Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Dipampitshana le Dipampitshana Tsa Taletso
1 “Ke ne ke feta mosadi mongwe fa ke ntse ke tsamaya yo o neng a nneela pampitshana ya Bibela,” go ne ga kwala jalo monna mongwe a kwalela Mokgatlho. “E ne e balega ka gore, ‘Botshelo mo Lefatsheng Le Lesha la Kagiso.’ Ke ne ke kgobegile marapo pele ga ke e bala, mme e ne ya re morago ga moo ke ne ke le matlhagatlhaga ebile ke na le kagiso.” Monna yono o ne a batla tshedimosetso e e oketsegileng mme a kwala ka yone a tlhalosa jaana: “Ke lebeletse buka ya, ‘O Ka Tshelela Rure mo Lefatsheng la Paradaise’ go tswa koo go lona.”
2 Eleruri, batho ba le bantsi jaanong bao ba bakang Jehofa ba ne ba tsosiwa keletso ya semoya ke dipampitshana le ke molaetsa wa Bibela o o gatisitsweng kafa morago ga dipampitshana tsa rona tsa taletso. A o dirisa dipampitshana le dipampitshana tsa taletso mo bodiheding jwa gago? Ba le bantsi ba a di dirisa. Mo Afrika Borwa, go gatisitswe dipampitshana tsa Lefatshe Le Lesha la Kagiso tse di fetang dimilione di le 1,7, mmogo le dikaelo tse di ka nnang dimilione di le 3,5 tsa dipampitshana tse dingwe tse tharo, eleng Lebaka la go bo O Ka Ikanya Bibela, Ke Eng Seo Basupi ba ga Jehofa Ba Se Dumelang? le Go Na Le Tsholofelo Efe ka Baratiwa Ba Ba Suleng? Gape go romelwa dipampitshana tsa taletso tse di fetang 250 000 di romelelwa kwa diphuthegong ngwaga nngwe le nngwe mo Afrika Borwa.
3 Ga re a tshwanela go nyatsa maatla a Lefoko la Modimo jaaka fa a tlhalosiwa mo melaetseng e mekhutshwanyane eno. (Baheb. 4:12; bapisa Sekaria 4:10; Yakobe 3:4, 5.) Mosupi mongwe o ne a kwala jaana: “Ke ne ka bala dipampitshana di le dintsi go tswa mo Mokgatlhong wa Watch Tower, mme e ne ya re kgabagare ka ithuta boammaaruri.” O ne a tlhalosa jaana: “Mo lefatsheng leno le le dirang dilo ka potlako, gantsi batho ga ba batle go dirisa nako e le ntsi ba bala, mme dipampitshana di ditelele ka mo go lekaneng go ka nna le molaetsa o o botlhokwa mme ga di ditelele thata gore di ka dira gore batho le go di leba ba se ka ba di leba.”
4 Ka ntlha ya mabaka a a farologaneng, batho gantsi ba a okaoka go tsaya dibuka mo go rona. Mme ba le bantsi ba kgotsofalela go tsaya pampitshana fela. Molebedi mongwe wa potologo o bontsha gore o na le kgetsanyana e nnye ya polasetiki mme o bontsha dipampitshana mo go yone, a letla mong wa ntlo gore a itlhophele eo a e ratang. “Pampitshana eo e neng ya tlhophiwa ke batho ba le bantsi,” o kwala jalo, “ke e e reng Ke Eng Seo Basupi ba ga Jehofa Ba Se Dumelang?”
FA O SIMOLOLA GO BUISANA LE BATHO
5 Baboledi bangwe ba fitlhela gore go neela pampitshana kana pampitshana ya taletso ke tsela e e nnang le matswela ya go simolola metlotlo. Fa o e neela, mong wa ntlo yo o okaokang go go bulela ntlo a ka nna a tlhotlheletsega go dira jalo. Fa o mmontsha dithulaganyo tsa dipokano mo dipampitshaneng seno se ka nna sa bula tsela ya go tlotla ka tiro ya rona le ka maikaelelo a rona. A o dirisa dipampitshana ka tsela e e molemo? Bagolwane ba tla batla go tlhomamisa gore go na le tse di lekaneng gore phuthego e di dirise.
6 Fa mong wa ntlo a tshwaregile kana a gateletswe ka tsela nngwe mo maikutlong, pampitshana e ka nna ya nna fela seo a se tlhokang. Mosadi mongwe o ne a kgotsofaditswe jaana ke pampitshana eo e neng e bua ka tsholofelo ya ba ba suleng mo a neng a kwalela Mokgatlho a kopa tshedimosetso e e oketsegileng. Fa go sena motho mo gae, mong wa ntlo a ka nna a tlogelelwa pampitshana moo e ka se kang ya bonwa ke batho bao ba fetang ka tsela gone.
MO MAETONG A GO BOELA
7 Fa o boela kwa go neng go na le kgatlhego gone mo nakong e e fetileng, o ka nna wa bolela jaana: “Dumela, [bolela leina]. Ruri ke itumeletse go go fitlhela mo gae. Fa re ne re kopana ka lekgetlo la ntlha, ke ne ka kgatlhwa ke lebaka la go bo o ineile nako ya go tlotla ka Bibela. Ke na le tshedimosetso e e oketsegileng eo ke akanyang gore e ka nna ya go kgatlha. E fitlhelwa mo pampitshaneng eno, Botshelo mo Lefatsheng Le Lesha la Kagiso. Fa o gakologelwa sentle, mo nakong e e fetileng re ne ra tlotla ka tsholofetso ya Bibela ya kagiso ya boammaaruri le ya go ya go ile mo sethong. Lefa go ntse jalo, ereka ba le bantsi ba akanya fela ka legodimo fa ba bala ka ditsholofetso tseno, tlhokomela gore Pesalema 37:29 e bontsha gore masego ano a tla diragala gone mono mo lefatsheng. [Bala lokwalo, o bontsha mong wa ntlo gore le kae mo pampitshaneng.] A seno ga se utlwale se kgatlhisa? [Tlotla ka dirapa di le mmalwa.] Go na le ditemana tse di oketsegileng tseo di kgothatsang tota mo pampitshaneng eno, ebile le tsone o tla di fitlhela di kgatlhisa. Nako e e tlang fa ke tla, gongwe re ka nna ra bala dingwe tsa tsone fela jaaka fa re dirile gompieno.”
8 Eleruri, dipampitshana tsa rona le dipampitshana tsa taletso ke dimpho tseo di tswang kwa go Jehofa. Ekete re ka dirisa dithusi tseno tse di botlhokwa ka botswerere jaaka re ntse re dira bodihedi jo bo nang le matswela kgalaletsong ya gagwe le gore re bone masego a a sa khutleng.—Dia. 22:29.