Lo Se Ka lwa Dirisa Kgololesego E Lo E Filweng Ke Modimo ka Tsela E E Phoso
“Kwa Mōea oa Morèna o gōna, ke gōna kwa go nañ le kgololèsègō.”—2 BAKORINTHA 3:17.
1. Ke ka ntlha yang fa Isaia 65:13, 14 e dira mo Basuping ba ga Jehofa?
JEHOFA ke Modimo wa kgololesego. Mme abo kgololesego e re e filweng ke Modimo e le selo se se itumedisang jang ne! Mafoko ano a Morena Molaodi Jehofa a a dira mo bathong ba gagwe ba ba ineetseng gonne ba gololesegile ka tsela e e ntseng jalo: “Bōnañ, batlhanka ba me ba tla ya, me lona lo tla bolawa ke tlala: bōnañ, batlhanka ba me ba tla nwa, me lona lo tla nyōrwa: bōnañ batlhanka ba me ba tla itumèla, me lona lo tla tlhaywa ke ditlhoñ: Bōnañ, batlhanka ba me ba tla ōpèla ka go thama ga pelo, me lona lo tla lela ka go yewa ke moetlo mo moeñ, le ka bohutsana yoa pelo lo tla bōkōlèla.”—Isaia 65:13, 14.
2. Ke ka ntlha yang fa batho ba ga Jehofa ba gatela pele semoyeng?
2 Batho ba Modimo ba itumelela go gatela pele ka tsela eno semoyeng gonne ba etelelwa pele ke moya, kana maatla a gagwe a a dirang. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Morèna ke èna Mōea: me kwa Mōea o gōna, ke gōna kwa go nañ le kgololèsègō.” (2 Bakorintha 3:17) Boikaelelo jwa kgololesego e re e neilweng ke Modimo eno ke eng? Mme re tshwanetse go dira eng gore re e dirise ka botlalo?
Kgololesego E Modimo O Nang Nayo
3. Modimo o na le kgololesego e e ntseng jang, mme ka ntlha yang?
3 Jehofa ke ene fela a nang le kgololesego e e tletseng. Ga go na sebopiwa sepe sa gagwe se se ka lekanyetsang kgololesego ya gagwe gonne ke Modimo Mothatayotlhe le Molaodi wa Lobopo. Go ntse fela jaaka monna yo o ikanyegang Jobe a ne a bolela jaana, “e mañ eo o ka kganèlañ? e mañ eo o tla o raeañ, a re, U dihañ?” (Yobe 9:12) Kgosi Nebukadenesare wa Babelona le ene o ne a patelesega go dumela ka tsela e e tshwanang a re: “Ga go na opè eo o ka thibañ seatla sa [Modimo], kgotsa a mo raea, a re, U dihañ?”—Daniele 4:35.
4. Jehofa o boloka kgololesego ya gagwe a e laola ka tsela efe?
4 Lefa go ntse jalo, melaometheo e e siameng ya ga Jehofa e lekanyetsa kgololesego eo ya gagwe e e tletseng. Seno se ne sa bonala fa Aberahame a ne a bolela gore o amegile kaga baagi ba Sodoma a bo a botsa jaana: “A Moatlhodi oa lehatshe yeotlhe a ga a ketla a diha tshiamō?” Kgato e Modimo o neng wa e tsaya e supa gore o lemoga gore o na le boikarabelo jwa go dira se se siameng. O ka bo a ne a se ka a senya Sodoma fa baagi bangwe ba ba siameng ba ne ba setse mo go yone. (Genesise 18:22-33) Modimo gape o laola kgololesego ya gagwe gonne lorato lwa gagwe le botlhale jwa gagwe di mo dira gore a se ka a galefa ka bonako mme o a ikgapa.—Isaia 42:14.
Melelwane ya Kgololesego ya Batho
5. Ke dilo dife tseo di lekanyetsang kgololesego ya batho?
5 Le mororo Jehofa a na le kgololesego e e tletseng, batho ba bangwe botlhe ba dira go ya kafa ba lekanyediwang ka teng ke tlholego, dinonofo, lefelo le ba nnang mo go lone, mmogo le dilo tse dingwe tse di tshwanang le botshelo jwa jaanong jo bokhutshwane jwa batho ba ba ratang go dira boleo. Modimo o ne wa tlhola motho a gololesegile ka botlalo go dira fela mo lefelong le Jehofa a le mo diretseng. Kgololesego ya batho e lekanyeditswe, ga e a felela ka ntlha ya mabaka a mangwe gape a le mmalwa.
