LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 11/15 ts. 13-18
  • Gakologelwa Mmopi wa Gago yo Mogolo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Gakologelwa Mmopi wa Gago yo Mogolo!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai Tse di Molemo Tsa Bogologolo
  • Gakologelwa Jehofa Gone Jaanong!
  • Matswela a Botsofe
  • Ba ba Gakologelwang ba Tla Bona Isagwe e e Ntseng Jang?
  • Sola Botshelo Jwa Gago Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Buka ya Bibela ya bo 21—Moreri
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • A o Diragatsa Tshwanelo Yotlhe ya Gago mo Modimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • “Gakologelwa Mmopi wa Gago yo Mogolo mo Malatsing a Bosha Jwa Gago”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 11/15 ts. 13-18

Gakologelwa Mmopi wa Gago yo Mogolo!

“O bo o gakologelwe Mmopi wa gago . . . metlha ya bosula e ise e be e tle.”—MORERI 12:1.

1. Basha ba ba ineetseng mo Modimong ba tshwanetse go batla go dirisa bosha le nonofo ya bone jang?

JEHOFA o nonotsha batlhanka ba gagwe go dira thato ya gagwe. (Isaia 40:28-31) Go ntse jalo le fa e ka tswa e le ba bogolo jo bo kana kang. Mme gone, basha ba ba ineetseng mo Modimong ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go batla go dirisa bosha le nonofo ya bone ka tsela e e molemo. Ka gone, ba tsaya tsia kgakololo ya “moreri,” e bong Kgosi Solomone wa Iseraele ya bogologolo. O ile a kgothatsa jaana: “O bo o gakologelwe Mmopi wa gago mo metlheng ya bokau jwa gago, metlha ya bosula e ise e be e tle, le dinyaga di ise di atamele, motlhang o tlaa buang, o re: ‘Ga ke na kgatlhego mo go tsone.’”—Moreri 1:1; 12:1.

2. Bana ba Bakeresete ba ba ineetseng ba tshwanetse go dira eng?

2 Kgakololo ya ga Solomone ya gore motho a gakologelwe Mmopi wa gagwe yo Mogolo mo bosheng jwa gagwe, pele e ne e lebisitswe mo makawaneng le makgarebeng a Iseraele. Ba ne ba tsholetswe mo setšhabeng se se neng se ineetse mo go Jehofa. Go tweng ka bana ba Bakeresete ba ba ineetseng gompieno? Ruri ba tshwanetse go gopola Mmopi wa bone yo Mogolo. Fa ba dira jalo ba tla bo ba mo tlotla mme ba tla solegelwa molemo.—Isaia 48:17, 18.

Dikai Tse di Molemo Tsa Bogologolo

3. Josefa, Samuele le Dafide ba ile ba tlhoma sekao se se ntseng jang?

3 Basha ba le bantsi ba motlha wa go kwalwa ga Baebele ba ile ba tlhoma sekao se se molemo mo go gakologelweng Mmopi wa bone yo Mogolo. Josefa morwa Jakobe o ne a gakologelwa Mmopi wa gagwe go tloga a sa ntse a le monnye go ya pele. Fa mosadi wa ga Potifaro a ne a hepisa Josefa gore a dire boitsholo jo bo maswe le ene, o ile a gana a sa okaoke mme a re: “Bosula jo bogolo jo ke ka bo dira jang, ke leofela Modimo?” (Genesise 39:9) Samuele wa Molefi o ne a gakologelwa Mmopi wa gagwe mo botshelong jotlhe jwa gagwe e seng fela fa a sa le monnye. (1 Samuele 1:22-28; 2:18; 3:1-5) Dafide wa Bethelehema yo o neng a sa le mosha o ne a nna a gopola Mmopi wa gagwe. Tsela e a neng a ikanya Modimo ka yone e ne ya bonala fa a ne a lebane le Goliathe, mokaloba wa Mofilisitia, mme a re: “O tla kwa go nna ka tšhaka le ka lerumo, le ka putlela, mme nna ke tla kwa go wena mo ineng la ga Jehofa wa masomosomo, Modimo wa dintwa tsa Iseraele, yo o mo kgobileng. Jehofa o tlaa go tsenya mo seatleng sa me gompieno; mme ke tlaa go bolaya, ke tlosa tlhogo ya gago . . . gore lefatshe lotlhe le itse fa go na le Modimo mo Iseraele. Le gore, phuthego e, yotlhe, e itse fa Jehofa a sa golole ka tšhaka le ka lerumo; gonne tlhabano ke ya ga Jehofa, o tlaa lo tsenya mo seatleng sa rona.” Go ise go ye kae ke fa Goliathe a sule mme Bafilisitia ba tlhanola direthe.—1 Samuele 17:45-51.

4. (a) Ke eng se se bontshang gore mosetsana wa Moiseraele yo o neng a le kwa botshwara kwa Siria le Kgosi Josia yo mmotlana ba ne ba gakologelwa Mmopi wa bone yo Mogolo? (b) Jesu yo o neng a le dingwaga tse 12 o ne a bontsha jang gore o gakologelwa Mmopi wa gagwe?

4 Mosha yo mongwe yo o ileng a gakologelwa Mmopi wa gagwe yo Mogolo e ne e le mosetsana wa Moiseraele yo o neng a le kwa botshwarong. O ne a neela mosadi wa molaodi wa masole a Siria e bong Naamane bosupi jo bo molemo jaana mo a neng a ya kwa moporofeting wa Modimo, a alafiwa lepero, a ba a nna moobamedi wa ga Jehofa. (2 Dikgosi 5:1-19) Kgosi Josia yo mosha o ne a ema kobamelo ya ga Jehofa nokeng ka bopelokgale. (2 Dikgosi 22:1–23:25) Mme gone, sekao se se molemo go gaisa tsotlhe sa motho yo o neng a gakologelwa Mmopi wa gagwe yo Mogolo a sa le monnye ke Jesu wa Nasaretha. Akanya ka se se neng sa direga fa a le dingwaga tse 12. Batsadi ba gagwe ba ne ba ya le ene kwa Tlolaganyong kwa Jerusalema. Fa ba boela morago, ba ne ba lemoga gore Jesu o ne a seyo; ka jalo ba boela morago go ya go mo senka. Mo letsatsing la boraro ba ne ba mo fitlhela a botsa barutisi dipotso tsa Dikwalo mo tempeleng. Fa Jesu a araba mmaagwe yo o neng a tshwenyegile o ne a mmotsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa lo ne lo tshwanetse go tsamaya lo mpatla? A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse ka bo ke le mo ntlong ya ga Rre?” (Luke 2:49) Go ne go le botlhokwa gore Jesu a bone tshedimosetso ya dilo tsa semoya kwa tempeleng, ‘ntlo ya ga Rraagwe.’ Gompieno, Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ke lefelo le le molemo le motho a ka bonang kitso e e boammaaruri kaga Mmopi wa rona yo Mogolo mo go lone.

Gakologelwa Jehofa Gone Jaanong!

5. O ne o ka tlhalosa jang se moreri a se kwadileng mo go Moreri 12:1, ka mafoko a gago?

5 Motho yo o obamelang Jehofa ka pelo yotlhe o rata go simolola go dira tirelo ya Gagwe ka bonako jo bo ka kgonegang le go direla Modimo ka malatsi otlhe a gagwe. Le fa go ntse jalo, motho yo o fetsang bosha jwa gagwe mo dilong tse di se nang mosola ka go se gakologelwe Mmopi a ka nna le tsholofelo efe? Moreri o ile a bua jaana a tlhotlhelediwa ke Modimo: “O bo o gakologelwe Mmopi wa gago mo metlheng ya bokau jwa gago, metlha ya bosula e ise e be e tle, le dinyaga di ise di atamele, motlhang o tlaa buang, o re: ‘Ga ke na kgatlhego mo go tsone.’”—Moreri 12:1.

6. Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore Simeone le Ana ba ba neng ba tsofetse ba ne ba gakologelwa Mmopi wa bone yo Mogolo?

6 Ga go ope yo o itumelelang “metlha ya bosula” e e bakwang ke botsofe. Mme gone, batsofe ba ba nnang ba gopola Modimo ba itumetse. Ka sekai, Simeone yo o tsofetseng o ne a tsaya Jesu yo o neng a sa le lesea ka matsogo mo tempeleng mme a bo a bua jaana ka boipelo: “Jaanong, Morena yo Mogolo, o lesa motlhanka wa gago a tsamaya ka kgololesego ka kagiso go ya ka polelo ya gago; ka gonne matlho a me a bone tsela ya gago ya go boloka e o e baakantseng mo ponong ya batho botlhe, lesedi la go tlosa sesiro mo merafeng le kgalalelo ya batho ba gago Iseraele.” (Luke 2:25-32) Ana wa dingwaga tse 84 le ene o ne a gakologelwa Mmopi wa gagwe. Ka metlha o ne a le mo tempeleng e bile o ne a le teng fa lesea Jesu le ne le isiwa teng. “Mo go yone ura eo a atamela mme a simolola go isa malebogo kwa Modimong e bile a bua ka ngwana yono mo go botlhe ba ba letetseng kgololo ya Jerusalema.”—Luke 2:36-38.

7. Batho ba ba tsofaletseng mo tirelong ya Modimo ba mo seemong sefe?

7 Basupi ba segompieno ba ga Jehofa ba ba ileng ba tsofalela mo tirelong ya Modimo ba ka tswa ba bogisiwa ke ditlhabi le dikgoreletsi tse di bakwang ke botsofe. Le fa go ntse jalo, a bo ba itumetse jang ne e bile a bo re anaanela tirelo ya bone ya boikanyegi thata jang ne! Ba na le “boitumelo jwa ga Jehofa” ka gonne ba itse gore ke ene yo jaanong a tsereng taolo ya lefatshe ka maatla a gagwe a magolo e bile o tlhomile Jesu Keresete go nna Kgosi e e maatla ya selegodimo. (Nehemia 8:10) Jaanong ke nako ya gore basha le bagolo ba reetse kgakololo eno: “Makau a na le basetsana; banna bagolo le banyana; a ba bake leina la ga Jehofa; gonne leina la gagwe ke lone losi le le goletsegileng; kgalalelo ya gagwe e godimo ga lefatshe le legodimo.”—Pesalema 148:12, 13.

8, 9. (a) Ke bomang ba “metlha ya bosula” e sa ba itumediseng, mme ke eng fa go ntse jalo? (b) O ka tlhalosa Moreri 12:2 jang?

8 “Metlha ya bosula” e e bakwang ke botsofe ga e monate—gongwe e bile e ngomola pelo thata—mo bathong ba ba ileng ba se ka ba gopola Mmopi wa bone yo Mogolo le ba ba ileng ba se ka ba itse maikaelelo a gagwe a a molemo. Ga ba na pono ya dilo tsa semoya e e ka ba thusang go lepalepana le diteko tse di bakwang ke botsofe le mahutsana a a ileng a wela batho fa e sa le Satane a digwa kwa legodimong. (Tshenolo 12:7-12) Ka gone, moreri o re kgothaletsa gore re gakologelwe Mmopi wa rona “letsatsi le ise le be le nne lefifi, le lesedi, le ngwedi, le dinaledi, le maru a ise a boe morago ga pula.” (Moreri 12:2) Mafoko ano a bolelang?

9 Solomone o tshwantshanya nako ya bosha le selemo sa Palesetina fa letsatsi, ngwedi le dinaledi di ntsha lesedi la tsone mo loaping le le se nang maru. Ka nako eo dilo di a phatshima. Le fa go ntse jalo, fa motho a tsofetse, malatsi a gagwe a tshwana le paka ya mariga e e tsididi, e e nang dipula tsa mathata a a ganang go fela. (Jobe 14:1) A bo go swabisa jang ne gore motho a itse Mmopi mme a bo a sa mo direle ka paka ya fa botshelo bo sa ntse bo le monate, e e tshwanang le selemo! Mo pakeng ya botsofe e e seng monate e e tshwanang le mariga, dilo di nna letobo, segolobogolo mo bathong ba ba ileng ba se ka ba dirisa tshono e ba neng ba na le yone ya go direla Jehofa ba sa ntse ba le basha ka ntlha ya go inaakanya le dilo tse di seng mosola. Le fa go ntse jalo, le fa re ka tswa re le batho ba bogolo jo bo kana kang, a re ‘saleng Jehofa morago ka botlalo,’ fela jaaka Kalebe yo o ikanyegang, yo e neng e le mopati yo o boikanngo wa ga moporofeti Moshe.—Jošua 14:6-9.

Matswela a Botsofe

10. Dilo tseno di emela eng (a) “badisa ba ntlo”? (b) “banna ba ba thata”?

10 Go tswa foo Solomone o tlhalosa mathata a “mo tsatsing le badisa ba ntlo ba tlaa tlakaselang ka lone, le banna ba ba thata ba ikoba, le ba ba silang ba khutla ka ba le babotlana, le ba ba lebang ka diiponi ba otofadiwa.” (Moreri 12:3) Fa a re “ntlo,” o bua ka mmele wa motho. (Mathaio 12:43-45; 2 Bakorintha 5:1-8) “Badisa” ba yone ke matsogo le diatla tse di sireletsang mmele le go o tlamela ka dilo tse di o tlhokang. Fa motho a tsofetse gantsi di a roroma ka ntlha ya go nna bokoa, go tshoga le go golafala. “Banna ba ba thata”—maoto—ga ba tlhole ba kgona go itsetsepela, go na le moo ba koafetse e bile ba obegile mo e leng gore dinao di gogiwa fela. Le fa go ntse jalo, a ga o itumelele go bona badumedikarona ba ba tsofetseng ba le gone mo dipokanong tsa Bokeresete?

11. Ka tsela ya tshwantshetso, “ba ba silang” le “ba ba lebang ka diipone” ke bomang?

11 “Ba ba silang ba [a] khutla ka ba le babotlana”—jang? Meno a ka tswa a ile a bola kana a kgolega mme go setse a sekae fela fa e le gore go na le a a setseng. Motho ga a kgone go sila dijo motlhofo kana ga a kgone gotlhelele. “Ba ba lebang ka diiponi”—matlho le kgono ya go akanya e e re thusang go bona—a nna letobo, fa e se gore a foufala gotlhelele.

12. (a) “Mejako e tswalwa mo mebileng” ka tsela efe? (b) O akanyang ka baboledi ba Bogosi ba ba tsofetseng?

12 Moreri o a tswelela, “Le mejako e tswalwa mo mebileng; mogang modumo wa go sila o kokobetseng, le motho a nanoga ka go lela ga nonyane, le barweetsana botlhe ba pina ba kokobediwa.” (Moreri 12:4) Mejako e mebedi ya molomo—dipounama—ga e tlhole e bulega thata kana ga e bulege gotlhelele go ka tlhalosa se se mo ‘ntlong,’ kana mmele wa batsofe ba ba sa direleng Modimo. Ga go sepe se se romelwang kwa “mebileng,” ya go tshela le batho. Le fa go ntse jalo, go tweng ka baboledi ba Bogosi ba ba tlhagafetseng ba ba tsofetseng? (Jobe 41:14) Ba ka nna ba bo ba tsamaya ka bonya mo tirong ya ntlo le ntlo e bile bangwe ba ka tswa ba sa kgone go bua sentle, mme gone, ruri ba baka Jah!—Pesalema 113:1.

13. Moreri o tlhalosa jang mathata a mangwe a batsofe, mme go tweng ka Bakeresete ba ba tsofetseng?

13 Modumo wa go sila o kokobetse ka gonne dijo di tlhafunwa ka marinini a a se nang meno. Fa monnamogolo a robetse ga a kgone go thulamela sentle. Tota le go tswirinya ga nonyane go a mo tlhodia. Ga a kgone go opela thata, mme le fa a re o a opela ga a utlwale. “Barweetsana botlhe ba pina”—molodi wa dinōto—ba “kokobediwa.” Motsofe ga a kgone go utlwa mmino le pina e e opelwang ke batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, batlodiwa ba ba tsofetseng le ditsala tsa bone, tse dingwe tsa tsone le tsone di setseng di godile thata, ba sa ntse ba tlhatlosa mantswe a bone fa ba opela go baka Modimo mo dipokanong tsa Bokeresete. A bo re itumela jang ne go bo ba na le rona mo go tlotlomatseng Jehofa mo phuthegong!—Pesalema 149:1.

14. Batsofe ba boifa dilo dife?

14 A bo batsofe ba bangwe ba utlwisa botlhoko jang ne, segolobogolo ba ba ileng ba itlhokomolosa Mmopi! Moreri a re: “Ee, ba tlaa boifa se se godimo, le ditherego di tlaa bo di le mo tseleng; le setlhare sa thamane se tlaa thunya, le tsiane e nna mokgweleo le keletso e tlhaela [“le moretlwa wa kapere o a phanyega,” NW]; gonne motho o ya gaeng la gagwe le le sa khutleng, le baleledi ba tsamayatsamaya mo mebileng.” (Moreri 12:5) Bontsi jwa batsofe ba boifa go wa fa ba le kwa godimo mo ditepiseng. Tota le go leba selo se se kwa godimo go ba tseisa sedidi. Fa ba tshwanetse go ya kwa mebileng e e tlhanaselang batho, ba tsenwa ke letshogo ba boifa go gobala kana go tlhaselwa ke magodu.

15. “Setlhare sa thamane se tlaa thunya” ka tsela efe, mme tsie e “ikgoga” ka tsela efe?

15 Mo monnengmogolo, “setlhare sa thamane se tlaa thunya,” go bonala seno se bolela gore moriri wa gagwe o tla nna mopududu, go tswa foo o nne mosweu jaaka kapoko. Moriri o o thuntseng o tla wa jaaka dithunya tse di tshweu tsa setlhare sa thamane. Fa a ntse a “ikgoga, [NW]” gongwe e bile a obegile, matsogo a leketla kana a itshwere letheka dikgono di lebile kwa godimo, o tshwana le tsie. Mme gone, fa e le gore go na le mongwe wa rona yo o batlang a ntse jalo, a ba bangwe ba se lebale gore re lesomo la ga Jehofa la ditsie tse di matlhagatlhaga tse di lobelo!—Bona Tora ya Tebelo ya May 1, 1998, ditsebe 8-13.

16. (a) ‘Go phanyega ga moretlwa wa kapere’ go kaya eng? (b) ‘Legae le le sa khutleng’ la motho ke eng, mme ke matshwao afe a a bonalang fa motho a le gaufi le go swa?

16 Motho yo o tsofetseng ga a tlhole a na le keletso ya dijo, tota lefa dijo tse a di newang di ka tswa di le monate jaaka moretlwa wa kapere. Moretlwa ono ga o bolo go nna o dirisiwa go dira gore motho a nne le keletso ya dijo. Fa go buiwa ka go ‘phanyega ga moretlwa wa kapere, [NW]’ go ka tswa go tewa gore keletso ya dijo ya motho yo o tsofetseng e a fela, tota le one moretlwa ono ga o kgone go mo dira gore a eletse dijo. Dilo tse di ntseng jalo di bontsha gore o atamela go “ya gaeng la gagwe le le sa khutleng,” lebitla. E tla bo e le legae la gagwe la bosakhutleng fa e le gore ga a ka a gopola Mmopi wa gagwe le fa e le gore o ile a gagamalela tsela ya boikepo mo Modimo a se kitlang a mo gopola ka nako ya tsogo. Matshwao a gore loso lo a atamela a bonala ka lentswe la khutsafalo le go ngongorega go go tswang mo mejakong ya molomo wa motsofe.

17. “Mogala wa selefera” o hunologa ka tsela efe, mme “mogotšana wa gouta” o ka tswa o emela eng?

17 Re kgothalediwa gore re gakologelwe Mmopi wa rona “mogala wa selefera o ise o bo o hunologe, le mogotšana wa gouta o ise o thubege, le nkgwana e ise e thubege kwa motsweding, le segeledi se ise se thubege kwa sedibeng.” (Moreri 12:6) Fa go twe “mogala wa selefera,” go ka tswa go buiwa ka monyetsane. Motho a ka swa fa go ka direga gore karolo eno e e fetisetsang melaetsa kwa bobokong e gobale thata. Fa go twe “mogotšana wa gouta,” go ka tswa go tewa boboko, jo bo mo teng ga logata lo lo tshwanang le mogotšana, lo lo tshwaraganeng le mokolela. Boboko bo tshwana le gouta ka gonne bo botlhokwa thata, mme fa bo sa tlhole bo bereka motho o a swa.

18. “Mogala wa selefera” wa tshwantshetso ke eng, mme go direga eng fa o hunologa?

