Poeletso ya Karolo 3
Tlotla ka dipotso tse di latelang le motho yo o go rutang:
Bala Diane 27:11.
Goreng o batla go ikanyega mo go Jehofa?
(Bona Thuto 34.)
Ke eng se se ka go thusang gore o dire ditshwetso tse di siameng le fa go se na taelo e e tlhamaletseng ya Baebele?
(Bona Thuto 35.)
O ka bontsha jang gore o ikanyega mo dilong tsotlhe?
(Bona Thuto 36.)
Bala Mathaio 6:33.
O ka bontsha jang gore ‘o batla Bogosi pele’ fa go tliwa mo dikgannyeng tsa tiro le madi?
(Bona Thuto 37.)
O ka bontsha ka ditsela dife gore o tlotla botshelo fela jaaka Jehofa a bo tlotla?
(Bona Thuto 38.)
Bala Ditiro 15:29.
O ka bontsha jang gore o ikobela taelo ya ga Jehofa e e amanang le madi?
A o akanya gore melao ya gagwe e a utlwala?
(Bona Thuto 39.)
Bala 2 Bakorintha 7:1.
Go nna phepa mo mmeleng le mo boitsholong go kaya eng?
(Bona Thuto 40.)
Bala 1 Bakorintha 6:9, 10.
Baebele e a reng ka tlhakanelodikobo? A o dumalana le se e se buang?
Baebele e a reng ka go dirisa bojalwa?
Bala Mathaio 19:4-6, 9.
Modimo o leba lenyalo jang?
Goreng motho a tshwanetse go ikwadisa semolao fa a nyala kgotsa a tlhala?
(Bona Thuto 42.)
Ke meletlo efe le malatsi a boikhutso a a sa itumediseng Jehofa, mme ka ntlha ya eng?
(Bona Thuto 44.)
Bala Johane 17:16 le Ditiro 5:29.
O ka bontsha jang gore ga o tseye letlhakore?
Fa molao wa dipuso tsa batho o sa dumalane le molao wa Modimo, o tla dira eng?
(Bona Thuto 45.)
Bala Mareko 12:30.
O ka bontsha Jehofa jang gore o a mo rata?