LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp17 no. 4 ts. 4-7
  • Baebele ya Reng ka Botshelo le Loso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele ya Reng ka Botshelo le Loso?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BAEBELE E TLHAMALATSA DILO
  • THUTO YA MAAKA E A ANAMA
  • “BOAMMAARURI BO TLA LO GOLOLA”
  • Tumelo ya Gago mo Tsogong ya Baswi e Nonofile go le Kanakang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tsela eo O Tlhaloganyang Moya ka Yone E Ama Botshelo Jwa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • A Moya o Tswelela o Tshela Morago ga Loso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tsholofelo e e Botoka ya Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
wp17 no. 4 ts. 4-7
Setopo se le mo lebitleng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | BAEBELE YA RENG KA BOTSHELO LE LOSO?

Baebele ya Reng ka Botshelo le Loso?

Fa re bala buka ya Baebele ya Genesise e e buang ka tshimologo ya popo, re utlwa gore Modimo o ne a raya motho wa ntlha e bong Adame a re: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Genesise 2:16, 17) Mafoko ao a bontsha sentle gore fa Adame a ka bo a reeditse Modimo, a ka bo a sa swa mme o ne a tla tshelela ruri mo tshimong ya Edene.

Adame le Efa ba tsofetse

Ka maswabi, Adame ga a ka a tlhopha go ikobela Modimo le go tshelela ruri. O ne a ja leungo le a neng a ileditswe go le ja fa mosadi wa gagwe e bong Efa a mo le naya. (Genesise 3:1-6) Gompieno re sa ntse re lebana le ditlamorago tsa go sa reetse ga ga Adame. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa kgang eo jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) “Motho a le mongwe” yo go buiwang ka ene ke Adame. Boleo jo a bo dirileng ke bofe le gone goreng tuelo ya jone e le loso?

Se Adame a se dirileng, e leng go sa reetse Modimo kgotsa go tlola molao wa Gagwe ka boomo, ke boleo. (1 Johane 3:4) Mme tuelo ya boleo ke loso, fela jaaka Modimo a boleletse Adame. Fa Adame le bana ba a neng a tla nna le bone ba ne ba ka ikobela molao wa Modimo, ba ne ba ka se nne le boleo e bile ba ne ba ka se swe. Modimo o ne a sa bopela batho gore ba swe, o ne a ba bopetse go tshelela ruri.

Ga go pelaelo gore “loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe” jaaka Baebele e buile. A mme go na le karolo nngwe mo go rona e e tswelelang e tshela fa re sena go swa? Batho ba le bantsi ba dumela gore moya wa rona o tswelela o tshela fa re sena go swa. Fa e le gore go ntse jalo, go raya gore Modimo o ne a sa bolelele Adame boammaaruri. Goreng re rialo? Ka gonne fa e le gore go na le sengwe mo go rona se se tswelelang se tshela kwa lefelong lengwe fa re sena go swa, go raya gore loso ga se tuelo ya boleo jaaka Modimo a buile. Baebele ya re: ‘Ga go kgonege gore Modimo a ake.’ (Bahebera 6:18) Tota Satane ke ene a neng a aketsa Efa fa a mo raya a re: “Ruri ga lo kitla lo swa.”—Genesise 3:4.

Seo se dira gore re ipotse gore fa e le gore thuto ya gore moya ga o swe ke maaka, e le gore go direga eng ka rona fa re swa?

BAEBELE E TLHAMALATSA DILO

Pego ya Genesise e e buang ka popo ya re: “Mme Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lo lo tswang mo mmung a ba a budulela moya wa botshelo mo teng ga maroba a dinko tsa gagwe, mme motho a nna moya o o tshelang.” Mafoko a a reng “moya o o tshelang” a ranotswe go tswa mo lefokong la Sehebera e leng ne’phesh, le le kayang “setshedi se se hemang.”—Genesise 2:7.

Ka jalo, Baebele e tlhalosa sentle gore ga go na ope yo o nang le moya o o sa sweng. Go na le moo, mongwe le mongwe ke “moya o o tshelang.” Fa o ka dira dipatlisiso, o tla lemoga gore ga go na Baebele epe e e nang le mafoko a a reng “moya o o sa sweng.”

E re ka Baebele e sa re batho ba na le moya o o sa sweng, goreng madumedi a le mantsi a ruta jalo? Go bona karabo ya potso eno, a re sekaseke se se neng se direga bogologolo kwa Egepeto.

THUTO YA MAAKA E A ANAMA

Rahisitori mongwe wa Mogerika yo o bidiwang Herodotus o ne a re Baegepeto ke bone “batho ba ntlha ba ba neng ba buelela kgang ya gore moya ga o swe.” Bababelona ba bogologolo le bone ba ne ba tle ba bue ka kgang eno mme ba sena bosupi jo bo utlwalang. Ka nako ya fa Alexander yo Mogolo a fenya dinaga tsa Botlhabagare ka ngwaga wa 332 pele Jesu a tla mo lefatsheng, baitsefilosofi ba ne ba anamisa thuto eo mme ka bonako e ne ya anamela kwa mafelong a a neng a busiwa ke Puso ya Gerika.

Ga o ka ke wa bona Baebele epe e e nang le mafoko a a reng “moya o o sa sweng.”

Ka lekgolo la ntlha la dingwaga, makoko a mabedi a Bajuda a a itsegeng, e leng Baesene le Bafarasai, a ne a ruta gore fa motho a swa, moya wa gagwe o tswelela o tshela. Buka ya The Jewish Encyclopedia ya re: “Bajuda ba ne ba simolola go dumela gore moya ga o swe fa ba sena go utlwa gore Bagerika ba dumela thuto eo le ka go bala filosofi ya ga Plato.” Rahisitori wa bogologolo wa Mojuda e bong Josephus le ene o ne a sa amanye thuto eo le Dikwalo Tse di Boitshepo. O ne a e bitsa “tumelo ya Bagerika” e a neng a re ke nngwe ya dithuto tse ba di itlhametseng.

Fa thuto eno ya Bagerika e ntse e anama, batho ba ba ipitsang Bakeresete ba ne ba simolola go e dumela. Rahisitori mongwe e bong Jona Lendering a re, “Kgopolo ya ga Plato ya gore moya wa rona o kile wa bo o tshela kwa lefelong le le botoka mme jaanong o tshela mo lefatsheng le le bosula, e ne ya dira gore go nne motlhofo gore dithuto tsa gagwe di amanngwe le tsa Bokeresete.” Ka jalo, thuto ya maaka ya gore moya ga o swe, e ne ya amogelwa mo dikerekeng tse go tweng ke tsa Bakeresete mme ya nna yone ya botlhokwa mo dilong tse ba di dumelang.

“BOAMMAARURI BO TLA LO GOLOLA”

Ka lekgolo la ntlha dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa batho jaana: “Polelo e e tlhotlheleditsweng e bolela ka tlhomamo gore mo dipakeng tsa moragonyana tsa nako bangwe ba tla wa mo tumelong, ba tlhokomela dipolelo tse di tlhotlheleditsweng tse di tsietsang le dithuto tsa madimona.” (1 Timotheo 4:1) Go bonala sentle gore o ne a bua boammaaruri! Thuto ya gore moya ga o swe ke nngwe ya “dithuto tsa madimona.” Baebele ga e dumalane le yone e bile e thuto eo e simologile bogologolo mo madumeding le mo difilosofing tsa maaka.

Se se itumedisang ke gore Jesu o ne a re: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:32) Fa re ithuta boammaaruri jo bo mo Baebeleng, re gololwa mo dithutong tse di sa galaletseng Modimo le mo ditirong tse madumedi a le mantsi a di amogelang. Gape dithuto tsa Lefoko la Modimo di re golola mo dithutong tsa maaka ka loso le ditirong tse di itlhametsweng.—Bona lebokoso la setlhogo se se reng, “Baswi ba Kae?”

Mmopi wa rona o ne a sa re bopela go tshela dingwaga di le 70 kgotsa 80 mo lefatsheng mme morago ga moo re bo re ya go tshelela ruri kwa lefelong lengwe la semoya. Boikaelelo jwa gagwe e ne e le gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng e le bana ba gagwe ba ba mo reetsang. Boikaelelo jono bo bontsha gore Modimo o rata batho e bile ga bo kitla bo fetoga. (Malaki 3:6) Mopesalema o ne a bua jaana a tlhatswegile pelo: “Basiami ba tla rua lefatshe, Mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.—Pesalema 37:29.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka se Baebele e se buang ka botshelo le loso, leba kgaolo 6 ya buka ya Totatota Baebele E Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Gape e gone mo www.jw.org/tn kgotsa o ka skena khouto eno.

A Batho ba ka Tshelela Ruri?

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, babatlisisi ba ne ba bona dimela dingwe tse di nnang kwa tlase ga metsi tse ba dumelang gore ga di bolo go nna gone dingwaga di le diketekete tse di fetileng e bile gongwe di feta ditshedi tsotlhe ka dingwaga. Dimela tseo ke mofuta wa tlhaga e e bidiwang Posidonia oceanica, e e ikadileng mo boalong jwa lewatle la Mediterranean fa gare ga Spain le Cyprus.

Fa dimela di kgona go tshela lobaka lo lo kalo, a batho bone ba ka palelwa? Baitsesaense ba ba ithutang ka go tsofala ga batho, ba batla go itse gore ke eng se se ka dirang gore batho ba tshele lobaka lo loleele. Ka sekai, go na le buka nngwe e e buang ka “dilo tse dintsi tse saense e di dirileng” go leka go fedisa botsofe le loso. Batho ba swegaswega pelo go bona gore a dipatlisiso tse saense e di dirang di tla dira gore motho a tshele lobaka lo loleele.

Le fa go ntse jalo, tsholofelo ya mmatota ya go tshelela ruri, ga e a ikaega ka saense. Baebele e bua jaana ka Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo: “O na le motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9) Jesu o ne a bua jaana fa a rapela Jehofa: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ruri re tla segofadiwa fa re tsaya matsapa go itse le go itumedisa Jehofa Modimo le Morwawe e bong Jesu Keresete.

Tlhaga mo lewatleng

Babatlisisi ba dumela gore mofuta mongwe wa dimela tsa mo lewatleng ga o bolo go nna gone ka dingwaga di le diketekete

BASWI BA KAE?

Jesu a tsosa Lasaro

Baebele ya re baswi ba kwa mabitleng, ba letetse go tsosiwa. (Johane 5:28, 29) Ga ba sotlege kgotsa ga ba utlwe botlhoko ka tsela epe ka gonne “ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Fa Jesu a ruta, o ne a tshwantshanya loso le boroko. (Johane 11:11-14) Ka jalo, ga re tlhoke go boifa batho ba ba robetseng mo losong kgotsa go ba itumedisa ka go ba isetsa dimpho. Ga ba ka ke ba re utlwisa botlhoko ka gonne “ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole [kgotsa Lebitla].” (Moreri 9:10) Le fa go ntse jalo, Modimo o tla fedisa loso ka bosakhutleng fa a tsosa baswi.—1 Bakorintha 15:26, 55; Tshenolo 21:4.

Lebaka La go Bo o Ka Ikanya se Baebele e se Buang

Re ka tlhomamisega gore se Baebele e se buang se boammaaruri. Ka ntlha yang? Akanya ka dintlha tse di latelang:

  • Pene ya bogologolo le enke

    Mokwadi wa Yone o Tlhomologile: Baebele e na le dibuka di le 66 tse di kwadilweng ke batho ba ka nna 40 ka dingwaga di feta 1600, go tloga ka ngwaga wa 1513 pele ga Jesu a tla mo lefatsheng go fitlha mo e ka nnang ka 98 C.E. Le fa go ntse jalo, dintlha tsotlhe tsa yone di a dumalana. Seno ke bosupi jwa gore Mokwadi wa yone ke Modimo Mothatayotlhe. Ke ene a neng a naya bakwadi ba yone tshedimosetso e ba tshwanetseng go e kwala.

  • Pilara

    E Nepile fa e Bua ka Hisitori: Ditiragalo tse di kwadilweng mo Baebeleng di dumalana sentle le hisitori. Buka ya A Lawyer Examines the Bible ya re: “Le fa go na le ditlhamane tsa marato, tsa bagaka le tsa bosupi jwa maaka tse go tweng di diragetse kwa mafelong mangwe bogologolo tala, . . . Baebele yone e opa kgomo lonaka fa e umaka matlha le mafelo a dilo di diragetseng kwa go one.”

  • atomo

    E Nepile fa e Bua ka Dilo Tsa Saense: Baebele ga se buka ya saense mme e nepile fa e bua ka dilo tsa saense le e leng pele baitsesaense ba di lemoga. Ka sekai, mo bukeng ya Lefitiko kgaolo 13 le 14, Baiseraele ba ne ba newa melao ya bophepa le gore ba nne kgakala le batho fa ba tshwerwe ke bolwetse bongwe pele batho ba itse ka megare le malwetse a a tshelanwang. Gape Baebele ya re lefatshe le kgolokwe e bile ga le a tshegediwa ke sepe. Baitsesaense ba ile ba lemoga seo makgolo a dingwaga moragonyana.—Jobe 26:7; Isaia 40:22.

Tseno ke dilo di le mmalwa fela tse di bontshang gore Baebele e bua boammaaruri fa e re: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo.”—2 Timotheo 3:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela