LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 1/8 ts. 13-15
  • Nka Kgona Jang Ke se Na Batsadi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Kgona Jang Ke se Na Batsadi?
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Ke Tla Tlhokomelwa ke Mang?’
  • Boikarabelo Jwa Lelapa
  • Go Itlamela
  • Go Lebana le Kgwetlho
  • Ke Ka Tlhomela Jang Bonnake ba Basimane le ba Basetsana Sekao?
    Tsogang!—1991
  • Go Supa Poifomodimo Mo Batsading ba ba Godileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ke Eng fa ke Tshwanetse go Nna Ke se Na Batsadi?
    Tsogang!—1998
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse Ka Nna Ngwana Wa Gofejane?
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 1/8 ts. 13-15

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Kgona Jang Ke se Na Batsadi?

“Fa ke ne ke na le dingwaga di le tharo fela mme kgaitsadiake a na le dingwaga di le nnè, batsadi ba me ba ne ba tlhalana. Ba ne ba isa kgang ya gore re tlile go tlhokomelwa ke mang kwa kgotlatshekelong, mme ga felela re neetswe mmè. Le fa go ntse jalo, fa ke ne ke na le dingwaga di le supa, nna le kgaitsadiake re ne ra swetsa ka gore re ya go nna le rre.”—Horacio.

DINGWAGA di sekae moragonyana, rraagwe Horacio le kgarebe ya gagwe e a neng a nna le yone ba ne ba tsamaya—ba latlha Horacio le kgaitsadie. Horacio o gakologelwa jaana: “Ke gone ka moo e neng ya re ke le dingwaga di le 18, ke neng ka nna tlhogo ya lelapa le le akaretsang kgaitsadiake wa dingwaga tse 19, kgaitsadiake ka rre wa dingwaga di le 12—yo o neng a batla go sala le rona—le nna.”

Jaaka setlhogo se se fetileng se bontshitse, dimilione tsa basha mo lefatsheng lotlhe ba iphitlhela ba se na batsadi.a Fela jaaka Horacio, basha bangwe ba ile ba latlhiwa. Le fa go ntse jalo ba bangwe ba latlhegetswe ke batsadi ba bone ka loso kana ba kgaogantswe le bone ka dintwa kana masetlapelo a tlholego. Go sa kgathalesege gore e ka tswa e le ka seemo sefe, go nna o se na batsadi go ka nna boima e bile go ngomola pelo. Mme go ka go tlogela ka maikarabelo a a seng kana ka sepe.

‘Ke Tla Tlhokomelwa ke Mang?’

Gore o tla kgona go le kana kang go ikaegile ka dingwaga tsa gago le maemo a gago. Ga go belaetse gore seemo se ka nna boima thata fa o sa ntse o le ngwana kana o le mo dingwageng tsa bolesome. Le fa go ntse jalo, e ka tswa e le gore ga o a tlogelwa o le nosi gotlhelele. Gongwe malomaago, rakgadiago, kana mongwe wa bomogoloo a ka rata go nna le wena.

Basupi ba ga Jehofa ba tsaya go tlhokomela masiela le batlholagadi e le karolo ya kobamelo ya bone. (Jakobe 1:27; 2:15-17) Mme gantsi, batho ba ba mo phuthegong ba tla thusa. Ka sekai, Horacio le bokgaitsadie ba ne ba ithutile Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme ba ne ba nna gone kwa dipokanong tsa bone. Ke gone koo ba neng ba kopana le lelapa lengwe la Bakeresete le le neng la simolola go ba thusa. “A bo ke leboga Jehofa jang ne go bo a ile a re kaela le go re tlhokomela ka tsela e e lorato letsatsi le letsatsi!” Horacio o bolela jalo. “Re nnile le lesego la go thusiwa ke lelapa lengwe le le nonofileng mo semoyeng mo phuthegong le le neng le na le basha ba ba lekanang le rona. Go ne go ntse jaaka e kete ba re tsere jaaka bana ba bone, mme ka jalo, go feta le e leng pele, re ne ra ikutlwa gore re karolo ya lelapa, le re neng re ka ya kwa go lone fa re tlhoka thuso.”

Le fa go ntse jalo, ga se basha botlhe ba ba nnang lesego jalo. Pego nngwe ya lekgotla la United Nations Children’s Fund e bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe bana ba ba se nang batlhokomedi ba neelwa malapa a a ba sotlang, a a ba pateletsang go bereka ba sa duelwe kana ba ba tima sebaka sa go gatela pele, a a ba dirisang go nna diaka kana a ba dira makgoba.” Ka jalo o leboge fa o na le mongwe yo o go tlhokomelang sentle.

Ke boammaaruri gore o ikutlwa o latlhegetswe thata fa o se na batsadi. Mme ka tlholego fela o ka nna wa galefela go bo o se na bone go go tlhokomela. Go bolelelwa ke mongwe wa losika kana mogoloo se o tshwanetseng go se dira go ka nna ga go galefisa le go feta. Mme o se ka wa galefela ba ba lekang go go tlhokomela. Baebele e bolela jaana: “Go na le bogale, o itise gore o se ka wa timediwa ke boikgantsho jwa [ditiro tsa] gago . . . O itise, o se ka wa tlhokomela boikepo.” (Jobe 36:18, 21) Gakologelwa mosadi mongwe yo mmotlana mo Baebeleng yo o neng a bidiwa Esethere. E re ka e ne e le lesiela, o ne a godisiwa ke ntsalae yo mogolo e bong Moredekai. Le mororo e ne e se motsadi wa gagwe wa tlholego, Moredekai ‘o ne a mo neela taelo,’ e a neng a e utlwa, tota le fa a ne a godile! (Esethere 2:7, 15, 20) Leka go nna kutlo le go dirisana mmogo le bone. Seo se tla go thusa go fokotsa kgatelelo le go tlhofofaletsa mongwe le mongwe yo o amegang botshelo.

Boikarabelo Jwa Lelapa

Fa o na le mogoloo—kana fa wena o setse o godile—gongwe go ka nna ga kgonega gore wena le bomogoloo le bomonnao lo nne mmogo lo le losi. Gongwe go ka nna ga diragala gore e nne wena tlhogo ya lelapa—mo go lebegang e le boikarabelo jo bo boima! Le fa go ntse jalo, mo maemong a a ntseng jalo basha ba le bantsi ba ile ba dira tiro e ntle ya go godisa bomonnaabone.

Go a utlwala gore o ka nna wa ikutlwa o galefile. Go akanya ka ntlha ya gore o rata barwarrago le bokgaitsadio le gore o a ba tlhokomela go ka go thusa gore o lebe dilo ka tsela e e siameng. Gape go ka go thusa fa o leba go ba tlhokomela e le tiro e o e neetsweng ke Modimo. Mo godimo ga moo, Bakeresete ba laelwa go tlhokomela ba malapa a bone. (1 Timotheo 5:8) Mme le fa o ka leka ka thata jang go nna rre kana mmè wa bomonnao, tota o ka se nne motsadi wa bone.

Go tla bo go sa utlwale go lebelela gore bomonnao ba go utlwe ka tsela e ba neng ba utlwa batsadi ba lona ka yone. Tota e bile, go ka nna ga ba tsaya nako gore ba amogele seemo le go go tsaya tsia. Ka jalo fa nako eo e ise e tle, leka gore o se ka wa kgobega marapo. Tila “bogalaka jotlhe jwa bopeloetlhoi le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgojwa.” Ka sekao sa gago, ruta bomonnao go ‘nna pelonomi mo go yo mongwe, go nna pelotlhomogi ka ketleetso, go itshwarelana ba gololesegile.’—Baefeso 4:31, 32.

Horacio o dumela gore o dirile diphoso: “Ka dinako tse dingwe ke ne ke gagamaletsa bokgaitsadiake dilo. Mme go ne go ba sireletsa go ya bokgakaleng jo bo rileng, mme re ne re itshwara sentle mo matlhong a ga Jehofa.”

Go Itlamela

Fa lo se na batsadi ba ba lo tlhokomelang, ga go na pelaelo gore lo tla tshwenyega thata ka go itlamela ka dilo tse di bonalang. Gongwe maloko mangwe a a godileng a phuthego ya Bokeresete a ka go thusa mmogo le bomonnao, fa o na le bone, go ithuta go apaya, go phepafatsa le go dira ditiro tse dingwe tsa mo gae tse jaanong o tshwanetseng go di dira. Mme lo tla dirang gore lo bone madi? Gongwe o tla tshwanelwa ke go leka go batla tiro.