6. Go ikarabelela mo Modimong go amana jang le kgololesego ya rona?
6 Sa ntlha, kgololesego ya batho e lekanyeditswe gonne Modimo o ne wa tlhola motho gore a dire boikaelelo jo e leng jwa Gagwe. Jehofa o ‘tshwanetse go bona kgalalelo, le tlotlo, le thata, gonne o dirile dilo tsotlhe mme di ne tsa bopiwa ka ntlha ya go rata ga gagwe.’ (Tshenolō 4:11) Ka jalo motho o ikarabelela mo Modiring wa gagwe, yo ka tshwanelo a tlhomileng melao eo batho ba tshwanetseng go busiwa ka yone. Kwa Iseraeleng wa bogologolo kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, Modimo o ne o laetse gore batho ba ba neng ba sotla leina la gagwe kana ba ba neng ba tlola molao wa Sabata ba bolawe. (Ekesodo 20:7; 31:14, 15; Lefitiko 24:13-16; Dipalō 15:32-36) Le mororo rona jaaka Bakeresete ba se kafa tlase ga Molao, kgololesego ya rona e lekanyeditswe, gonne re ikarabelela mo go Jehofa, yo e leng Moatlhodi wa rona, Motlhomamolao, le Kgosi.—Isaia 33:22; Baroma 14:12.
7, 8. (a) Melao e e laolang lobopo e lekanyetsa kgololesego ya batho jang? (b) Ke melao efe e mengwe ya Modimo eo e lekanyetsang kgololesego ya batho?
7 Sa bobedi, kgololesego ya batho e lekanyediwa gape ke melao ya Modimo e e laolang lobopo. Ka sekai, motho a ka se ka a kgona go tlola go tswa kwa godimo ga kago e e kwa godimo a sa gobale kana a sa swe ka ntlha ya maatlakgogedi. Go phepafetse gore melao ya Modimo e e laolang lobopo e lekanyetsa kgololesego ya motho gore a se ka a dira dilo dingwe.
8 Sa boraro, kgololesego ya batho e lekanyeditswe ka ntlha ya melao ya Modimo ya boitsholo. O ka tswa o lemogile gore selo seno seo Paulo a se kwadileng mo go Bagalatia 6:7, 8 se a diragala: “Lo se tsietsege; Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ. Gonne eo o yalèlañ nama ea gagwè o tla rōba sebodu se se cwañ mo nameñ; me eo o yalèlañ Mōea o tla rōba botshelō yo bo sa khutleñ mo Moeeñ.” Ga go na pelaelo ya gore melao ya ga Jehofa Modimo ya boitsholo le yone e lekanyetsa kgololesego ya rona, mme re tshwanetse go e ikobela gore re bone botshelo.
9. Go nna ga rona karolo ya lotso lwa motho go lekanyetsa kgololesego ya rona jang?
9 Sa bone, kgololesego ya motho e lekanyeditswe gonne ke karolo ya lotso lwa motho. Ka gone, o tshwanetse a gololesega fela ka selekanyo se a ka se kang a kgoreletsa ba bangwe ka tsela e e sa tshwanelang. Bakeresete ba tshwanetse go ikobela puso ya “babusi ba bagolo,” ba ba ikobela fela fa ba sa ba pateletse go tlola melao ya Modimo. (Baroma 13:1; Ditihō 5:29) Ka sekai, re tshwanetse go ikobela melao e e mabapi le go duela makgetho, lebelo le re tshwanetseng go kgweetsa koloi ka lone, le e mengwe. Lebaka fela la gore re tshwanetse go ikobela melao e e ntseng jalo ya ga “Kaesare” le bontsha gape gore kgololesego ya rona e re e neilweng ke Modimo e lekanyeditswe.—Mareko 12:17; Baroma 13:7.
Ke Ka Ntlha Yang Fa Kgololesego Eno E Lekanyeditswe?
10, 11. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a naya batho kgololesego e e lekanyeditsweng?
10 Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne wa lekanyetsa kgololesego ya batho? Lebaka le lengwe e ne e le gore Mmopi a nne le dibopiwa tse di botlhale mo lefatsheng tse di neng di tla mo tlotla le go mo galaletsa ka mafoko a a monate le ka boitsholo jo bontle. Batho ba kgona go dira jalo, fa diphologolo tsone di sa kgone. Diphologolo ga di itse sepe ka boitsholo jo bo siameng gonne di dira dilo di phamoga fela go ya ka tlholego. O ka ruta ntša gore e se ka ya tsaya selo, mme ga o kake wa e ruta gore ke ka ntlha yang fa go utswa go le phoso. Ereka ditiro tse phologolo e di dirang di setse di tlhomilwe go sa le gale, jaaka go ne go ka tualo, ga e kake ya galaletsa le go tlotla Modimo, fa motho ene a kgona go itlhophela ka boene go direla Mmopi wa gagwe gonne a mo rata ebile a mo anaanela.
11 Modimo o file batho kgololesego eno gore ba solegelwe molemo le gore ba itumele. Ba ka dirisa kgololesego ya bone ka go itlhamela dilo, go direla ba bangwe molemo le ka go dirisana mmogo. Batho gape ba gololesegile go itlhophela fa go tla mo dikgannyeng tsa go tlhopha tiro le lefelo le ba batlang go nna kwa go lone. Gompieno mabaka a ikonomi le a dipolotiki gantsi a lekanyetsa kgololesego ya go itlhophela, mme lefa go ntse jalo seno se ka tswa e le ka ntlha ya bogagapa jwa motho, eseng ka gonne seo e le tsela e Modimo o bopileng motho ka yone go tloga fela kwa tshimologong.
12. Ke ka ntlha yang fa bontsi jwa batho bo le mo bokgobeng?
12 Le mororo Jehofa a ne a naya batho kgololesego e kgolo, bontsi jwa batho gompieno bo golegilwe ka tsela e e dirang gore ba tlalelwe. Go ne ga diragala eng? Batho ba ntlha ba babedi, Adame le Efa, ba ne ba se ka ba dirisa kgololesego ya bone e ba e filweng ke Modimo ka tshwanelo. Ba ne ba tlola melelwane e Modimo o neng o e ba tlhometse ya kgololesego mme ba gwetlha tshiamelo ya Modimo ya go ba busa jaaka Morena wa Lobopo ebong Jehofa. (Genesise 3:1-7; Yeremia 10:10; 50:31) Ereka ba ne ba sa kgotsofalele go dirisa kgololesego ya bone go tlotla Modimo, ba ne ba e dirisa ka bogagapa, gore ba itlhophele ka bobone gore se se molemo le se se bosula ke sefe, ka go dira jalo ba kopanela le Satane mo go tsuologeleng Jehofa. Lefa go ntse jalo, go na le gore ba bone kgololesego Adame le Efa ba ba ratang boleo ba ne ba itsenya mo go thibelweng le mo bokgobeng jo bo botlhoko tota, kgololesego ya bone e ne ya nnela go fokotsegela kwa pele, mme kgabagare ba ne ba swa. Bana ba bone ba ne ba rua go latlhegelwa ke kgololesego gono. “Gonne botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.”—Baroma 3:23; 5:12; 6:23.
13. Ke ka ntlha yang fa Satane a ile a kgona go tsenya batho mo bokgobeng?
13 Adame le ditlogolwana tsa gagwe le bone ba ne ba nna makgoba a ga Satane Diabolo, ka ntlha ya botsuolodi jwa kwa Edene. Ka go bo, “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula”! (1 Yohane 5:19) Satane o ile a kgona go tsietsa le go fetola batho botlhe ba ba latlhileng Modimo makgoba gonne a na le maatla le nonofo tse dikgolo. Mo godimo ga moo, batho ba ba bogagapa ba ile ba gatelela batho ba bangwe ba ba utlwisa botlhoko. (Moreri 8:9) Ka gone, batho ka kakaretso ke makgoba a boleo le loso, a ga Satane le badimona ba gagwe, le a tsamaiso ya dipolotiki, ya ikonomi, le ya ditumelo tsa lefatshe leno.
Kgololesego ya Boammaaruri E Dirwa Gore E Kgonwe go Bonwa
14. Tsholofelo ya batho ya go bona kgololesego ya boammaaruri e amana le eng thata?
14 Go gololesega mo boleong, mo losong le mo go Diabolo le lefatshe leno la gagwe go amana thata le go iketleetsa ga Modimo go fedisetsa ruri kgangkgolo e e mabapi le go tshwanela ga gagwe go nna molaodi wa lobopo. Jehofa o ile a letla Satane gore a nne a ntse a le teng gonne e le ene a tsositseng kgang eno, a dira jalo fela jaaka Ene a ne a letla Faro gore a nne teng ka nakonyana. Lebaka la seno ke gore Jehofa a tle a supe maatla a gagwe ka botlalo le gore leina la gagwe le bolelwe mo lefatsheng lotlhe. (Ekesodo 9:15, 16) Modimo o tla tloga o itlotlomatsa jaaka Molaodi wa Lobopo le go itshekisa leina la one le le boitshepo ka go tlosa kgobo e e lerilweng ke botsuolodi jwa ga Satane, Adame, le Efa. Ka gone, bao ba boifang Jehofa ba tla gololwa mo bokgobeng jwa boleo le loso mme ba tla leriwa mo lefatsheng le lesha le le nang le kgololesego e e tswang mo Modimong.—Baroma 8:19-23.
15. Jesu o ile a nna le seabe sefe mo go direng gore batho ba bone kgololesego gape?
15 Modimo o ne wa romela Morwawe mo lefatsheng jaaka motho gore batho ba kgone go bona kgololesego gape. Morwa Modimo, Jesu Keresete o ne a ntsha setlhabelo sa thekololo ka botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jwa motho, fela gore a golole batho. (Mathaio 20:28) Gape o ne a bolela molaetsa wa kgololesego. O ne a dirisa mafoko ano mo go ene kwa tshimologong fela ya bodihedi jwa gagwe: “Mōea oa ga Yehofa Modimo o mo go nna; ka gonne Yehofa o ntloleditse go rèrèla ba ba pelonōlō mahoko a a molemō: o nthomile gore ke hapè ba ba pelo di phatlogileñ, go bolèlèla bachwarwa kgololō, le ba ba golegilweñ, go re, ntlo ea kgolegèlō e budilwe.”—Isaia 61:1; Luke 4:16-21.
16. Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tshwanela go tsaya dikgato dife gore ba bone kgololesego ya boammaaruri?
16 Batho ba ne ba tla bona kgololesego eo jang? Jesu o ne a bolela jaana: “Ha lo nna mo lehokuñ ya me, hoñ lo bo lo le barutwa ba me rure; Me lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:31, 32, 36) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a bolelela mmusi wa Moroma Ponto Pilatwe jaana: “Ke tsalecwe gōna mouō, me ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupè kaga boamarure. Moñwe le moñwe eo e leñ oa boamarure o utlwa lencwe ya me.” (Yohane 18:37) Bajuda ba ba neng ba amogela boammaaruri jo Jesu a neng a bo rera a bo a tlhoma sekao sa jone ba ne ba ikwatlhaela maleo a bone, ba siamisa tsela ya bone e e phoso, ba ineela mo go Jehofa, mme ba ne ba kolobediwa fela jaaka Jesu a ne a kolobeditswe. (Mathaio 3:13-17; Ditihō 3:19) Ka go dira jaana ba ne ba kgona go itumelela kgololesego e e lekanyeditsweng e ba neng ba e neilwe ke Modimo.
17. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a naya batlhanka ba gagwe kgololesego?
17 Jehofa o naya batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang kgololesego segolobogolo gore ba tlotlomatse bolaodi jwa gagwe mme lefa go ntse jalo gape o e ba neela gore ba gomotsege kana ba solegelwe molemo. O ne a golola Baiseraele mo botshwarong kwa Egepeto gore ba mo galaletse jaaka baperesiti ba bogosi, le basupi ba gagwe. (Ekesodo 19:5, 6; Isaia 43:10-12) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a ntsha batho ba gagwe mo botshwarong kwa Babelona segolobogolo gore ba tle go tsosolosa tempele le go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. (Esere 1:2-4) Fa batshwarwa bano ba ne ba direla fela gore ba bone dilo tse di bonalang, Jehofa o ne a ba romelela moperofeti wa gagwe Hagai le moperofeti Sekaria go ba gakolola ka boikarabelo jwa bone mo Modimong. Ereka jaanong ba ne ba thusitswe go tlhaloganya sentle kgololesego e ba e filweng ke Modimo ba ne ba kgona go wetsa tempele, seo se neng sa dira gore Modimo o galalediwe, le gore batho ba gagwe le bone ba gomotsege le go solegelwa molemo.
Go Dirisa Kgololesego E Re E Filweng Ke Modimo ka Tsela E E Tshwanetseng
18. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba ile ba dirisa kgololesego e ba e neilweng ke Modimo sentle?
18 Go tweng ka batlhanka ba Modimo ba motlha wa segompieno? Ba ile ba dirisa kgololesego e ba e neilweng ke Modimo ka tshwanelo jaaka phuthego. Ba ne ba simolola go ikgolola mo diphosong tsa Sebabelona le go ipelela kgololesego e e oketsegileng ya Bokeresete ka bo-1870. Ba ne ba dira seno tumalanong le Diane 4:18 e e bolelang jaana: “Tselana ea mosiami e nntse yaka lesedi ye le phatsimañ, ye le phatsimèlañ pele hèla go ea motshegariñ o mogolo.” Lefa go ntse jalo, jaaka batho ba Modimo ba bogologolo ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona ka lobakanyana, batlhanka ba ga ba Jehofa ba ne ba golegwa ka lobaka lo lo rileng ke Babelona O Mogolo ka 1918. (Tshenolō 17:1, 2, 5) Maloko a mmuso oo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka a ne a itumela ka nako ya fa “bashupi . . . ba babedi” ba ne ba rapaletse ba sule semoyeng. Mme ka 1919 batlhanka ba Modimo ba ba tloditsweng ba ne ba tsosiwa gape ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa gagwe, mme ba ne ba bona kgololesego ya semoya. (Tshenolō 11:3, 7-11) Ba ne ba dirisa kgololesego ya bone e ba e filweng ke Modimo sentle ka go nna basupi ba ba tlhaga ba Modimo Mogodimodimo. Ka gone, abo go ne go tshwanela jang ne ka 1931 go bo ba ne ba ipitsa Basupi ba ga Jehofa! (Isaia 43:10-12) “Boidiidi yo bogolo,” joo bo solofelang go tshelela ruri mo lefatsheng, bo ne jwa kopanela le Basupi ba ba tloditsweng segolobogolo go tloga ka 1935. Le bone ba dirisa kgololesego ya bone e ba e filweng ke Modimo sentle.—Tshenolō 7:9-17.
19, 20. (a) Tsela nngwe e e kgatlhang thata eo batho ba ga Jehofa ba dirisang kgololesego ya bone e ba e filweng ke Modimo sentle ka yone ke efe? (b) Basupi ba ga Jehofa ba dirisa kgololesego ya bone e Modimo o e ba fileng sentle ka tsela efe e nngwe gape e e tlhomologileng?
19 Batho ba ga Jehofa ba dirisa kgololesego ya bone e ba e filweng ke Modimo sentle segolobogolo ka ditsela tse pedi tse di bonalang. Tsela ya botlhokwa ke ka go tshela ka boikanyegi. (1 Petere 2:16) Mme abo ba na le leina le lentle jang ne! Ka sekai, monna mongwe o ne a tsena mo Holong ya Bogosi kwa Zurich, kwa Switzerland, mme a bolela gore o batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa a bodiwa lebaka, o ne a bolela gore kgaitsadie e ne e le Mosupi mme o ile a kgaolelwa boitsholo jo bo sa siamang. O ne a bolela jaana: ‘Eo ke yone phuthego e ke batlang go nna leloko la yone—e e ilang boitsholo jo bo maswe.’ Ke ka lebaka le le molemo go bo New Catholic Encyclopedia e ne ya akgela ka gore Basupi ba ga Jehofa ba na le leina le lentle la gore ke “sengwe sa ditlhopha tse di nang le boitshwaro jo bontle go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng.”
20 Basupi ba ga Jehofa gape ba dirisa kgololesego ya bone e ba e filweng ke Modimo go wetsa tiro ya bone ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi, fela jaaka Jesu a ne a dira. (Mathaio 4:17) Ba itsise Bogosi jwa ga Jehofa ka go bua ka molomo le ka dibuka tse ba di gatisang, ba bua ka tsela ya tlwaelo le ka e e seng ya ka tlwaelo. Fa ba dira jaana ba solegelwa molemo tota ka go bo ba nonotsha tumelo ya bone le go nna ba dira gore tsholofelo ya bone e nne e ntse e tshela. Mo godimo ga moo, tiro eno e boloka bone le bao ba ba utlwang. (1 Timotheo 4:16) Buka ya Dynamic Religious Movements e bolela jaana kaga tiro eno: “O tla nna le bothata fa o ka re o batla maloko a setlhopha sepe fela seo se dirang ka natla mo bodumeding jwa sone jaaka Basupi.”
21. Ke bosupi bofe jo bo leng teng jwa gore Jehofa o segofatsa bodihedi jwa batho ba gagwe?
21 Abo Jehofa a re segofatsa jang ne fa re dira tumalanong le boikaelelo jo a re neileng kgololesego ka jone! Seno se ka bonwa mo pegong ya tirelo ya tshimo ya ngwaga e e fetileng—tlhora ya baboledi ba Bogosi ba ba fetang dimilione di le nne, le ba ba fetang dimilione di le lesome ba ba neng ba nna teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu. Fa go ne go batlisisiwa ka nako nngwe go ne ga bonala gore Ireland e ne ya nna le ditlhora tsa baboledi di le 29 ka dikgwedi tse di latelanang; Mexico e ne ya nna le di le 78 mo dikgweding di le 80; mme Japane e ne ya nna le ditlhora di le 153 tse di latelanang!
Dirisa Kgololesego E O E Filweng Ke Modimo Sentle
22. Ke ntlha efe e kgolo e e tshotsweng ke dipotso tse di hukutsang maikutlo tse re ka di ipotsang?
22 Fa e le gore o mongwe wa Basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa, a o dirisa kgololesego e Modimo o e go neileng sentle? Mongwe le mongwe wa rona a ka nna a ipotsa jaana: ‘A ke dirisa kgololesego e ke e neilweng ke Modimo ka kelotlhoko gore ke tile go kgopisa ope fela ka boitsholo jo bo sa siamang? A ke obamela melao ya ga Kaesare ka tshwanelo, le mororo ke baya melao ya Modimo kwa pele? A ke dirisana mmogo le bagolwane ba phuthego ka botlalo? A ke dirisa kgololesego e ke e filweng ke Modimo ka botlalo ka go rera mafoko a a molemo? A ka metlha ke “totahetse mo tihoñ ea Morèna”? A ke tlhagafaletse tiro nngwe ya boitshediso thata fa nka bo ke dirisa kgololesego e ke e neilweng ke Modimo botoka ka go oketsa bodihedi jwa me, ke dira gore ke nne le boikarabelo jo bogolwane mo phuthegong kana mo tirelong ya nako e e tletseng?’—1 Bakorintha 15:58.
23. Re tshwanetse go dira eng gore re dirise kgololesego ya rona e re e filweng ke Modimo sentle?
23 A rotlhe re ‘lekeng re bone fa Jehofa a le molemo.’ (Pesalema 34:8) A re mo ikanyeng, re diriseng melao ya gagwe, re bo re galaletse leina la gagwe ka go nna tlhaga mo go itsiseng Bogosi jwa gagwe. Gakologelwa gore bao ‘ba jalang ka bogolo, ba tla roba ga bogolo.’ (2 Bakorintha 9:6) Ka gone, a re direleng Jehofa ka pelo yotlhe mme re supa gore re dirisa kgololesego e re e filweng ke Modimo sentle.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Modimo o na le kgololesego e e ntseng jang?
◻ Kgololesego ya batho e lekanyeditswe ka ditsela dife?
◻ Kgololesego ya boammaaruri e ile ya bonwa jang?
◻ Re tshwanetse ra dira eng go tila go dirisa kgololesego ya rona e re e filweng ke Modimo ka tsela e e phoso?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Kgololesego ya batho e lekanyediwa ke dilo tse di tshwanang le molao wa maatlakgogedi