Dilo Tseo di Buiwang mo Tshimong Tseo di Dirang Gore Batho ba Arabele
1 Dilo tseo di buiwang mo tshimong tseo di dirang gore batho ba arabele ke tseo ka phepafalo di bontshang kafa kgang eo go tlotliwang ka yone e tshwenyang mong wa ntlo ka gone, gore kgang eo ke sengwe seo a se tlhokang kana seo a ka se dirisang. Fa o ntse o buisana le mong wa ntlo, mo thuse gore a lemoge gore, “Selo seno se a nkama.” Re tshwanetse go ipotsa jaana ka nako ya fa re baakanyetsa seo re tlileng go se bua kwa tshimong: ‘Ke dikgang dife tseo di tshwenyang batho thata ba ba mo tshimong eo ke e berekang? Ke dilo dife tseo ba di tlhokang? Nka ba bolelela jang molaetsa go ba bontsha gore Jehofa o amega ka dilo tseo ba di tlhokang?’ Go rulagantswe dilo di le mmalwa fa tlase tseo di tshwenyang batho thata gompieno. A o ka dirisa se sengwe sa dilo tseno kana sengwe seo se tshwanang natso mo go seo o se buwang le batho mo tshimong? Gape, ela tlhoko kafa dintlha tseo di tswang mo bukeng ya Tshenolō—Konelo ya Yone di ka golaganngwang le motlotlo ka gone.
2 Batho Bao Ba Tshwenyegileng Kaga go Tlhokega ga Boitumelo: “Re buisana le batho bao ruri ba tshwenyegileng kaga botshelo joo batho ba bo tshelang mo lefelong leno la rona. Lemororo batho ba ka nna ba tswa ba na le dilo tse di bonalang tseo ba di tlhokang, tota ba le bantsi ga ba itumedisiwe ke khumo eo ba nang nayo. A o akanya gore go ka kgonega go tshela botshelo joo tota bo itumedisang? [Leta karabo.] Sengwe sa dilo tsa konokono tseo di ka lereng boitumelo se fitlhelwa mo Bibeleng mo go Tshenolō 1:3. [E bale.] O ka bona boitumelo fa o ka kgona go tlhaloganya seo Tshenolō e se bolelang. A o ko o ele tlhoko e nngwe ya dipolelelopele tsa yone.” Bala Tshenolō 21:3, 4 mme morago ga foo o bo o tlhalosa setshwantsho se se mo tsebeng 302 sa buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone.
3 Batho Bao Ba Tshwenyegileng Kaga Isagwe: “Re leka go tlotla le baagelani ba rona kaga go leba isagwe ba na le tsholofelo. A eo ke tsela eo o lekang go leba botshelo ka yone? [Leta karabo.] Go ya ka Bibela, re na le lebaka le le utlwalang la go nna le tsholofelo fa e le gore re dira seo e se bolelang mo go Tshenolō 1:3.”
4 Batho Bao Ba Tshwenyegileng Kaga go Ipoloka ba Itekanetse Sentle mo Mmeleng: “Batho ba le bantsi ba ba leng mo lefelong la rona ba tshwenyegile kaga go ipoloka ba itekanetse sentle mo mmeleng. Lefa go ntse jalo, re santse re bogisiwa ke bolwetsi go sa kgathalesege tsela eo re itlhokomelang ka yone. A o tla rata go tshela mo lefatsheng leo kwa go lone mongwe le mongwe a tla bong a itekanetse sentle mo mmeleng ebile a le matlhagatlhaga? Jaaka fa go ka nna ga bonala go se motlhofo go dumela gore selo seno se ka direga, buka ya Bibela ya Tshenolō e bua ka nako e e ntseng jalo ebile e re bolelela gore nako eo e gaufi.” Bala Tshenolō 21:3, 4. Morago ga foo o ka nna wa tlhalosa setshwantsho se se mo tsebeng 308-9 sa buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone, o bontshe kafa batho ba tlileng go ipelela dilo tsa botshelo tseo ba di tlhokang ka gone mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga Tse Di Sekete.
5 Batho Bao Ba Tshwenyegileng Kaga Kgotlelo le Maemo A A ba Dikologileng: “Fa re ntse re bua le baagelani ba rona, re fitlhetse gore ba le bantsi ba bone ba tshwentswe ke kafa moya wa rona, metsi, le dijo di kgotlhetsweng ka gone. A o akanya gore dipuso di tla tsamaya di kgona go rarabolola bothata jono? [Mo lete gore a akgele.] Go a kgothatsa go ela tlhoko seo Bibela e reng se tlile go diragalela bao ba senyang lefatshe.” Bala Tshenolō 11:18b. Tlhalosa gore mo godimo ga go fedisa batho bao ba senyang lefatshe, Modimo o ikaeletse gore batho ba ba boikokobetso ba dire lefatshe leno go nna paradaise, jaaka fa seno se supiwa mo go Pesalema 37:10, 11 kana mo go Isaia 65:21, 22.
6 Mo go Bao E Leng Batho ba Bodumedi: “Re botsa baagelani ba rona potso eno: A o akanya gore go ne go ikaeletswe gore buka ya Tshenolō e tlhaloganngwe, kana a e ne e tshwanetse gore e nne e ntse e le bosaitseweng ka dinako tsotlhe? [Mo lete gore a akgele.] Batho ba le bantsi ba leba dilo ka tsela eo o di lebang ka yone. A o ko o ele tlhoko seo Bibela ka boyone e se bolelang mo go Tshenolō 1:3.”
7 Jaaka fa o ntse o leka thata ka tlhoafalo gore o fitlhelele pelo ya bao ba go reetsang, bao ba tshwerweng ke tlala ya boammaaruri le ya go dira tshiamo ba tla arabela.—Math. 5:3, 6.