A Maitsholo A A Siameng A A Boela?
MATLO a lolea. Matshwao a a mo go one a bontsha gore a a rekisiwa. Matlo ao a kwa Hamburg, kwa Jeremane, a kile a bo e le karolo ya mangwe a mafelo a magolo go gaisa mo lefatsheng lotlhe ao go direlwang boaka mo go one. Ke ka ntlhayang fa a ile a tswalwa?
E ne e le ka lone lebaka leo le neng la dira gore mafelo a a farologaneng a a itsegeng thata a go kgobokana a basodoma ba kwa San Francisco a tlogelwe a le lolea. Go ralala United States yotlhe, ditlhopha di le dintsi tsa basodoma le mafelo a go ikubeletswang mo go one a ile a tswala mejako ya one ka go latelana ga one.
Ke eng seo totatota se neng se baka diphetogo tseno? Ke go anama ga AIDS, eleng bolwetsi jo bo leng diphatsa thata jo bo fetogileng sengwe sa dibetso tse di maswe go gaisa tsa lekgolo leno la bo 20 la dingwaga.
AIDS e setse e bolaile batho ba le dikete di le masomesome. Mme fa ditekanyetso tsa bosheng jaana di ka itshupa di le boammaaruri, e ka bolaya batho ba ba oketsegileng ba le dimilionemilione mo isagweng e e fa gautshwane.
A Ke Tsela Eo Maitsholo A A Siameng A Boelang ka Yone?
Ka bo 1960 le bo 1970, go ne ga nna le phetogo e kgolo ya boitshwaro jwa go tlhakanela dikobo kwa dinageng di le dintsi tsa Bophirima. Go nna mmogo le motho wa bong bo sele mme lo sa nyalana go ne ga amogelwa ke batho ba le bantsi. Palo ya bana bao ba tsalwang kwa ntle ga lenyalo e ne ya oketsega. Dingwaga tsa bao ba tlhakanelang dikobo kgetlo la ntlha di ne di le kwa tlase thata. Ditekanyetso tsa boitsholo tsa setso di ne tsa senngwa ke batho ba le dimilione, mme palo ya bone e ne e golela kwa godimo ka lebelo le legolo.
Fa makasine wa Canada ebong L’Actualité o ne o bua malebana le moya o o neng o aname ka nako eo, o ne wa bolela jaana: “Go tlhakanela dikobo go ne ga fetoga mofuta wa motshameko o o senang molato ope.” Mo godimo ga moo, fa go ne go tsoga mekgatlho e le mentsi eo e neng e lwela “ditshwanelo” tsa basodoma, bosodoma bo ne jwa fetoga kgangkgolo e e tumileng thata, mme go ne ga dirwa diphetogo mo melaong eo pelepele e neng e thibela dikamano tsa bosodoma.
Morago ga moo AIDS e ne ya tlhaga mo lefatsheng. Ereka fa ba le bantsi ba ne ba swa ba bolawa ke sebetso seno sa segompieno mme go ne go sa bonwe tsela eo se ka fodisiwang ka yone, tsela eo batho ba lebang tlhakanelo dikobo ka yone e ne ya fetoga gotlhelele. Jaaka fa L’Actualité e ne ya tlhalosa jaana: “Ka ntlha ya AIDS, metshameko ya go ratana e ile ya fetoga e e kotsi mo go maswe.” Mokwaladikgang mongwe wa Amerika ebong Ellen Goodman o ne a akgela malebana le seo se neng se bolelwa ke lebaka la go bo batho ba ikutlwa ka tsela e e farologaneng jaana malebana le seno: “E tla re fa—eseng fa e le gore mme e tla re fa—AIDS e anama mo bathong botlhe, go re ‘nnyaa’ e tla nna karabo e e tlwaelesegileng thata fa motho a batla go tlhakanela dikobo le yo mongwe.”
Go Fetogile Mekgwa Eo Ba Dirang Dilo ka Yone—Eseng Tsela Eo Ba Itshwarang ka Yone
A seno se raya gore re bona go ithathamologelwa ga mofuta o o rileng goo go diragalang ka ntlha ya go boela ga batho kwa maitsholong a a siameng? Jaaka fa metswedi ya dikgang e ile ya bolela dinako tse dingwe, a ke go “boela kwa melaong ya setso” kana kwa “go gagamatseng molao”?
Mekgwa mengwe eo batho ba dirang dilo ka yone e ile ya fetoga e le fela ka ntlha ya gore go ne go tlhokafala gore go nne jalo, mme lefa go ntse jalo seo ga se reye gore tsela ya konokono eo ba akanyang ka yone le yone e fetogile ka tsela e e tshwanang. Ka sekai, basodoma bao ba tlogetseng go tlhola ba tlhakanela dikobo le batho ba le bantsi mme ba tlhakanela dikobo “le motho a le mongwe fela” ga go kake ga bolelwa gore ba boela kwa maitsholong a a siameng. Mo godimo ga moo, go ne go tla diragalang fa go ne go ka ribololwa tsela ya go entela kgatlhanong le AIDS? Go na le lebaka la go ka dumela gore ba le bantsi ba ne ba tla boela kwa mekgweng ya bone ya pele le gore meago e e kgethegileng e ne e tla boa e ba bulela mejako gape.
Mo gare ga bao ba tlhakanelang dikobo le batho ba bong jo bo farologaneng le jwa bone teng, go lemogiwa fa go na le diphetogo mo mekgweng ya bone, mme legale eseng mo tseleng ya konokono eo ba akanyang ka yone. Felice, ebong moithuti kwa yunibesithing ya kwa California kwa Los Angeles U.S.A., o ikwatlhaela go bo a se kile a nna le tshono ya go itirela maratwa e pelo malebana le go tlhakanela dikobo goo go kileng ga bo go aname kwa yunibesithing eo. O ne a bolela jaana: “Go a kgopisa go sekae. . . . Tota ke eletsa ekete nkabo ke nnile le kgololesego ya go itirela ditshwetso ka namana.” Mme mokwaladikgang mongwe wa kwa Amerika o ne a tlhalosa gore ditekanyetso tsa pele tsa maitsholo di ne di se kitla di tlhagelela gape, a bolela jaana: “Phetogo e kgolo ya mokgwa wa go tlhakanela dikobo e ka nna ya tswa e ngotla lebelo, batho ga ba boele ka mo go feletseng kwa kgopolong ya bo 1940 le bo 1950 ya go nyala pele ga ba tlhakanela dikobo.”
Ka sekai, kwa Canada makasine wa Maclean’s o ne wa bega se se latelang malebana le patlisiso eo e neng e tshegeditswe ka madi ke mekgatlho e e farologaneng eo e neng e dirwa mo baithuting ba kholetšhe: “Bagolo ba babotlana ba setse ba itse ka botlalo kaga malwetsi ao a tshelanwang ka go tlhakanela dikobo, ao a akaretsang AIDS, thosola le matsabane. Mme go bonala lebaka la go bo ba itse seno le paletswe ke go ba dira gore ba ikele tlhoko go feta pele. Baithuti ba le dintsi bao ba neng ba botsolodiwa ba ne ba bolela gore ba ne ba tlhakanela dikobo, mme ba ne ba dumalana gore ga ba itse kgang ya gore ba dire sengwe seo se ka ba thusang go thibela malwetsi kwa tlhogong go le kalo: eleng gore ba dirise dikhondomo.”
Pego eno gape e bolela jaana: “Metswedi e le mentsi ya tshedimosetso eo e ikanyegang ya pholo e bolela gore ba amegile ka gore, go sa kgathalesege tsela eo go buiwang thata ka yone malebana le go tlhakanela dikobo ka tsela e e babalesegileng, molaetsa ono ga o ame setlhopha sa batho seo se nnang le seabe mo go tlhakaneleng dikobo.” Dr. Noni MacDonald, ebong mankge wa malwetsi a a tshelanwang wa kwa Ottawa, o ne a bolela jaana: “Matsholo a le mantsi a thuto le a dikgang a gore go okediwe tiriso ya dikhondomo a iteile se fololetse ka tsela e e tlhabisang ditlhong.”
Maclean’s e ne ya oketsa jaana: “Fa go ne go dirwa patlisiso mo diyunibesithing di le 54 go ne ga fitlhelwa gore tharonneng ya baithuti ba ne ba setse ba kile ba tlhakanela dikobo. Mo e ka nnang sephatlo sa banna ba ne ba bolela gore ba ne ba na le balekane ba le batlhano kana go feta, mme nngwenneng ya bone ba ne ba bolela gore ba na le ba le 10 kana go feta. Mo gare ga basadi ba kholetšhe bao ba neng ba botsolodiwa, 30 lekgolong ya bone ba ne ba bolela gore ba ne ba ile ba tlhakanela dikobo le bobotlana batho ba le batlhano; mme 12 lekgolong ya bone ba ne ba bolela gore ba ne ba dira jalo le bobotlana banna ba le 10. Lefa go le jalo, dikhondomo di ne di sa ratwe ke ba le bantsi. . . . Bao ba neng ba le mo kotsing thata go feta ba bangwe e ne e le bone bao ba neng ba sa dirise dikhondomo go le kalo.”
A Go Ithutilwe Thuto Nngwe Malebana le Boitsholo?
Ba le bantsi ba gana go ithuta thuto nngwe malebana le maitsholo go tswa mo seo se diragalang. Dingaka dingwe di laela gore go fetolwe mekgwa, di kgothaletsa gore motho a nne le molekane a le mongwe fela le gore go dirisiwe dikhondomo gore o seka wa tsenwa ke AIDS. Mme ga ba kgale boitshwaro jo bo repileng. Alan Dershowitz, ebong moporofesara wa molao kwa Harvard, o ema mokgwa ono nokeng fa a akantsha gore babatlisisi ga ba tshwanela go belaela karolo ya maitsholo e e leng malebana le boitshwaro jwa go tlhakanela dikobo eo e fetisetsang AIDS mo go ba bangwe. O ne a bolela jaana: “Borasaense ba tshwanetse ba dira jaaka ekete bolwetsi jono bo tshelanwa ka boitshwaro jwa go nna fela o sa tlhakanele dikobo.”
Lefa go le jalo, makasine wa dikgang wa Fora ebong Le spectacle du monde o ikutlwa gore seno ga se a lekana. O ne wa bolela jaana: “Ga go na mokgwa ope wa go kgaratlha kgatlhanong le AIDS o o tla nnang le katlego kwantle ga fa o patilwe ke gore go boelwe kwa mofuteng wa mekgwa ya go itshwara ya maemo a a kwa godimo ka bonako, mo lefatsheng lotlhe, mme go dirwe jalo ka go ithatela. (Ga re a tshwanela go lebala gore go itirela boithatelo malebana le go tlhakanela dikobo, boaka, le go fetoga makgoba a diokobatsi ke tsone dilo tsa konokono tseo di dirwang ke batho tseo di dirang gore bolwetsi jono bo aname jaana.) Go boela gono kwa maitsholong a a siameng go ne go ka nna gone fela fa go tlhaga tsela e ntšha ya go itshwara. . . . maitsholo a a siameng ke selo se se nnileng teng ka ntlha ya kgopolo ya go direla dilo fela mo lefifing. Ereka re lebane le matshosetsi a AIDS, maitsholo a a siameng a tshwanetse a tlhalosiwa jaaka selo se se tlhokegang thata mo botshelong seo lotso la setho le se tlhokang gore lo tswele pele lo le teng.”
A go tshwanetse ga boelwa maitsholong a a siameng jaaka “selo se se tlhokegang thata mo botshelong”? A go fetolwa ga ditekanyetso tsa boitsholo go tshwanetse ga laolwa fela ke maemo? A melao yotlhe ya boitsholo e na le boleng jo bo tshwanang? A re ko re boneng gore ke dithuto dife tseo hisitori e ka re rutang tsone.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 5]
“BATHO GA BA BOELE KA MO GO FELETSENG KWA KGOPOLONG YA BO 1940 LE BO 1950 YA GO NYALA PELE GA LO TLHAKANELA DIKOBO”