LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 5/8 ts. 30-31
  • Thapelo mo Metshamekong—A Modimo Oa Reetsa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thapelo mo Metshamekong—A Modimo Oa Reetsa?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Gobatsa Mogaeno”
  • A Modimo O Nna Gone kwa Metshamekong?
  • Modimo o Utlwa Ditsala tsa Gagwe
  • A Modimo o Tsaya Letlhakore mo Metshamekong?
    Tsogang!—1994
  • Mathata Ao A Amanang le Metshameko Gompieno
    Tsogang!—1991
  • A ke Tshwanetse go Tsena mo Setlhopheng Sa Metshameko?
    Tsogang!—1996
  • Metshameko ta Setlhopha—A e Ntshiametse?
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 5/8 ts. 30-31

Maikutlo a Bibela

Thapelo mo Metshamekong—A Modimo Oa Reetsa?

KE BOITUMELO fela fa diketekete tsa baemanokeng di thelegela mo setadiamong, di tlhaeletsa setlhopha sa tsone seo di se ratang thata. Batshameki ba sa tswa go fetsa go tlolatlola ba ithuthafatsa, mme phala e e simololang metshameko e setse e tla lela. Kafa letlhakoreng le lengwe la lebala, batshameki ba iname mmogo, mme fa gare ga bone go khubame moeteledipele, yo o rapelang jaana: “Modimo, tsweetswee segofatsa setlhopha sa rona, dira gore re fenye batshamekakgatlhanong le rona, mme re sireletse gore re seka ra gobala. Amen.” Ba phatlalala ba goela kwa godimo, batshameki ba ema mo maemong a bone mo lebaleng, phala e a lela, mme lesukasuka la motshameko wa kgwele ya Amerika ya dinao le a simolola.

Go tlwaelegile go bona batshameki ka bongwe le jaaka ditlhopha ba rapela pele ga metshameko le fa motshameko o ntse o tsweletse pele mo metshamekong e e farologaneng. Mme a Modimo wa reetsa? Kana jaaka ba bangwe ba bua, a seno ke go tshameka fela ka thapelo?

“Gobatsa Mogaeno”

Go ralala lefatshe, mo e ka nnang motshameko mongwe le mongwe o tletse thubakanyo—mo lobaleng le kwa go nnang baemanokeng gone. Mankge mongwe wa kgwele ya dinao yo o kileng a bo a tshameka wa United States o ne a kwala jaana: “Go ka bolelwa ka mmatota gore go gobatsa mmele ke selo se segolo mo kgweleng ya dinao, fela jaaka selo se segolo sa ntwa e le go bolaana le go gobatsa.” O ne a akgela gape jaana ka mo go oketsegileng: “Go gobatsana ka go gaisana, ebile e le go go rulagantsweng ke karolo e kgolo ya tsela ya rona ya botshelo; mme kgwele ya dinao ke nngwe ya diipone tse di bontshang seo . . . e re bontsha ka moo go itumedisang ebile go duelang ka gone go Gobatsa Mogaeno.”

Go gobatsa mogaeno? Jesu o rile o rate mogaeno. (Mathaio 22:39) Ga o kake wa akanya gore Modimo yo o lorato o ka nna gone wa bo wa segofatsa mengwe ya metshameko ya segompieno, eo e gatelelang go fenya.—1 Yohane 4:16.

A Modimo O Nna Gone kwa Metshamekong?

Lengwe la mabaka a a kgothaletsang thapelo thata mo metshamekong ke thuto ya bodumedi ya gore Modimo o gotlhe, gore Modimo, ka dinako tsotlhe o gone mo mafelong otlhe le mo dilong tsotlhe. Ka sekai, mo bukeng God Goes to Football Games, L. H. Hollingsworth yo eleng moruti ebile e kile ya bo e le moruti wa setlhopha sengwe sa metshameko o bua jaana: “Tumelo ya rona ka Modimo e akaretsa kgopolo ya gore o gone gotlhe; kgopolo eo, ya gore eleruri o gone mo go seo re se bitsang boitemogelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi . . . Ke gore, Modimo o ya kwa kerekeng, ebile Modimo o ya le kwa metshamekong ya kgwele ya dinao.”

Lefa go ntse jalo, Bibela ga e rute gore Modimo o gotlhe. Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a kwala jaana: “Keresete . . . o tsenye mo go ye e leñ legodimo tōta, go tla a bōnalèla rona yanoñ ha pele ga sehatlhōgō sa Modimo.” (Bahebera 9:24) Go na le dintlha tse pedi mo temaneng eno tseo di re thusang go lemoga gore: Modimo ke motho wa semoya le gore o na le lefelo koo a nnang gone, kwa legodimong. (1 Dikgosi 8:49; Yohane 4:24) Ka jalo ga a kake a bo a le kwa lefelong le lengwe gape ka nako e e tshwanang.

