Go Diragatsa Bodihedi Jwa Rona Jwa Bogosi re Thusiwa ke Index
1 Jaaka Bakeresete ba ba ineetseng, re leka ka natla go diragatsa bodihedi jwa rona. Go re thusa gore re dire seno, Jehofa o re baakanyeditse kaelo e ntsi le kgothatso mo laeboraring e kgolo ya dibuka tse di leng botlhokwa. A re ka di dirisa ka tsela e e botoka? Selo se segolo seo se re thusang go dira seno ke Watch Tower Publications Index, eo e ntseng e gatisiwa ka metlha ka dipuo tse di farologaneng fa e sa le ka 1961. (Fa e le gore ga o tlhaloganye Seesemane, re go kgothaletsa gore o dirise Tatelano ya Ditlhogo eo e gatisitsweng mo ditokololong tsa December 15 le December 8 tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Tatelano eno ya Ditlhogo e ka go thusa gore o bone ditlhogo tseo di tlhageletseng mo go Tora ya Tebelo le Tsogang! tsa mo ngwageng o o fetileng ka tsela e e bonolo.)
2 Index e ka go thusa jang gore o diragatse bodihedi jwa gago? E dira jalo ka go bontsha tsela ya go ya kwa kgakololong e e molemolemo le ditlhaloso tseo di setseng di neetswe. Index e baakanyeditswe go akantswe ka bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe. Go tswa mo baneng go ya kwa bagoding, go tswa mo diithuting tse dints̆ha tsa Bibela go ya go bagolwane, botlhe ba ka kgona go bona ditshupiso tseo ba di tlhokang ba di batlela boikaelelo le fa e ka nna bofe fela.
KA MOO O KA BONANG SEO O SE BATLANG KA GONE
3 Fa gongwe o kgatlhegela go itse bokao jwa temana nngwe kana ditemana dingwe tse di rileng, o tla go fitlhela go le molemo gore pele o lebelele mo tatelanong ya dikwalo e e kwa morago. A mongwe o tsopotse Yohane 10:30 a ne a leka go go bontsha thuto ya Tharonngwe? Tatelano ya dikwalo e tla go kaela kwa dintlheng tseo di tlhalosang gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bolela mafoko ao. Tatelano ya dikwalo e tla nonotsha mmalo wa rona wa Bibela jaaka fa re batla tlhaloso ka ditemana tseo di leng thata go di tlhaloganya kana tseo di sa tlhaloganyesegeng sentle.
4 Tatelano ya ditlhogo e re neela dikarolo tse di farologaneng tseo di nang le tshedimosetso e e tshwanang e e mosola. Ka sekai, o ka nna wa bo o tlhoka tshedimosetso malebana le seo o tshwanetseng wa se dira fa molekane yo o sa dumeleng a sa batle o isa bana ba gago kwa dipokanong. Gore o bone karabo, o ka nna wa lebelela ditlhogo tse di reng “Husbands,” “Wives,” “Children,” “Opposition,” kana “Meetings.” Malebana le setlhogo sengwe le sengwe fela, fa seo o se batlang o sa se bone kafa tlase ga setlhogo sa ntlha seo o se butseng, leka se sengwe. Ipotse jaana: ‘Ke mang yo o kopanyelediwang mono? A lefelo le le rileng le botlhokwa? Nonofo kana bokgoni jo go buiwang ka jone ke bofe? Maikutlo ao a tlhagelelang thata fano ke afe? Mokgele fano ke ofe? Fa o fitlhelela setlhogo se segolo seo se lebegang se siame, simolola ka go sekaseka ditshupiso di le dintsintsi tseo di fitlhelwang kafa tlase ga sone. Seno gantsi se boloka nako ka go batla setlhogo se sengwe seo se bonalang se opa kgomo lonaka go feta.
5 Go nna setswerere fa re dirisa Index go tla tlatseletsa go le gontsi mo go reng re atlege fa re diragatsa maikarabelo a rona a a boitshepo. Malapa a rona, diithuti tsa rona tsa Bibela, le diphuthego tsa rona di tla solegelwa molemo fa re nna ditswerere ka mo go oketsegileng mo go diriseng sedirisiwa seno. Ditokololo tse di latelang tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi di tla tlotla ka dikarolo tse di kgethegileng tseo Watch Tower Publications Index e ka nnang sethusi se se botlhokwa mo go diragatseng bodihedi jwa rona jwa Bogosi ka gone.