Tlhalo—Selo se Mafatshe a Botlhaba a se Kwataboloditseng mo go a Bophirima
Ka mmegadikgang wa Tsogang! kwa Japane
“MMA LE nna ke latlhele kwa tirong.” Mafoko ano a ne a gakgamatsa mookamedi wa lephata la khampani nngwe ya kgwebo e tona ya kwa Japane yo o neng a batla go tlogela tiro. Mosadi wa gagwe o ne a batla go tlogela go nna molekane wa gagwe le mmalelapa. Lefatshe la bone le na le mathata a koketsego ya tlhalo, eo ka tsela e e gakgamatsang, go bonalang e tlhasetse batho ba dingwaga tsa bogare le ba batona. Mo go ba ba nang le dingwaga tse 50 le sengwe le 60 le sengwe, palo ya tlhalo e menagane gararo mo dingwageng di le 20. Go itshomola mo manyalong a bone go lebega e le sone sebaka sa bone sa go tshega le go tlhonama sa go bona boitumelo.
Ka fa letlhakoreng le lengwe, banyalani ba basha ba ba ileng ba tlholana meno mme ba bona gore ga ba kake ba tshela mmogo ka nako ya hanimune ba swetsa ka go dira Narita rikon (tlhalo ya Narita). Narita ke lebala la difofane la meraferafe la Tokyo, mme mafoko ao a tlhalosa banyalani ba ba sa tswang go nyalana ba ba laelanang le go tlhalana fa ba goroga kwa Narita. Mme ebile, mo manyalong a le 4 kana 5 le le 1 le felela ka tlhalo kwa Japane. Ba tsaya tlhalo e le kgoro ya go itumelela botshelo.
Le kwa Hong Kong tota, kwa mekgwa ya Setšhaena ya bogologolo e santseng e nonofile teng, palo ya go tlhala e e ile ya menagana sebedi mo dingwageng tse thataro magareng a 1981 le 1987. Kwa Singapore, tlhalo mo Mamoselemeng le mo bathong ba eseng Mamoseleme e ne ya gola mo e ka nnang 70 lekgolong magareng a 1980 le 1988.
Ke boammaaruri gore, kwa Botlhaba maikutlo a basadi a ne a ntse a sa tsewe tsia ka lobaka lo loleele. Ka sekai, kwa Japane bogologolo, monna o ne a ka tlhala mosadi wa gagwe ka go kwala “mela e le meraro le sephatlo fela.” Se a neng a tlhoka go se dira fela e ne e le gore a kwale molaetsa wa mela e le meraro le sephatlo fela go tlhomamisa gore ka boammaaruri o a tlhala mme a bo a neela mosadi wa gagwe sekgethenyana seo sa pampiri. Ka fa letlhakoreng le lengwe, mosadi wa gagwe ene o ne a sena tsela e e motlhofo ya go tlhala fa e se gore a tshabele kwa tempeleng e e neng e le botshabelo jwa basadi ba ba neng ba tshaba banna ba bone ba ba dikgoka. Ka ntlha ya go tlhoka tsela ya go itshedisa, basadi ba ne ba tshwanetse go itshokela manyalo a go neng go sena lorato mo go one tota le go ntsha dinyatsi ga banna ba bone.
Mo motlheng ono, banna ba le bantsi ba ba tsenyeng ka tlhogo mo ditirong tsa bone ba tlhokomologa malapa a bone gotlhelele. Ga ba bone phoso epe ka go tshelela khampani ya bone. Ka ntlha ya boineelo jo bo ntseng jalo, ba tlhokomologa botlhokwa jwa go buisana le basadi ba bone mme ba ba tsaya fela jaaka diberekela tse di sa duelweng tse di ba apee-lang, di ba phepafaletsa, le go ba tlhatswetsa diaparo.
Mme legale, go tshelesegela ga megopolo ya Bophirima go fetola mokgwa o basadi ba Botlhaba ba lebang lenyalo le botshelo jwa fa o nyetswe ka gone. Asia Magazine e bolela gore, “Go phepafetse gore ‘go gololesega’ ga basadi ke sone selo se le sosi se segolo se se bakang go golela pele ga tlhalo mo Asia.” Anthony Yeo, yo e leng mookamedi wa Lekala la Kgakololo le Tlhokomelo la Singapore, o ne a re: “Basadi ba setse ba batla ditshwanelo tsa bone ba sa bonye le go batla go tshwarwa jaaka batho. Ga ba sa tlhole ba ikemiseditse go swa senku. Basadi ba malatsing ano ba na le diphatlha di le dintsi mme ga ba na bopelotelele jwa go itshokela go tlhorontshiwa le go tshwarwa makgwakgwa. Mme go tlhala ke kgoro e e bulegetseng botlhe ba ba sa itumedisiweng ke manyalo a bone, bogolo jang ka jaana go tlhala e sa tlhole e le selo se se kgwiwang mathe jaaka go ne go ntse mo dingwageng tse 25 tse di fetileng.”
Mafatshe a Bophirima le one a ile a nna le diphetogo tse dikgolo mo kwatareng ya lekgolo la dingwaga e e fetileng. Samuel H. Preston o ne a bitsa phetogo eo a re ke “thoromo ya lefatshe e e ileng ya tlhakatlhakanya lelapa la Seamerika mo dingwageng tse 20 tse di fetileng.” Ka 1985 malapa a a ka tshwarang kwatara ya magae otlhe a go nang le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga 18 e ne e le a motsadi yo o senang molekane, mme gantsi e le ka ntlha ya tlhalo. Go fopholediwa gore 60 lekgolong ya bana ba ba tshotsweng ka 1984 ba ka nna ba nna mo legaeng la motsadi yo o senang molekane pele ga ba tshwara dingwaga tse 18.
Fa jaaka lenyalo le koafala, a tlhalo tota ke yone kgoro ya go itumelela botshelo? Go bona karabo a pele re boneng gore go tlile jang gore batho ba tseye gore tlhalo ke yone kgoro ya botso mo mathateng a malapa a bone.
[Lebokoso mo go tsebe 4]
Leungo la “Go Nna Mmogo Ekete lo Tlhalanye”
MO GODIMO ga palo ya ditlhalo tse di diregang go na le tse di “bobileng.” Kwa Japane, koo basadi ba le bantsi ba sa ntseng ba ikaegile thata ka banna go oba letsogo le go nna ka fa tlase ga ngwao e go utlwiwang fela ka banna, banyalani ba ka nna ba nna mmogo ka meno a matelele mo thulaganyong e e bidiwang “go nna mmogo ekete lo tlhalanye.” Mo maemong a a ntseng jalo, basadi ba na le go dirisetsa maatla a bone otlhe mo go godiseng bana. Bommè bano gantsi ba sireletsa bana ba bone thata, mme ba dira gore bana ba bone ba tsoge ba palelwa ke go itshelatshelela.
Ka ntlha ya seo, fa barwa bao ba ba neng ba tshwerwe jaaka mae ba gola ba bo ba nyala, bontsi jwa bone bo bolaiwa ke “bolwetsi jwa senkgome.” Barwa bao ga ba ke ba bo ba kgoma basadi ba bone go ba bontsha lorato, le morago ga go nyalana ka dingwaga di le dintsi. Ba bolawa ke se se ileng sa bidiwa mathata a “Ke rata Mme” mme gantsi ba a bo ba nyetse fela ka go bo bommaabo ba ba reile ba re ba nyale. Go ya ka Asahi Evening News, Dr. Yasushi Narabayashi, yo eleng mankge mo go tsa kgakololo mabapi le lenyalo, a re mathata ao a ntse a gola mo dingwageng tse di lesome le gore go na le banna ba le dikete tse di masome ba ba tshabang go kopa thuso ka ntlha ya go tlhabiwa ke ditlhong.