LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rq thuto 14 ts. 28-29
  • Tsela e Basupi ba ga Jehofa ba Rulagantsweng ka Yone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela e Basupi ba ga Jehofa ba Rulagantsweng ka Yone
  • Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A na Le Phuthego?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Dipokano Tsa Kobamelo, Tse di Layang, le Tse di Kgothatsang
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A na Le Phuthego?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Ditshenyegelo tsa Yone di Duelelwa Jang?
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Modimo o Batla Gore re Direng?
rq thuto 14 ts. 28-29

Thuto 14

Tsela e Basupi ba ga Jehofa ba Rulagantsweng ka Yone

Basupi ba ga Jehofa ba simolotse leng mo metlheng ya segompieno? (1)

Dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa di tshwarwa jang? (2)

Ditshenyegelo di duelelwa jang? (3)

Ke mang yo o etelelang pele mo phuthegong nngwe le nngwe? (4)

Ke dikokoano dife tse di kgolwane tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga? (5)

Go dirwa tiro efe kwa ntlokgolo le kwa diofising tsa bone tsa makala? (6)

1. Mo metlheng eno ya segompieno, Basupi ba ga Jehofa ba simolotse ka bo1870. Kwa tshimologong ba ne ba bidiwa Baithuti ba Baebele. Mme ka 1931 ba ne ba amogela leina le le thailweng mo Dikwalong la Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10) Ba ne ba simolola palo ya bone e le nnye mo mokgatlhong wa bone mme ba oketsega go nna Basupi ba ba dimilione, ba ba rerang mo dinageng tse di fetang 230.

2. Bontsi jwa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di nna le dipokano gararo ka beke. O lalediwa gore o nne teng mo go epe fela ya tsone. (Bahebere 10:24, 25) Se se rutiwang se thailwe mo Baebeleng. Dipokano di simololwa ka thapelo e bile di konelwa ka thapelo. Mme gape mo dipokanong tse dintsi go opelwa “dipina tsa semowa” di opelwa go tswa pelong. (Baefeso 5:18, 19) Go tsenwa mahala mme ga go kopiwe dikoleke.—Mathaio 10:8.

3. Diphuthego tse dintsi di tshwarela dipokano mo Holong ya Bogosi. Diholo tseno gantsi ke meago e e tlwaelegileng fela e e agiwang ke baithaopi ba Basupi. O ka se ka wa bona ditshwantsho, difapaano, kana dilo tse di ntseng jalo mo Holong ya Bogosi. Ditshenyegelo di duelelwa ka madi a meneelo. Go na le lebokoso la meneelo gore batho ba ba batlang go ntsha meneelo ba e tsenye mo teng.—2 Bakorinthe 9:7.

4. Mo phuthegong nngwe le nngwe go na le bagolwane, kana balebedi. Ba etelela pele ka go ruta mo phuthegong. (1 Timotheo 3:1-7; 5:17) Ba thusiwa ke batlhanka ba bodiredi. (1 Timotheo 3:8-10, 12, 13) Banna bano ga ba tlotlomadiwe go feta batho ba bangwe mo phuthegong. (2 Bakorinthe 1:24) Ga ba bidiwe ka direto tse di kgethegileng. (Mathaio 23:8-10) Ga ba apare ka tsela e e farologaneng le ya ba bangwe. E bile ga ba duelelwe tiro e ba e dirang. Bagolwane ba thusa phuthego ka dilo tse e di tlhokang semoyeng ka go rata. Ba e gomotsa le go e kaela fa go na le mathata.—Jakobe 5:14-16; 1 Petere 5:2, 3.

5. Basupi ba ga Jehofa gape ba tshwara dikopano tse di potlana le tse dikgolo ngwaga le ngwaga. Ka dinako tseno diphuthego tse dintsi di phuthega go nna teng mo thulaganyong e e kgethegileng ya thuto ya Baebele. Go kolobediwa barutwa ba basha ka metlha kwa thulaganyong nngwe le nngwe ya kopano e nnye kana e kgolo.—Mathaio 3:13-17; 28:19, 20.

6. Ntlokgolo ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa e kwa New York. Ke koo Setlhopha se se Laolang, setlhopha sa bagolwane ba ba nang le maitemogelo se se okamelang tiro ya phuthego ya lefatshe lotlhe se leng gone. Mme gape go na le diofisi tsa makala tse di fetang 100 mo lefatsheng lotlhe. Mo mafelong ano, go na le baithaopi ba ba thusang go gatisa le go romela dikgatiso tsa Baebele. Mme gape kaelo ya go rulaganya tiro ya go rera e newa go tswa fano. Ke eng o sa rulaganye go etela ofisi ya lekala e e gaufi le kwa o nnang teng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela