LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 3/15 ts. 28-31
  • Justin—Motlhalefi, Molwelatumelo, le Moswelatumelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Justin—Motlhalefi, Molwelatumelo, le Moswelatumelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo jwa Fa A Santse A le Mmotlana le Katiso ya Gagwe
  • Go Sekaseka Dibuka tsa Gagwe ka Kelotlhoko
  • Loso lwa Gagwe
  • Thuto e le Nngwe ya Maaka e Dirile Gore go Nne le Tse Dingwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Karolo 3—A Balwelatumelo Ba Ne Ba Ruta Thuto ya Tharonngwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Bafemelatumelo—A e Ne e Le Babueledi ba Bokeresete Kgotsa Batshegetsi ba Filosofi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Nka Dirang Fa ke Na le Bothata Jwa Botsogo? (Karolo 3)
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 3/15 ts. 28-31

Justin—Motlhalefi, Molwelatumelo, le Moswelatumelo

“RE KOPA gore dilo tsotlhe tse Bakeresete ba latofadiwang ka tsone di sekasekiwe, le gore, fa di supiwa gore di boammaaruri, ba otlhaiwe kafa ba tshwanetseng ka teng . . . Mme lefa go ntse jalo fa go sena ope yo a re bonang molato ka sepe, mabaka a konokono a lo thibela go tshwaya banna ba ba senang molato bano phoso ka magatwe a a seng boammaaruri . . . Ka go bo, fa e le gore lo ithutile boammaaruri, mme lo sa dire se se siameng, lo tlile go tlhoka seipato mo Modimong.”

Mafoko ano ke ao Justin Martyr, yoo a neng a ipolela fa e le Mokeresete mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E., a neng a ikuela mo mmusing wa Moroma Antoninus Pius ka one. Justin o ne a kopa gore go sekasekiwe ka bomasisi matshelo le ditumelo tsa ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete. Go batla ka tsela eno gore tshiamo e dirwe go ne go tswa mo monneng yo a neng a itse dilo tse di kgatlhang ebile a le botlhale.

Botshelo jwa Fa A Santse A le Mmotlana le Katiso ya Gagwe

Justin e ne e le Moditšhaba, yo a neng a tsholwa ka 110 C.E. kwa Samaria mo motsengmogolo wa Flavia Neapolis, oo gompieno e leng Nablus. O ne a ipitsa Mosamaria, le mororo rraagwe le rraagwemogolo e ne e le Baroma kana Bagerika. Go godisiwa ga gagwe ka dingwao tsa seheitane fa go tlhakana le go nyorelwa ga gagwe boammaaruri, go ne ga mo dira gore a nne tlhaga mo go ithuteng botlhalefi. Ereka a ne a sa kgotsofadiwe ke patlisiso e a neng a e dira mo go Ba-Stoic, Ba-Peripatetic, le Ba-Pythagoras, o ne a latelela dikgopolo tsa ga Plato.

Mo go nngwe ya dibuka tsa gagwe, Justin o bolela gore o ne a eletsa thata go tlotla le batlhalefi a bo a re: “Ke ne ka ineela mo go Mo-Stoic mongwe; mme ereka ke ne ke sentse nako ke na le ene, fa ke ne ke sa bone kitso epe ka Modimo mo go ene (ka go bo a ne a sa itse sepe ka boene), . . . Ke ne ka mo tlogela ka ya kwa go yo mongwe.”—Dialogue of Justin, Philosopher and Martyr, With Trypho, a Jew.

Morago Justin o ne a ya kwa go Mo-Peripatetic mongwe yo a neng a kgatlhegela madi thata go na le boammaaruri. “Monna yono fa ke sena go nna le ene ka malatsi a sekae fela,” go bolela jalo Justin, “o ne a mpolelela gore ke mo duele, gore motlotlo wa rona e se ka wa nna wa mahala. Ka lone lebaka leno ke ne ka mo tlogela le ene, ke sa dumele gore ke motlhalefi.”