Le fa go ntse jalo, basha ba ba sa rutegang thata, ba ba se nang boitemogelo, kana ba ba se nang ditshwanelego tsa tiro e e rileng ga go motlhofo gore ba bone ditiro. Ka jalo fa go kgonega gore o fetse thuto ya gago ya motheo—kana go ithapisa mo go oketsegileng go bona tiro—go botlhale go dira jalo. Horacio o gakologelwa jaana: “Nna le kgaitsadiake re ne re bereka mme re duelela go tsena ga me le ga morwadiarre sekolo.” Fa o nna mo nageng e e tlhabologang, o ka nna wa tlhoka go dirisa kitso e o nang le yone go batla tiro.—Bona setlhogo se se reng “Go Itirela Ditiro mo Dinageng Tse Di Tlhabologang,” mo makasineng wa Tsogang! ya November 8, 1994.

Mo dinageng tse di itsholetseng thata, go ka nna ga kgonega go thusiwa ke goromente ka madi. Ka dinako tse dingwe, go na le mekgatlho mengwe ya goromente le e e seng ya goromente e e ratang go thusa bana ba ba se nang batsadi kana ba ba latlhilweng. Ka sekai, mekgatlho mengwe e ka go thusa gore o bone dijo kana lefelo le o ka nnang mo go lone. Ke boammaaruri gore madi a o ka thusiwang ka one a tshwanetse go dirisiwa ka botlhale. Baebele e bolela jaana: “Madi [ke] phemelo.” (Moreri 7:12) Mme go botoka fa o itse go lekanyetsa madi le go a dirisa sentle ka gore, madi a ka ‘itirela diphuka ka bonako mme a fofe.’—Diane 23:4, 5.

Go itlamela ka dilo tse di bonalang e ka se nne kgangkgolo fa e le gore go na le motho yo o godileng yo o go tlhokomelang. Le fa go ntse jalo, mo isagweng go tla tla nako ya gore o tlhoke go itlamela. E re ka o se na batsadi ba ba ka go kgothatsang mo dithutong tsa sekolo, go ka tlhoka boiteko jwa mmatota gore o tlhome mogopolo mo dithutong tsa gago. Kgakololo ya moaposetoloi wa Mokeresete Paulo e a neng a e neela Timotheo malebana le go gatela pele mo semoyeng e ka dirisiwa gape mo dithutong tsa gago tsa sekolo: “Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege.” (1 Timotheo 4:15) Ka go dira jalo, o tla bo o beela ba o nnang le bone sekao se se molemo mme le wena o tla solegelwa molemo.

Se se botlhokwatlhokwa, go tlhokega gore o itlamele mo semoyeng. Leka go dira thulaganyo e e tlhomameng ya ditiro tsa semoya. (Bafilipi 3:16) Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa ba tlwaetse go buisana ka temana ya Baebele letsatsi le letsatsi ba le lelapa. Ke eng o sa tsenye seno mo thulaganyong ya gago? Thulaganyo ya thuto ya Baebele le go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete e tla go thusa gore o nonofe mo semoyeng.—Bahebera 10:24, 25.

Go Lebana le Kgwetlho

Go nna o se na batsadi go boima, mme seo ga se bolele gore botshelo jwa gago bo tla nna lotobo fela. Paola wa dingwaga tse 20 o ne a swelwa ke mmaagwe a na le dingwaga di le thataro fela. Rraagwe o ne a tlhokafala fa a na le dingwaga di le lesome. Mosadi mongwe yo o pelonomi o ne a nna le ene le bomorwadiarraagwe ba le banè. A botshelo jwa gagwe bo ne bo tlhomola pelo thata? Nnyaa. Paola o bolela jaana: “Re ka tswa re se lelapa le le tlwaelegileng, mme gone re tshela botshelo jo bo tlwaelegileng. Tota e bile, lorato lo re ratanang ka lone lo feta lwa malapa a mangwe a mantsi.”

Mogolowe Paola e bong Irene o oketsa jaana: “Tota le fa re se na batsadi, re sa ntse re tshwana le basha ba bangwe.” O gakolola ba bangwe jang ba ba mo seemong seno? “O se ka wa akanya gore o latlhegile.” Horacio le ene o bolela jaana: “Seemo seno se ne sa ntira gore ke gole ka bonako.”

Go latlhegelwa ke batsadi ke sengwe sa dilo tse di botlhoko thata. Le fa go le jalo, tlhomamisega gore Jehofa o tla go thusa gore o itshoke le go go neela masego a gagwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Eng fa ke Tshwanetse go Nna Ke se Na Batsadi?,” mo makasineng wa Tsogang! ya December 8, 1998.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

O ka thusiwa ke bagolwane ba Bakeresete

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela