Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang
Tora ya Tebelo October 1
“Re bontsha mongwe le mongwe makasine ono wa Tora ya Tebelo. [Mmontshe khabara.] Bangwe ba akanya gore go rapela ke go itshenyetsa nako fela ka gonne ga go ope yo o reeditseng. Ba bangwe ba dumela gore Modimo o utlwa dithapelo tsa bone. Wena o akanya eng? [Mo letle a arabe.] Bona gore Baebele ya reng? [Bala Isaia 30:19.] Makasine ono o tlhalosa bosupi jwa gore Modimo o reetsa dithapelo tse di dirwang ka tsela e e siameng e bile o a di araba fa fela go rapelelwa dilo tse di siameng.”
Tsogang! October
“Re etela baagelani ba rona ka gonne batho ba le bantsi ba ipotsa gore ke eng Modimo a letlelela gore re boge. A o akanya gore e tla bo e le lenyatso fa re ka botsa Modimo potso eno? [Mo letle a arabe.] Temana eno e bontsha gore monna yo o neng a ikanyega e bong Jobe o ne a eletsa go botsa Modimo potso eo. [Bala Jobe 23:3-5.] Makasine ono o tlotla ka dipotso tse batho ba le bantsi ba eletsang go di botsa Modimo fa ba ka nna le tshono ya go dira jalo, le dikarabo tse di kgotsofatsang tse di mo Baebeleng.”