Gore a tle a utlwe “botlhalefi jwa maemo a a kwa godimo,” Justin “o ne a ya kwa go Mo-Pythagoras, yo a neng a itsege thata—monna yo a neng a itsaya gore o botlhale thata.” Justin o bolela jaana: “Fa ke ntse ke mmotsolotsa, ke iketleeditse go mo reetsa le gore a nthute, o ne a bolela jaana, ‘Jaanong ke eng? A o itse mmino, boithutadinaledi, le jometeri? A o bona o ka kgona go tlhaloganya dilo dipe fela tsa [bomodimo] tse di dirang gore o itumele mo botshelong, fa o ise o bolelelwe sepe ka [tsone]?’ . . . O ne a nkoba fa ke ne ke mmolelela gore ga ke itse sepe.”

Le mororo a ne a kgobegile marapo, Justin o ne a nna a batla boammaaruri ka go ya kwa balateding ba ga Plato yo a neng a itsege thata. O ne a bolela jaana: “Ka bonako fela morago ga foo ke ne ka senya nako e ntsi kafa ke neng nka kgona ka teng le mongwe wa bone yo a neng a sa tswa go nna mo motsengmogolo wa rona—monna yo o botlhale tota, yo a neng a na le maemo a a kwa godimo mo balateding ba ga Plato,—mme ke ne ka gatela pele, ebile ke tokafatsa tota letsatsi le letsatsi . . . , mo e leng gore mo lobakeng lo lokhutshwane fela ke ne ke akanya gore ke ile ka bona botlhale bongwe; mme dilo tsotlhe tseo,” Justin o a konela, “e ne e le boeleele fela.”

Justin ga a ka a bona sepe fa a ntse a batla boammaaruri ka go ikgolaganya le batlhalefi. Mme lefa go ntse jalo, fa a ntse a tlhatlhanya a le fa lotshitshing lwa lewatle, o ne a kopana le Mokeresete mongwe yo o tsofetseng, “monnamogolo mongwe, yo tota o neng o ka se ka wa nyatsa tebego ya gagwe, a bonala a le boikokobetso ebile o ka mo tlotla ka ntlha ya maitseo a gagwe.” Puisano e e neng ya simologa foo e ne ya mo gogela kwa dithutong tsa motheo tsa Bibela tse di otlelelang thata go nna le kitso e e tlhomameng ka Modimo.—Baroma 10:2, 3.

Mokeresete yono yo go sa umakiweng leina la gagwe o ne a bolelela Justin jaana: “Nako nngwe bogologolo, go kile ga nna le banna bangwe ba e neng e le ba bogologolo thata go feta bano bao ba tsewang jaaka batlhalefi, ba siame ebile ba ratiwa ke Modimo, bao . . . ba neng ba bolelela pele ditiragalo tse di neng di tlile go diragala, tse jaanong di diragalang. Ba bidiwa baperofeti. Ke bone fela ba ba neng ba bone le ba ba neng ba bolelela batho boammaaruri, . . . ba tladitswe ka Moya O O Boitshepo.” Fa a ntse a bua dilo tse di neng di dira gore Justin a batle go itse go le gontsi, Mokeresete yono o ne a re: “Mekwalo ya bone e santse e le teng, mme yo o e badileng o thusega tota mo go itseng tshimologo le bokhutlo jwa dilo.” (Mathaio 5:6; Ditihō 3:18) Fela jaaka monna yo o pelonomi yono a ne a mo kopa, Justin o ne a sekaseka Dikwalo mme go bonala a ne a lemoga dilo dingwe le boperofeti bongwe jwa Bibela, jaaka seo se bonwa mo dibukeng tsa gagwe.

Go Sekaseka Dibuka tsa Gagwe ka Kelotlhoko

Justin o ne a kgatlhiwa thata ke go tlhoka poifo ga Bakeresete fa ba ne ba lebane le loso. O ne a itumelela gape le dithuto tsa boammaaruri tsa Dikwalo tsa Sehebera. Justin o ne a tshegetsa dipolelo tsa gagwe mo go Dialogue With Trypho ka go tsopola go tswa go Genesise, Ekesodo, Lefitiko, Duteronome, 2 Samuele, 1 Dikgosi, Dipesalema, Isaia, Yeremia, Esekiele, Daniele, Hosea, Yoele, Amose, Yona, Mika, Sekaria, le Malaki, mmogo le mo dikwalong tsa Efangele. Tsela e a neng a anaanela ka yone dibuka tsa Bibela e bonwa mo puisanong ya gagwe le Trypho, e mo go yone Justin a neng a bolela ka tsamaiso ya Bajuda ba ba neng ba dumela mo go Mesia.

Go begwa gore Justin e ne e le moreri wa efangele, a bolela mafoko a a molemo nako le nako fa a bona tshono. Go lebega a ne a tsaya maeto thata. O ne a nna lobakanyana kwa Efeso, ebile go lebega a ne a nna kwa Roma ka lobaka lo loleele.

Dibuka tse Justin a neng a di kwala di akaretsa mafoko a a neng a a kwala a buelela Bokeresete. Mo go First Apology, o batla go tlosa lefifi le lentsho la botlhalefi jwa baheitane a dirisa lesedi le le tswang mo Dikwalong. O bolela gore botlhajana jwa batlhalefi ke maaka fela le gore ga bo kae sepe fa bo bapisiwa le mafoko a a nonofileng le ditiro tsa ga Keresete. (Bapisa Bakolosa 2:8.) Justin o rapelela Bakeresete ba ba neng ba sotliwa ba a neng a ipolela gore ke mongwe wa bone. Fa a sena go fetoga, o ne a tswelela go apara diaparo tsa motlhalefi, a bolela gore o bone botlhale jo e leng jone fela jwa boammaaruri.

Bakeresete ba lekgolo la bobedi la dingwaga ba ne ba lejwa jaaka balatolamodimo gonne ba ne ba gana go obamela medimo ya seheitane. “Ga re balatolamodimo,” Justin o ne a ganetsa jalo, “gonne re obamela Modiri wa lobopo . . . Motho yo o re rutang dilo tseno ke Jesu Keresete . . . Ke Morwa wa Modimo wa boammaaruri.” Justin o ne a bolela jaana ka kobamelo ya medimo ya disetwa: “Ba dira se ba se bitsang modimo; seo re sa se lebeng fela e le boeleele, mme e le se se kgopisang Modimo . . . Abo e le boeleele jang ne! go bo banna ba ba sa kgoneng go ikgapa mo bosuleng go bolelwa gore ba tlhama le go lo direla medimo gore lo e obamele.”—Isaia 44:14-20.

Justin o ne a umaka thata Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika go bolela fa a dumela tsogo ya baswi, boitsholo jwa Bokeresete, kolobetso, boperofeti jwa Bibela (segolobogolo jo bo amang Keresete), le dithuto tsa ga Jesu. Fa a bua kaga Jesu, Justin o tsopola Isaia, a bolela jaana: “Puso e tla nna mo leruding la ga [Keresete].” Justin o bolela gape jaana: “Fa e le gore re batla bogosi jwa motho, re tshwanetse go itatola Keresete wa rona.” O tlotla ka diteko le boikarabelo jwa Bakeresete, a bolela gore o tshwanetse go dira thato ya Modimo fa o batla go Mo direla sentle, mme mo godimo ga moo o bolela gore “batho ba tshwanetse go romiwa ke Ene kwa merafeng yotlhe go ya go e itsise dilo tseno.”

The Second Apology of Justin (e go dumelwang fela gore ke tswelediso ya ntlha) e kwaletswe Senate ya Roma. Justin o ikuela mo go Baroma ka go bolela dilo tse di diragaletseng Bakeresete, bao ba neng ba bogisiwa fa ba sena go bona kitso e e tlhomameng ka Jesu Keresete. Tsela e dithuto tsa ga Jesu di neng di buelela boitsholo jo bontle ka yone, jaaka e ne e bonala mo boitsholong jwa baagi ba e leng Bakeresete, e ne e lebega e se botlhokwa mo babusing ba Baroma. Go na le moo, motho o ne a ka felela a bolailwe ka go ipolela fela gore ke morutwa. Justin o ne a tsopola motho mongwe yo a neng a bidiwa Lucius yo a neng a botsa jaana ka motho mongwe yo a neng a kile a bo a ruta dithuto tsa Bokeresete: “Ke ka ntlha yang fa le otlhaile monna yono, yo a neng a sa obamele medimo ya disetwa, e se mogokafadi, e se mmolai, e se legodu, a sa thukhuthe batho, a sa latofadiwe ka bokebekwa bope fela, mme lefa go ntse jalo a ne a bolela fela gore o bidiwa Mokeresete?”

Polelo eno ya ga Justin e supa selekanyo se ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete ba neng ba tlhoilwe ka sone: “Ka gone, le nna ke lebeletse gore ke tlile go logelwa maano le go kgwagediwa mo koteng, ke bangwe ba bao ke ba boletseng ka maina kana gongwe ke Crescens, yo o ratang go itlotlomatsa le go ipelafatsa; ka go bo monna yono ga a tshwanelwe ke go bidiwa motlhalefi ka go bo o bua kgatlhanong le rona mo dilong tse a sa di tlhaloganyeng, a bolela gore Bakeresete ke balatolamodimo le gore ga ba na tlotlo, mme a dira jalo go ithatisa matshwitshwiti a batho a a tsieditsweng, le go batla go ba itumedisa. Ka go bo fa a re tlhasela ka mafoko mme a sa bala dithuto tsa ga Keresete, ke motho yo o boikepo tota, ebile o maswe go feta batho ba ba sa rutegang, ba gantsi ba ikgogonang go tlotla kana go ntsha bosupi jwa maaka ka dilo tse ba sa di tlhaloganyeng.”

Loso lwa Gagwe

Ga go itsiwe gore a Justin o ne a pegwa molato wa gore o batla go diga puso kwa motlhankeding mongwe yo mogolo wa Roma ke Crescens kana ke Ba-Cynic, fela o ne a atlholelwa loso. O ne a kgaolwa tlhogo kwa Roma mo e ka nnang ka 165 C.E. mme o ne a nna “moswelatumelo” (se se kayang “mosupi”). Ke gone ka moo a bidiwang Justin Martyr (Moswelatumelo).

Mokgwa o Justin a neng a kwala ka one o ka nna wa tswa o ne o sa kgatlhe ebile a sa kwale ka botlhale jaaka banna bangwe ba ba neng ba rutegile ba motlha wa gagwe, mme tsela e a neng a tlhagafaletse boammaaruri le tshiamo ka yone e bonala sentle gore e ne e le ya mmatota. Ga go kake ga tlhomamisiwa gore o ne a tshela tumalanong le Dikwalo le dithuto tsa ga Jesu ka selekanyo se se kana kang. Lefa go le jalo, dibuka tsa ga Justin di tsewa di le botlhokwa ka ntlha ya go bo di tshotse dintlha dingwe tsa hisitori ebile di umaka Dikwalo thata. Di dira gore re kgone go lemoga dilo dingwe mo matshelong le mo maitemogelong a batho ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete mo lekgolong la bobedi la dingwaga.

Sengwe gape se se kgatlhang ke maiteko a Justin a neng a a dira go bontsha babusi gore Bakeresete ba ne ba bogisiwa fela ba sena molato. Go gana ga gagwe tumelo ya seheitane le matlhale mme a rata kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo go re gakolola kafa moaposetoloi Paulo a neng a bua ka bopelokgale le Baepikurea le batlhalefi ba Basetoika kwa Athena ka teng kaga Modimo wa boammaaruri le Jesu Keresete yo o neng a tsositswe mo baswing.—Ditihō 17:18-34.

Justin ka boene o ne a itse sengwe kaga gore baswi ba tlile go tsosiwa mo baswing mo Mileniamong. Mme abo tsholofetso ya Bibela ya boammaaruri ya gore baswi ba tlile go tsosiwa e nonotsha tumelo jang ne! E ile ya tshegetsa Bakeresete fa ba ne ba bogisiwa ebile e ne ya ba thusa go itshokela diteko tse dikgolo, le eleng le loso.—Yohane 5:28, 29; 1 Bakorintha 15:16-19; Tshenolō 2:10; 20:4, 12, 13; 21:2-4.

Ka jalo he, Justin o ne a batla boammaaruri mme a gana botlhalefi jwa Segerika. Jaaka motho yo a neng a lwela tumelo, o ne a buelela dithuto le ditiro tsa bao ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete. Mme o ne a bolaelwa tumelo gonne a ne a ipitsa Mokeresete. Selo se se kgatlhang gape ke gore Justin o ne a anaanela boammaaruri le go neela bosupi ka bopelokgale le fa a ne a bogisiwa, ka go bo dinonofo tse di ntseng jalo di bonwa mo tseleng eo balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu ba gompieno ba tshelang ka yone.—Diane 2:4-6; Yohane 10:1-4; Ditihō 4:29; 3 Yohane 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela