LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 7/8 ts. 24-25
  • A Lefatshe Le Tlhoka go “Rerelwa ka Mokgwa O Mosha”?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Lefatshe Le Tlhoka go “Rerelwa ka Mokgwa O Mosha”?
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O “Mosha” ka Tsela Efe?
  • Lebaka la go Bo go Tla Pala
  • Go Rera Mafoko A A Molemo—Ka Tsela ya Bibela
  • Kereke ya Katoliki ya kwa Spain—Ke Ka Ntlhayang Fa e Tsogetswe ke Mathata?
    Tsogang!—1990
  • Kereke ya Katoliki mo Afrika
    Tsogang!—1995
  • Kereke ya Anglican kwa Australia—Ga E Seoposengwe
    Tsogang!—1993
  • Ke Eng fa Kereke e Latlhegelwa ke Taolo Jaana?
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 7/8 ts. 24-25

Kgopolo E E mo Bibeleng

A Lefatshe Le Tlhoka go “Rerelwa ka Mokgwa O Mosha”?

Ka mmegadikgang wa Tsogang! go tswa kwa Italy

DIPHETOGO tsa sepolotiki tse di ileng tsa diragala kwa Yuropa Botlhaba di ile tsa tsosolosa go kgatlhegela bodumedi gape. Gore ba tle ba dirise sebaka seno sentle sa go tsogologa semoyeng, Special Assembly for Europe of the Synod of Bishops e ne ya kopana kwa Vatican go tloga ka November 28 go ya go December 14, 1991. Botlhe ba ba 137 ba “Borara ba Senoto,” ba ba di gogang kwa pele mo go bueleleng botlhogo jwa Katoliki ya kwa Yuropa, ba ne ba kopana ka boikaelelo jwa “go rera ka mokgwa o mosha.”

Go tswa ka nako e senoto eo e neng ya itsisiwe ka yone ka April 22, 1990, kwa Velehrad, Czechoslovakia, e ne ya kaiwa e le tiragalo e e kgethegileng mo hisitoring. Lefa go le jalo, go thata go dumela gore senoto eo e atlegile fela thata, ereka RAI, lekgotla la kgaso ya thelebishene ya setšhaba la Italy, le ne la itsise ka December 14, 1991 gore: “Senoto e e kgobang marapo e khutlile.”

Ke ka ntlha yang fa senoto eo e ne e kgoba marapo? Gape, a gone Yuropa, kgotsa lone lefatshe ka bolone le tlhoka go “rerelwa ka mokgwa o mosha”?

O “Mosha” ka Tsela Efe?

Bagogi ba Katoliki ba akanya gore go rera ka mokgwa o mosha go a tlhokega ka gore seemo sa bodumedi se sesha. Fa a ne a bula kokoano eo, mokadinale Camillo Ruini o ne a sobokanya tsela eo a bonang seemo sa Yuropa ka teng. O ne a re kwa Botlhaba “dimilione di le dintsintsi ga di ise di kolobediwe le go kolobediwa mme ebile gape di itlhokomolosa dithuto tsa boammaaruri tsa motheo tsa tumelo ya Bokeresete.” Ka lebaka leno “go wa ga dipuso tsa Sekomanisi go bulela Kereke sebaka se segolo sa go rera.” Ka fa letlhakoreng le lengwe, seemo sa kwa Yuropa Botlhaba se bontsha se a ileng a se bitsa “go sa dumele Modimo mo go dirisiwang.” Ga go sa tlhole go tsewa gore lefoko la Kereke ya Katoliki ke boammaaruri jo bo tswang kwa Modimong.

Go kgatlhegela bodumedi ka bogone go tlisetsa bobishopo kgwetlho e nngwe gape. Ka tsela efe? Bobishopo ba Yuropa le ba Latin America ba tshwenyegile ka go golela pele ga makgotla a mangwe a bodumedi. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya gore kereke e latlhegetswe ke maemo a yone a a neng a sireletsegile ao e kileng ya bo e na le one, mme jaanong e lemoga fa jaanong e “tshosediwa ke bagaisani ka yone ba ba diphatsa.” Lekwalopaka la Ba-Jesuit le le bidiwang La Civiltà Cattolica le ile la re Basupi ba ga Jehofa ke bangwe ba bagaisani bano ka ntlha ya go bo “ba atlega mo go gapeng dipalo tse dintsi tsa Bakatoliki le Maporotesetanta.”

Mafoko a bofelo a senoto a “Maitlhomo” a ne a bolela gore mokgwa ono o mosha wa go rera ke thotloetso ya gore “mongwe le mongwe a batle medi ya gagwe ya Bokeresete.” Ke ka ntlha yang fa batho ba Yuropa ba tlhoka gore ba batle “medi ya bone ya Bokeresete”? Bobishopo ba boletse gore mekgwa ya Bokeresete ga e sa tlhole e tsewa gore e na le mosola. La Civiltà Cattolica e ne ya re, “Mo go ba le bantsi ba batho ba Yuropa ba ba kolobeditsweng,” bodumedi “ke selo sa bonyana, dipolelo tse di monate tsa bana tse bagolo kwantle ga pelaelo ba ka se keng ba di tseya tsia, jaaka ekete ke sengwe se se ka amang matshelo a bone ka tsela nngwe. . . . Bangwe ba batho ba Yuropa ba leba bodumedi jwa Bokeresete fela jaaka mainane, a ka tsela e e ntseng jalo a tla felang fa tlhabologo e ntse e tswelela . . . Mme gape go na le batho ba bangwe ba Yuropa ba ba tsayang bodumedi jwa Bokeresete jaaka selo se se diphatsa.”

Ka ntlha ya mabaka ano bobishopo ba bona go tlhokega gore go “rerwe ka mokgwa o mosha.”

Lebaka la go Bo go Tla Pala

Gore go “rerelwa ka mokgwa o mosha” ga Lefatshe le Legologolo go atlege, go tla tlhokega badiri ba bantsi fela thata. Mme lefa go le jalo, mangwe a mathata a magolo a a apesitseng kereke kwa Yuropa ke go tlhaela ga baruti. Mongwe wa bobishopo o ne a bontsha gore mo dingwageng tse 13 tse di fetileng, go ya ka diphopholetso tsa bosheng tsa Yuropa, palo ya baruti e ile ya fokotsega ka 9 lekgolong.

Bontsi bo tsaya senoto eo e le selo se se kgobang marapo ka ntlha ya gore go ne go na le dintlha di sekaenyana fela tse di ka dirisiwang “go busetsa Bokeresete gape” mo Yuropa. Bishopo wa Mofora ebong Joseph Duval o ne a kgothatsa kokoano eno ya senoto jaana: “Re tshwanetse go tila dipolelo tsa thero tse di senang lepele le morago . . . Rotlhe re bua fela jaaka banna ba ba ithutetseng molao. Ekete molaetsa wa rona o ka boa wa nna o o motlhofo wa thero.”

Ke bobishopo ba sekae fela ba ba ileng ba umaka mokgwa wa go rerela batho o o neng o dirisiwa ke baaposetoloi. Ka sekai, Bishopo František Tondra wa Spiš, Federal Republic ya Czech le Slovak o ile a re: “Mo go rereleng Yuropa ka mokgwa o mosha re tshwanetse go boela kwa mokgweng wa kwa tshimologong wa go rera. . . . Bakeresete ba ntlha, ka bonako fela morago ga gore ba kolobediwe, ba ne ba lemoga fa e le boikarabelo jwa bone gore ba anamise Mafoko a a Molemo.

Go Rera Mafoko A A Molemo—Ka Tsela ya Bibela

A Bakeresete botlhe ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le bareri ba mafoko a a molemo? Ee! Buka e go tweng Evangelism in the Early Church, e e kwadilweng ke Michael Green, Oxford, Engelane, e bolela jaana: “Sengwe sa dilo tse di neng di tlhomologile thata mo tirong ya go rera mafoko a a molemo mo malatsing a pele e ne e le batho ba ba neng ba e dira. . . . Go rera mafoko a a molemo e ne e le selo sa ntlhantlha le maikarabelo a pele a leloko lengwe le lengwe la Kereke. . . . Bokeresete e ne e le mokgatlho wa batho fela ka tsela e e tlhomologileng, bo anamisiwa ka ditiro tsa borongwa go sa latelwe mokgwa o o rileng wa semolao mo go tsone.”

Lefoko “moefangele” le raya “moreri wa mafoko a a molemo,” mme se Keresete Jesu a ileng a se bua kaga go rera mafoko a a molemo se ne se tshwanetse gore se dirwe ke balatedi botlhe ba gagwe: “Mafoko ano a a molemo [efangele] a bogosi a tla itsisiwe mo lefatsheng lotlhe jaaka bosupi mo merafeng. Mme ke gone bokhutlo bo tla tlang.” (Mathaio 24:14, The New Jerusalem Bible) Ka jalo, tiro e kgolo go gaisa tsotlhe ya go rera mafoko a a molemo e e tshwanetseng go dirwa e tshwanetse go dirwa mo “metlheñ ea bohèlō.”—Daniele 12:4.

Mo ngwageng o o fetileng, Basupi ba ga Jehofa, ba jaanong ba fetang dimilione tse nnè, ba ile ba dirisa diura tse di ka tshwarang bilione mo tirong ya go rera mafoko a a molemo mo mafatsheng a le 211, go kopanyeletsa le Yuropa Botlhaba. Ba ne ba rera mafoko afe a a molemo? Mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le poloko ka tumelo mo go Jesu Keresete. (2 Timotheo 1:9, 10) Molaetsa ono ke one o lefatshe le o tlhokang gone jaanong—pele ga bokhutlo bo tla.—Mathaio 24:3, 14.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Jesus Preaching at the Sea of Galilee, by Gustave Doré

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela