Thulaganyo ya Beke ya January 7
BEKE E E SIMOLOLANG KA JANUARY 7
Pina 104 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
jr kgao. 3 ¶13-19 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Mathaio 1-6 (10 mets.)
No. 1: Mathaio 5:21-32 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Ke Eng Se se Ka Dirang Gore Dithapelo Tsa Motho di se Amogelesege go Modimo?—rs ts. 368 ¶4–ts. 369 ¶3 (5 mets.)
No. 3: Se go Dira Jehofa “Kabelo ya Gago” go se Kayang—Dipa. 18:20 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Dikakantsho Tsa go Tsamaisa Dimakasine ka January. Motlotlo. Dirisa metsotswana e le 30 go ya go e le 60 go tlhalosa kafa dimakasine tseno di ka tsosang kgatlhego ka teng mo tshimong ya lona. Go tswa foo, o dirisa setlhogo se se ka fa ntle sa makasine wa Tora ya Tebelo, kopa bareetsi gore ba akantshe potso e ba ka e botsang e e tsosang kgatlhego mme o bo o ba kopa gore ba akantshe temana e ba ka e balang. Dira se se tshwanang le ka makasine wa Tsogang! mme fa nako e letla, dira jalo le ka setlhogo se sengwe gape go tswa mo go nngwe ya dimakasine tseno. Dira gore go dirwe pontsho ya kafa kgatiso nngwe le nngwe e ka tsamaisiwang ka teng.
10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
10 mets: Holo ya Bogosi e e Phepa e Tlotla Jehofa. Puo e e neelwang ke mogolwane. Jehofa ke Modimo yo o boitshepo, ka jalo, bophepa e tshwanetse ya nna selo se se tlang pele mo bathong ba gagwe. (Ekes. 30:17-21; 40:30-32) Fa re dira gore lefelo la rona la kobamelo le nne le le phepa e bile le baakantswe sentle, re galaletsa Jehofa. (1 Pet. 2:12) Anela maitemogelo a lefelo la lona kgotsa a a gatisitsweng go bontsha kafa tebego e ntle ya Holo ya Bogosi e ileng ya dira gore go neelwe bosupi mo tikologong ka teng. Botsolotsa mokaulengwe yo o ikarabelelang malebana le dithulaganyo tsa phuthego ya lona tsa go phepafatsa le go baakanya holo. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe mo go phepafetseng Holo ya Bogosi le go e boloka e le mo seemong se sentle.
Pina 127 le Thapelo