Kereke ya kwa Latin America E mo Tlalelong—Ke Eng Fa Dimilione Di E Tlogela?
GO TLOGA kwa molelwaneng o o kwa bokone wa Mexico go fitlha kwa borwa jwa Chile o ka se fitlhele motse kana motsana ope wa Latin America o o senang kereke ya Roma Katoliki mo mafelong a one a a tlotlometseng. Lefa go ntse jalo, Joseph E. Davis, yo e leng motsamaisi wa thulaganyo ya mokgatlho mongwe o o dirang ditiro tsa Katoliki o ne a re, “go diragala diphetogo tse dikgolo mo Latin America.” Gape o ile a dumela gore Latin America, e e leng kgaolo e e ileng ya tlhotlhelediwa ke Kereke ya Roma Katoliki go feta makgolo a mararo a dingwaga, jaanong e setse e tla tlhabololwa thata.
Go mo pepeneneng gore tlhotlheletso e e maatla e Kereke ya Katoliki e ntseng e na le yone jaanong e koafala ka bonako thata. Bosheng fela jaana, palo ya Makatoliki a a santseng a tlhoafetse e ile ya fopholediwa gore ke 15 lekgolong fela ya palogotlhe ya baagi ba Latin America. Buka ya 1991 Britannica Book of the Year e ne ya bega jaana: “Babishopo ba Roma Katoliki le mopapa wa bone ba ile ba bolela gore ba tshosiwa ke gore Latin America e go ya ka hisitori e leng ya Katoliki e tlhanogela tumelo ya yone ya bogologolo ka tsela e e sa itumediseng.” Ke ka ntlha yang fa seno se diragala? Ke ka ntlha yang fa batho ba bantsi jaana ba tswa mo letsomaneng la Katoliki? Go diragetseng ka ba ba timetseng?
Go Batla Tlhaloso
Baeteledipele ba Katoliki ba bolela fa bothata jwa bone bo bakiwa ke go tlalatlala ga “makoko.” Moruti mongwe wa kwa Yuropa o ne a ngongorega jaana a le kwa Bolivia: “Kereke e ntse jaaka setlhare se nonofo ya sone e e anyiwang ke makoko a bodumedi a a tshwanang le mofero.”
Kwa Argentina, ngwaga le ngwaga go begiwa fa go nna le ditumelo tse disha di le 140, tse e ka tswang e le tsone di dirang gore maloko a Kereke Katoliki a fokotsege go tloga go 90 lekgolong go ya go 60 kana 70 lekgolong fa esale mo bogareng ja dingwaga tsa bo1970. Kwa Tijuana, kwa Mexico, 10 lekgolong ya baagi ba koo ba ba dimilione tse pedi e ile ya ya kwa ditumelong tsa koo di le 327 tse e seng tsa Katoliki. Makasine wa Time o ile wa bega jaana: “Se se gakgamatsang ke gore, mo e ka nnang ka dinako tsotlhe Maporotesetanta a kwa Brazil a nna teng ka bontsi ka Bosontaga kwa kerekeng go na le Makatoliki.” Seno ga se gakgamatse jaaka fa pampiri nngwe ya dikgang e ile ya bolela seno, gore ka nako ya fa “bakadinale ba Latin America ba ne ba kopane le mopapa kwa Vatican City go tlotla ka dilo tse pedi tse di botlhokwatlhokwa tse di amang kereke gompieno,” nngwe ya tsone e ne e le “bothata jwa go tlala ga makoko.”
Fa a ne a kopane le bobishopo ba kwa Mexico, mopapa o ne a bolela gore se se dirang gore ditumelo tse disha di kgone go anama, “ke ka ntlha ya go nna motlha le go sa supeng kgatlhego ga barwa ba kereke ba ba sa direng tiro ya bone ya boefangele.” Ke ka ntlha yang fa “barwa ba kereke” ba sa supe kgatlhego mo go tlameleng batho ba Latin America ka dilo tsa semoya tse ba di tlhokang ntswa bontsi jwa bone ba tlotla Bibela? Setlhogo sengwe mo go Última Hora, ya kwa La Paz, kwa Bolivia, se tlhalosa jaana: “Kereke e tsene thata mo lefatsheng mo e leng gore e ntse e tlogela maikarabelo a yone letsatsi le letsatsi. Ga go a tshwanela ga re gakgamatsa fa re ka fitlhela gore, jaaka fa tota go diragala, gore baruti ba ipaya go nna baithutaloago, baithutaikonomi, babegadikgang, kana go nna boradipolotiki go na le go nna baruti.”
A Ba Sekametse Thata mo go Nneng Mapolotiki Go na le go Nna Bareri?
Go tsena ga kereke mo dipolotiking ka bo1970 le bo1980 kwantle ga pelaelo ke gone go ileng ga dira gore batho ba bantsi ba Latin America ba tenegele Bokatoliki ka tsela eno gompieno. Patlisiso nngwe e e ileng ya dirwa ka 1985 e ne ya akgela jaana le Maryknoll, Mokgatlho wa Ditiro Tsa Dinaga Di Sele tsa Katoliki, wa kwa America, le ditiro tse dintsi tsa one kwa Latin America: “Maryknoll e atlegile mo go direng gore molaetsa wa ga Marx le Lenin wa go lere diphetogo tsa dikgoka o amogelwe ke batho segolobogolo ka ntlha ya gore o ile wa letlelelwa gore nne lephata la Kereke ya Katoliki. Molaetsa yone ga o a ka wa fitlha fela mo bathong fela ba ba tsenang kereke, mme gape o ne wa fitlha gape le mo batlhomamelaong ba ba eteletseng pele mo Amerika.”
Akanya gape ka se go tweng ke ntwa e e leswe e mo go yone, ka tsela e e tsitlisang marapo Ba-Argentina ba le 10 000 go ya go ba le 30 000 ba neng ba tsewa ka dikgoka le go bolawa ba sa sekisiwa kwa bokhutlong jwa bo1970. Kakgelo nngwe mo National Catholic Reporter, kafa tlase ga setlhogo se segolo se se reng “Blood Taints Church in Argentina,” e ne ya bolela jaana: “Tiragalo e e diragetseng kwa Argentina e tshwana tota le se kereke ya Katoliki e kileng ya se dira kwa Jeremane wa Bo-Nazi, ebile gape e tsosa potso ya gore a go nna le thata ke sone selo se se botlhokwa mo kerekeng go na le taelo ya Efangele ya go supa se e leng boammaaruri.”
Ntlha ya go bo kereke e eletsa go laola dipuso tsa lefatshe e supa gore ga se tsala ya Modimo ka gope. Bibela ya re: “A ga lo itse gore go itira tsala ya lefatshe ke go itira mmaba wa Modimo? Mongwe le mongwe yo o tlhophang go nna tsala ya lefatshe o iphetola mmaba wa Modimo.” (Jakobe 4:4, Jerusalem Bible ya Katoloki) Ga go gakgamatse he, go bo batho ba bantsi ba sa tlhole ba leba kwa Kerekeng ya Katoloki go bona kaelo ya semoya. Lefa go ntse jalo go diragetseng ka batho ba ba tlogetseng letsomane la Katoliki?
Dinku Tse Di Senang Modisa
Ba tshwana fela le batho ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba baeteledipele ba Sejuda ba neng ba palelwa ke go ba tlhokomela. Bibela e bolela gore Jesu “o ne a ba tlhomogela pelo gonne ba ne ba gasame e bile ba latlhegile, jaaka dinku tse di senang modisa.” (Mathaio 9:36, JB) Batho ba bantsi ba ile ba tlogela Kereke ya Katoliki ba ya kwa ditumelong tse go tweng ke tsa baefangele. A ditumelo tseno tsone di ile tsa tlhokomela dinku tse di timetseng ka tsela e e botokanyana? A Maporotesetanta a sekametse mo go nneng jaaka fa Jesu a ne a re balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba tla nna: ‘Ga se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe’?—Yohane 17:14.
Ditumelo tse dintsi tse e seng tsa Katoliki di leka go dira jaaka ekete di utlwa Bibela go na le go latela dingwao. Gantsi seno e a bo e le go itira botoka fela. Ditumelo tsa motheo tsa ditlhopha tsa Maporotesetanta di tshwana tota le tsa Kereke ya Katoliki mo ebileng batho ba bantsi ba ba etseng dilo tlhoko ba ileng ba dirisa seane sa Ba-Andes se se reng: “Es la misma cholita con otra pollera” (E ntse e le ene mosadi wa Moindia ke fela gore o apere mosese o sele).
Ka sekai, mo e batlang e le ditlhopha tsotlhe tsa Maporotesetanta di ruta gore Modimo ke Tharonngwe, lefa go ntse jalo seno ga se se Bibela e se rutang. The Encyclopedia of Religion e bolela jaana: “Gompieno batlhalosi ba dilo le baithutabodumedi ba dumelana gore Bibela ya Sehebera ga e rute sepe ka Tharonngwe . . . Tesetamente e Ntsha le yone ga e na thuto ya Tharonngwe.”a
Maporotesetanta a ikgolagantse le lefatshe leno le dipolotiki tsa lone fela jaaka Makatoliki. Encyclopedia of Latin America e bolela jaana: “Boporotesetanta jwa kwa Latin America le jone bo inaakantse le . . . polotiki e e dirwang ka ditlhopho e e iphakang fa e emela batho ba maemo a a kwa tlase. Gantsi baruti ba selegae ba tshegetsa dipolotiki tsa dipuso ebile ba di buelela mo batlhophing mme puso e bo e duela ka go ema dikereke tsa bone nokeng.” Latin American Research Review e bolela jaana: “Boporotesetanta bo ile jwa nyalana le dipolotiki kwa Guatemala ka letsatsi la ntlha fela fa bo ne bo fitlha kwa nageng eo,” e oketsa ka gore “bo ile jwa nna koloi e e tsamaisang mekgwa ya sepolotiki le ya loago jaaka ekete ke ya bodumedi.”
Go nna le seabe mo dipolotiking ga Boporotesetanta gantsi go ile ga gogela Boporotesetanta mo ntweng. Moswi Harry Emerson Fosdick, yo o tsewang e le mongwe wa baruti ba maemo a a kwa godimo wa Moporotesetanta mo hisitoring ya Amerika, o ne a dumela gore: “Hisitori ya rona ya Bophirima e tletse fela ka dintwa. Re ile ra godisetsa batho go ya ntweng, ra katisetsa batho ntwa; re ile ra galaletsa ntwa; re dirile batlhabani go nna bagaka ba rona mme ebile tota le mo dikerekeng tsa rona re tlhometse difolaga tsa ntwa . . . Ka ntlha e nngwe ya molomo wa rona re bakile Kgosana ya Kagiso fa ka ntlha e nngwe re galaleditse ntwa.”
Ke Eng Se O Tshwanetseng Go Se Dira?
Fa e sena go tlhalosa gore bodumedi jwa maaka ke seaka sa tshwantshetso se se akafalang le dikgosi tsa lefatshe, buka ya Bibela ya Tshenolō e bolela jaana: “Tswang mo go ene lona batho ba me, gore lo se kopanele dibe tsa gagwe le gore lo se amogele dipetso tsa gagwe.”—Tshenolō 18:4, JB.
Batho ba bantsi ba bona dilo tse di phoso tse di diragalang mo kerekeng, mme lefa go ntse jalo ba a etsaetsega fa ba tshwanetse go tlogela kereke ka gonne Kereke ya Roma ke kereke ya bogologolo mo hisitoring. Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore, tsamaiso ya kobamelo ya Sejuda e ne e le ya bogologolo thata; mme lefa go ntse jalo Modimo o ne wa se ka wa tlhola o dirisa Bajuda jaaka batho ba one fa ba ne ba tlogela dithuto tsa one tsa boammaaruri. Batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ne ba tlogela tumelo ya Sejuda fa ba sena go lemoga gore Modimo o ne o dirisa phuthego ya Bokeresete boemong jwa jone. Gompieno motho a ka lemoga jang phuthego ya Bakeresete ba boammaaruri?
Mo e ka nnang batho ba le milione ba kwa Latin America ba ile ba nna Basupi ba ga Jehofa mo dingwageng tse di masome a mabedi tse di fitileng. Ke ka ntlha yang fa ba ile ba dira phetogo eno? Pampiri ya dikgang ya Martínez de la Torre, Veracruz, ya kwa Mexico, e ne ya sekaseka potso eno. E ne ya re: “Baithuti bano ba Bibela ba dirilwe ka 100 lekgolong ya batho ba pele e neng e le batho ba ba tlhaga mo ditumelong tse di farologaneng, segolobogolo ya Katoliki, ba ba ileng ba lemoga fa bodumedi bo sekamela thata mo dipolotiking ebile bo amogela le go dumelela ditlwaelo tse di sa dumelaneng le Bibela tse di ntseng jaaka tlhakanelotumelo, boitsholo jo bo sa siamang, le thubakanyo. Ba ile a itumelela go kgomarela melaometheo ya Dikwalo ya boitshwaro kwantle ga go inaakanya le kobamelo ya ditshwantsho kana ditlwaelo tsa setso tse go sa itseweng gore di tswa kae. Seno se ne sa ba dira gore ba nne seoposengwe mo tumelong mme go lebega e le sone se se ba tlhaolang mo go ba bangwe gongwe le gongwe kwa ba fitlhelwang teng.”
Pampiri nngwe ya dikgang ya kwa Latin America e baya kgang eno jaana: “Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba dinatla, ba ba ikanyegang, le ba ba boifang Modimo. Ke batho ba ba boikgapo le ba ba latelang dilo tse ba di ithutileng mme bodumedi jwa bone bo ikaegile ka se Bibela e se rutang.” Re go laletsa gore o ithute Bibela le Basupi ba ga Jehofa gongwe le gongwe kwa o ka tswang o le teng. O tla lemoga gore tsholofelo ya bone le tsela yotlhe e ba tshelang ka yone e thailwe mo Bibeleng. Ee, o tla itse gore o ka obamela Modimo jang “ka Mōea le ka boamarure.”—Yohane 4:23, 24.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona bukana ya A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe? e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
[Tšhate mo go tsebe 21]
BASUPI BA GA JEHOFA KWA DINAGENG DINGWE TSA LATIN AMERICA
1971 1992
Naga Baboledi Baboledi
Argentina 20 750 96 780
Bolivia 1 276 8 868
Brazil 72 269 335 039
Chile 8 231 44 067
Colombia 8 275 55 215
Costa Rica 3 271 14 018
Dominican Republic 4 106 15 418
Ecuador 3 323 22 763
El Salvador 2 181 20 374
Guadeloupe 1 705 6 830
Guatemala 2 604 13 479
Honduras 1 432 6 583
Mexico 54 384 354 023
Panama 2 013 7 732
Paraguay 901 4 115
Peru 5 384 43 429
Puerto Rico 8 511 25 315
Uruguay 3 370 8 683
Venezuela 8 170 60 444
PALOGOTLHE 212 156 1 143 175