Tikiko—Motlhankammogo yo o Neng a Ikanngwa
KA MAKGETLHO a a farologaneng, Tikiko o ne a tsamaya le moaposetoloi Paulo mme a direla jaaka morongwa wa gagwe. E ne e le morongwa yo o neng a ka ikanngwa ka madi le ka maikarabelo a bolebedi. E re ka Dikwalo di gatelela go ikanyega ga gagwe—nonofo e e botlhokwa mo Bakereseteng botlhe—gongwe o tla rata go itse mo go oketsegileng kaga gagwe.
Paulo o ne a tlhalosa Tikiko e le “mokaulengwe [wa gagwe] yo o rategang le modiredi yo o boikanngo le motlhankammogo mo Moreneng.” (Bakolosa 4:7) Ke ka ntlha yang fa moaposetoloi a ne a mo leba ka tsela eo?
Tiro ya Namolo ya Kwa Jerusalema
Mo e ka nnang ka 55 C.E. Bakeresete kwa Judea ba ne ba tlhoka dilo tsa nama. Ka thuso ya diphuthego tsa kwa Yuropa le Asia Minor, Paulo o ne a rulaganya go phuthiwa ga madi go ba thusa. Tikiko, yo o neng a tswa kwa kgaolong ya Asia, o ne a nna le seabe mo tirong eno ya namolo.
Fa Paulo a sena go ntsha ditaolo tse di malebana le gore moneelo ono o dirisiwe jang, o ne a akantsha gore go romelwe banna ba ba ka ikanngwang kwa Jerusalema kana ba tsamaye le ene, ba tshwere madi ano. (1 Bakorintha 16:1-4) Fa a simolola loeto lo loleele go tswa kwa Gerika go ya Jerusalema, o ne a patilwe ke banna ba le mmalwa, ba go bonalang fa mongwe wa bone e ne e le Tikiko. (Ditiro 20:4) Go ne go tlhokega setlhopha se segolo jalo ka gonne ba ne ba tshwere madi a ba neng ba a filwe ke diphuthego di le mmalwa. Go ka tswa go ne go itsege gore go tlhokega pabalesego, e re ka dinokwane tsa ditsela tse dikgolo di ne di dira gore go nne kotsi go feta ka pabalesego.—2 Bakorintha 11:26.
E re ka Arisetareko le Terofimo ba ne ba tsamaya le Paulo go ya kwa Jerusalema, bangwe ba akanya gore gongwe le Tikiko le ba bangwe le bone ba ne ba tsamaya le ene. (Ditiro 21:29; 24:17; 27:1, 2) E re ka Tikiko a ne a na le seabe mo thulaganyong eno ya namolo, ke mongwe wa ba le mmalwa ba go bolelwang gore e ne e le “mokaulengwe” yo o neng a dira le Tito kwa Gerika go rulaganya tiro ya go phutha madi e bile a ne a “tlhomiwa ke diphuthego gore a nne motsamaimmogo [le Paulo] . . . malebang le mpho eno ya bopelonomi.” (2 Bakorintha 8:18, 19; 12:18) Fa e le gore tiro ya ntlha e Tikiko a neng a e dira e ne e le ya boikarabelo, ya bobedi le yone e ne e ntse jalo.
Go Tswa Kwa Roma go ya Kolosa
Dingwaga tse tlhano kana tse thataro moragonyana (60-61 C.E.), Paulo o ne a solofetse go gololwa mo botshwarong jwa gagwe jwa ntlha kwa Roma. Tikiko o ne a na le ene, dikilometara di le makgolokgolo go tswa kwa gae. Tikiko o ne a boela kwa Asia jaanong. Seno se ne sa dira gore Paulo a romele makwalo kwa diphuthegong tsa Bokeresete kwa lefelong leo le go busetsa motlhanka wa ga Filemone e bong Onesimo gape kwa Kolosa. Tikiko le Onesimo ba ne ba tshwere bobotlana makwalo a le mararo a jaanong a akarediwang mo dibukeng tsa boammaaruri tsa Baebele—le lengwe le ya go Baefeso, le lengwe go Bakolosa mme le lengwe le ya kwa go Filemone. Go ka tswa go ne go isitswe lekwalo gape kwa Laodikea, motse o o ka nnang dikilometara di le 18 go tswa kwa Kolosa.—Baefeso 6:21; Bakolosa 4:7-9, 16; Filemone 10-12.
Tikiko e ne e se ramakwalo fela. E ne e le morongwa yo o ikanyegang, ka gonne Paulo o ne a kwala jaana: “Tikiko, mokaulengwe wa me yo o rategang le modiredi yo o boikanngo le motlhankammogo mo Moreneng, o tla lo itsise merero ya me yotlhe. Ka ntlha ya boikaelelo jone jono jwa go itse ga lona dilo tse di amanang le rona le gore a gomotse dipelo tsa lona, ke mo roma kwa go lona.”—Bakolosa 4:7, 8.
Mokanoki E. Randolph Richards o tlhalosa gore motho yo o tshwarang makwalo “gantsi e ne e le ene a golaganyang mokwadi le ba ba amogelang lekwalo ka namana mo godimo ga gore ba golaganngwe ke se se kwadilweng. . . . [Lebaka le lengwe] la go bo go ne go tlhokega motshwari yo o ikanyegang e ne e le [gore] gantsi o ne a tshotse tshedimosetso e e oketsegileng. Lekwalo le ka nna la tlhalosa boemo ka bokhutshwane, gantsi e le go ya ka tshekatsheko ya mokwadi, mme go lebeletswe gore motshwari wa lekwalo a tlhalosetse motho yo o amogelang lekwalo dintlha tsotlhe.” Le mororo lekwalo le ka bua ka dithuto le dikgang tse di potlakileng, dilo tse dingwe di tla tlhalosiwa ka molomo ke morongwa yo o ikanyegang.
Makwalo a a neng a ya kwa Baefesong, kwa Bakoloseng le kwa go Filemone ga a bue thata ka gore Paulo o ne a tsogile jang. Ka jalo Tikiko o ne a tshwanetse a ba neele tshedimosetso e e amanang le ene ka namana, a tlhalose maemo a ga Paulo kwa Roma, mme a tlhaloganye sentle gore boemo ke eng mo diphuthegong gore a kgone go neela kgothatso. Melaetsa le maikarabelo a mofuta ono a ne a fiwa fela ba ba neng ba ka ikanngwa gore ba tla bua fela jaaka motho yo o ba romileng a ne a tla bua. Tikiko e ne e le monna yo o ntseng jalo.
Bolebedi Kwa Dikabelong Tse di Kgakala
Fa Paulo a sena go gololwa mo go tlholeng a tswaletswe mo ntlong ya gagwe kwa Roma, o ne a akanya go roma Tikiko kana Aretemase kwa go Tito kwa setlhaketlhakeng sa Kereta. (Tito 1:5; 3:12) Ka nako e Paulo a neng a le mo kgolegelong ka lekgetlho la bobedi kwa Roma (gongwe mo e ka nnang ka 65 C.E.), moaposetoloi o ne a romela Tikiko gape kwa Efeso, gongwe e le gore a ye go tsaya boemo jwa ga Timotheo gore ene a kgone go tsamaya gore a nne gaufi le Paulo.—2 Timotheo 4:9, 12.
Gore a Tikiko o ne a ya kwa Kereta le kwa Efeso ka nako eno ga go itsiwe sentle. Le fa go ntse jalo, ditshupiso tse di tshwanang le tseno di akantsha gore o ne a nna e le mongwe wa ditsala tse di atamalaneng thata le Paulo go fitlha mo dingwageng tsa bofelo tsa bodiredi jwa moaposetoloi yono. Fa Paulo a ne a akanya ka go mo roma go dira ditiro tsa maikarabelo mme gongwe e le tse di boima mo boemong jwa ga Timotheo le Tito, go a bonala gore Tikiko o ne a le molebedi wa Mokeresete yo o godileng mo semoyeng. (Bapisa 1 Timotheo 1:3; Tito 1:10-13.) Go iketleeletsa go tsamaya le go dirisiwa go ya go dira kwa dikabelong tse di kgakala go ne ga dira gore a thuse Paulo le phuthego yotlhe ya Bokeresete.
Gompieno, Bakeresete ba ba intshang setlhabelo ba direla Modimo ka go rata mo diphuthegong tse ba leng kwa go tsone tsa Basupi ba ga Jehofa kana ba ithaopa go ya go tsweledisa dilo tse di direlwang Bogosi go sele. Ba le diketekete ba ile ba amogela dikabelo ka boitumelo go direla e le barongwa, balebedi ba ba etang, batlhanka ba ditšhabatšhaba ba ba direlang mo tirong ya go aga kwa ntlokgolong ya lefatshe ya Mokgatlho wa Watch Tower, kana mo go nngwe ya makala a yone. Jaaka Tikiko, ga ba a tlhagelela go feta ba bangwe, mme ke badiri ba ba dirang ka natla, ‘badiredi ba ba ikanyegang’ ba Modimo a ba ratang thata e bile ba ratiwa le ke Bakeresete ba bangwe jaaka ‘batlhankammogo mo Moreneng’ ba ba ikanyegang.