Go Rapelelwa Kagiso fa Batho ba Santse ba Gakologelwa Ntwa
KA November 1994, Mopapa John Paul II o ne a rulaganya gore go nne le kopano e e akaretsang ditumelo tse dintsi tse di farologaneng kwa Vatican. Selo se segolo se se neng se dirwa koo e ne e le go rapelela kagiso ya lefatshe. “Go sa kgathalasege dikgotlhang tse re kileng ra nna le tsone mo nakong e e fetileng, tota le tsa gone jaanong, ke maikarabelo a rona rotlhe gore re dire gore bodumedi bo itsege botoka, bo itsege ka kagiso.”
Go farologana le seo, ditumelo tsa lefatshe leno di itsege ka tsela e e maswe mo ntlheng eo. William Vendley yo e neng e le mokwaledikakaretso wa konferense eo o ne a bolela gore “bodumedi bo na le seabe se segolo thata mo dintweng mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe.” Akanya fela ka dipolao tse di setlhogo tsa kwa Rwanda, naga e bontsi jwa baagi ba yone e leng ba Roma Katoliki.
Ka May 1994, Mopapa John Paul II o ne a dumela gore masetlapelo ao a kwa Rwanda ke “go gailana ga mmatota, go ka maswabi, Bakatoliki ba nnang le seabe.” A go nna le seabe jalo ga Katoliki go ile ga ama tumelo ya batho mo kerekeng eo? André Bouillot yo e leng Mo-Jesuit wa kwa Belgium o ne a bolela gore “polao eo ya kgailo e ile ya ama tumelo ya batho ba le bantsi.” Mme seo e nnile ka mabaka a a utlwalang.
Go ya ka pego ya Reuters e e neng ya phasaladiwa mo Herald ya Miami, “gareng ga magolegwa a le 40 000 a Bahutu ba ba letetseng go tla go sekisediwa ditiro tseo tsa polao e e setlhogo, go na le baruti, bapasetoro le baitlami.” The New York Times e ne ya bega jaana: “Bontsi jwa batho ba Rwanda ba bolela gore bobishopo le bobishopobagolo ba bone ba ile ba nna bonya kana ba ne ba se ka ba gagamalela go kgala dipolao tseo le gore ba ne ba tsalane thata le Puso ya ga Habyarimana e e neng ya thusa go katisa babolai. Bobotlana Puso e bontsi jwa yone e leng Batutsi e setse e tshwere moruti a le mongwe yo o latofalediwang go nna le seabe mo dipolaong tseo tse di setlhogo.” Times e oketsa ka gore, ga go gakgamatse go bo “Puso e ntšha e bolela gore ga e tlhole e batla Kereke ya Katoliki e laola dilo thata jaaka pele, mme e bile masole a ile a kgadiepetsa a bo a dira matshosetsi a go tshwara baruti ba ba buang thata le ba ba itaolang thata.”
Jehofa Modimo o leba jang dithapelo tsa kagiso tsa badumedi ba ba nang le molato wa madi? Isaia 1:15 e araba jaana: “E tlaa re lo huporolola diatla tsa lona ke tlaa lo ipipela matlho; ee, e tlaa re lo dira merapelo e le mentsi, ga nketla ke utlwa; diatla tsa lona di tladikilwe madi thata.”
Batlhanka ba boammaaruri ba ga Jehofa bone “ga se ba lefatshe” e bile ga ba nne le seabe mo dintweng tsa lone. Ka nako ya polao eo ya kgailo kwa Rwanda, Basupi ba ga Jehofa ba morafe mongwe le mongwe ba ne ba fitlha Basupi ba morafe o mongwe ba ba neng ba tshosediwa mo matlong a bone, ka go dira jalo ba ba sireletsa ka go baya matshelo a bone mo kotsing. “Boidiidi jo bogolo” jwa Basupi ba ba tswang mo merafeng e e farologaneng mo lefatsheng lotlhe, ba rapelela Bogosi jwa Modimo fela e bile ba bolela fa e le jone fela jo bo ka lereng kagiso ya mmatota le polokesego.—Johane 17:14; Tshenolo 7:9; Mathaio 6:9, 10; 24:14.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]
Luc Delahaye/Sipa Press