Ke Eng Seo Nka se Buang Gore ke Tsose Kgatlhego Yo ya Kwa Pele?
1 Karolo e kgolo ya boikaelelo jwa rona mo go rereng mafoko a a molemo ke go dira barutwa, eseng fela go tsamaisa dibuka. Ka gone, morago ga fa re sena go bona batho ba ba kgatlhegang, re tlhoka gore re tlhagolele le go nosetsa dipeo tseo di jetsweng, re dire karolo ya rona gore go nne le maemo a a siameng ao mo go one Jehofa a ka kgonang go thusa motho yono gore a gole semoyeng. (1 Bakor. 3:6) Ke eng seo o ka se buang go latedisa se o neng wa se bua la ntlha se se kwadilweng fa godimo? Dikakantsho tsa maemo a a farologaneng ao o ka nnang wa kopana nao ke tseno.
2 Go Tlhagolela Kgatlhego E E Bonweng: “O ne o tshwaregile tota ka nako ya fa re ne re tlotla ka bokhutswanyane mo nakong e e fetileng, mme lefa go ntse jalo o ile wa tsaya nako go tlhalosa kafa o tshwenyegileng ka gone ka isagwe. Jaaka fa o tla gakologelwa, re ne ra bala mo Bibeleng mo go Tshenolō 1:3 gore ‘lobaka lo lo beilweng lo atametse.’ Seo se ama isagwe ya rona rotlhe fela ka tlhamalalo. Ela tlhoko seo buka eno e se bolelang ka temana eno. [Bala go tswa mo serapeng 11 mo tsebeng 17 ya buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone.] Kgatiso eno e boeletsa dipolelelopele tsotlhe tseo di leng mo bukeng ya Bibela ya Tshenolō ebile e bontsha kafa rona ka namana re ka solegelwang molemo ka gone. A o tla kgatlhegela go ithuta ka mo go oketsegileng?”
3 Go Simolola Thuto ya Bibela O Dirisa Buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone: “Ke itumelela go go bona gape. Go na le ntlha e nngwe gape eo ke batlang go e tlotla le wena eo e fitlhelwang mo bukeng eo ke neng ka e go tlogelela, ebile e kgothatsa fela thata. Bibela e bua ka ‘lokwalo lwa botshelo’ malebana le bao ba tla tshelelang ruri. A o tla rata go itse gore ke maina a bomang ao a leng gone mo lekwalong leo?” Bula mo tsebeng 298 ya buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone. Bala serapa 11, mme morago ga moo o bo o botsa dipotso tsa serapa seo. Morago ga fa lo sena go tlotla ka dirapa di le mmalwa, akantsha gore o tla boa mme o bo o tsweletsa motlotlo.
4 Go Simolola Thuto ya Bibela o Dirisa Kgatiso E Nngwe: “Ke itumelela go go fitlhela mo gae gompieno. Fa re ne re tlotla mo nakong e e fetileng, re ne ra bala mmogo seo Bibela e se solofetsang mo go Tshenolō 1:3. [E bale gape.] Lemoga gore boitumelo joo go buiwang ka jone fano ga bo itlele fela. Go tlhokega dilo di le pedi: Re tshwanetse gore re bale seo Bibela e se bolelang mme morago ga moo re bo re tshegetsa, kana re dirisa, seo se kwadilweng mo go yone. Boroutšhara eno e e nang le setlhogo se se reng ‘Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha’ e tla dira gore o ipelele ka mo go oketsegileng go bala kgatiso eo ke neng ka e go tlogelela ka gonne e tlhalosa ka tsela e e motlhofo fela dilo tseo tota Modimo o batlang re di dira. Mo tsebeng 30 go na le lenaane la dipotso di le 12 tseo batho ba le bantsi ba di botsang. Ke efe ya tsone eo o tla ratang go e arabelwa?” Morago ga fa mong wa ntlo a sena go araba, o ka nna wa bula boroutšhara eno koo potso eno e arabiwang gone o bo o simolola thuto ya Bibela.
5 Tsosa Kgatlhego ka Tsela E E Botswerere: Buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e na le ditshwantsho di le dintsi tseo di nang le mebala e e bonalang sentle. Go ka nna ga buelelwa ditshwantsho tseno gore go tsoswe kgatlhego. Ka sekai, ka nako ya fa re dira loeto lwa go boela, re ka nna ra bula buka eno mo tsebeng 7. Tlhalosetsa mong wa ntlo ka setshwantsho sa ga Johane a le mo setlhaketlhakeng sa Patamosa. Tshenolō 1:3 e gatelela gore dilo tseo Johane a neng a di senolelwa e ne e le molaetsa o o itumedisang. Tota seno se ne se ka nna jalo jang ereka Tshenolō e tlhalosa ka dibatana tse di tshosang le tshenyo? Tlotla ka serapa 1 le 2 mo tsebeng 6 ya buka eno. O ka nna wa buelela ditshwantsho tseo di leng mo tshimologong le mo bofelong jwa buka, le ditshwantsho tse di bontshang ka lefatshe la Paradaise tseo di leng mo ditsebeng 302, 308, le 309.
6 Ka nako ya fa re dira maeto a go boela, re tshwanetse gore re tsweledisetse motlotlo pele go simolola foo re o feleditseng gone. Go tlhokomela thata karolo eno ya bodihedi jwa rona go tla tlisetsa rona mmogo le bao ba re reetsang masego a a seng kana ka sepe a a tswang kwa go Jehofa.—1 Tim. 4:16.