Bosaitseweng—Babelona o Mogolo wa Seaka ke Mang?
MOSADI, seaka se se makgapha, yoo a ileng a tlhotlheletsa matshelo a le dikete tsa dimilione tsa batho, o a bolawa, o bolawa semolao. Mme seno ga se polao e e tlwaelegileng fela. Ke eng fa a farologane? Mmolai ke phologolo, sebatana sa nags, se se mo apolang, se ja nama ya gagwe, mme go tswa foo se ba se tlogelela masalela a gagwe go senngwa ke molelo. Mosadi yo o kgonang go tlhotlheletsa batho yo ke mang? Ke ka ntlhayang fa sebatana sa nags se mo tlhasela? O dirile eng go boatshwanelwa ke bokhutlo jo bo maswe jaana?a—Tshenolō 17:16, 17.
Seno a ne a ka nna motheo wa polelo e e sa itseweng e e kgatlhisang thatafa a ne a se gore ga se kake sa dirisediwa buka nngwe ya dikinane. Ke tiragalo ya mmatota eo a diragadiwang mo nakong eno. Mme ke ya botlhokwa mo go wens ka go bo seaka seno se se itsegeng se ka nna sa bo se tlhotlheletsa botshelo jwa gago gone jaanong. Mo godimo ga moo, ekane o sala le sone kana o kgaogana le sone go tla raga botshelo kana loso. Jalo sone ke mang?
Bao ba Dirisanang le Mosadi Yono yo o sa Itseweng
Mosadi yono wa moraedi, mohepisi yono yo o tlhabisang ditlhong, o tlhalosiwa ke Johane mo bukeng ya boperofeti ya Bibela ya Tshenolō, koo re balang jaana: “Me [moengele] a ntsaea a nkisa kwa gareganaga ke le mo Moeen: me ka ea ka bona mosadi a pagame sebatana senwe se se mmala o bohibidu yo bo letlhololo, se bile se tletsemains a tlhapaco, se le ditlhogo di shupa le dinaka di shome. Me mosadi a bo a apere bohibidu yo bo mokgona, le bohibidu yo bo letlhololo, me a ksabisicwe ka gouda le mayana a a tlhokegan le diperela, a chotse mo seatleñ senwelo sa gouda se se tletsen tse di makgapha, ebon dilo tse di mashwe tsa kgokahalo ea gagwe. Me mo phatlen ea gagwe ga bo go kwadilwe leina, go twe, [bosaitsiweng, NW] Babelona o Mogolo, mma diaka, le mma makgapha a lehatshe.”—Tshenolō 17:3-5.
Jaanong “Babelona o Mogolo” yono e tshwanetse ya bo a le mosadi yo o boitshegang, ka go bo temana ya 1 e bolela gore o ‘dutse mo metsing a mantsi.’ Seo se rays eng? Moengele wa Modimo o ne a tlhalosetsa Johane jaana: “Metse a u a bonyen, kwa seaka se dutsen gona, ke dichaba, le boidiidi yoa batho, le merahe, le dipuo.” (Tshenolō 17:15) Ga go belaetse gore seno ke seaka se se tlhotlheletsang lefatshe lotlhe. Mme ga se seaka se se tlwaelegileng fela. Ke “MMA DIAKA,” moeteledipele wa lefelo leo. Fa go tla mo boakeng, o ntsha ditaelo fela. Mme gape o na le bangwe ba ba kgethegileng bao a dirisanang le bone.
Moengele o senola gore batho bano bao ba dirisanang mmogo le seaka se segolo seno ke bomang. Mme o ba sups jang? O bolela gore Babelona o Mogolo ke ene yoo “dikgosi tsa lehatshe di gokahetsen [nae], le ba ba agilen mo lehatshin ba ne ba tagisiwa ke boyalwa yoa kgokahalo ea [gagwe].” (Tshenolō 17:2) Seno e tshwanetse ya bo a le seaka se se gogelang se se tsalaneng le batlotlegi mo se kgonang go gogela babusi ba sepolotiki ba lefatshe, eleng tsone “dikgosi tsa lehatshe”! Jalo ene ke mang?
Moengele o bolela gore o na le leina, leina le le sa itseweng, eleng “Babelona o Mogolo.” Jaanong tseno ke dilo tse pedi tse di ka re thusang go mo itsese sengwe ke badirisanyimmogo nae mme se sengwe ke leina la gagwe, Babelona o Mogolo.Mme dilo tseno tse di re thusang go mo itse digogela kwa konelong efe?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Eno ke tokololo ya ntlha ya tse nne tsa Tora ya Tebelo tse di tla arabang dipotso tseno le tse dingwe tse di amanang le tsone tse di mabapi le mosadi yo o sa itseweng yono.