LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 2/8 ts. 31
  • A Modimo o Tsaya Letlhakore mo Metshamekong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo o Tsaya Letlhakore mo Metshamekong?
  • Tsogang!—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thapelo mo Metshamekong—A Modimo Oa Reetsa?
    Tsogang!—1990
  • Mathata Ao A Amanang le Metshameko Gompieno
    Tsogang!—1991
  • A ke Tshwanetse go Tsena mo Setlhopheng Sa Metshameko?
    Tsogang!—1996
  • Metshameko ta Setlhopha—A e Ntshiametse?
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 2/8 ts. 31

A Modimo o Tsaya Letlhakore mo Metshamekong?

MOTABOGI yo o fentseng o khubama ka mangole a bo rapela, a lebogela go bo a fentse. Mme kana re tshwanetse go tsaya gore batabogi ba bangwe ba le bone ba tseneletseng kgaisano le bone ba ne ba rapetse Modimo gore ba fenye—mme ba ile ba fenngwa.

Boramabole ba babedi ba khubama ka mangole mo ditlhofing tse di lebaganeng tsa mosako wa mabole pele ga tikologo ya ntlha e simologa. Boobabedi ba dira setshwantsho sa sefapaano, mokgwa wa go rapela Modimo ka setu gore o fenye. Mme yo mongwe a bo a itaya yo mongwe kgaatshoo. Mo metshamekong e mengwe ya mabole, ke ramabole a le mongwefela yo o rapelang Modimo gore a fenye, mme gantsi o latlhegelwa ka palo e e lekanang le e a fenyang ka yone.

Mo metshamekong ya ditlhopha, ditlhopha tsa batshameki di ka nna tsa rapela mmogo pele ga motshameko, o tsweletse, kana morago ga one. Ka sekai, e ne ya re mo metsotswaneng ya bofelo ya kgwele ya dinao ya motshameko wa American Super Bowl, moragi o ne a ipaakanyetsa go raga kgwele e e leng gore fa a ka e nosa ba tla fenya motshameko mme fa a ka se ka a e nosa ba tla latlhegelwa. Morago moragi o ne a re: “Ke ne ka e rapelela.” Mme bangwe mo setlhopheng se se tshamekang le sa gagwe ba ne ba e rapelela—gore e se ka ya nwa.

Le mororo matlhakore oomabedi a ka nna a rapela, letlhakore le lengwe lone le tshwanetse go fenngwa. Le sone setlhopha se se fenyang se batshameki ba sone ba neng ba rapelela gore se fenye se ka nna sa fenngwa mo motshamekong o o latelang. Mme ruri, kwa bofelong jwa metshameko, ditlhopha tse dingwe tsotlhe di tshwanetse go fenngwa ka gore go nna le mofenyi wa liki a le mongwefela fela. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa ditlhopha tse di fentsweng di ne di na le batshameki ba ba ileng ba rapelela phenyo.

Mo kgannyeng nngwe ya setlhogo se se reng “Somarelang Dithapelo tsa Lona, ka Tsweetswee,” mokwadi mongwe wa tsa metshameko o ne a kwala jaana: “Go bo o ikgantsha kafa o atamalanyeng le Modimo ka teng, ga go reye gore go ntse jalo ka boammaaruri. . . . Ka Ntwa ya Lefatshe II, masole a Jeremane a ne a na le mafoko mangwe a kwadilwe mo ditshiping tsa mabante a bone, a a reng: Gott mit uns. A a rayang gore: ‘Modimo o na le rona.’” Mokwadi mongwe wa tsa metshameko o ne a bolela jaana: “Modimo ga o tseye letlhakore mo metshamekong ya kgwele ya dinao. Dilo tse di tshwanang le tseno ke maikarabelo a banna le basadi, e seng Mothatayotlhe.”

Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Modimo [ga] se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.” Go tshameka metshameko e e tletseng thubakanyo ga se ‘go dira tshiamo.’ (Ditihō 10:34, 35; Baroma 14:19) Fa e le gore Modimo o ne wa utlwa dithapelo tsa ba ba kopang phenyo mme mongwe wa batshameki a bo a golafala kana a swa, a Modimo o ne o tla bo o le molato?

Lefoko la Modimo la re: “Ha re lōpa señwe kaha go rateñ ga ōna, oa re utlwa.” (1 Yohane 5:14) Gore dithapelo tsa motho di tle di arabiwe, o tshwanetse a bo a itse thato le maikaelelo a Modimo, mme le ditiro tsa gagwe di tshwanetse tsa bo di dumelana le tsone.—Bapisa Mathaio 6:9, 10.

Nnyaa, thato ya Modimo le maikaelelo a gagwe ga di amane ka gope le metshameko. Ka jalo, a fa dithapelo tsa phenyo di dirwa kwa metshamekong eo, a Modimo o a di reetsa? Gotlhelele nnyaa.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

UPI/Bettmann

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela