Poeletso ya Karolo 4
Tlotla ka dipotso tse di latelang le motho yo o go rutang:
Bala Diane 13:20.
Goreng go le botlhokwa gore o tlhophe ditsala ka botlhale?
(Bona Thuto 48.)
Ke kgakololo efe ya Baebele e e ka go thusang fa e le gore . . .
o monna yo o nyetseng kgotsa o mosadi yo o nyetsweng?
o motsadi kgotsa o ngwana?
Ke tsela efe ya go bua e e itumedisang Jehofa? Ke tsela efe ya go bua e e sa mo itumediseng?
(Bona Thuto 51.)
Ke melaometheo efe ya Baebele e e ka go thusang go dira ditshwetso tse di siameng malebana le tsela e o aparang le e o ipaakanyang ka yone?
(Bona Thuto 52.)
O ka tlhopha jang boitlosobodutu jo bo itumedisang Jehofa?
(Bona Thuto 53.)
Bala Mathaio 24:45-47.
“Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ke mang?
(Bona Thuto 54.)
O ka dirisa jang nako, maatla le dilo tse o nang le tsone go thusa phuthego?
(Bona Thuto 55.)
Bala Pesalema 133:1.
Ke dilo dife tse o ka di dirang gore go nne le kutlwano mo phuthegong?
(Bona Thuto 56.)
Re ka amogela thuso ya ga Jehofa jang fa re dirile boleo jo bo masisi?
(Bona Thuto 57.)
Bala 1 Ditiragalo 28:9 le ntlha e e kwa tlase.
O ka bontsha jang gore ‘o ineetse ka botlalo’ mo go Jehofa fa ba bangwe ba ganetsa kobamelo ya boammaaruri kgotsa ba tlogela boammaaruri?
Fa o batla go tswelela o ikanyega mo go Jehofa le go ikgaoganya le bodumedi jwa maaka, a o tlhoka go dira diphetogo dingwe?
(Bona Thuto 58.)
O ka ipaakanyetsa jang go bogisiwa?
(Bona Thuto 59.)
O ikaeletse go dira eng gore o tswelele o tiisa botsala jwa gago le Jehofa?
(Bona Thuto 60.)