Bidio ya Young People Ask—What Will I Do With My Life? (Karolo 1)
Fa basha ba ntse ba gola, ba tshwanetse go dira ditshwetso tse di botlhokwa. Go rulagantswe bidio ya Young People Ask—What Will I Do With My Life? go ba thusa. Fa o sena go tsenya DVD ya gago, tlhopha Play Drama, mme o bone gore a o ka kgona go araba dipotso tse di mo go serapa 2. Go tswa foo, tlhopha Interviews mo go menu, o bo o tlhopha Looking Back, mme o bo o leka go araba dipotso tse di mo go serapa 3.
Drama: (1) Boemo jwa ga Timotheo bo tshwana jang le jwa basha ba le bantsi ba Bakeresete gompieno? (2) Andre o ne a tlhotlhelediwa jang gore a dire ka natla mo diatleletiking? (3) Mokaulengwe Fleissig o ne a bolelela Andre eng (a) ka go ineela mo go Jehofa le mo metshamekong? (Math. 6:24) (b) ka motswedi wa boitumelo jwa boammaaruri? (c) ka se sejana sa gagwe se a se tsereng kwa kampeng ya pogisetso se neng se mo gopotsa sone? (d) ka batho ba ba nang le ene mo setshwantshong le mosadi wa gagwe? (e) ka gore a o ne a ikwatlhaela go fetola mekgele ya gagwe? (Bafil. 3:8) (4) Mmèmogolo wa gagwe o ne a araba jang potso ya gagwe e e reng, “A go phoso go batla go nna mothubalobelo yo o tumileng?” (Luke 4:5-7) (5) A go fenya lobelo go ne ga dira gore Andre a bone kgotsofalo ya mmatota? (6) O kgatlhilwe ke eng mo lekwalong la bofelo le Mokaulengwe Fleissig a le kwaletseng Andre? (Dia. 10:22) (7) Mokaulengwe Fleissig o ne a thusa Andre go lemoga eng?
Looking Back: (8) Ke ditiro dife tse mokaulengwe le kgaitsadi ono ba neng ba di dira, mme ka ntlha yang? (9) Ba ne ba atlegile go le kana kang? (10) Ke eng se se dirileng gore mongwe le mongwe wa bone a fetole ditiro tsa gagwe? (2 Bakor. 5:15) (11) Ditiro tsa bone tsa pele di ile tsa tseelwa sebaka ke ditiro dife tsa puso ya Modimo, mme ke ka ntlha yang fa ba ne ba akanya gore ba ne ba ka se kgone go di dira ka bobedi? (12) A ba ne ba ikwatlhaela go bo ba ile ba fetola mekgele ya bone mo botshelong? (13) Ke eng se ba ileng ba se bua se tota se dirileng gore o akanye ka se o tshwanetseng go se dira ka botshelo jwa gago?
Tsweetswee leba dipotsolotso tse dingwe le tshedimosetso e e oketsegileng, mme o ipaakanyetse go akgela fa go tla bo go tlotliwa ka tsone mo Pokanong ya Tirelo ya beke e e tlang.