18 ‘Nkgwana e e kwa motsweding’ ke pelo, e madi a elelelang kwa go yone mme e bo e a romela gape gore a dikologe le mmele otlhe. Fa motho a sule, pelo e tshwana le nkgwana e e thubegileng fa motsweding ka gonne ga e tlhole e kgona go amogela madi, go a boloka le go pompa madi a a leng botlhokwa mo go otleng mmele le go o lapolosa. ‘Segeledi se se thubegileng kwa sedibeng’ se kgaotsa go tlhola se romela madi a a dirang gore motho a nne a tshela. Ka gone, Jehofa o ne a senolela Solomone ka thulaganyo ya modikologo wa madi bogologolo pele ga ngaka William Harvey wa lekgolo la bo17 la dingwaga a ntsha bosupi jwa gore madi a a dikologa.

19. Mafoko a Moreri 12:7 a diragala jang fa motho a swa?

19 Moreri o ne a oketsa jaana: “Mme lorole lwa boela mmung jaaka lo ne lo ntse, le mowa wa boela Modimong o o o abileng.” (Moreri 12:7) Fa “segeledi” se setse se thubegile, mmele wa motho o kwa tshimologong o neng wa dirwa ka lorole lwa mmu, o boela mo loroleng. (Genesise 2:7; 3:19) Moya o a swa ka gonne maatla a botshelo a Modimo o a abetseng motho a boela kwa Mmoping go ya go nna le ene.—Esekiele 18:4, 20; Jakobe 2:26.

Ba ba Gakologelwang ba Tla Bona Isagwe e e Ntseng Jang?

20. Moshe o ne a kopa eng fa a ne a rapela ka mafoko a a kwadilweng mo go Pesalema 90:12?

20 Solomone o ne a bontsha ka tsela e e molemo gore go gakologelwa Mmopi wa rona yo Mogolo go botlhokwa go le kana kang. Ga go pelaelo gore, botshelo jono jo bokhutshwane le jo bo tletseng ka mathata ga se jone fela jo bo leng gone mo bathong ba ba nnang ba gopola Jehofa le go dira thato ya gagwe ka pelo yotlhe. E ka ne ba basha kana ba tsofetse, ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Moshe, yo o neng a rapela jaana: “Re rute go bala malatsi a rona, gore re tle re itseele pelo ya botlhale.” Moporofeti yono yo o boikokobetso wa Modimo o ne a eletsa thata gore Jehofa a bontshe, kana a rute ene le batho ba Iseraele go dira dilo ka botlhale fa ba bala ‘malatsi a dinyaga tsa bone’ le go a dirisa ka tsela e Modimo a e amogelang.—Pesalema 90:10, 12.

21. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re bale malatsi a rona ka tsela e e tla galaletsang Jehofa?

21 Basha ba Bakeresete ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go ikemisetsa go sekegela tsebe kgakololo ya ga moreri ya gore ba gopole Mmopi wa bone. A bo ba na le ditshono tse di molemo jang ne tsa go direla Modimo tirelo e e boitshepo! Le fa go ntse jalo, le fa re ka tswa re le batho ba bogolo jo bo kana kang, fa re ithuta go bala malatsi ka tsela e e tla galaletsang Jehofa mo “motlheng [ono] wa bokhutlo,” re ka nna ra kgona go tswelela pele re a bala ka bosakhutleng. (Daniele 12:4; Johane 17:3) Ke boammaaruri gore, fa re batla go atlega mo go direng jalo, re tshwanetse go gakologelwa Mmopi wa rona yo Mogolo. Gape re tshwanetse go diragatsa tshwanelo yotlhe e re nang le yone mo Modimong.

O ka Araba Jang?

◻ Ke eng fa basha ba kgothalediwa go gakologelwa Mmopi wa bone?

◻ Dingwe tsa dikai tsa Dikwalo tsa batho ba ba neng ba gakologelwa Mmopi wa bone yo Mogolo ke dife?

◻ Ke matswela afe a a nnang teng fa motho a tsofetse a Solomone a a tlhalosang?

◻ Batho ba ba gopolang Jehofa ba na le isagwe e e ntseng jang?

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Dafide, mosetsana wa Moiseraele yo o neng a le kwa botshwarwa, Ana le Simeone ba ne ba gakologelwa Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Basupi ba ga Jehofa ba ba tsofetseng ba direla Mmopi wa rona yo Mogolo tirelo e e boitshepo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela