Abo go Ipedisa Jang ne go Nna mo Tafoleng ya ga Jehofa!
Jaaka go boletse Ernst Wauer
Gompieno ke kgona go nna gone kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa, go ithuta Bibela, le go rera mafoko a a molemo a Bogosi motlhofonyana. Lefa go ntse jalo, go ne go ntse go sa nna jalo mo Jeremane. Ka nako ya fa Adolf Hitler e ne e santse e le mmusaesi, go tloga ka 1933 go ya go 1945, go nna le seabe mo ditirong tseno tsa Bokeresete go ne go bolela gore motho a tsenye botshelo jwa gagwe mo kotsing.
NGWAGA pele Hitler a simolola go busa, fa ke ne ke na le dingwaga di le 30, ke ne ka kopana le Basupi ba ga Jehofa la ntlha kwa Dresden. Ka January 1935, ke ne ka ineela mo go Jehofa mme ka bolela fa ke eletsa go kolobediwa. Tiro ya rona e ne e setse e thibetswe ka 1933, ka jalo ke ne ka bodiwa jaana: “A o a lemoga gore tshwetso e o e tsereng e bolelang? O tsenya lelapa la gago, boitekanelo jwa gago jwa mmele, tiro ya gago, kgololesego eo o nang le yone, tota le eleng le botshelo jwa gago mo kotsing!”
Ke ne ka ba araba jaana: “Ke ile ka tlhokomela gore seo se tlile go batla eng mo go nna, ke ikemiseditse go dira thato ya Modimo le go e swela.”
Tota le eleng pele ke kolobediwa, ke ne ke simolotse go rera ka ntlo le ntlo. Mo ntlong nngwe, ke ne ka kopana le moeteledipele mongwe wa basha a apere diaparo tse di feletseng tsa badisa ba SS (Modisa wa ga Hitler wa Setlhopha sa Babusaesi Ebile e le Setswerere), yo o neng a goeletsa jaana: “A ga o itse gore selo seno se thibetswe go tlhola se dirwa? Ke ya go bitsa mapodisi!”
“Tsamaya. Ke bua fela ka Bibela, ebile ga go na molao ope o o leng kgatlhanong le yone,” ke ne ka araba jalo ke digetse makgwafo. Go tswa foo ke ne ka leba kwa ntlong e e latelang mme lekawana lengwe le le neng le le botsalano le ne la nkopa ka bonako fela go tsena mo teng. Ga ke a ka ka tlhagelwa ke sepe.
Go ise go ye kae ke ne ka newa gore ke tlhokomele setlhopha sa thuto sa Basupi ba le batlhano go ya go ba le supa bao ba neng ba kopanela beke le beke. Re ne re ithuta ditokololo tsa Tora ya Tebelo tse di neng di tsenngwa ka bokhukhuntshwane mo Jeremane go tswa kwa dinageng tse di fa gaufi. Ka jalo, lemororo re ne re thibetswe, re ne re dula ‘mo lomating lwa ga Jehofa’ ka metlha gore re nonotshiwe semoyeng.—1 Bakorintha 10:21.
Go Feta mo Gare ga Diteko
Ka 1936, J. F. Rutherford, ebong mookamedi wa Watch Tower Society, o ne a etela kopano ya kwa Lucerne, Switzerland, mme a laletsa bakaulengwe bao ba neng ba le mo maemong a go okamela tiro ya bolegodimo kwa Jeremane gore ba nne gone. Ereka dipasaporoto tsa bakaulengwe di ne di sa tlhole di dira kafa molaong ebile bakaulengwe ba le mmalwa ba ne ba tlhokometswe ke mapodisi thata, go ne ga ya ba sekae fela. Mokaulengwe yo o neng a tlhokometse tiro kwa Dresden o ne a nkopa gore ke ye go mo emela kwa Lucerne.
“Mme a ga ke monnye thata le gone a ke na le maitemogelo?” ke ne ka mmotsa jalo.
O ne a ntlhomamisetsa jaana: “Selo se segolo thata jaanong ke gore o a ikanyega. Ke sone selo sa konokono.”
Morago fela ga gore re boe go tswa kwa Lucerne, ke ne ka tshwarwa mme ka kgaoganngwa le mosadi wa me ebong Eva ka yone fela nako eo, le bana ba rona ba babedi ba bannye. Fa ke le mo tseleng go ya kwa ntlongkgolo ya mapodisi kwa Dresden, ke ne ka leka thata go gakologelwa lokwalo longwe lo lo neng lo tla nkaela. Ke ne ka gakologelwa Diane 3:5, 6: “U ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago, me u se ka ua ikaèga tlhaloganyō ea gago hèla: Mo ditseleñ cotlhe tsa gago u ipolèlè èna, me o tla siamisa ditselana tsa gago.” Erile fela fa ke gakologelwa temana eno seno se ne sa nonotsha tota mo dipotsolotsong tsa ntlha. Morago ga moo ke ne ka tsenngwa mo diseleng tse di neng di pitlagane, mme ka lobakanyana ke ne ka ikutlwa ke latlhilwe. Mme e ne ya re fa ke ntse ke rapela Jehofa ka metlha ke ne ka nna le kagiso.
Kgotlatshekelo e ne ya nkatlholela dikgwedi di le 27 mo kgolegelong. Ke ne ka bolokwa jalo ke tshwerwe ke le nosi fela ka lobaka lwa ngwaga o le mongwe kwa kgolegelong ya kwa Bautzen. Ka nako nngwe, mookamedi mongwe wa kgotla yo a neng a tlogetse tiro—o ne a dira mo boemong jwa motho mongwe o sele—o ne a bula kgoro ya sele ya me mme a bolela jaana ka go nkutlwela botlhoko: “Ke a itse gore ga o a letlelelwa go bala sepe, mme gongwe o tlhoka sengwe go dira gore mogopolo wa gago o se ka wa akanya ka boemo jo o leng mo go jone.” Fa a rialo o ne a ntatlhelela dimakasine di sekae tsa kgale tsa lelapa mme a bolela jaana: “Ke tla tla go di tsaya maitseboa.”
Tota ke ne ke sa tlhoke sepe go ‘dira gore mogopolo wa me o se ka wa akanya ka boemo jo ke leng mo go jone.’ Fa ke ne ke tswaletswe jalo ke le esi, ke ne ke gakologelwa ditemana tsa Bibela ka tlhogo mme ke itirela dithero mme ke di buela kwa godimo. Mme ke ne ka lebelela dimakasine tseno ka bonako gore ke bone gore a di ne di na le ditemana dingwe tsa Dikwalo—mme ke ne ka bona di sekae! E nngwe e ne e le Bafilipi 1:6, eo karolo nngwe ya yone e reng: “Ke nntse ke ikantse mo, go re, eo o simolotseñ tihō e e molemo mo go lona, o tla e [swetsa].” Ke ne ka leboga Jehofa go bo a nkgothaditse jaana.
Moragonyana ke ne ka romelwa kwa kampeng ya badiri. Morago, ka dikgakologo tsa 1939, fa ke ne ke setse ke tla gololwa, motsamaisi wa kampa o ne a mpotsa gore a tsela eo ke neng ke leba dilo ka yone jaanong e fetogile. “Ke ikaeletse go nna ke ntse ke ikanyega mo tumelong ya me” ke ne ka araba jalo. Mme o ne a mpolelela gore ke tlile go fetisediwa kwa kampeng ya pogisetso ya Sachsenhausen.
Mme gone ke ne ka tlogela diaparo tsa me, ka tlhapa, ka tlosiwa moriri otlhe mo mmeleng wa me, mme ke ne ka newa diaparo tsa kgolegelo. Mme morago ga moo ke ne ka tsena gape kafa tlase ga shawara, mo nakong eno ke ne ke ntse ke apere—eleng selo se badisa ba SS ba neng ba se bitsa “kolobetso.” Morago ga moo ke ne ka patelediwa go ya go ema kwa ntle, ke kolobile gotlhe fela, go fitlha mo maitseboeng.
Mo dikampeng Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa ka tsela e e kgethegileng ke badisa ba SS. Ka dinako tse dintsi, re ne re tshwanelwa ke gore re nnele go ema ka mela ka diura di le dintsi re sa kgaotse. Ka dinako tse dingwe mongwe wa rona o ne a ka bolela jaana a utlwile botlhoko: “A go ne go se kitla go nna monate go ja dijo tse di monate tota?” Yo mongwe a arabe jaana: “O se ka wa tlhoma mogopolo wa gago mo dilong tse di ntseng jalo. A o ke o akanye fela gore o tlotla Jehofa jang ka go emela leina la gagwe le Bogosi jwa gagwe.” Mme motho yo mongwe gape a bo a oketsa jaana: “Jehofa o tla re nonotsha!” Ka go dira jalo re ne re kgothatsana. Ka dinako tse dingwe go nota tlhogo fela ka tsela ya botsalano go ne go tshwana fela le go re: “Ke batla go nna ke ikanyega; le wena!”
Dijo tsa Semoya mo Kampeng
Batho bangwe ba ne ba di etelela pele mo go tlameleng bakaulengwe semoyeng, mme ke ne ka tlhophiwa go ba thusa. Re ne re na le Bibela e kima ya ga Luther fela. Gone ebile re ne re thibetswe go nna le yone. Ka jalo re ne re fitlha khumo eno, mme mo setlhopheng sengwe le sengwe sa disele tsa kgolegelo e ne e le mokaulengwe a le mongwe fela yo o tlhophilweng yo o neng a ka nna le yone ka nakwana. Fa e le nna, ke ne ke iphitlha kafa tlase ga bolao ka tots̆he mme ke bo ke e bala mo e ka nnang ka metsotso e le 15. Ke ne ke dira gore ke tshware dikwalo ka tlhogo tse ke neng ke ka di tlotla moragonyana le bakaulengwe mo kampeng. Ka gone, go abiwa ga dijo tsa semoya go ne ga rulaganngwa ka selekanyo se se rileng.
Bakaulengwe botlhe ba ne ba kgothalediwa gore ba kope Jehofa ka thapelo gore a re neye dijo tse di oketsegileng tsa semoya, mme o ne a utlwa mekokotlelo ya rona. Mo marigeng a 1939/40 mokaulengwe mongwe yo o neng a sa tswa go tsenngwa mo kgolegelong o ne a kgona go re tlisetsa ka bokhukhuntshwane ditokololo di sekae tse disha tsa Tora ya Tebelo mo kampeng a di tsentse mo leotong la gagwe la logong. Seno se ne se bonala e le kgakgamatso, ka gonne batho botlhe ba ne ba phuruphudiwa ka kelotlhoko.
Dimakasine tseno, e le gore re nne re bolokegile di ne di newa bakaulengwe ba ba tlhophilweng gore ba di dirise letsatsi le le lengwe ka nako. Ka nako nngwe, fa karats̆he e ne e santse e agiwa, ke ne ke iphitlha mo moseleng mme ke bo ke bala fa mokaulengwe a ne a nna a tlhokometse kafa ntle. Ka nako nngwe ke ne ka baya Tora ya Tebelo ya me mo diropeng tsa me ka “nako ya rona ya go roka” (mo maitseboeng re ne re dula mo matlong a rona a sesole re roka ditlelafo tsa rona le dilwana tse dingwe), mme bakaulengwe ba bangwe bone ba ne ba dula kafa le kafa jaaka badisa. Fa modisa mongwe wa SS a tla, ke ne ke fitlha Tora ya Tebelo ka bonako. Fa ke ne ke ka tshwarwa seno se ne se tla bolela gore ke tlile go bolawa!
Jehofa o ne a re thusa ka tsela e nngwe fela e e gakgamatsang gore re tsenye dintlha tseno tse di nonotshang tse di leng mo ditlhogong tseno mo megopolong ya rona. Go lapa fela e ne e le gone gantsi go dirang gore ke swe ka boroko bosigo. Mme mo bosigong jwa fa ke sena go bala Tora ya Tebelo, ke ne ke tsoga makgetlo a le mmalwa mme ke gakologelwe dintlha tseno sentle. Bakaulengwe ba ba neng ba tlhophilwe ba ba mo diseleng tse dingwe le bone ba ne ba dira se se tshwanang. Ka gone Jehofa o ne a tlhokotsa kgono ya rona ya go tshwara ka tlhogo gore re kgone go anamisa dijo tsa semoya. Re ne re dira seno ka go atamela mokaulengwe mongwe le mongwe ka namana mme re mo nonotshe.
Go Ikanyega go ya Losong
Ka September 15, 1939, setlhopha sa rona sa badiri se ne sa tshwanelwa ke gore se gwantele gape kwa kampeng pele ga nako e e tlwaelegileng. Go ne go diregang? August Dickmann, eleng mongwe wa bakaulengwe ba rona ba babotlana, o ne a tshwanelwa ke gore a ye go bolawa re mo lebile. Ba-Nazi ba ne ba solofetse gore seno se ne se tla dira gore bontsi jwa Basupi ba itatole tumelo ya bone. Morago ga polao, bagolegwa botlhe ba bangwe ba ne ba phatlaladiwa. Mme rona Basupi ba ga Jehofa re ne re ntse re kgoromelediwa kwa pele le kwa morago mo mokolokong, re ragwa re ntewa ka dithupa go fitlha re bo re sa tlhole re kgona go tsamaya. Re ne re laetswe gore re saene maikano a gore re itatola tumelo ya rona; eseng jalo le rona re ne re tlile go thuntshiwa.
Mo letsatsing le le latelang, go ne go sena ope yo o neng a kile a saena. Tota ebile, mogolegwa mongwe yo mosha, yo o neng a saenile fa a ne a goroga, o ne a tlosa mosaeno wa gagwe. O ne a tlhopa go swa le bakaulengwe ba gagwe go na le gore a tlogele kampa jaaka moeki. Mo dikgweding tse di latelang, re ne ra otlhaiwa ka tiro e e bokete, ra tswelela re sa tshwarwe sentle, ebile re tingwa dijo. Palo e e fetang lekgolo ya bakaulengwe ba rona ba ne ba swa mo marigeng a a tsididitsididi a 1939/40. Ba ne ba nna ba ntse ba thokgame mo go Jehofa le Bogosi jwa gagwe go ya bokhutlong.
Ka nako eo Jehofa o ne a tlamela ka thuso. Bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba tlosiwa gore ba ye go dira mo dikampeng tseo di neng di sa tswa go bulwa bosha, koo ba neng ba amogela dijo tse di oketsegileng. Mo godimo ga moo, go tshwarwa ka tsela e e makgwakgwa go ne ga fokotsega ka tsela nngwe. Ka dikgakologo tsa 1940, ke ne ka isiwa kwa kampeng ya pogisetso ya Neuengamme.
Paakanyetso ya Semoya kwa Neuengamme
Fa ke goroga, go ne go na le setlhopha sa Basupi ba le 20, re sena le fa e le Bibela kana dibuka tse dingwe. Ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse go dirisa dilo tse re neng re di ithutile kwa Sachsenhausen go nonotsha bakaulengwe kwa Neuengamme. Kgetlo la ntlha, ke ne ka gakologelwa dikwalo dingwe mme ka di tlhopha jaaka ditemana tsa letsatsi. Morago ga moo go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore re nne le dipokano tseo mo go tsone ke neng ka kgona go tlhalosa dintlha dingwe go tswa mo ditlhogong tsa Tora ya Tebelo tse ke neng ke di badile kwa Sachsenhausen. Fa bakaulengwe ba basha ba ne ba goroga, ba ne ba bega dilo tse ba neng ba di ithutile go Tora ya Tebelo tsa bosheng.
Ka 1943 palo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Neuengamme e ne e tlhatlogetse go 70. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhophiwa gore ba dire ditiro ka kwa ntle ga kampa, jaaka go phepafatsa fa ba sena go tlhaselwa go tswa kwa godimo ka difofane. Ka ntlha ya moo, re ne re kgona go lere Dibibela, dikaelo tsa Tora ya Tebelo, le dingwe tsa dibuka tsa Mokgatlho le diborouts̆hara re sa bonwe ke ope mo kampeng. Gape re ne re amogela dilwana dingwe ka poso, tseo di neng di na le dibuka tse di oketsegileng le beine e khibidu le senkgwe se se sa bedisiwang sa Segopotso sa ngwaga le ngwaga. Go bonala Jehofa a ne a foufatsa batho ba ba neng ba ntse ba lebelela dilwana tse di tsenang.
Ereka re ne re kgaogane mo mafelong a a farologaneng a sesole, re ne ra dira ditlhopha di le supa tsa Thuto ya Tora ya Tebelo, sengwe le sengwe se na le motshwari wa thuto le motho yo o mo emelang. Go ne go dirwa dikaelo tsa Tora ya Tebelo ka sephiri mo ofising ya motlhokomedi wa kampa, koo ke neng ke bereka gone ka nakwana. Ka gone, setlhopha sengwe le sengwe sa thuto se ne se amogela bobotlana tokololo e le nngwe e e feletseng eo se tla e dirisang mo thutong ya beke le beke. Ga go na pokano epe e e kileng ya se ka ya tshwarwa. Mo godimo ga moo, moso mongwe le mongwe fa re le mo mokolokong, ditlhopha di ne di amogela sekaelo sa temana ya letsatsi, go akaretsa le dintlha tse di tserweng go tswa go Tora ya Tebelo.
Ka nako nngwe badisa ba SS ba ne ba le mo letsatsing la boikhutso, ka jalo re ne re kgona go tshwara kopano ya halofo ya letsatsi mme re tlotle go bona gore re ka rera jang mo kampeng. Re ne ra kgaoganya kampa ka ditshimo mme re ne re leka go dira thulaganyo ya go fitlhelela bagolelwa ka “mahoko a a molemo a, a bogosi.” (Mathaio 24:14) Ereka bagolegwa ba ne ba tswa kwa dinageng tse di farologaneng, re ne ra dira dikarata tsa go rera tsa dipuo di le dintsi tse di neng di tlhalosa tiro ya rona le kaga Bogosi. Re ne re rera ka tlhagafalo tota mo eleng gore bagolegwa ba ba tshwaretsweng dipolotiki ba ne ba ngongorega ka gore: “Gongwe le gongwe fela fa motho o yang gone, o utlwa fela go buiwa ka Jehofa!” Pego ya tiro ya rona ya tirelo ya tshimo e ne e fitlha kwa ofiseng ya lekala kwa Bern, Switzerland.
Gotlhe go ne ga tsamaya sentle go fitlha Gestapo e ne e tlhatlhoba dikampa tsotlhe tsa pogisetso ka 1944. Lefelo la rona la dibuka le le neng le le kwa Neuengamme le ne la se ka la bonwa, mme go ne ga bonwa dilo dingwe mo go nna le Karl Schwarzer. Re ne ra nna ra botsolotsiwa le go itewa ka malatsi a le mararo. Fa tshekatsheko eno e fela, re ne ra utlwisiwa botlhoko ka bobedi jwa rona. Lefa go ntse jalo, ka thuso ya ga Jehofa, re ne ra falola.
Masego a Semoya A Nna Mantsi
Ke ne ka gololwa ke mephato ya Allied ka May 1945. Letsatsi morago ga gore ke gololwe, ke ne ka simolola go tsamaya le setlhopha se sennye sa bakaulengwe le batho ba ba kgatlhegang. Ereka re ne re lapile re ne ra dula mo letsheng lengwe mo motsaneng wa ntlha o re neng re tlile mo go one mme ra nwa metse. Fa ke sena go ikutlwa ke lapologetswe, ke ne ka tsamaya ka ntlo le ntlo ke tshwere Bibela mo legwafeng la me. Mosadi mongwe yo mmotlana o ne a utlwile botlhoko tota fa a utlwa gore rona Basupi ba ga Jehofa re ne re le mo dikampeng tsa pogisetso ka ntlha ya tumelo ya rona. O ne a tsena mo ntloboapeelong ya gagwe, mme a boa a tshwere maswi le borotho a di tlisetsa setlhopha sa rona.
Morago ga moo, re ntse re apere diaparo tsa rona tsa kwa kampeng, re ne ra bolela molaetsa wa Bogosi mo motsaneng oo otlhe. Motho yo mongwe yo o nnang gone mo motseng oo o ne a re kopa gore re tle go ja dijonyana dingwe le ene. O ne a re baakanyetsa dilo tseo re sa bolong go di eletsa ka dingwaga di le dintsi. Abo di ne di lebega di rokotsa mathe jang ne! Lefa go ntse jalo, ga re a ka ra ja dijo tseno fela. Re ne ra rapela ra bo ra ja ka tsela e e bonolo le e e maitseo. Seno se ne sa kgatlha bao ba neng ba lebile mo eleng gore fa re ne re simolola go kopana gape morago ga moo, ba ne ba reetsa polelo ya Bibela. Mosadi mongwe o ne a amogela molaetsa ono mme jaanong ke kgaitsadi wa rona wa semoya.
Re ne ra tswelela pele re tsamaya mme re bona kafa Jehofa a re tlhokomelang ka gone ka ditsela tse di gakgamatsang. Abo go ne go itumedisa jang ne fa re tswelela re ipelela dijo tsotlhe tsa semoya, tseo di gatisiwang ke mokgatlho wa ga Jehofa mme re di abelana le ba bangwe jaanong re gololesegile! Mo dingwageng tse di neng di latela, tsholofelo ya rona e e feletseng go Jehofa e ile ya duelelwa gangwe le gape.
Go tloga ka 1945 go ya go 1950, ke ne ka nna le tshiamelo ya go direla kwa Bethele ya Magdeburg mme go tswa foo, go fitlha ka 1955, mo ofising ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Berlin. Morago ga moo, ke ne ka direla jaaka molebedi yo o etang go fitlhela ka 1963, fa mosadi wa me, ebong Hilde, a ne a itsise gore o ne a lebeletse go bona ngwana. (Eva, ebong mosadi wa me wa ntlha, o ne a swa ka nako ya fa ke ne ke tshwerwe, mme ke ne ka nyala yo mongwe gape ka 1958.) Morwadiarona moragonyana o ne a nna Mosupi yo o tlhagafetseng.
Go tweng ka bana ba lenyalo la me la ntlha? Se se utlwisang botlhoko ke gore morwaake o ne a sa kgatlhegele boammaaruri ka gope. Mme morwadiake ebong Gisela o ne a bontsha go bo kgatlhegela, mme o ne a ya kwa sekolong sa borongwa sa Gileade ka 1953. Gone jaanong o direla le monna wa gagwe, kwa go nngwe ya Diholo tsa Dikopano kwa Jeremane. Ka thuso ya ga Jehofa ke ne ka kgona go nna ke ntse ke le mo tirelong ya bobulatsela jwa ka metlha fa esale ka 1963 le go direla kwa tlhokafalo e leng kgolwane gone, la ntlha kwa Frankfurt mme morago ga moo kwa Tübingen.
Go tla go fitlha jaanong ke tswelela ke ntse ke ipelela dithulaganyo tsotlhe tse di dirilweng ke phuthego ya ga Jehofa e di direla bantlo ya gagwe ya tumelo. (1 Timotheo 3:15) Gompieno, go motlhofo thata go bona dijo tsa semoya, a mme re a di anaanela ka metlha? Ke na le tumelo e e tletseng gore Jehofa o boloketse bao ba mo ikanyang masego a le mantsi, nna o ntse o ikanyega, mme o je mo lomating lwa gagwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 26, 27]
(For fully formatted text, see publication)
KAMPA YA POGISETSO YA SACHSENHAUSEN
A. Matlo a badisa ba SS
B. Lelapa la pitso ya maina
C. Kago ya disele
D. Ke le esi mo kgolegelong
E. Lefelo leo go neng go bolaelwa dinta mo go lone
F. Lefelo le batho ba neng ba bolaelwa mo go lone
G. Ntlwana ya gase