Go Neela Mafoko a a Molemo—Mo Nakong ya Malatsi a Gago a Boikhutso
1 Gantsi mo nakong ya December le mo tshimologong ya January re nna le nako e e oketsegileng eo re ka e dirisetsang go dira ditiro tsa rona ka namana. Re tshwanetse ra rulaganyetsa dilo kwa pele fa e le gore re batla go dirisa nako ya rona ka mokgwa o o tla re dirang gore re ikutlwe gore re fitlheletse sengwe. Ke dithulaganyo dife tseo re ka di dirang jaanong go tlhomamisa gore re tlile go dirisa nako ya rona mo dilong tsa bolegodimo ka tsela e e molemo go gaisa?
2 Batho ba le bantsi thata ba ba kgatlhegang ba ipelela melemo ya semoya eo e nnang gone ka ntlha ya thulaganyo ya rona ya thuto ya legae ya Bibela ya beke le beke. Mo lobakeng lwa jaanong go tshwarwa dithuto tsa magae tsa Bibela tse di fetang 50 000! Kgatelopele ya bone ya semoya e ikaegile segolo thata ka thuso eo ba e amogelang go tswa mo go rona. Ba tla bo ba le sego tota fa ba ka nna gone kwa kopanong ya kgaolo. Re ka ba lemotsha ka melemo e mentsi ya semoya ya kopano eno le go ba thusa ka dithulaganyo tsa bone tsa mosepele, gongwe ka go ba laletsa gore ba tsamaye le rona kana gore ba tsamaye le ba bangwe bao dikoloi tsa bone di ka tswang di sa tlala.
3 Go ya kopanong go bula ditshono tse di oketsegileng tsa go neela bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo. Go rulaganyetsa dilo kwa pele go tshwanetse ga akaretsa go tsamaya o tshotse dikgatiso tsa bosheng tse di lekaneng, go akaretsa le dibuka tsa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. Re ka neela bosupi mo bathong bao ba berekang mo diteisheneng tsa peterolo, mo dihoteleng, le mo diresetšurenteng, tota le go bao ba dirisang dipalangwa tsa botlhe. Eno ke tsela e e molemo thata ya go ipelela maitemogelo a le mantsi.
4 Fa basha ba akanya ka December le tshimologo ya January ka metlha ba tsaya gore ke nako ya malatsi a boikhutso. Lefa gone go itlosa bodutu ka tsela e e siameng go le mosola thata, a lo ka dirisetsa e nngwe ya nako eno eo lo sa direng sepe ka yone gore lo nne le seabe ka mo go oketsegileng mo tirong ya go neela bosupi, jaaka bobulatsela jo bo thusang? Batsadi ba ka simolola gone jaanong go thusa bana ba bone gore ba dire dithulaganyo. Gongwe bana ba ba tswang mo malapeng a a farologaneng ba ka ikwadisa le go bereka mmogo jaaka setlhopha. Ba bangwe ba ba sa kgoneng go ikwadisa ba ka kgaratlhela gore ba dire ka mo go oketsegileng, segolobogolo mo tirelong ya fa gare ga beke.
5 Ba le bantsi ba tla bo ba na le malatsi a khunologo kwa ditirong tsa bone tsa boitshediso mme ba tla bo ba etela kwa mafelong a mangwe. Go dira dithulaganyo tsa go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego ya lefelo leo go etelwang kwa go lone le go nna le seabe mmogo le batho ba yone mo tirelong go ka felela ka go kgothatsana go go molemo thata. O ka nna wa tswa o ya kwa lefelong leo kwa go lone go nang le tshimo eo e berekiwang ka sewelo, eleng seo se tla dirang gore o kgone go neela bosupi mo bathong bao ba utlwang molaetsa wa Bogosi sewelo.
6 Bosheng jaana basha ba le bantsi ba sa tswa go fetsa sekolo. Seno se dira gore ba akanye ka masisi ka mekgele ya bone mo botshelong. Ga go na pelaelo epe gore basha bao ba rulaganyetsang isagwe ya bone mekgele ya bone e le ya bolegodimo ba tla segofadiwa. (1 Yoh. 2:15-17) Tshwetso ya go tsenela tirelo ya bobulatsela jwa nako e e tletseng e ka felela ka gore o tshele ka tsela e e itumedisang thata eo e akaretsang go bona ditshiamelo tse dintsi tse di kgethegileng. Dithulaganyo tseo di re bolokang re tshwaregile mo go direleng Jehofa di tla tlisetsa rona ka borona mmogo le batho ba bangwe melemo e e nnelang ruri.—1 Tim. 4:15, 16.