-16 la dingwaga bakanoki ba ne ba itse botlhokwa jwa mokwalo ono wa Vatican sentle, ke ba le mmalwa fela ba ba neng ba letlelelwa go o tlhatlhoba. Laeborari ya Vatican e ne ya phutha dikarolo di le mmalwa tsa mokwalo oo ka 1669 mme di ne tsa latlhega tsa seka tsa tlhola di bonwa go fitlha ka 1819.

Mmusi-mogolo Napoleon wa Fora o ne a thopa Roma ka 1809 mme a tsaya mekwalo eno ya botlhokwa a e isa kwa Paris, koo e neng ya tlhatlhobiwa ke Leonhard Hug, ebong mokanoki yo o neng a tlotlega, mme fa Napoleon a wa codex eo e ne ya busediwa kwa Vatican ka 1815. Mo dingwageng tse 75 tse di latelang e ne ya nna gape selo sa masaitseweng, e fitlhilwe ke Vatican.

Konstantin von Tischendorf, mongwe wa bakanoki ba bagolo ba mekwalo mo lefatsheng, o ne a letlelelwa go tlhatlhoba mokwalo ono ka 1843 ka dioura di le thataro fela, morago ga go letisiwa dikgwedi di le mmalwa. Dingwaga tse pedi moragonyana, mokanoki wa Moesemane Dr. S. P. Tregelles o ne a letlelelwa fela go bona codex eo mme eseng go e bala. O ne a kwala jaana: “Ke boammaaruri gore ke ne ke tlhola ke bona MS. [mokwalo oo], mme ba ne ba sa ntetle go e dirisa; ba ne ba sa ntetle gape go e bula pele ba ne ba ka phuruphutsha dikgetse tsa me, ba ntseela pene, inka, le pampiri; mme ka nako e e tshwanang bo-prelati [baperesiti] ba babedi ba ne ba nnela go mpuisa ka Selatine, mme fa ke ne ke leba karolo nngwe sebaka, ba ne ba phamola buka mo diatleng tsa me.”

Ke ka ntlhayang fa Kereke ya Roma Katoliki e ne e sa batle go bontsha lefatshe mokwalo oo wa yone o o tlhwatlhwa-kgolo?

Ke ka Ntlhayang fa e ne e Fitlhilwe?

Mo Kerekeng ya Roma Katoliki, thanolelo ya Latin Vulgate ya Dikwalo tse di Boitshepo e santse e le “mokwalo wa yone wa maemo a a kwa godimo.” Go ya ka lokwalo lo lo kwaletsweng baperesiti la Divino Afflante Spiritu la ga Pius XII, leo le gatisitsweng ka ngwaga wa 1943, thanolelo eno ya Selatine ya lekgolo la bo-ne la dingwaga ya ga Jerome le yone e lejwa jaaka “e e senang diphoso mo dikgannyeng tsa tumelo le boitsholo.” Go tweng ka ditemana tsa Sehebera le tsa Segerika tseo Vulgate e leng thanolelo ya tsone? Lekwalo leo le neng le ya kwa baperesiting le bolela go re, tseno, ke tsa botlhokwa mo go ‘tlhomamiseng’ gore Vulgate e boammaaruri. Jalo ga go na mokwalo lefa e le ope wa Segerika, lefa e le Codex ya Vatican, o o kileng wa tswa e le o o tlhomameng jaaka Vulgate ya Selatine. Boemo jono jo bo neng jwa tsewa ke Kereke ya Roma Katoliki bo ne jwa tlhagisa mathata jaaka go ne go ka lebelelwa.

Ka sekai, fa mokanoki wa lekgolo la bo-16 la dingwaga Erasmus a ne a ranola “Tesetamente E Ntšha” ya gagwe ya Segerika, o ne a bua le ba ba laolang Codex ya Vatican gore ba tlogele mafoko a a seng a boammaaruri a a mo go 1 Yohane kgaolo 5, ditemana 7 le 8. Erasmus o ne a nepile, lefa go le jalo morago fela jaana ka 1897 Mopapa Leo XIII o ne a tshegetsa temana eo ya Selatine e e sokameng mo go Vulgate. Ke fela fa go ne go gatisiwa dithanolelo tsa segompieno tsa Roma Katoliki go neng ga bolelwa fa temana eo e ne e le phoso.

Fa Codex Sinaiticus e ne e bontshiwa lefatshe mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bo-19 la dingwaga, go ne ga bonala sentle mo baeteledipeleng ba Roma Katoliki gore Codex ya bone ya Vatican e ne e le mo kotsing ya go nyenyefadiwa. Mme kwa bokhutlong jwa ngwaga-kgolo oo, go ne ga ntshiwa ditshwantsho tse dintle tsa dikaelo tsa yone.

Mokwalo oo o na le ditsebe di le 759. Ga o na bontsi jwa Genesise, dipesalema tse dingwe, le karolo e e konelang ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. E kwadilwe mo letlalo-kwalelong le le borethe, le lesesane, leo go akanngwang e le matlalo a diphala, mme e le ka tsela e e bonolo, le e e tlotlegang. Leina la yone la kafa molaong ke Codex B, mme gompieno e ka bonwa mo Laeboraring ya Vatican. Ga e sa tlhole e fitlhilwe, ebile jaanong boleng jwa yone bo tlhaloganngwa le go anaanelwa go kgabaganya lefatshe lotlhe.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Codex Vaticanus 1209 ya botlhokwa e ne e fitlhilwe ka makgolokgolo a dingwaga mo Vatican

[Motswedi wa Setshwantsho]

Facsimile from Codices E Vaticanis Selecti

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela