A o Ipaakanyeditse Maemo a Tshoganyetso a Kalafi?
Maemo a tshoganyetso a kalafi a ka tlhaga ka bonako e bile o sa lebelela. (Jak. 4:14) Ka jalo, motho yo o botlhale o tla ipaakanya sentle kafa go ka kgonegang ka teng. (Dia. 22:3) A o setse o dirile tshwetso ya gore o tla amogela mekgwa efe ya kalafi mme a o kwadile tshwetso ya gago fa fatshe? Go go thusa go dira jalo, go dirilwe bidio ya Transfusion-Alternative Health Care—Meeting Patient Needs and Rights, e leng karolo ya bobedi mo DVD ya setlhogo se se reng, Transfusion-Alternatives—Documentary Series. Fa o ntse o e lebeletse, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang. E re ka bidio eno e nna e tlhagisa ka bokhutshwane ditshwantsho tse go dirwang dikaro mo go tsone, batsadi ba tshwanetse go dirisa temogo gore a ba tla lebelela bidio eno le bana ba bone ba babotlana kgotsa nnyaa.
(1) Ke eng fa bangwe ba tsa kalafi ba fetola maikutlo a bone malebana le kgang ya go tshela madi? (2) Neela dikai di le tharo tsa dikaro tse di raraaneng tse di ileng tsa dirwa go sa tshelwe madi. (3) Ke ka ntlha yang fa dingaka le dingaka tse di arang di le diketekete go ralala lefatshe di ikeetleeditse go thusa go alafa balwetse kwantle ga go ba tshela madi? (4) Dipatlisiso tsa bosheng tsa dikokelo di senotse eng malebana le kgang ya go dirisa madi? (5) Go na le dikotsi dife tsa kalafi tse di amanang le go tshelwa madi? (6) Baitse ba le bantsi ba tsa kalafi ba ile ba fitlhelela ditshwetso dife malebana le melemo ya go dirisa mekgwa e sele ya kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone? (7) Ke eng se se bakang bothata jwa go tlhaela ga disele tse dikhibidu tsa madi mme ke eng se se ka dirwang go thusa molwetse yo o nang le bothata jono? (8) Mmele o ka thusiwa jang gore o kgone go oketsa selekanyo se o tlhagisang disele tse dikhibidu ka sone? (9) Go dirisiwa mekgwa efe go fokotsa selekanyo sa go dutla ga madi a mantsi ka nako ya karo? (10) A mekgwa mengwe ya kalafi e mo go yone motho a sa tshelweng madi e ka bereka le mo baneng ba babotlana kgotsa mo bathong ba ba mo seemong se se kotsi thata sa tshoganyetso? (11) Ke molaometheo ofe o o botlhokwatlhokwa wa tlhokomelo e e molemo ya kalafi?
Dipego di bontsha gore baboledi ba le bantsi ga ba ise ba tlatse dikarata tsa bone tsa Advance Medical Directive kgotsa ga ba nne ba di tshotse ka dinako tsotlhe. Balebedi ba ditlhopha ba tshwanetse go tlhomamisa gore botlhe mo ditlhopheng tsa bone ba tlatsa dikarata tsa bone le gore ba nna ba di tshotse ka metlha. E re ka dikalafi dingwe tse di bontshitsweng mo bidiong eno e le tse motho a tshwanetseng go di itlhophela go ya ka segakolodi sa gagwe, o se ka wa leta go fitlha o lebana le maemo a tshoganyetso gore o sekaseke gore ke kalafi efe e o tla e amogelang le e o ka se e amogeleng. Kgaolo 7 ya buka ya “Lorato Lwa Modimo” le ditshupiso tse di umakilweng mo go yone mmogo le tsenyeletso ya kgatiso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2006 di tla go thusa gore o itirele ditswetso tse di theilweng mo go se o se ithutileng. Ka jalo, fa o kolobeditswe, tshwaya gore o tlhophile eng mo karateng ya DPA mme o nne o e tshotse ka dinako tsotlhe.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 3]
A o setse o dirile tshwetso le go kwala gore o tla amogela mekgwa efe ya kalafi?