Thulaganyo ya Beke ya July 15
BEKE E E SIMOLOLANG KA JULY 15
Pina 48 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
jr kgao. 12 ¶1-7 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Ditiro 18-21 (10 mets.)
No. 1: Ditiro 20:17-38 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: A Keresete o Tla Bonala ka Nama mo Lerung Mme go Tswa Foo a Phamolele Bakeresete ba ba Ikanyegang Kwa Magodimong fa Lefatshe le Tla bo le Lebile?—rs ts. 169 ¶1-3 (5 mets.)
No. 3: Re ka Bontsha Jang Gore re Tlhomile Mogopolo mo Moyeng?—Bar. 8:6 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Fitlhelela Pelo ya Motho yo o Ithutang le Ene. (Luke 24:32) Motlotlo o o theilweng mo dipotsong tseno: (1) Fa o tshwere thuto ya Baebele, ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go gatelela (a) lorato lwa ga Jehofa le botlhale jwa gagwe? (b) botlhokwa jwa go dirisa melaometheo ya Baebele? (c) botlhokwa jwa go batla kaelo ya ga Jehofa pele ga o dira tshwetso? (2) Go botsa motho yo o ithutang le ene dipotso tse di latelang go tla go thusa jang go lemoga gore o fitlhelela pelo ya gagwe? (a) A seno se a utlwala mo go wena? (b) A o akanya gore seno se dumalana le lorato lwa Modimo? (c) O bona melemo efe ya go dirisa kgakololo eno?
20 mets: “Bakaulengwe ba Basha, A lo A Kgaratlha?” Dipotso le dikarabo. Ka bokhutshwane, botsolotsa mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi yo o ileng a kgaratlhela go nna le maikarabelo a a oketsegileng a sa le mosha. O ne a amogela dikabelo le thapiso efe pele a tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi? Bakaulengwe ba bangwe mo phuthegong ba ne ba mo thusa jang go gatela pele semoyeng? Ke masego afe a a ileng a nna le one ka ntlha ya go kgaratlhela go nna le maikarabelo a a oketsegileng?
Pina 85 le Thapelo