Baka Jehofa “Ka Malatsi Otlhe”
1 Pesalema 145:2 e bua ka se Kgosi Dafite a neng a se solofetsa Jehofa: “Ke tlaa go baka ka malatsi otlhe; ke tlaa baka leina la gago ka bosakhutleng le ka bosaengkae.” Le rona re na le lebaka la go baka le go galaletsa Rraarona wa selegodimo! Mme gone, re ka etsa jang sekao sa ga Dafite sa go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa “ka malatsi otlhe”?
2 Go Tlatsa Dipelo Tsa Rona ka go Leboga Jehofa: Go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha go re dira gore re leboge Jehofa thata ka ntlha ya dilo tse a re di diretseng, tse a re di direlang le tse a santseng a tla re di direla. Fa tsela e re lebogelang Jehofa ditiro tsa gagwe ka yone e ntse e oketsega, re tla iphitlhela re bua fela ka bomolemo jwa gagwe re sa kgaotse. (Pes. 145:7) Re tla tlhagafalela go baka Jehofa ka nako nngwe le nngwe e e tshwanetseng.
3 Baka Jehofa mo Motlotlong wa Letsatsi le Letsatsi: Fa re tlotla le baagisani, balekane ba sekolo, badirimmogo le ba bangwe ba re kopanang le bone letsatsi le letsatsi, re ka nna ra bona tshono ya go ba umakela tsholofelo ya rona. Moagisani a ka nna a tlhalosa fa a tshwentswe ke bokebekwa jwa mo motseng; molekane wa sekolo a ka nna a bo a tlhobaediwa ke go sa dirisiweng sentle ga diokobatsi kana boitsholo jo bo maswe; modirimmogo a ka nna a tlhalosa maikutlo a gagwe ka kgang nngwe ya dipolotiki. Re ka ba tlhokomedisa melaometheo le ditsholofetso tse di mo Lefokong la Modimo tse di supang tsela e e siameng e re tshwanetseng go e latela gone jaanong le se kgabagare se tla rarabololelang ruri mathata ano. Mafoko ao a a buiwang mo “lobakeng lo e leng lone” a ka thusa thata!—Dia. 15:23.
4 Bua ka Jehofa ka Metlha: Motho yo o anaanelang Jehofa thata o tla batla go bolelela batho ba bantsi ka mo a ka kgonang ka teng mafoko a a molemo. (Pes. 40:8-10) Mo ntlheng eno re tshwanetse go ipotsa gore, ‘A ke dira sotlhe se maemo a me a ntetlang go se dira?’ Batho ba le bantsi ba ile ba kgona go nna babulatsela ba ka metlha ka go fetola dithulaganyo tsa bone ka tsela e e tshwanetseng. Fa gone jaanong re sa kgone go dira jalo, a re ka se ikwadisetse bobulatsela jo bo thusang? E re ka setlha sa Segopotso se re yang go sone e le nako ya gore re oketse bodiredi jwa rona, dikgwedi tsa March le April e tla bo e le nako e e molemo ya gore re oketse bodiredi jwa rona ka go nna babulatsela ba ba thusang.
5 Thusa ba Basha Gore ba Bake Jehofa le Rona: Ka metlha go keteka Segopotso sa loso lwa ga Jesu go re gakolola ka mabaka a go bo re tshwanetse go leboga Jehofa le go baka leina la Gagwe. Nako eo ke yone e e tshwanetseng sentle gore re kgothaletse baithuti ba rona ba Baebele go re thusa go bua phatlalatsa ka bolaodi jwa ga Jehofa. Ba tlhotlheletse gore ba akanyetse ka thapelo se se buiwang mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng dirapa 7-9, tsebe 173-5. Fa ba tshwanelega, ga ba na lebaka la go ikgogona fela ka gonne ba sena boitemogelo. Go na le baboledi ba ba nang le bokgoni ba ba ka ba bontshang tsela e tiro ya go rera ka Bogosi e dirwang ka yone. Fa ba basha ba ka ithuta go nna pelokgale go bua mafoko a a molemo, ba ka solofela gore Jehofa o tla ba thusa.—Dit. 4:31; 1 Bathes. 2:2.
6 Fa re senka go baka Jehofa ka malatsi otlhe, re tla dira gore rona ka borona le batho ba bangwe re bone masego a goyagoile.