Tlhotlheletsa ba Bangwe Gore ba Lebe Thata Kwa go Jesu
1 Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ke buka e e tlhomologileng tota. Dikgaolo tsa yone tse 133 di ka tlhotlholetsa babadi gore ba lebe thata kwa go Jesu le go ba rotloetsa go etsa sekao sa gagwe. Go ile ga bolelwa ka tshwanelo gore dikgosi tsotlhe tse di kileng tsa busa, fa di kopantswe mmogo, ga di a ka tsa fetola botshelo jwa motho mo lefatsheng leno ka maatla thata jaaka Jesu a ile a dira. Bao ba lebang thata kwa go Jesu eleruri ba tla solegelwa molemo.
2 Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe kaga Rraagwe ebile o ne a bontsha dinonofo tse di kwa godimo tsa Modimo. Dipelo tsa rona di tlala ka boitumelo fa re akanya ka bokgoni jo bo kwa godimo jwa ga Jesu jaaka morutisi, boeteledipele jwa gagwe a sa tshabe sepe, le tsela ya gagwe ya go bontsha lorato. Fa re gopola dipogo tsa gagwe jaaka a ne a ntsha botshelo jwa gagwe go re rekolola, go re dira gore re itumele! Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela e tla thusa batho go leba Jesu ka tsela eno.
3 Baakanyetsa ka Botlalo: O tshwanetse wa bo o baakanyeditse sentle gore o tle o itse go simolola motlotlo wa Bibela oo o tla tlhotlheletsang ba bangwe gore ba lebe thata kwa go Jesu. Ditlhopha tsa malapa le ba bangwe ba ka dira seno mmogo. Gagamalela go tsosa kgatlhego le go rotloetsa batho go bala buka eno ya Monna Yo Mogolo. O ka nna wa tlhoka gore o buisane le motho ga makgetlho a a fetang bongwe gore o tle o kgone go fitlhelela seno. Fa motho a sa kgone go reka buka eno kana a gana mpho eno, o ka nna wa rata go mo tsamaisetsa dimakasine tsa bosheng kana wa mo tlogelela pampitshana. Fa motho a sa bontshe kgatlhego go le kalo kwa tshimologong re ka nna ra mo tlogelela pampitshana kana gongwe boroutšhara kana makasine.
4 Dipuisano tsa rona fa re tsamaya ka ntlo le ntlo ka December di tla bo di itshetlegile ka Jesu le go kgothatsa batho gore ba mo itse botoka. Fa re ba bontsha dikakantsho tse di tlhalositsweng mo bukeng ya Monna Yo Mogolo, re ka kgona go thusa batho go leba Jesu, e seng fela jaaka motho wa hisitori, mme jaaka Morwa Modimo le jaaka Kgosi e e busang ya puso eo e tla rarabololang mathata otlhe a batho.
5 Jaaka go ile ga gatelelwa go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya kgwedi e e fetileng, re batla go dirisa dibuka tsa rona ka tsela e e botlhale. Ka December, fa batho ba le bantsi ba tla bo ba akantse ka Jesu, re tla nna le ditshono tse dintsi tsa go tsamaisa buka eno ya Monna Yo Mogolo. Gape re tshwanetse go nna podimatseba gore re tsamaise buka eno lefa re neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Akanya ka ditsela tse o ka neelang baeti bosupi ka tsone, balosika, bao o berekang le bone, le batho bao re kopanang le bone fa re ile mabenkeleng. Rulaganya go sale gale, gore o nne le dibuka tse di lekaneng tsa Monna Yo Mogolo tse o tla di tsamaisang mo tirong ya ka ntlo le ntlo le ya bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo.
6 Motho mongwe yo ka metlha a neng a sa rate go bala o ne a itumelela buka ya Monna Yo Mogolo, a bolela gore e ile ya dira gore a itumelele go bala morago ga letsatsi leo. A re thuseng ba bangwe gore ba ikutlwe ka tsela e e tshwanang, re dira boiteko jwa rona jotlhe gore re ba tlhotlheletse go leba thata kwa go Jesu ka go bala Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ba na le kgatlhego ya mmatota.