Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka October
“Ke solofela o tla dumalana le nna gore botshelo bo bonala bo le bokhutshwane thata. A o akanya gore letsatsi lengwe re tla kgona go tshela kwa ntle ga bolwetse mme re tshele lobaka lo loleele? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se se buiwang fano.” Naya mong wa ntlo makasine wa Tora ya Tebelo ya October 1 mme lo bo lo tlotla ka dintlha tse di ka fa tlase ga setlhogwana sa ntlha se se mo go tsebe 16 lo bo lo bala bobotlana temana e le nngwe. Mo neye dimakasine o bo o rulaganya go boa le tla go tlotla ka potso e e latelang.
Tora ya Tebelo October 1
“Re etela batho ka gonne bontsi bo tshwenyegile ka boferefere jo bo ntseng bo oketsega mo go tsa kgwebo le mo pusong. A o akanya gore go ka dirwa sengwe ka bothata jono? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se se buiwang fano ka se Jesu a tla se direlang batho ba ba diretsweng boferefere. [Bala Pesalema 72:12-14.] Makasine ono o bontsha kafa boferefere bo tla fedisiwang ka teng mo nakong e e sa fediseng pelo.”
Tsogang! October
“Batsadi ba le bantsi ba batla gore bana ba bone ba rutege. A o akanya gore basha ba ba alogang mo dikolong mo malatsing ano ba ipaakanyeditse dikgwetlho tsa botshelo? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se Baebele e se buang ka botlhokwa jwa go nna le kitso le botlhale. [Bala Moreri 7:12.] Makasine ono o na le dintlha di le tlhano tse di ka thusang bana go atlega kwa sekolong.”