Modimo o Utlwa Ditsala tsa Gagwe

Fa e le gore ke boammaaruri gore Modimo ga o ye kwa metshamekong, a gone mme o reetsa dithapelo tsa yone? Go re dithapelo di fitlhe mo ditsebeng tsa Modimo ono wa legodimo, oo Jesu a neng a tlhaga fa pele ga gagwe, motho yo o rapelang o tshwanetse a bo a na le kitso, kitso ka boikaelelo jwa Modimo, botho jwa gagwe, dinonofo tsa gagwe, ditsela tsa gagwe, le leina la gagwe. (Yakobe 4:3) Fa a otlelela botlhokwa jwa go itse Modimo, Jesu o ne a rapela jaana: “Botshèlō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.”—Yohane 17:3.

Go itse mongwe go batla o bua nae. Modimo o bua le motho ka Bibela, mme Bibela ke yone tsela eo re kgonang go itse Modimo wa legodimo ka yone. E re bolelela leina la gagwe, Jehofa. (Pesalema 83:18) Bibela e bolela gape gore Modimo o ne a rata lefatshe mo a bileng a romela morwawe yo o tsetsweng a le esi, Jesu, mono lefatsheng ka jalo motho o ne a tla nna le tshono ya go bona botshelo jo bosakhutleng. (Yohane 3:16) Fa re bala le go ithuta Bibela, Jehofa o nna wa mmatota mo go rona, mme re gogelwa mo go ene ka Jesu. (Yohane 6:44, 65; Yakobe 4:8) Ka gonne Jehofa e le wa mmatota, re ka godisa kamano e e atamalaneng ka borona le ene.

Lefa go ntse jalo, go nna le botsalano le Modimo, go tlhoka puisano go tswa matlhakoreng oomabedi. Seno se raya go bua le Jehofa ka thapelo. Bibela e bolela gore Modimo ke “eo u utlwañ thapèlō” le gore ga a “kgakala le moñwe le moñwe oa rona.” (Pesalema 65:2; Ditihō 17:27) Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore Modimo o reetsa dithapelo tsotlhe. (Isaia 1:15-17) Modimo o iketleeditse go reetsa dithapelo tsa bomang?

Mopesalema Dafide o ne a bua jaana: “Maōma a ga Yehofa a na le ba ba mmoihañ.” (Pesalema 25:14) Mo Sehebereng sa bogologolo, thito ya “maōma” (sohd) e raya “go gagamatsa.” Ka gone, temana eno e re naya kgopolo ya go neelwa tetla ya go tsena mo tikologong e e kwa teng ya ga Jehofa kana mo botsalanong jwa kgolagano le ene. Ke fela badumedi bao ba bontshang tlotlo e e tshwanetseng bao a ba dumelelang. Ka gone, botsalano jo bo atamalaneng le Modimo bo dira gore re boife go kgaola kamano e e ntseng jalo ka go dira sepe fela seo se ka mo itumololang, jaaka go tsaya thapelo jaaka sengwe seo re batlang go bona lesego ka sone go tlhomamisa go ka fenya mo metshamekong.

Jehofa o reetsa dithapelo tsa batho ba ba dipelo di ikanyegang bao ba batlang botsalano le ene, mme ga a tlhaole. Ga a rate batho ba bangwe kana a neela morafe, lotso, kana le eleng setlhopha sengwe sa metshameko tlotlo, go na le se sengwe. (Pesalema 65:2; Ditihō 10:34, 35) Fa e le gore Modimo o ne o utlwa dithapelo tsa bagaisanyi ba metshameko mme ditlhopha tse pedi di rapela gore di fenye, o tshwanetse go segofatsa sefe? Kana fa motshameki mongwe a ne a gobala thata fa a tshameka, a Modimo o tla bonwa molato?

Ka gone, re tshwanetse go rapelela dilo tse di siameng. Moaposetoloi Johane o tlhalosa seno ka tsela eno: “Ha re lōpa señwe kaha go rateñ ga ōna, oa re utlwa.” (1 Yohane 5:14) Jehofa o reetsa dithapelo tseo di dumalanang le go rata ga gagwe. Re tlhoka go itse go rata ga gagwe le boikaelelo jwa gagwe gore dithapelo tsa rona di dumalane le tsone.

Go rata ga Modimo le boikaelelo jwa gagwe le leina la gagwe le le galalelang ga di amane ka gope le metshameko ya gompieno eo go gaisanwang le eo e nang le thubakanyo. Modimo ga o tlhaole. Ka gone, fa go rapelwa mo ditiragalong tseo, a Modimo wa reetsa? Eleruri Nnyaa!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela